< اعمال رسولان 23 >

پولس در حالی که به اعضای شورا خیره شده بود گفت: «ای برادران، من همیشه نزد خدا با وجدانی پاک زندگی کرده‌ام!» 1
Mme erile Paulo a tsepega matlho mo go ba lekgotla, a ba raya a re, “Bagaetsho, ke ntse ke tshela fa pele ga Modimo ka pelo e e siameng!”
بلافاصله حنانیا، کاهن اعظم، به اشخاصی که نزدیک پولس بودند، دستور داد تا بر دهانش بزنند. 2
Ka bonako Ananiase Moperesiti yo mogolo a laola gore ba ba gaufi le Paulo ba mo itee mo molomong.
پولس به او گفت: «ای خوش‌ظاهرِ بدباطن، خدا تو را خواهد زد! تو آنجا نشسته‌ای تا مرا طبق احکام شرع قضاوت کنی، اما خودت شریعت را زیر پا می‌گذاری، چون دستور می‌دهی مرا به این شکل بزنند!» 3
Mme Paulo a mo raya a re, “Modimo o tlaa go itaya, wena yo o leng lobota lo lo takilweng. O molaodi yo o ntseng jang yo o tlolang molao ka go laola gore ke itewe?”
کسانی که نزدیک پولس ایستاده بودند، به او گفتند: «به کاهن اعظمِ خدا اهانت می‌کنی؟» 4
Mme ba ba neng ba eme go bapa le Paulo ba mo raya ba re, “A ke yone tsela ya go bua le moperesiti yo mogolo wa Modimo”.
پولس جواب داد: «برادران، نمی‌دانستم که او کاهن اعظم است، زیرا نوشته شده: به سران قوم خود بد مگو.» 5
Mme Paulo a fetola a re, “Ke ne ke sa itse gore a ke Moperesiti yo mogolo, bagaetsho, gonne Dikwalo tsa re, ‘O seka wa ba wa bua bosula kaga ope wa balaodi ba gago.’”
آنگاه پولس که پی برده بود گروهی از اعضای شورا صدوقی هستند و گروهی دیگر فریسی، با صدای بلند گفت: «ای برادران، من فریسی هستم. تمام اجدادم نیز فریسی بوده‌اند! و امروز به این دلیل اینجا محاکمه می‌شوم که به قیامت مردگان اعتقاد دارم!» 6
Mme Paulo a akanya kaga sengwe! Bontlha bongwe jwa batho e ne e le Basadukai mme jo bongwe e le Bafarasai! Mme o ne a goa a re, “Bagaetsho, ke Mofarasai fela jaaka borraetsho mogologolwane mme ke sekisiwa fa gompieno ka gore ke dumela mo tsogong ya baswi!”
این سخن در میان اعضای شورا جدایی انداخت و فریسیان به مخالفت با صدوقیان برخاستند. 7
Mme mo go ne ga kgaoganya lekgotla ka bogare, Bafarasai ba nna kgatlhanong le Basadukai,
زیرا صدوقیان معتقد بودند که زندگی بعد از مرگ و فرشته و روح وجود ندارد، در صورتی که فریسی‌ها به تمام اینها اعتقاد داشتند. 8
gonne Basadukai ba re ga go na tsogo ya baswi kgotsa baengele kgotsa le mowa wa bosenabokhutlo mo go rona, mme Bafarasai bone ba dumela mo go tse tsotlhe.
به این طریق، جنجالی برپا شد. در این میان عده‌ای از علمای دین که فریسی بودند، برخاستند و با اعتراض گفتند: «ما خطایی در این شخص نمی‌یابیم. شاید در راه دمشق روح یا فرشته‌ای با او سخن گفته باشد.» 9
Jalo ga tsoga modumo o mogolo. Bangwe ba baeteledipele ba Bajuta ba tlola ba re Paulo o bua sentle. Ba ne ba goa ba re, “Rona ga re bone molato ope mo go ene, gongwe mowa kgotsa moengele o buile le ene [gone mo tseleng ya Damaseko].”
جدال چنان بالا گرفت که فرمانده ترسید پولس را تکه‌تکه کنند، پس به سربازان دستور داد او را از چنگ مردم بیرون آورده، به داخل قلعه بازگردانند. 10
Modumo o ne wa golela kwa pele, mme batho ba rutha Paulo mo ditlhakoreng tsoopedi ba mo gogela kwa le kwa. La bofelo molaodi, a laola gore masole a gagwe a mo tseye mo go bone ka dikgoka go mmusetsa mo kagong ya batlhabani ka gore o ne a tshaba gore ba tloga ba mo gagolaka.
