< مکاشفه 19 >
پس از آن، صدای گروه بیشماری را شنیدم که در آسمان سرود شکرگزاری خوانده، میگفتند: «هَلِلویاه، خدا را شکر! نجات از سوی خدای ما میآید. عزت و اکرام و قدرت فقط برازندهٔ اوست، | 1 |
Mme morago ga mo ka utlwa loshalaba lologolo lwa batho mo legodimong ba re, “Halleluja! Go bakwe Morena! Poloko e tswa mo Modimong wa rona. Tlotlo le taolo ke tsa one o le esi;
زیرا داوری او حق و عدل است. او فاحشهٔ بزرگ را که زمین را با فساد خود آلوده میساخت، مجازات نمود و انتقام خون خدمتگزاران خود را از او گرفت.» | 2 |
gonne dikatlholo tsa one di siame ebile di boammaaruri. O otlhaile seaka se segolo se se bodisitseng polao ya batlhanka ba one.”
ایشان بارها و بارها سراییده، میگفتند: «هَلِلویاه، خدا را شکر! دود از خاکستر این شهر تا ابد بالا خواهد رفت!» (aiōn ) | 3 |
Ba bua gangwe le gape, ba re, “A go bakwe Morena! Mme mosi wa go fisiwa ga gagwe o ne wa tlhatloga ka bosakhutleng!” (aiōn )
آنگاه، آن بیست و چهار پیر و چهار موجود زنده سجده کرده، خدا را که بر تخت نشسته بود، پرستش نمودند و گفتند: «آمین، هللویاه. خدا را شکر!» | 4 |
Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone le ditshedi tse nne ba wela fa fatshe ba obamela Modimo, o o neng o ntse mo setilong sa bogosi, ba re, “Amen! Halleluja! Go bakwe Morena!”
سپس از میان تخت، صدای دیگری آمد که میگفت: «شما ای خدمتگزاران خدا، کوچک و بزرگ، خدای ما را سپاس گویید و او را اکرام نمایید.» | 5 |
Mme mo setilong sa bogosi ga tswa lentswe le le reng, “Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba One, bannye le bagolo, ba ba o boifang.”
سپس، آوای خوش آهنگ دیگری را شنیدم، آوایی همچون سرود گروهی عظیم که طنین آن چون امواج خروشان دریاها و غرش پیاپی رعدها بود، و میگفت: «هللویاه، خدا را شکر! زیرا خداوند توانای ما سلطنت میکند. | 6 |
Mme ka utlwa gape se se neng se utlwala jaaka loshalaba lwa batho ba bantsi kgotsa jaaka makhubu a lewatle a le lekgolo a phachegela mo lotshitshing kgotsa jaaka tumo e kgolo ya maru, ba re, “Go bakwe Morena. Gonne Morena Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o a busa.
بیایید با یکدیگر وجد و شادی کنیم و او را احترام نماییم، زیرا زمان جشن عروسی برّه فرا رسیده است. عروس او نیز خود را مهیا کرده، | 7 |
A re itumeleng re bo re ipele re mo tlotle; gonne lobaka lo fitlhile lwa modiro wa lonyalo lwa Kwana, mme monyadi wa gagwe o ipaakantse.
و به او اجازه داده شده تا پاکترین و سفیدترین و لطیفترین لباس کتان را بپوشد.» مقصود از کتان لطیف، همانا اعمال نیک خلق خداست. | 8 |
O letleletswe go apara matsela a a phepa a masweu a a borethe.” (Letsela le le borethe le raya ditiro tse di molemo tse di dirilweng ke batho ba Modimo).
آنگاه فرشته به من گفت: «بنویس: خوشا به حال کسانی که به جشن عروسی برّه دعوت شدهاند. این را خداوند میفرماید.» | 9 |
Mme moengele a nthaya mafoko a: “Go sego ba ba laleditsweng modiro wa nyalo ya Kwana.” Mme a tlatsa a re, “Modimo ka boone o buile se.”
در این لحظه بود که به پای او افتادم تا او را بپرستم. اما او گفت: «نه، چنین نکن! من نیز مانند تو، یکی از خدمتگزاران خدا هستم. من نیز مانند برادران تو، دربارهٔ ایمان به عیسی شهادت میدهم. تمام این نبوّتها و هر آنچه که به تو نشان دادم، همه در وصف عیسی است.» | 10 |
Mme ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela, mme a re, “Nnyaa! o se ka wa nkobamela! Gonne ke motlhanka wa Modimo fela jaaka wena, le jaaka bakaulengwe ba gago ba ntse mo Moreneng, ba ba supang ka tumelo ya bone mo go Jesu. Maikaelelo a seporofeso sotlhe le a gotlhe mo ke go go supegeditseng ke go bolela kaga Jesu.”
