< I Koryntian 9 >

1 Izalim nie jest Apostołem? Izalim nie jest wolnym? Izalim Jezusa Chrystusa, Pana naszego nie widział? Izali wy nie jesteście pracą moją w Panu?
Ke nna moaposetoloi, morongwa wa Modimo, ga go na motho ope yo o nang le boikarabelo ka ga me. Ke nna yo ke bonyeng Jesu Morena wa rona ka matlho. Mme phetogo ya matshelo a lona ke maduo a tiro ya me e ke e dirileng ka bonatla.
2 Choćbym innym nie był Apostołem, alem wam jest; albowiem pieczęcią apostolstwa mego wy jesteście w Panu.
Fa e le gore mo mogopolong wa bangwe ga ke moaposetoloi, ka boammaaruri ke ene mo go lona, gonne lo gapetswe mo go Keresete ke nna.
3 Tać jest obrona moja przeciwko tym, którzy mię sądzą.
Se ke karabo ya me mo go ba ba botsang ditshwanelo tsa me.
4 Izali nie mamy wolności jeść i pić?
Kgotsa a ga ke na ditshwanelo gotlhelele? A ga nkake ka batla tshwanelo e e tshwanang le e baaposetoloi ba bangwe ba nang nayo ya go nna moeng mo magaeng a lona?
5 Izali nie mamy wolności wodzić z sobą siostry żony, jako i drudzy Apostołowie i bracia Pańscy, i Kiefas?
Fa ke ne ke na le mosadi; mme e le modumedi, a ke ne ke se ka ke ka tsamaya nae mo maetong ame jaaka barutwa ba bangwe ba dira, le jaaka bakaulengwe ba Morena ba dira, le jaaka Petere a dira
6 Izali ja tylko i Barnabasz nie mamy wolności, abyśmy nie pracowali?
A ke nna le Barenabase re le rosi ba re tshwanetseng go direla botshelo jwa rona, fa lona lo abela ba bangwe ba?
7 Któż kiedy służy żołnierkę swoim kosztem? Któż sadzi winnicę, a owocu jej nie pożywa? Albo któż trzodę pasie, a mleka trzody nie pożywa?
Ke lesole lefe mo ntweng le le tshwanetseng go ituelela ditshenyegelo tsa lone. Mme a lo kile lwa utlwa kaga molemi yo o ithobelang thobo ya gagwe mme a sena tshwanelo ya go ja sengwe mo go yone? Ke modisa ofe yo o tlhokomelang letsomane la dinku le dipodi mme a sa letlelelwa go nwa mashi a tsone?
8 Izali to obyczajem ludzkim mówię? Izali i zakon tegoż nie mówi?
Mme ga ke kwale fela megopolo ya batho ka se se siameng. Ke lo bolelela se molao wa Modimo o se buang.
9 Albowiem w zakonie Mojżeszowym napisano: Nie zawiążesz gęby wołowi młócącemu; izali się Bóg o woły stara?
Gonne molao o Modimo o o neetseng Moshe wa re ga lo a tshwanela go fapa pelesa molomo go e itsa go ja fa e gataka e photha mabele. A lo gopola gore Modimo o ne o akanya kaga dipelesa fela fa o ne o rialo?
10 Czyli zgoła dla nas to mówi? Albowiem dla nas to napisano; gdyż w nadziei ma orać ten, co orze, a kto młóci w nadziei, nadziei swojej ma być uczestnikiem.
A o ne o sa akanye le kaga rona? Ee, go ntse jalo. O ne o bua se go re supegetsa gore badiri ba Sekeresete ba tshwanetse go duelwa ke ba ba ba direlang. Ba ba lemang le ba ba phothang ba tshwanetse go solofela seabe sengwe mo thobong.
11 Ponieważeśmy my wam duchowne dobra siali, wielkaż to, gdybyśmy wasze cielesne żęli?
Re jetse peo e e molemo ya semowa mo dipelong tsa lona. A ga go tshwanele fa re lopa dijo le diaparo mo go lona?
12 Jeźliż insi tej wolności nad wami używają, czemuż nie raczej my? A wszakżeśmy tej wolności nie używali, ale wszystko znaszamy, abyśmy jakiego wstrętu Ewangielii Chrystusowej nie uczynili.
Lo di naya ba ba lo rerelang, ebile lo tshwanetse. Mme a ga re a tshwanela go nna le e leng tshwanelo e kgolo mo go bone? Le fa go ntse jalo ga re ise re ke re dirise tshwanelo e, mme re ithusa ka bo rona kwa ntle ga thuso ya lona. Ga re ise re kope tuelo ya mofuta ope re boifa gore, fa re dira jalo, lo ka nna le kgatlhego e potlana mo molaetseng wa ga Keresete o o tlang ka rona.
13 Azaż nie wiecie, iż ci, którzy około rzeczy świętych pracują, z świętych rzeczy jadają? a którzy ołtarza pilnują, spólną cząstkę z ołtarzem mają?
A galo lemoge gore Modimo o boleletse ba ba neng ba dira mo Tempeleng ya gagwe go itseela dingwe tsa dijo tse di neng di tlisitswefoo e le dimpho tsa one? Mme ba ba dirang mo Aletareng ya Modimo ba tsaya seabe sa dijo tse di neng di tlisitswe ke ba ba neng ba abela Morena.
14 Tak też Pan postanowił tym, którzy Ewangieliję opowiadają, aby z Ewangielii żyli.
Ka tsela e e ntseng jalo, Morena o ntshitse ditaolo gore ba ba rutang Mafoko a a Molemo ba tshwanetse go otlwa ke ba ba a amogelang.
15 Alem ja nic z tych rzeczy nie używał. I nie pisałem tego, aby się tak przy mnie działo; bo mnie daleko lepiej umrzeć, niżby kto przechwalanie moje miał próżnem uczynić.
