< Pāvilavēstulē Romiešiem 8 >

1 Tad nu nav nekādas pazudināšanas tiem, kas ir iekš Kristus Jēzus, kas nestaigā pēc miesas, bet pēc Gara.
Mme jaanong ga go na tshekiso e e emet seng ba e leng ba ga Keresete Jesu.
2 Jo tā dzīvības Gara bauslība iekš Kristus Jēzus mani ir atsvabinājusi no grēka un nāves bauslības.
Gonne nonofo ya Mowa wa botshelo, nonofo e e leng gore ke ya me ka Keresete Jesu, e nkgolotse mo bogaleng jwa sebe le loso.
3 Jo kad tas bauslībai nebija iespējams, tāpēc ka tā caur miesu bija nespēcīga, tad Dievs ir sūtījis Savu paša Dēlu grēcīgas miesas līdzībā un grēka dēļ un grēku pazudinājis iekš miesas,
Ga re bolokwe mo botshwarong jwa sebe ke go itse melao ya Modimo, gonne ga re ka ke le gone re bile ga re e tshegetse, mme Modimo o ne wa dirisa leano lengwe go re boloka. O romile Morwaa one mo setshwanong sa rona, pharologanyo fela ke gore mebele ya rona e na le boleo, mme Morwaa one ene o bolaile taolo ya sebe mo go rona ka go intsha setlhabelo sa dibe tsa rona.
4 Ka bauslības taisnība taptu piepildīta iekš mums, kas nestaigājam pēc miesas, bet pēc Gara.
Jaanong re ka tshegetsa melao ya Modimo fa re sala morago Mowa O O Boitshepo re bo re khutlisa go obamela tlholego e kgologolo e e bosula e e mo go rona.
5 Jo tie, kas ir pēc miesas, tie domā uz to, kas patīk miesai; bet tie, kas pēc Gara, uz to, kas patīk Garam.
Ba ba iteseletsang go laolwa ke ditlholego tsa bone tse di kgologolo ba tshelela fela go itumedisa matshelo a bone, mme ba ba salang Mowa O O Boitshepo morago ba iphitlhela ba dira dilo tse di itumedisang Modimo.
6 Jo miesas prāts ir nāve; un Gara prāts ir dzīvība un miers.
Go sala morago Mowa O O Boitshepo go isa kwa botshelong le kagiso, mme go sala morago tlholego e kgologolo go isa losong,
7 Tāpēc ka miesas prāts ir naids pret Dievu; jo tas Dieva bauslībai nepaklausa un arī nespēj.
gonne tlholego e kgologolo ya boleo e e mo go rona e kgatlhanong le Modimo. Ga e ise e ke e bo e obamele melao ya Modimo mme le gone ga e kitla e e obamela.
8 Bet tie, kas pēc miesas dzīvo, nevar Dievam patikt.
Ke sone se e leng gore ba ba sa ntseng ba le ka fa tlase ga taolo ya bone e kgologolo ya boleo, ba gapesegetse ka fa go saleng morago dikeletso tsa bone tse di kgologolo tse di bosula, ba ka se ke ba itumedisa Modimo.
9 Bet jūs nedzīvojiet pēc miesas, bet pēc Gara, ja tikai Dieva Gars iekš jums mīt; bet ja kam Kristus Gara nav, tas Viņam nepieder.
Mme lona ga lo a nna jalo. Lo laolwa ke tlholego ya lona e ncha fa mowa wa Modimo o nna mo go lona. (Mme gakologelwang gore le fa e le mang yo o senang Mowa wa ga Keresete, ga se Mokeresete gotlhelele).
10 Bet ja Kristus ir iekš jums, tad miesa gan ir nedzīva grēka dēļ, bet Tas Gars ir dzīvība taisnības dēļ.
Mme le fa tota Keresete a nna mo go wena, mmele wa gago o tlaa swa ka ntlha ya sebe, mme mowa wa gago o tlaa tshela, gonne Keresete o o itshwaretse.
