< یوحنا 18 >

پس از پایان دعا، عیسی با شاگردانش به باغی از درختان زیتون واقع در آن سوی درهٔ قدرون رفت. 1
Mme erile Jesu a sena go bua dilo tse, a kgabaganya molatswana wa Kide-rona le barutwa ba gagwe mme a tsena mo sekgweng sa lotlhware.
یهودای خائن نیز آن محل را می‌شناخت، زیرا عیسی و شاگردانش بارها در آنجا گرد آمده بودند. 2
Judase wa moraedi, o ne a itse lefelo le, gonne Jesu o ne a sa bolo go nna a ya teng gantsi le barutwa ba gagwe.
پس یهودا به همراه سربازان و محافظین مخصوص معبد که کاهنان اعظم و فریسیان در اختیارش گذاشته بودند، با اسلحه و مشعلها و چراغها وارد باغ شدند. 3
Ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di neetse Judase segopa sa masole le mapodisi go mo pata. Mme ba goroga mo sekgweng sa lotlhware ba tshotse dipone tsa mefuta e farologanye ba tshotse le ditlhabani.
عیسی با اینکه می‌دانست چه در انتظار اوست، جلو رفت و از ایشان پرسید: «چه کسی را می‌خواهید؟» 4
Jesu a tlhaloganya ka botlalo se se neng se ya go mo diragalela. Erile a tsamaela kwa pele go ba kgatlhantsha a re, “Lo batla mang?” Mme ba mo fetola ba re, “Jesu wa Nasaretha.” Mme Jesu a ba raya a re, “Ke nna.”
جواب دادند: «عیسای ناصری را!» عیسی فرمود: «من خودم هستم!» وقتی عیسی این را می‌گفت یهودا نیز آنجا ایستاده بود. 5
به محض اینکه گفت من خودم هستم، همه عقب‌عقب رفتند و بر زمین افتادند. 6
Mme erile a bua jalo, botlhe ba boela kwa morago ba wela fa fatshe.
عیسی باز از ایشان پرسید: «چه کسی را می‌خواهید؟» باز جواب دادند: «عیسای ناصری را.» 7
Mme a ba botsa gape a re, “Lo batla mang?” Mme ba mo fetola gape ba re, “Jesu wa Nasaretha.” Mme Jesu a ba raya a re,
فرمود: «من که گفتم خودم هستم. اگر مرا می‌خواهید، بگذارید اینها بروند.» 8
“Ke lo reile ka re ke Nna, mme ka ke Nna yo lo mpatlang, tlogelang ba bangwe ba, ba tsamaye.”
او چنین کرد تا آنچه قبلاً گفته بود به انجام برسد که: «هیچ‌یک از کسانی را که به من بخشیدی، از دست ندادم.» 9
O ne a dira jaana go diragatsa seporofeso se a neng a setse a se buile a re, “Ga ke a latlhegelwa ke ope mo go ba o ba nneileng.”
در همین وقت، شمعون پطرس شمشیر خود را کشید و گوش راست خادم کاهن اعظم را برید. نام آن خادم مالخوس بود. 10
Mme Simone Petere a somola chaka a kgaola “tsebe e e ka fa letsogong la moja ya ga Maleko motlhanka wa moperesiti yo mogolo”.
عیسی به پطرس فرمود: «شمشیرت را غلاف کن. آیا جامی را که پدرم به من داده است، نباید بنوشم؟» 11
Mme Jesu a raya Petere a re, “Somela chaka ya gago. A ga ke a tshwanela go nwa mo senwelong se Rara o se nneileng?”
آنگاه سربازان و فرماندهان و محافظین معبد یهود عیسی را گرفتند و دستهای او را بستند، 12
Mme mapodisi a Sejuta le masole le maotlana a tshwara Jesu a mo golega.
و او را نخست نزد حنا، پدرزن قیافا که در آن سال کاهن اعظم بود، بردند. 13
Ba mo tseela “pele” kwa go Anase mogwagadia Kaiafase, Moperesiti yo mogolo mo ngwageng eo.
قیافا همان است که به سران قوم یهود گفته بود که بهتر است یک نفر برای قوم بمیرد. 14
Kaiafase e ne e le ene yo o reileng baeteledipele ba Sejuta a re go botoka gore motho a le mongwe fela a swele batho botlhe.
شمعون پطرس و نیز یک شاگرد دیگر، عیسی را دنبال کردند. آن شاگرد چون با کاهن اعظم آشنا بود، توانست به‌همراه عیسی داخل خانهٔ کاهن اعظم شود. 15
Simone Petere a ba sala morago, jaaka yo mongwe wa barutwa yo ene a neng a tsalanye le Moperesiti yo Mogolo a ne a dira
ولی پطرس پشت در ماند، تا اینکه آن شاگرد دیگر آمد و با کنیزی که دربان آنجا بود، گفتگو کرد و پطرس را با خود به داخل خانه برد. 16
fa Petere a eme fa ntle ga kgoro ya batsena. Mme Morutwa yo a buisanya le mosetsana yo o tlhokometseng kwa kgorong, mme a letlelela Petere go tsena.