Le fa go ntse jalo ga ke ise ke ke ke lo kope le fa ele ledi le le lengwe. Mme ga ke kwale se go lo tlhagisa gore ke batla go simolola, legale, ke ka mpa ka swa ke bolawa ke tlala go na le go latlhegelwa ke boitumelo jo ke bo bonang mo go lo rereleng kwa ntle ga tuelo.
16 Bo jeźli Ewangieliję opowiadam, nie mam się czem chlubić, gdyż ta powinność na mnie leży; a biada mnie, jeźlibym Ewangielii nie opowiadał.
Gonne go rera Mafoko a a Molemo ga se tlotla epe mo go nna, ke ne ke ka se ke ka lesa go rera fa ke ne ke batla. Ke tlaa bo ke tlhomola pelo gotlhelele. A go latlhege nna fa ke sa rere.
17 Albowiem jeźli to dobrowolnie czynię, mam zapłatę; jeźli poniewolnie, szafarstwa mi powierzono.
Fa ke ne ke dira ka go ithaopa ga go rata ga me, jalo Morena o ne a tlaa nnaya tuelo e e faphegileng; mme seo ga se one mabaka, gonne Modimo o ntshitse wa nnaya tsholofelo e, e e boitshepo mme ga go na se ke ka se dirang.
18 Jakąż tedy mam zapłatę? Abym Ewangieliję opowiadając, bez nakładu wystawił Ewangieliję Chrystusową, na to, żebym źle nie używał wolności mojej przy Ewangielii.
Ka mabaka a, tuelo ya me ke eng? Ke boitumelo jo bo faphegileng jo ke bo bonang mo go rereng Mafoko a a Molemo kwa ntle ga tshenyegelo mo go ope, ke sa kope ditshwanelo tsa me.
19 Albowiem będąc wolnym od wszystkich, samegom siebie uczynił niewolnikiem wszystkim, abym ich więcej pozyskał.
Mme mo go na le thuso tota: ga ke a tlamega go obamela ope fela ka ntlha ya go bo a ntuela; le fa go ntse jalo ke na le kgololesego le boitumelo go nna motlhanka wa botlhe gore ke kgone go ba gapela mo go Keresete.
20 I stałem się Żydom jako Żyd, abym Żydów pozyskał; a tym, którzy są pod zakonem, jakobym był pod zakonem, abym tych, którzy są pod zakonem, pozyskał;
Fa ke na le Bajuta ke lebega ke le mongwe wa bone gore ba tle ba reetse Mafoko a a Molemo le go ka ba gapela mo go Keresete. Fa ke na le Badichaba ba ba latelang mekgwa le mediro ya Sejuta ga ke ganetse, le mororo ke sa dumalane nabo, ka gore ke batla go ba thusa.
21 Tym, którzy są bez zakonu, jakobym bez zakonu, (nie będąc bez zakonu Bogu, ale będąc pod zakonem Chrystusowi), abym pozyskał tych, którzy są bez zakonu.
Fa ke na le baheitane ke dumalana le bone jaaka ke ka kgona, le fa go ntse jalo ke ntse ke itse gore ke tshwanetse ka metlha yotlhe go dira se se siameng jaaka Mokeresete. Mme jalo ka go dumalana nabo, ke ka gapa digakolodi tsa bone le go ba thusa le bone.
22 Stałem się mdłym jako mdły, abym mdłych pozyskał. Wszystkim stałem się wszystko, abym przecię niektórych zbawił.
Fa ke na le ba digakolodi tsa bone di leng bokoa, ga ke dire jaaka e ka re ke itse gotlhe ga ke ba bitse dieleele; pheletso ke gore ba eletsa gore ke ba thuse. Ee, le fa motho a ntse jang, ke leka go bona seemo se se motlhofo ka ene go re a tle a ntetle go mmolelela kaga Keresete le go letla Keresete gore a mmoloke.
23 A to czynię dla Ewangielii, abym się jej stał uczestnikiem.
Ke dira se go ba tlisetsa Mafoko a a Molemo le tshegofatso e nna ka bo nna ke e amogelang fa ke ba bona ba tla mo go Keresete.
24 Azaż nie wiecie, iż ci, którzy w zawód bieżą, wszyscyć więc bieżą, lecz jeden zakład bierze? Także bieżcie, abyście otrzymali.
Mo lobelong, mongwe le mongwe o a siana mme motho a le mongwe fela a gape sekgele sa ntlha. Jalo sianang lobelo lwa lona go gapa sekgele.
25 A każdy, który się potyka, we wszystkiem się powściąga, onić wprawdzie, aby wzięli koronę skazitelną, ale my nieskazitelną.
Go gapa sekgele mo kgaisanong lo tshwanetse go itatola bolona le dilo di le dintsi tse di ka lo kganelang go dira ka botlalo. Mosiami o tsena mo matshwenyegong a le mantsi fela go gapa talama e tala kgotsa senwelo sa gauta, mme rona re direla tuelo ya selegodimo e e sa ka keng ya nyelela.
26 Ja tedy tak bieżę, nie jako na niepewne; tak szermuję, nie jako wiatr bijąc.
Jalo ke sianela fela kwa bofelong ka maikaelelo mo kgatong nngwe le nngwe, ke lwela go fenya. Ga ke lwele lefela kgotsa dinyana.
27 Ale karzę ciało moje i w niewolę podbijam, abym snać inszym każąc, sam nie był odrzucony.
Jaaka mosiami ke otlhaya mmele wa me, ke o tsenya mo pitlaganong, gongwe ke kaiwe ke sa itekanela mme ke laolalwe go emela fa thoko.

< I Koryntian 9 >