11 Bet ja Tā Gars, kas Jēzu ir uzmodinājis no miroņiem, iekš jums mīt, tad Tas, kas Kristu ir uzmodinājis no miroņiem, arī jūsu mirstamas miesas darīs dzīvas caur Savu Garu, kas iekš jums mīt.
Mme fa Mowa wa Modimo, o o tsositseng Jesu mo baswing, o nna mo go lona, o tlaa dira gore mebele ya lona e e swang e tshele gape morago ga lo o swa, ka one Mowa O O Boitshepo o, o o nnang mo go lona.
12 Tad nu mēs, brāļi, esam parādnieki ne miesai, ka pēc miesas būtu jādzīvo.
Jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ga lo na ditshwanelo le fa e le dipe mo tlholegong ya lona e kgologolo ya boleo go dira se e batlang gore lo se dire.
13 Ja jūs pēc miesas dzīvojiet, tad jūs mirsiet, bet ja jūs caur To Garu miesas darbošanās nonāvējat, tad jūs dzīvosiet.
Gonne fa lo tswelela go e sala morago lo latlhegile ebile lo tlaa nyelela, mme fa ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo lo e ripitla le ditiro tsa yone tse di bosula, lo tlaa tshela.
14 Jo cik no Dieva Gara top vadīti, tie ir Dieva bērni.
Gonne ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo ke bana ba Modimo.
15 Jo jūs neesat dabūjuši kalpošanas garu, ka jums atkal jābīstas, bet jūs esat dabūjuši dievbērnības Garu, caur ko mēs saucam: Abba, Tēvs.
Jalo ga re a tshwanela go tshwana le batlhanka ba ba boi ba ba magatlapa, mme re tshwanetse go nna jaaka bana ba Modimo ka sebele, ba ba dirilweng bana ka go tsenngwa mo lwapeng lwa one, go mmitsa “Rara, Rara.”
16 Tas Gars pats apliecina līdz ar mūsu garu, ka esam Dieva bērni;
Gonne Mowa wa one O O Boitshepo o buisanya le rona mo botennye jwa dipelo tsa rona, ebile o re bolelela gore re bana ba Modimo tota.
17 Bet ja bērni, tad arī mantinieki, proti Dieva mantinieki un Kristus līdzmantinieki, ja tikai līdz ciešam, ka arī līdz topam pagodināti.
Mme ka re le bana ba one, re tlaa rua mahumo a one, gonne gotlhe mo Modimo o go neelang Morwaa one le rona jaanong ke ga rona. Mme fa e le gore re tshwanetse go nna le seabe mo kgalalelong ya gagwe le rona re tshwanetse go nna le seabe mo go bogisiweng ga gagwe.
18 Jo es turu, ka šī laika ciešanas neatsver to godību, kas mums taps parādīta.
Le fa go ntse jalo dipogiso tsa rona tsa malatsi ano ga se sepe fa di tshwantshiwa le kgalalelo e o tlaa e re nayang mo nakong e e tlang.
19 Jo tie radījumi ilgodamies gaida uz Dieva bērnu parādīšanu.
Gonne lobopo lotlhe lo letetse lone letsatsi leo ka bopelotelele le ka tsholofelo fa Modimo o tlaa bo o tsosa bana ba one.
20 Jo tie radījumi ir padoti nīcībai, ne pēc savas gribēšanas, bet Tā dēļ, kas tos tai ir padevis uz cerību,
Gonne mo letsatsing leo mitlwa, mesetlho, sebe, loso le go bola, dilo tse di neng tsa fenya lefatshe kgatlhanong le keletso ya lone mo taolong ya Modimo di tlaa nyelela tsotlhe, le lefatshe le le re dikologileng le tlaa nna le seabe mo kgololesegong e e galalelang e bana ba Modimo ba e itumelelang ka go bo ba kgaogane le boleo.
21 Jo arī tie radījumi paši taps atsvabināti no iznīcības kalpošanas uz Dieva bērnu godības svabadību.
22 Jo mēs zinām, ka visi radījumi kopā nopūšās un kopā mokās līdz šim.
Gonne re itse gore le dilo tsa tlholego, jaaka diphologolo le ditlhare, di boga bolwetse le loso di sa ntse di emetse tiragalo e kgolo e.