آن کنیز از پطرس پرسید: «آیا تو از شاگردان عیسی هستی؟» جواب داد: «نه، نیستم.» 17
Mosetsana a botsa a re, “A ga o mongwe wa barutwa ba ga Jesu?” Mme Petere a re, “Nnyaa ga ke mongwe wa bone.”
بیرون، هوا سرد بود. پس خدمتکاران و مأموران، آتشی درست کردند و دور آن جمع شدند. پطرس نیز به میان ایشان رفت تا خود را گرم کند. 18
Mme mapodise le batlhanka ba mo lwapeng ba ne ba eme ka dinao ba dikologile molelo o ba neng ba o gotsitse gonne go ne go le serame. Mme Petere a nna foo le bone a ikomosa.
در داخل، کاهن اعظم، از عیسی دربارهٔ شاگردان و تعالیم او سؤالاتی کرد. 19
Mme mo teng ga kgotla ya tshekelo Moperesiti yo Mogolo a simolola go botsa Jesu kaga barutwa ba gagwe le se a neng a ntse a se ba ruta.
عیسی جواب داد: «همه می‌دانند من چه تعلیمی می‌دهم. من آشکارا در کنیسه‌ها و در معبد موعظه کرده‌ام؛ تمام سران قوم یهود سخنان مرا شنیده‌اند و به کسی مخفیانه چیزی نگفته‌ام. 20
Jesu a fetola a re, “Se ke se rutang se itsege ka bophara, gonne ke rutile ka gale mo disenagogeng le mo Tempeleng; ke utlwilwe ke baeteledipele ba Sejuta botlhe mme ga ke rute sepe mo sephiring se ke sa se buang mo ponong ya mongwe le mongwe.
چرا این سؤال را از من می‌کنی؟ از کسانی بپرس که سخنانم را شنیده‌اند. آنان خوب می‌دانند من چه گفته‌ام.» 21
Ke eng fa o mpotsa potso e? Botsa ba ba nkutlwileng. O na le bangwe ba bone fano. Ba itse se ke se buileng.”
وقتی این را گفت، یکی از نگهبانان معبد که آنجا ایستاده بود، به عیسی سیلی زد و گفت: «به کاهن اعظم اینطور جواب می‌دهی؟» 22
Mongwe wa masole a a emeng foo a ngadibola Jesu ka lebole a mmotsa a re, “A ke yone tsela ya go araba Moperesiti yo Mogolo eo?”
عیسی جواب داد: «اگر سخنی ناراست گفتم، آن را ثابت کن. ولی اگر سخنم راست است، چرا سیلی می‌زنی؟» 23
Mme Jesu a fetola a re. “Fa ke buile maaka, ntsha bosupi, a o tshwanetse go iteela motho go bua boammaaruri?”
سپس حنا عیسی را دست بسته، نزد قیافا فرستاد که او نیز کاهن اعظم بود. 24
Mme Anase a romela Jesu a golegilwe kwa go Kaiafase Moperesiti yo Mogolo.
در حالی که شمعون پطرس در کنار آتش ایستاده بود و خود را گرم می‌کرد، یک نفر دیگر از او پرسید: «مگر تو از شاگردان او نیستی؟» جواب داد: «البته که نیستم.» 25
Mme ya re ka lobaka loo, fa Simone Petere a sa ntse a eme fa molelong, a bodiwa gape gatwe, “A ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?” Mme ene a fetola a re, “Nnyaa,”
یکی از خدمتکاران کاهن اعظم که از خویشان کسی بود که پطرس گوشش را بریده بود، گفت: «مگر من خودم تو را در باغ با عیسی ندیدم؟» 26
Mme mongwe wa batlhanka ba mo lwapeng lwa Moperesiti yo mogolo, wa losika lwa monna yo o neng a kgaotswe tsebe ke Petere, a botsa a re, “A ga ke a go bona kwa sekgweng sa lotlhware o na le Jesu?”
باز پطرس حاشا کرد. همان لحظه خروس بانگ زد. 27
Mme Petere a itatola gape. Mme ka bofefo mokoko wa lela.
نزدیک صبح، بازجویی از عیسی تمام شد. پس قیافا او را به کاخ فرماندار رومی فرستاد. یهودیان برای اینکه نجس نشوند، داخل کاخ نشدند، چون اگر داخل می‌شدند دیگر نمی‌توانستند در مراسم عید پِسَح و مراسم قربانی شرکت کنند. 28
Go sekisiwa ga ga Jesu ke Kaiafase ga fela maphakela thata. Go tsweng foo a tseelwa kwa kgotleng ya Molaodi wa Mmuso wa Roma. Basekisi ba gagwe ba seka ba tsena mo teng gonne ba ne ba re, go ne go tlaa ba “itshekolola”, le gone ba ne ba sena go letlelelwa go ja kwanyana ya Tlolaganyo.
