< Apocalypsis 7 >
1 Post haec vidi quattuor Angelos stantes super quattuor angulos terrae, tenentes quattuor ventos terrae ne flarent super terram, neque super mare, neque in ullam arborem.
Mme ka bona baengele ba le bane ba eme mo dikhutlong tse nne tsa lefatshe, ba tshwere diphefo tse nne gore di seka tsa foka, gore lekakaba lepe le se ka la nna le mokgwasa mo ditlhareng, mme lewatle la nna borethe jaaka galase.
2 Et vidi alterum Angelum ascendentem ab ortu solis, habentem signum Dei vivi: et clamavit voce magna quattuor Angelis, quibus datum est nocere terrae, et mari,
Mme ka bona moengele yo mongwe a tswa kwa botlhaba, a tshotse sekano se segolo sa Modimo o o tshelang. Mme a goa baengele ba bane ba ba neng ba neetswe nonofo go tlhokofatsa lefatshe le lewatle, “Iketleng!
3 dicens: Nolite nocere terrae, et mari, neque arboribus, quoadusque signemus servos Dei nostri in frontibus eorum.
Namang lo ise lo dire sepe, se tlhokofatseng lefatse kgotsa lewatle kgotsa ditlhare, go fitlhelela re se na go baya sekano sa Modimo mo diphatleng tsa batlhanka ba one.”
4 Et audivi numerum signatorum, centum quadraginta quattuor millia signati, ex omni tribu filiorum Israel.
Ke ba le kae ba ba neetsweng lotshwao lo? Ke ne ka utlwa gotwe palo ya bone ke dikete di le lekgolo le masome a masome a mane le bone, mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele tse di lesome le bobedi, jaaka di rulagantswe fa: Juda 12,000 Rubene 12,000, Gade 12,000, Ashe 12,000, Nafetali 12,000, Manasa 12,000, Simeone 12,000, Lefi 12,000, Isekare 12,000, Sebulane 12,000, Josefa 12,000, Benjamine 12,000.
5 Ex tribu Iuda duodecim millia signati: Ex tribu Ruben duodecim millia signati: Ex tribu Gad duodecim millia signati:
6 Ex tribu Aser duodecim millia signati: Ex tribu Nephthali duodecim millia signati: Ex tribu Manasse duodecim millia signati:
7 Ex tribu Simeon duodecim millia signati: Ex tribu Levi duodecim millia signati: Ex tribu Issachar duodecim millia signati:
8 Ex tribu Zabulon duodecim millia signati: Ex tribu Ioseph duodecim millia signati: Ex tribu Beniamin duodecim millia signati.
9 Post haec vidi turbam magnam, quam dinumerare nemo poterat ex omnibus gentibus, et tribubus, et populis, et linguis: stantes ante thronum, et in conspectu Agni, amicti stolis albis, et palmae in manibus eorum:
Morago ga mo ka bona bontsintsi jo bogolo jwa batho, bo le bogolo thata mo bo neng bo se ka ke jwa balwa, go tswa mo merafeng yotlhe le mo mafatshing le dipuo (diteme), bo eme fa pele ga setilo sa bogosi le fa pele ga Kwana, bo apere bosweu bo tshotse dikala tsa mokolane ka diatla.
10 et clamabant voce magna dicentes: Salus Deo nostro, qui sedet super thronum, et Agno.
Mme ba ne ba goa mo go boitshegang ba re, “Poloko e tswa mo Modimong wa rona o o ntseng mo setilong sa bogosi, le mo go Kwana.”
11 Et omnes Angeli stabant in circuitu throni, et seniorum, et quattuor animalium: et ceciderunt in conspectu throni in facies suas, et adoraverunt Deum,
Mme jaanong baengele botlhe ba bo ba dikaganyeditse setilo sa bogosi le bagolwane le ditshedi tse nne, ba digile difatlhogo fa pele ga setilo sa bogosi ba obamela Modimo.
12 dicentes, Amen. Benedictio, et claritas, et sapientia, et gratiarum actio, honor, et virtus, et fortitudo Deo nostro in saecula saeculorum, Amen. (aiōn )
Ba re, “Amen! Pako, le kgalalelo, le botlhale, le malebogo, le tlotlo, le nonofo, le thata di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng. Amen!” (aiōn )
13 Et respondit unus de senioribus, et dixit mihi: Hi, qui amicti sunt stolis albis, qui sunt? et unde venerunt?
Hong mongwe wa bagolwane ba ba masome a mabedi le bone a mpotsa a re, “A o itse gore ba ke bo mang ba ba apereng bosweu le gore ba tswa kae?”
14 Et dixi illi: Domine mi, tu scis. Et dixit mihi: Hi sunt, qui venerunt de tribulatione magna, et laverunt stolas suas, et dealbaverunt eas in sanguine Agni.
Ka re, “Nnyaa, Morena, tswee-tswee mpolelela.” A re, “Ba ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse ka madi a Kwana.
15 ideo sunt ante thronum Dei, et serviunt ei die ac nocte in templo eius: et qui sedet in throno, habitabit super illos:
Ke gone ka moo ba leng fano fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo, ba mo direla bosigo le motshegare mo tempeleng ya gagwe. Yo o ntseng mo setilong sa bogosi o tlaa ba sireletsa;
16 non esurient, neque sitient amplius, nec cadet super illos sol, neque ullus aestus:
ga ba kitla ba tlhola ba tshwarwa ke tlala gape, kgotsa lenyora, mme ba tlaa sirelediwa ka botlalo mo mogoteng o o fisang wa letsatsi.
17 quoniam Agnus, qui in medio throni est, reget illos, et deducet eos ad vitae fontes aquarum, et absterget Deus omnem lacrymam ab oculis eorum.
Gonne Kwana yo o emeng fa pele ga setilo sa bogosi o tlaa nna modisa wa bone a bo a ba etelela pele a ba isa kwa metsweding ya metse a Botshelo. Mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsa bone.”