23 Un ne vien tie, bet arī mēs paši, kam Tā Gara pirmība ir, mēs paši arīdzan nopūšamies pie sevis, gaidīdami uz to bērnību, uz mūsu miesas atpestīšanu.
Mme le rona tota Bakeresete, le fa re na le Mowa O O Boitshepo mo go rona e le ketapele ya kgalalelo ya malatsi a a tlang, re tshwenyega gore re gololwe mo ditlhabing le mo tshotlegong. Le rona, ka tlhwaafalo re letetse letsatsi leo le Modimo o tlaa re neelang ditshwanelo tsa rona tsotlhe jaaka bana ba one, le mebele e mesha e o e re solofeditseng, mebele e e se kitlang e tlhola e lwala gape ebile e se kitla e tlhola e e swa.
24 Jo cerībā mēs esam pestīti. Bet cerība, kas ir redzama, nav cerība; jo ko kas redz, kā tas to var cerēt?
Re bolokilwe ka tsholofelo. Jalo he, tsholofelo e raya tebelelo ya go nna le sengwe se re iseng re nne naso, gonne motho yo a setseng a na le sengwe ga a tlhoke go solofela le go dumela gore o tlaa nna naso.
25 Bet ja mēs ceram, ko neredzam, tad mēs uz to gaidām ar paciešanu.
Mme fa re tshwanetse go nna re ikanya Modimo ka sengwe se se iseng se diragale, go re ruta go letela ka bopelotelele le ka boikanyo.
26 Tāpat arī Tas Gars mūsu vājībai nāk palīgā; jo mēs nezinām, ko mums būs lūgt, kā piederas, bet Tas Gars pats mūs aizstāv ar neizrunājamām nopūtām.
Gape ka yone tsela eo, ka tumelo ya rona, Mowa O O Boitshepo o re thusa mo matshwenyegong a rona a malatsi otlhe le mo go rapeleng ga rona. Gonne ga re itse le se tota re tshwanetseng go se rapelela, le ka fa re tshwanetseng go rapela ka teng; mme Mowa O O Boitshepo o re rapelela ka maikutlo a e leng gore ga a ka ke a tlhalosiwa ka mafoko ape.
27 Un Tas, kas sirdis pārmeklē, zin, kas ir Tā Gara prāts, jo Tas pēc Dieva prāta tos svētos aizstāv.
Mme Rara yo o itseng dipelo tsotlhe o a itse, se Mowa o se buang jaaka o re rapelela ka kagiso le ka fa go rateng ga Modimo.
28 Un mēs zinām, ka tiem, kas Dievu mīl, visas lietas nāk par labu, tiem, kas pēc Viņa nodoma ir aicināti.
Jalo he, re itse gore gotlhe mo go re diragalelang go re direla bomolemo fa re rata Modimo ebile re tsena sentle mo maikaelelong a one.
29 Jo kurus Viņš papriekš paredzējis, tos Viņš arī papriekš ir nolicis, lai Viņa Dēla ģīmim būtu līdzīgi, ka Tas būtu tas pirmdzimtais starp daudz brāļiem.
Gonne go simologa kwa tshimologong Modimo o ne wa ikaelela gore ba ba tlang kwa go one, ebile ka o ne o ntse o itse gore e tlaa nna bo mang, ba tshwanetse go nna jaaka Morwaa one, gore Morwaa one a tle a nne motsalwa pele mo bakaulengweng ba le bantsi.
30 Bet kurus Viņš papriekš nolicis, tos Viņš arī aicinājis; un kurus Viņš aicinājis, tos Viņš arī taisnojis; un kurus Viņš taisnojis, tos Viņš arī pagodinājis.
Mme erile Modimo o sena go re itlhophela, o ne wa re biletsa kwa go one; mme erile fa re tla, wa re supa “re sena molato”, wa re tlatsa ka bomolemo jwa ga Keresete, wa re naya tshiamelo ya go ema le one, re le ba ba siamisitsweng, wa ba wa re solofetsa kgalalelo ya one.
