< عبرانیان 11 >

پس ایمان، اعتماد بر چیزهای امید داشته شده است و برهان چیزهای نادیده. ۱ 1
Tumelo ke eng? Ke tsholofelo e e tlhomameng ya gore se re se batlang se tlaa diragala. Ke tlhomamiso ya gore se re se solofetseng se re letetse, le fa re sa se bone ka matlho a senama.
زیرا که به این، برای قدما شهادت داده شد. ۲ 2
Batho ba Modimo mo malatsing a bogologolo ba ne ba itsege ka ntlha ya tumelo ya bone.
به ایمان فهمیده‌ایم که عالم‌ها به کلمه خدامرتب گردید، حتی آنکه چیزهای دیدنی ازچیزهای نادیدنی ساخته شد. (aiōn g165) ۳ 3
Ka tumelo, ka go dumela Modimo, re itse gore lefatshe le dinaledi, tota a ke re dilo tsotlhe, di dirilwe ka taolo ya Modimo; le gore di dirilwe ka dilo tse di sa bonweng. (aiōn g165)
به ایمان هابیل قربانی نیکوتر از قائن را به خدا گذرانید و به‌سبب آن شهادت داده شد که عادل است، به آنکه خدا به هدایای او شهادت می‌دهد؛ و به‌سبب همان بعد از مردن هنوزگوینده است. ۴ 4
E ne e le ka ntlha ya tumelo gore Abele a reetse Modimo a bo a ntsha setlhabelo se se neng sa itumedisa Modimo go gaisa sa ga Kaene. Modimo o ne wa amogela Abele wa bo wa supa jalo ka go amogela mpho ya gagwe; mme le fa Abele a sa bolo go swa, re santse re ka ithuta dithuto mo go ene ka go ikanya Modimo.
به ایمان خنوخ منتقل گشت تا موت را نبیندو نایاب شد چرا‌که خدا او را منتقل ساخت زیراقبل از انتقال وی شهادت داده شد که رضامندی خدا را حاصل کرد. ۵ 5
Enoke le ene o ne a ikanya Modimo, mme ka moo Modimo o ne wa mo tseela kwa legodimong a sa swa, ka tshoganetso o ne a tsamaya gonne Modimo o ne wa mo tsaya. Pele ga tiragalo e, Modimo o ne o rile o itumetse thata jang ka Enoke.
لیکن بدون ایمان تحصیل رضامندی او محال است، زیرا هر‌که تقرب به خدا جوید، لازم است که ایمان آورد بر اینکه اوهست و جویندگان خود را جزا می‌دهد. ۶ 6
Ga o kake wa itumdisa Modimo kwa ntle ga tumelo, kwa ntle ga go ikaega mo go One. Le fa e le mang yo o batlang go tla kwa Modimong o tshwanetse go dumela gore go na le Modimo le gore o duela ba ba o batlang ka boammaaruri.
به ایمان نوح چون درباره اموری که تا آن وقت دیده نشده، الهام یافته بود، خداترس شده، کشتی‌ای بجهت اهل خانه خود بساخت و به آن، دنیا را ملزم ساخته، وارث آن عدالتی که از ایمان است گردید. ۷ 7
Noa le ene e ne e le mongwe yo o neng a ikanya Modimo. Erile a utlwa tlhagiso ya Modimo ka malatsi a a tlang, Noa a o dumela le fa go ne go sena sekai sepe sa morwalela, mme kwa ntle ga go senya nako a aga araka (ntlo e e kokobalang) mme a boloka ba ntlo ya gagwe. Ka go dumela mo Modimong Noa o ne a supa boleo jwa lefatshe lotlhe le go sa dumeleng ga lone, le le ganneng go reetsa, mme ka ntlha ya tumelo ya gagwe o ne a nna mongwe wa ba Modimo o ba amogetseng.
به ایمان ابراهیم چون خوانده شد، اطاعت نمود و بیرون رفت به سمت آن مکانی که می‌بایست به میراث یابد. پس بیرون آمد ونمی دانست به کجا می‌رود. ۸ 8
Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme erile Modimo o mo raya o re a huduge mo ga gabo a ye kgakala kwa lefatsheng le lengwe le o le mo solofeditseng, Aberahame a dumela. A tsamaya, a sa itse tota le kwa a neng a ya teng.