سپس دیدم که آسمان گشوده شد. در آنجا اسبی سفید بود که سوارش «امین و حق» نام داشت، زیرا به حق و عدل مبارزه و مجازات میکند. | 11 |
Mme ka bona legodimo le bulegile mme pitse e tshweu e eme gone; Mme leina la yo o neng a palame pitse e ne e le “Boikanyego le Boammaaruri”, ene yo o atlholang a bo a dira ntwa ka tshiamo.
چشمان او مانند شعلههای آتش بود و بر سرش تاجهای فراوانی قرار داشت. بر پیشانیاش نیز نامی نوشته شده بود که فقط خودش معنی آن را میدانست. | 12 |
Matlho a gagwe a ne a tshwana le dikgabo tsa molelo, mme mo tlhogong ya gagwe ga bo go le dirwalo tse dintsi. Leina le ne le kwadilwe mo phatleng ya gagwe, mme ya bo e le ene fela yo o itseng tlhaloso ya lone.
او جامهٔ خونآلودی در برداشت و لقبش «کلمهٔ خدا» بود. | 13 |
O ne a apere diaparo tse di innweng mo mading, mme leina la gagwe e ne e le “Lefoko la Modimo.”
لشکرهای آسمانی که لباسهای کتان سفید و پاک بر تن داشتند، سوار بر اسبان سفید، به دنبال او میآمدند. | 14 |
Mme dintwa tsa legodimo, di apere letsela le le borethe, le le phepa le le sweu, tsa mo sala morago di palame dipitse tse di tshweu.
از دهان او شمشیر تیزی بیرون میآمد تا با آن قومهای بیایمان را سرکوب کند. او با عصای آهنین بر آنان حکمرانی خواهد نمود و با پاهای خود، شراب خشم خدای توانا را در چرخشت خواهد فشرد. | 15 |
Mo molomong wa gagwe a bo a tshotse chaka e e bogale go kgemetha dichaba; o ne a di busa ka thobane ya tshipi; mme a gataka segatisetso sa mofine sa bogale jwa Modimo Mothata-yotlhe.
بر لباس و ران او نیز این لقب نوشته شده بود: «شاه شاهان و سرور سروران.» | 16 |
Mo kobong ya gagwe le mo seruping ga bo go kwadilwe mokwalo o: “KGOSI YA DIKGOSI LE MORENA WA BARENA.”
سپس، فرشتهای را دیدم که در آفتاب ایستاده بود و با صدای بلند به پرندگان میگفت: «بیایید و بر سر سفرهای که خدا برای شما تدارک دیده است، جمع شوید. | 17 |
Mme ka bona moengele a eme mo letsatsing, mme a kua dinonyane ka lentswe le legolo a re, “Tlang! Phuthaganelang selalelo sa Modimo o mogolo!
بیایید و بخورید از گوشت پادشاهان و فرماندهان و زورمندان؛ از گوشت اسبان و سواران آنها، و از گوشت هر انسانی، بزرگ و کوچک، برده و آزاد.» | 18 |
Tlang lo jeng nama ya dikgosi, le balaodi; le banna ba ba thata; ya dipitse le bapalami; le batho botlhe, ba bannye le bagolo, batlhanka le ba ba golotsweng.”
آنگاه دیدم که آن وحش، حکومتهای جهان و لشکریان آنها را گرد آورد تا با آن اسب سوار و لشکر او بجنگند. | 19 |
Mme ka bona sebatana se se bosula se phuthile mebuso ya lefatshe le masole a yone go tlhabantsha yo o palameng pitse le masole a gagwe.
اما وحش با پیامبر دروغینش گرفتار شدند و هر دو زندهزنده به دریاچهٔ آتش که با گوگرد میسوزد انداخته شدند؛ بله، همان پیامبری که از جانب وحش معجزات خیره کننده انجام میداد تا تمام کسانی را که علامت وحش را داشتند و مجسمهاش را میپرستیدند، فریب دهد. (Limnē Pyr ) | 20 |
Mme sebatana se se bosula sa tshwarwa, mmogo le Moporofiti wa tsietso, yo o neng a dira dikgakgamatso tse dikgolo fela fa sebatana se se bosula se ne se le teng, dikgakgamatso tse di tsieditseng botlhe ba ba amogetseng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obametseng setshwantsho sa sone sa leje. Ka bobedi jwa bone, Sebatana le Moporofiti wa tsietso, ba ne ba latlhelwa mo lecheng la molelo le le tukang ka sebabole. (Limnē Pyr )
آنگاه تمام دار و دستهٔ او با شمشیر تیزی که در دهان اسب سوار بود کشته شدند، و پرندگان شکم خود را با گوشت آنان سیر کردند. | 21 |
Mme mophato otlhe wa masole wa bolawa ka chaka e e bogale e e neng e le mo molomong wa yo o palameng pitse e tshweu, le dinonyane tsotlhe tsa loapi tsa kgora nama ya bone.