آن شب خداوند در کنار پولس ایستاد و به او فرمود: «پولس، دل قوی دار! همان‌طور که اینجا با مردم دربارهٔ من سخن گفتی، در روم نیز سخن خواهی گفت.» 11
Mo bosigong joo Morena o ne a ema Paulo fa lotlhakoreng a mo raya a re, “Se tlhobaele, Paulo; fela jaaka o boleletse batho ka ga me mo Jerusalema, o tshwanetse go dira fela jalo le mo Roma.”
صبح روز بعد، گروهی از یهودیان جمع شدند و سوگند یاد کردند که تا پولس را نکشند، نه چیزی بخورند و نه چیزی بنوشند! 12
Tsatsi le le latelang Bajuta ba ka nna masome a mane kgotsa go feta ba ipopa ka maikano a go re ga ba kitla ba a ja le fa e le go nwa go fitlhelela ba bolaya Paulo!
شمار کسانی که در این توطئه دخیل بودند، بیش از چهل نفر بود. 13
آنها نزد کاهنان اعظم و مشایخ رفتند و تصمیم خود را با آنان در میان گذاشته، گفتند: «ما قسم خورده‌ایم تا پولس را نکشیم لب به غذا نزنیم. 14
Mme ba ya kwa bape-resiting ba bagolo le bagolwane ba ya go ba bolelela se ba se dirileng.
شما و اهل شورا به فرماندهٔ هنگ بگویید که بار دیگر پولس را به شورا بفرستد، به این بهانه که می‌خواهید دربارۀ او بیشتر تحقیق کنید. آنگاه ما در بین راه او را خواهیم کشت.» 15
Ba ne ba kopa jaana, “Re kopa gore molaodi wa masole a busetse Paulo mo lekgo-tleng, lo dire jaaka o ka re lo batla go mmotsa dipotso gape. Rona re tlaa mmolaya mo tseleng.”
ولی خواهرزادهٔ پولس به نقشهٔ آنان پی برد و به قلعه آمد و پولس را از این امر آگاه ساخت. 16
Mme setlogolo sa ga Paulo sa lemoga leano la bone le le bosula mme a ya kwa kagong ya batlhabani a bolelela Paulo.
پولس یکی از مأموران را صدا زد و گفت: «این جوان را نزد فرمانده ببر، چون می‌خواهد خبر مهمی به او بدهد.» 17
Mme Paulo a bitsa mongwe wa bagolwane a mo raya a re, “Tsaya mosimane yo o mo ise kwa go molaodi. O na le sengwe sa botlhokwa go se mmolelela.”
مأمور او را پیش فرمانده برد و گفت: «پولس زندانی، مرا صدا زد و خواهش کرد این جوان را نزد شما بیاورم تا خبری به عرضتان برساند.» 18
Jalo mogolwane a dira jalo, a feta a tlhalosa a re, “Legolegwa Paulo, o mpiditse mme a kopa gore ke tlise mosimane yo kwano go wena go go bolelela sengwe.”
فرمانده دست پسر را گرفت و به گوشه‌ای برد و از او پرسید: «چه می‌خواهی بگویی؟» 19
Molaodi a tshwara mosimane ka seatla, a mo gogela kwa thoko a mmotsa a re, “Ke eng se o batlang go se mpolelela mosimane?”
گفت: «همین فردا یهودیان می‌خواهند از شما خواهش کنند که پولس را به شورا ببرید، به بهانهٔ اینکه می‌خواهند تحقیق بیشتری دربارۀ او بکنند. 20
Mme mosimane a mo raya a re, “Ka moso Bajuta ba tlaa tla go kopa gore o tlise Paulo mo lekgotleng gape, ba dira jaaka o ka re ba batla go tlhotlhomisa thata ka ga gagwe.
ولی خواهش می‌کنم شما این کار را نکنید! چون بیش از چهل نفرشان کمین کرده‌اند تا بر سر او بریزند و او را بکشند. قسم نیز خورده‌اند که تا او را نکشند، نه چیزی بخورند و نه چیزی بنوشند. حالا همه حاضر و آماده‌اند، فقط منتظرند که شما با درخواستشان موافقت کنید.» 21
Mme o seka wa dira jalo! Go na le banna ba feta masome a mane ba ba iphitlhileng go bapa le tsela ba ipaakanyeditse go mo tlolela ba mmolaya. Ba ipopile ka maikano a gore ba seka ba ja kgotsa baa nwa go fitlhelela a a swa. Ba mo laletse teng koo, ba lebeletse gore o dumalane le kopo ya bone.”