و به ایمان در زمین وعده مثل زمین بیگانه غربت پذیرفت و درخیمه‌ها با اسحاق و یعقوب که در میراث همین وعده شریک بودند مسکن نمود. ۹ 9
Mme erile le a goroga kwa lefatsheng le Modimo o le mo solofeditseng, a nna mo megoping (ditante) jaaka moeti fela, jaaka Isake le Jakobe ba le bone Modimo o ba solofeditseng jaaka Aberahame.
زانرو که مترقب شهری بابنیاد بود که معمار و سازنده آن خداست. ۱۰ 10
Aberahame o ne a dira jaana gonne o ne a letetse Modimo ka tlhomamiso go mo lere kwa lefelong le le nonofileng la selegodimo le modiri le moagi wa lone e leng Modimo.
به ایمان خود ساره نیز قوت قبول نسل یافت و بعد از انقضای وقت زایید، چونکه وعده‌دهنده را امین دانست. ۱۱ 11
Sara, le ene o ne a na le tumelo, mme ka ntlha ya yone tumelo e, o ne a bona nonofo ya go nna le ngwana ntswa a ne a tsofetse, gonne o ne a lemoga gore Modimo o o mo solofeditseng, o tlaa diragatsa tsholofetso ya one.
و از این سبب، ازیک نفر و آن هم مرده، مثل ستارگان آسمان، کثیرو مانند ریگهای کنار دریا، بی‌شمار زاییده شدند. ۱۲ 12
Ke gone ka moo chaba yotlhe e duleng mo go Aberahame, yo o neng a tsofetse thata go ka nna le e leng ngwana a le mongwe fela, tota chaba e e nang le didikadike tsa batho tse di senang palo, ba bontsi jwa bone bo lekanang le dinaledi tsa legodimo le motllhaba wa lotshitshi lwa lewatle.
در ایمان همه ایشان فوت شدند، درحالیکه وعده‌ها را نیافته بودند، بلکه آنها را از دوردیده، تحیت گفتند و اقرار کردند که بر روی زمین، بیگانه و غریب بودند. ۱۳ 13
Batho ba ba tumelo ba ke ba umakileng, ba sule ba ise ba amogele gotlhe mo Modimo o neng o go ba solofeditse; mme ba ne ba go bona go ba letetse kwa pele mme ba itumela, gonne ba ne ba dumela gore lefatshe leno ga se legae la bone tota mme e le baeng fela mo go lone.
زیرا کسانی که همچنین می‌گویند، ظاهر می‌سازند که در جستجوی وطنی هستند. ۱۴ 14
Mme go bonala fela sentle gore e ne e re fa ba bua jalo, ba bo ba solofetse legae la bone tota kwa legodimong.
و اگر جایی را که از آن بیرون آمدند، بخاطر می‌آوردند، هرآینه فرصت می‌داشتند که (بدانجا) برگردند. ۱۵ 15
Fa ba ne ba rata, ba ka bo ba ne ba boela kwa morago kwa dilong tse di molemo tsa lefatshe leno.
لکن الحال مشتاق وطنی نیکوتر یعنی (وطن ) سماوی هستند و از اینرو خدا از ایشان عار ندارد که خدای ایشان خوانده شود، چونکه برای ایشان شهری مهیا ساخته است. ۱۶ 16
Mme ga ba a ka ba dira jalo. Ba ne ba tshelela legodimo. Jaanong Modimo ga o tlhajwe ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone, gonne o ba agetse motse wa selegodimo.
به ایمان ابراهیم چون امتحان شد، اسحاق را گذرانید و آنکه وعده‌ها را پذیرفته بود، پسریگانه خود را قربانی می‌کرد؛ ۱۷ 17
Erile o santse o mo leka, Aberahame o ne a nna a ikanya Modimo le ditsholofetso tsa one, mme ke gone a ntsha Isake morwawe tshupelo, a bo a ipaakanyetsa go mmolaela mo sebesong sa ditlhabelo;
که به او گفته شده بود که «نسل تو به اسحاق خوانده خواهد شد.» ۱۸ 18
ee, go bolaya le e leng Isake, yo ka ene Modimo o neng o solofeditse go naya Aberahame chaba yotlhe ya losika lwa gagwe!
چونکه یقین دانست که خدا قادر بربرانگیزانیدن از اموات است و همچنین او را درمثلی از اموات نیز باز‌یافت. ۱۹ 19
O ne a dumela gore fa Isake a ka swa Modimo o tlaa mo tsosa mo losong; mme ke sone se tota se neng sa diragala seo, gonne mo mogopolong wa ga Aberahame, Isake o ne a tshwanetse go swa, mme o ne a tsoga mo losong!