پس فرماندار رومی که نامش پیلاتُس بود، بیرون آمد و پرسید: «اتهام این شخص چیست؟ چه شکایتی از او دارید؟» 29
Mme Pilatwe molaodi wa mmuso wa Roma, a ya kwa ntle kwa go bone a botsa a re, “Lo bona monna yo molato wa eng? Lo mmona molato wa go dira eng.”
جواب دادند: «اگر مجرم نبود، او را به تو تسلیم نمی‌کردیم.» 30
Mme ba fetola ka go gakala ba re, “Fa e ka bo ene e se serukutlhi re ka bo re sa mo tshwara!”
پیلاتُس گفت: «پس او را ببرید و مطابق قوانین مذهبی خودتان محاکمه کنید.» سران یهود گفتند: «ما یهودیان اجازۀ اعدام کسی را نداریم.» 31
Mme Pilatwe a ba raya a re, “Mo tseyeng lo mo atlhole lo le nosi ka melao ya lona.” Mme ba re, Mme kana re batla a bapolwa, mme, re batla tetlelelo ya gago
این مطابق پیشگویی خود عیسی بود که فرموده بود به چه طریقی باید بمیرد. 32
Se se ne sa rurifatsa kakanyetsopele ya ga Jesu ka ga tsela e a tla bolawang ka yone.
پیلاتُس به داخل کاخ برگشت و دستور داد عیسی را نزد او بیاورند. آنگاه از او پرسید: «آیا تو پادشاه یهود هستی؟» 33
Mme Pilatwe a boela kwa kgotleng ya gagwe ya tshekelo a laola gore Jesu a leriwe kwa go ene. Ammotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?”
عیسی پرسید: «آیا این سؤال خودت است، یا دیگران در مورد من به تو گفته‌اند؟» 34
Jesu a botsa a re, “A le wena wa re ke ‘Kgosi’ kgotsa o bua kafa Bajuta ba buang ka teng.”
پیلاتُس گفت: «مگر من یهودی هستم که این چیزها را از من می‌پرسی؟ قوم خودت و کاهنانشان تو را به اینجا آورده‌اند. چه کرده‌ای؟» 35
Pilatwe a botsa ka kgakalo a re, “A ke Mojuta? Batho ba gaeno le ditlhogo tsa bone tsa baperesiti ba go lerile kwano. Ka ntlha yang? O dirile eng?”
عیسی فرمود: «پادشاهی من یک پادشاهی زمینی نیست. اگر بود، پیروانم می‌جنگیدند تا در چنگ سران قوم یهود گرفتار نشوم. پادشاهی من متعلق به این دنیا نیست.» 36
Mme Jesu a araba a re, “Ga ke Kgosi ya lefatshe. Fa ke ne ke le yone, balatedi ba me ba ka bo ba lole fa ke tshwarwa ke baeteledipele ba Sejuta. Mme bogosi jwa me ga se jwa lefatshe.”
پیلاتُس پرسید: «به هر حال منظورت این است که تو پادشاهی؟» عیسی فرمود: «تو می‌گویی که من پادشاهم. به همین منظور است که متولد شدم و به جهان آمده‌ام تا بر حقیقت شهادت دهم؛ و تمام کسانی که حقیقت را دوست می‌دارند، تصدیق می‌کنند که آنچه می‌گویم حقیقت است.» 37
Pilatwe a fetola a re, “Ee, fa e le gore go ntse jalo o Kgosi?” Jesu a re, “Ee, ke tsaletswe gone moo. Mme ke tletse go lere boammaaruri mo lefatsheng. Botlhe ba ba ratang boammaaruri ke balatedi ba me.”
پیلاتُس گفت: «حقیقت چیست؟» سپس بیرون رفت و به یهودیان گفت: «او هیچ جرمی مرتکب نشده است؛ 38
Pilatwe a botsa a re, “Boammaaruri ke eng?” Mme a boela a tswela gape kwa ntle kwa bathong a ba raya a re, “Ga a na molato ope wa borukutlhi motho yo.
ولی رسم این است که در هر عید پِسَح یک زندانی را برای شما آزاد کنم. آیا می‌خواهید پادشاه یهود را آزاد کنم؟» 39
Mme lo na le ngwao ngwaga le ngwaga ya go nkopa go lo gololela mongwe mo kgolegelong fa go le Tlolaganyo. Mme fa lo batla ke dira jalo, ke tlaa golola ‘Kgosi ya Bajuta’.”
ولی جماعت فریاد زدند: «نه، او را نه! باراباس را می‌خواهیم!» (باراباس یک انقلابی شورشی بود.) 40
Mme ba goa ba re, “Nnyaa! E seng monna yo, e leng Barabase!” Barabase e ne e le serukutlhi.

< یوحنا 18 >