وقتی آن جوان می‌رفت، فرمانده به او گفت: «به کسی نگو که این موضوع را به من گفته‌ای.» 22
Mme molaodi o ne a tlhagisa mosimane a re, “O seka wa ba wa dira gore mongwe a itse gore o mpoleletse selo se.”
سپس فرمانده دو نفر از افسران خود را احضار کرد و به ایشان دستور داده، گفت: «دویست سرباز پیاده، دویست نیزه‌دار و هفتاد سواره نظام آماده کنید تا امشب ساعت نُه به قیصریه بروند. 23
Mme molaodi a bitsa bangwe ba bagolwane ba gagwe ba le babedi a ba raya a re, “Baakanyang batlhabani ba le makgolo mabedi ba ye Kaesarea ka nako ya boroba bongwe bosigo! Tsayang banna ba dichaka ba le makgolo a mabedi le bapalami ba le masome a supa. Neelang Paulo pitse gore a palame mme lo mo ise kwa go kgosana Felise a babalesegile.”
یک اسب هم برای پولس آماده کنید تا سوار شود، و او را صحیح و سالم نزد فِلیکْسِ فرماندار برسانید.» 24
این نامه را هم برای فرماندار نوشت: 25
Mme a kwalela Felise lokwalo lo lo buang jaana:
«کلودیوس لیسیاس به جناب فِلیکْس، فرماندار گرامی سلام می‌رساند. 26
“Go tswa kwa go Kalaudio Lusia, Lo ya kwa go Motlotlegi Kgosana Felise, Ditumediso!
یهودیان این مرد را گرفته بودند و می‌خواستند او را بکشند. وقتی فهمیدم رومی است، سربازانی فرستادم و نجاتش دادم. 27
“Monna yo o ne a gapilwe ke Bajuta mme ba ne ba batla go mmolaya mme ke romela masole gore ba mo falotshe, gonne ke ne ke utlwile fa e le Mo-Roma.
سپس او را به شورای ایشان بردم تا معلوم شود چه کرده است. 28
Mme ke ne ka mo isa kwa lekgotleng la bone go bona se a se dirileng.
متوجه شدم دعوا بر سر عقاید یهودی خودشان است و البته چیزی نبود که بشود به سبب آن او را زندانی یا اعدام کرد. 29
Mme ka bofefo ka lemoga fa e le sengwe kaga ditumelo tsa bone tsa Sejuta, mme tota go sena sepe se se neng se supa gore o ka tsenngwa mo kgolegelong kgotsa a bolawa.
اما وقتی آگاه شدم که توطئه چیده‌اند تا او را بکشند، تصمیم گرفتم وی را به حضور شما بفرستم. به هر کس هم که از او شکایت داشته باشد می‌گویم به حضور شما بیاید.» 30
Mme erile ke bolelelwa ka leano la go mmolaya, ka tlelwa ke kakanyo ya go mo romela kwa go wena mme ke tlaa laela ba ba mmonyeng molato go tlisa dikatlholo tsa bone fa pele ga gago.”
پس همان شب سربازان مطابق دستور فرماندهٔ خود، پولس را به شهر آنتی پاتریس رسانیدند. 31
Mme erile bosigo joo, jaaka go laotswe masole a isa Paulo kwa Antipateri.
صبح روز بعد پولس را تحویل سواره نظام دادند تا او را به قیصریه ببرند و خود به قلعه بازگشتند. 32
Mme ba boela kwa kagong ya batlhabani moso o o latelang, ba mo tlogela le bapalami ba dipitse gore ba mo ise kwa Kaesarea.
وقتی به قیصریه رسیدند، پولس را با نامه به فرماندار تحویل دادند. 33
Erile ba goroga kwa Kaesarea, ba neela Kgosana Paulo le lokwalo.
فرماندار نامه را خواند. سپس از پولس پرسید: «اهل کجایی؟» پولس جواب داد: «اهل قیلیقیه هستم.» 34
O ne a bala lokwalo mme a botsa Paulo gore o tswa kae. Paulo a araba a re, “Ke tswa Kilikia.”
فرماندار به او گفت: «هرگاه شاکیانت برسند، به پرونده‌ات رسیدگی خواهم کرد.» سپس، دستور داد که او را در قصر هیرودیس پادشاه نگه دارند. 35
Kgosana ya mo raya ya re, “Ke tlaa utlwa kgang ya gago sentle fa ba ba go bonyeng molato ba tla,” mme a laola gore Paulo a tshegediwe mo kgolegelong e e mo kagong ya Bogosi ya ga Kgosi Herode.

< اعمال رسولان 23 >