به ایمان اسحاق نیز یعقوب و عیسو را درامور آینده برکت داد. ۲۰ 20
E ne e le ka tumelo mo Isake a neng a itse gore Modimo o tlaa naya bomorwawe ba babedi masego, ka lobaka lo lo tlang, ebong Jakobe le Esau.
به ایمان یعقوب در وقت مردن خود، هریکی از پسران یوسف را برکت داد و بر سر عصای خود سجده کرد. ۲۱ 21
Ka tumelo erile Jakobe a setse a tsofetse ebile a tloga a a swa, a segofatsa bomorwa Josefe boo-babedi fa a ema ka dinao a rapela, a itshegeleditse ka thobane ya gagwe.
به ایمان یوسف در حین وفات خود، ازخروج بنی‌اسرائیل اخبار نمود و درباره استخوانهای خود وصیت کرد. ۲۲ 22
Gape e ne e le ka tumelo mo Josefe erileng a tla a tloga a a swa, a bua ka tlhomamiso gore Modimo o tlaa ntsha batho ba Iseraele mo Egepeto; o ne a tlhomamisa kgololo ya bone mo e leng gore o ne a ba raya a re ba mo solofetse go tsaya marapo a gagwe fa ba tsamaya.
به ایمان موسی چون متولد شد، والدینش او را طفلی جمیل یافته، سه ماه پنهان کردند و ازحکم پادشاه بیم نداشتند. ۲۳ 23
Batsadi ba ga Moshe le bone ba ne ba na le tumelo. Erile fa ba bona gore Modimo o ba file ngwana yo o sa tlwaelesegang, ba ikanya Modimo gore o tlaa mmoloka mo losong lo kgosi e lo laotseng, mme ba mo fitlha dikgwedi di le tharo, ebile ba sa boife.
به ایمان چون موسی بزرگ شد، ابا نمود ازاینکه پسر دختر فرعون خوانده شود، ۲۴ 24
E ne e le ka tumelo mo Moshe erileng a gola, a gana go tsewa jaaka setlogolwana sa kgosi, mme a itlhophela go boga le batho ba Modimo mo boemong jwa go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobakanyana.
و ذلیل بودن با قوم خدا را پسندیده تر داشت از آنکه لذت اندک زمانی گناه را ببرد؛ ۲۵ 25
و عار مسیح رادولتی بزرگتر از خزائن مصر پنداشت زیرا که به سوی مجازات نظر می‌داشت. ۲۶ 26
O ne a bona gore go botoka go bogela Keresete yo o solofetsweng go na le go rua mahumo otlhe a Egepeto, gonne o ne a solofetse tuelo e kgolo e Modimo o neng o tlaa e mo naya.
به ایمان، مصررا ترک کرد و از غضب پادشاه نترسید زیرا که چون آن نادیده را بدید، استوار ماند. ۲۷ 27
Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a ikanya Modimo mo a ileng a tswa mo lefatsheng la Egepeto a sa boife bogale jwa kgosi. Moshe o ne a nna a tsamaya; go ne go bonala ekete o bona Modimo o na le ene teng koo.
به ایمان، عید فصح و پاشیدن خون را بعمل آورد تاهلاک کننده نخستزادگان، بر ایشان دست نگذارد. ۲۸ 28
Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a dumela gore Modimo o tlaa boloka batho ba one jaaka a ba laotse go bolaya kwana, ka fa Modimo o neng o ba laotse go dira ka teng le go kgatsha madi mo mepakong ya dikgoro tsa matlo a bone, gore Moengele yo o boitshegang wa Loso wa Modimo a se ka a ama ngwana ope wa ntlha wa mosimane mo malapeng ao, jaaka o ne wa dira mo Baegepetong.
به ایمان، از بحر قلزم به خشکی عبورنمودند واهل مصر قصد آن کرده، غرق شدند. ۲۹ 29
Batho ba Iseraela ba ne ba ikanya Modimo ba bo ba ralala Lewatle le Lehibidu jaaka o ka re ba tsamaya mo mmung o o omeletseng. Mme erile Baegepeto ba ba neng ba ba setse morago ba leka go le kgabaganya, ba nwela botlhe.
به ایمان حصار اریحا چون هفت روز آن راطواف کرده بودند، به زیر افتاد. ۳۰ 30
E ne e le tumelo e e neng ya ribegetsa dithako tsa Jeriko batho ba Iseraela ba sena go di dikologa malatsi a supa, jaaka Modimo o ne o ba laotse.