31 Ko lai nu par to sakām? Ja Dievs par mums, kas būs pret mums?
Tota fela re ka reng kaga dilo tse di ntseng jaana tse di hakgamatsang? Fa Modimo o re eme nokeng, emang yo o ka nnang kgatlhanong le rona?
32 Jo Viņš arī Savu paša Dēlu nav taupījis, bet To par mums visiem nodevis, kā Viņš mums ar To nedāvinās visas lietas?
Ka Modimo o ise o ke o be o rekegele Morwaa one o ne wa mo ntshetsa go nna setlhabelo sa rona rotlhe, a le ene tota ga a na go re naya sengwe le sengwe?
33 Kas apsūdzēs Dieva izredzētos? Dievs ir, kas taisno.
Ke mang yo o ka re bayang molato rona ba re itshenketsweng ke Modimo gore re nne ba one? A Modimo o tlaa dira jalo? Nnyaa! Ke one o o re itshwaretseng wa ba wa re naya tshwanelo ya go ema nao.
34 Kas pazudinās? Kristus ir nomiris, bet vēl vairāk, Viņš arī uzmodināts; Viņš ir pie Dieva labās rokas, Viņš mūs arī aizstāv.
Emang jaanong yo o tlaa re sekisang? A Keresete o tlaa dira jalo? Nnyaa! Gonne ke ene yo o re swetseng a bo a boela mo botshelong gape ka ntlha ya rona, mme jaanong o ntse mo lefelong la tlotlo e kgolo go bapa le Modimo, ebile o a re rapelela.
35 Kas mūs šķirs no Kristus mīlestības? Vai bēdas, vai bailība, vai vajāšana, vai bads, vai plikums, vai liksta, vai zobens?
Emang jaanong yo o ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? Fa re na le mathata kgotsa re le mo tlalelong, fa re tsongwa kgotsa re bolawa, a ke ka ntlha ya gore ga a sa tlhole a re rata? A mme fa re bolawa ke tlala, kgotsa re sena madi, kgotsa re le mo diphatseng, kgotsa re tshosiwa ke loso, a Modimo o a bo o re latlhile?
36 Tā kā ir rakstīts: “Tevis dēļ mēs topam nāvēti augu dienu; mēs esam turēti līdzi kaujamām avīm.”
Nnyaa, gonne Dikwalo di re bolelela gore ka ntlha ya gagwe re tshwanetse go ipaakanyetsa go lebagana le loso ka nako nngwe le nngwe ya letsatsi, re tshwana fela le dinku tse di emetseng go tlhajwa.
37 Bet visās šinīs lietās mēs pārpārim uzvaram caur to, kas mūs ir mīlējis.
Mme mo godimo ga mo gotlhe, phenyo e kgolo ke ya rona ka Keresete yo o re ratileng a bo a re swela.
38 Jo es zinu tiešām, ka ne nāve, ne dzīvība, ne eņģeļi, ne valdības, ne spēki, ne klātbūdamas, ne nākamas lietas,
Gonne ke tlhomamisa gore ga go na sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa gagwe. Loso ga lo ka ke, le botshelo ga bo ka ke. Baengele ga ba ka ke, le dinonofo tsotlhe tsa molete ga di ka ke tsa re kgaoganya le lorato lwa Modimo. Dipoifo tsa rona tsa gompieno, boitlhobaelelo jwa rona kaga letsatsi le le latelang,
39 Ne augstums, ne dziļums, nedz cita kāda radīta lieta mūs nevarēs šķirt no Dieva mīlestības, kas ir iekš Kristus Jēzus, mūsu Kunga.
kgotsa fa re leng teng kwa godimodimo ga loapi, kgotsa mo lewatleng le le boteng-teng, ga gona sepe se se tlaa kgonang go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo supilweng ke Morena wa rona Jesu Keresete fa a re swela.

< Pāvilavēstulē Romiešiem 8 >