به ایمان، راحاب فاحشه با عاصیان هلاک نشد زیرا که جاسوسان را به سلامتی پذیرفته بود. ۳۱ 31
Ka tumelo Rahabe wa seaka o ne a seka a swa le botlhe ba bangwe mo motseng wa ga bone fa ba ne ba gana go reetsa Modimo, gonne o ne a dumela Modimo le thata ya One, gonne o ne a amogela ditlhola ka kagiso.
و دیگر‌چه گویم؟ زیرا که وقت مرا کفاف نمی دهد که از جدعون و باراق و شمشون و یفتاح و داود و سموئیل و انبیا اخبار نمایم، ۳۲ 32
Mme he, ke santse ke tlhoka go bua go le kae? Go ka tsaya nako e telele thata go boelela dipolelo tsa tumelo ya ga Gideone le Baraka le Samesone le Jefethe le Dafide le Samuele le baporofiti botlhe.
که ازایمان، تسخیر ممالک کردند و به اعمال صالحه پرداختند و وعده‌ها را پذیرفتند و دهان شیران رابستند، ۳۳ 33
Batho ba botlhe ba ne ba ikanya Modimo mme ka ntlha ya go o ikanya ba fenya dintwa, ba diga dipuso, ba busa batho ba bone sentle, mme ba amogela se Modimo o neng o se ba solofeditse; ba ne ba sireletsega mo go gagolakweng ke ditau mo mengobong;
سورت آتش را خاموش کردند و از دم شمشیرها رستگار شدند و از ضعف، توانایی یافتند و در جنگ شجاع شدند و لشکرهای غربارا منهزم ساختند. ۳۴ 34
le mo boubelong, Bangwe ka tumelo ya bone, ba falotse mo losong lwa chaka. Bangwe ba ne ba nonotshiwa gape morago ga bokoa jwa bone le bolwetse. Ba bangwe ba ne ba fiwa nonofo e kgolo mo ntweng; ba ne ba dira gore mephato ya ntwa e sie e ba tshabe.
زنان، مردگان خود را به قیامتی باز‌یافتند، لکن دیگران معذب شدند وخلاصی را قبول نکردند تا به قیامت نیکوتربرسند. ۳۵ 35
Mme basadi bangwe, ka tumelo, ba amogela ba ga bone ba ba rategang, ba ba neng ba sule. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ikanya Modimo, mme ba betswa go fitlhelela ba a swa. Ba itlhophela go swa go na le go furalela Modimo gore ba gololesege, ba tshepha gore ba tlaa tsogela botshelong jo bo botoka moragonyana.
و دیگران از استهزاها و تازیانه‌ها بلکه از بندها و زندان آزموده شدند. ۳۶ 36
Bangwe ba ne ba tshegwa, ba fatolwa mekwatla ka dithupa, mme ba bangwe ba ne ba golegelelwa ka dikeetane mo dikgolegelong.
سنگسارگردیدند و با اره دوپاره گشتند. تجربه کرده شدندو به شمشیر مقتول گشتند. در پوستهای گوسفندان و بزها محتاج و مظلوم و ذلیل و آواره شدند. ۳۷ 37
Bangwe ba sule ba kgobotlediwa ka maje ba bangwe ka go fatoganngwa ka dishaga; ba bangwe ba ne ba solofediwa kgololo fa ba ne ba ka itatola tumelo ya bone, morago ga moo ba ne ba bolawa ka chaka. Bangwe ba ne ba tsamaya ba apere matlalo a dinku le dipodi, ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng, ba iphitlha mo mengobong le mo dikgageng. Ba ne ba bolawa ke tlala, ba lwala, ba tshwerwe setlhogo, e le batho ba lefatshe le sa ba tshwanelang.
آنانی که جهان لایق ایشان نبود، درصحراها و کوهها و مغاره‌ها و شکافهای زمین پراکنده گشتند. ۳۸ 38
پس جمیع ایشان با اینکه از ایمان شهادت داده شدند، وعده را نیافتند. ۳۹ 39
Mme batho ba ba tumelo, le fa ba ne ba ikanya Modimo ebile ba ne ba gapa maikutlo a One, ga go na ope wa bone yo o neng a amogela tsotlhe tse Modimo o neng o di solofeditse;
زیرا خدا برای ماچیزی نیکوتر مهیا کرده است تا آنکه بدون ماکامل نشوند. ۴۰ 40
gonne Modimo o ne o batla gore ba iketle gore le bone ba tle ba nne le seabe mo dituelong tse di botoka tse di sa fetogeng tse re di baakanyeditsweng.

< عبرانیان 11 >