< ڕۆما 15 >
بەڵام ئێمەی بەهێز لەسەرمانە بەرگەی کەموکوڕی لاوازان بگرین و خۆمان ڕازی نەکەین. | 1 |
Le fa re dumela gore ga go dire pha rologanyo epe mo Moreneng fa re dira dilo tse, le fa go ntse jalo ga re na go tswelela pele re dira re iitumedisa; gonne re tshwanetse go rwala “mokgweleo” wa go akanyetsa dipelaelo le dipoifo tsa ba bangwe, tsa ba ba bonang gore dilo tse ga di a siama. A re itumediseng yo mongwe, e seng rona, re bo re dire se se tshwanetseng tshiamo ya gagwe gore re mo age mo Moreneng.
با هەر یەک لە ئێمە نزیکەکەی بۆ چاکە ڕازی بکات لە پێناوی بنیادنان. | 2 |
تەنانەت مەسیحیش بیری لە خۆشیی خۆی نەکردەوە، بەڵکو وەک نووسراوە: [جنێوی ئەوانەی جنێوت پێدەدەن کەوتە سەر من.] | 3 |
Keresete ga a ise a ke a iitumedise. Jaaka Mopesalema a rile, “O tletse one maikaelelo a go bogisiwa ke matlhapa a ba ba kgatlhanong le Morena.”
چونکە هەرچی لەپێشدا نووسراوە، بۆ فێربوونی ئێمە نووسراوە، تاکو بە دانبەخۆداگرتن و هاندانی نووسراوە پیرۆزەکان هیوامان هەبێت. | 4 |
Dilo tse, tse di neng di kwadilwe mo Dikwalong bogologolo di tshwanetse go re ruta bopelo-telele le go re kgothatsa, gore re tle re tlhome mogopolo kwa pele re solofetse nako ya fa Modimo o tlaa bong o fenya sebe le loso.
با خودای دانبەخۆداگرتن و هاندان لەنێو خۆتان ڕێککەوتنی بیروڕاتان بداتێ بەگوێرەی بیری عیسای مەسیح، | 5 |
A Modimo o o nayang bopelotelele, boiketlo, le kgothatso o lo thuse gore lo tshedisanye ka kutlwano, mongwe le mongwe mo go yo mongwe ka mokgwa wa ga Keresete.
تاکو بە یەک دڵ و بە یەک دەنگ ستایشی خودا بکەن کە باوکی عیسای مەسیحی پەروەردگارمانە. | 6 |
Ke gone rotlhe re ka galaletsang Morena mmogo ka lentswe le le lengwe fela, re galaletsa Modimo, Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete.
بۆیە هەر وەک چۆن مەسیح پێشوازی لێکردین، ئێوەش بۆ شکۆمەندیی خودا، پێشوازی لە یەکتری بکەن. | 7 |
Jalo he, amogelanang ka boitumelo mo phuthegong, fela jaaka Keresete a lo amogetse ka boitumelo; ke gone Modimo o tlaa galalediwang.
من پێتان دەڵێم، مەسیح لەبەر ڕاستی خودا بوو بە خزمەتکاری جولەکەکان، تاکو ئەو بەڵێنانەی بۆ باوکانە بیانچەسپێنێت، | 8 |
Gakologelwang gore Jesu Keresete o tletse go supa gore Modimo o boammaaruri mo ditsholofe-tsong tsa one le go thusa Bajuta.
هەروەها تاکو نەتەوەکان ستایشی خودا بکەن لەبەر بەزەییەکەی، وەک نووسراوە: [لەبەر ئەوە لەنێو نەتەوەکاندا ستایشت دەکەم، گۆرانی ستایش بۆ ناوت دەڵێم.] | 9 |
Gape gakologe-lwang gore o tletse le gore Badichaba ba bolokwe mme ba galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya one mo go bone. Ke sone se Mopesalema a neng a se raya fa a kwala a re, “Ke tlaa go galaletsa mo go Badichaba, ke bo ke baka leina la gago.”
دیسان دەفەرموێ: [ئەی نەتەوەکان، لەگەڵ گەلی خودا دڵخۆش بن.] | 10 |
Mme o buile mo felong gongwe a re, “Itumeleng, lona Badichaba, mmogo le batho ba one Bajuta.”
هەروەها: [ئەی هەموو نەتەوەکان، ستایشی یەزدان بکەن! ئەی هەموو گەلان، ستایشی بکەن!] | 11 |
Mme gape a re, “Galaletsang Morena, lona Badichaba, a mongwe le mongwe a mo galaletse.”
دیسان ئیشایا دەڵێت: [ڕەگی یەسا دەردەکەوێت، ئەوەی بۆ فەرمانڕەوایەتی نەتەوەکان هەڵدەستێتەوە، ئومێدی نەتەوەکان بەو دەبێت.] | 12 |
Le moporofiti Isaia o rile, “go tlaa nna morua-boswa mo lotsong lwa ga Jesu, mme o tlaa nna Kgosi ya Badichaba; ba tlaa solofela mo go ene a le nosi.”
با خودای هیوا بە هەموو خۆشی و ئاشتییەک لە باوەڕدا پڕتان بکات، تاکو بە هێزی ڕۆحی پیرۆز سەرڕێژ بن لە هیوا. | 13 |
Jalo ke a lo rapelela Badichaba gore Modimo o o lo nayang tsholofelo o tle o lo itumedise o lo tlatse ka kagiso fa lo ntse lo dumela mo go one. Ke rapela gore Modimo o lo thuse gore lo tlale tsholofelo mo go one ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo mo go lona.
خوشک و براکانم، خۆم دڵنیام کە ئێوە پڕن لە چاکە، پڕن لە زانیاری، تواناتان هەیە ئامۆژگاری یەکتری بکەن. | 14 |
Ke itse gore lo botlhale ebile lo molemo, bagaetsho, le gore lo itse dilo tse sentle thata mo e leng gore lo kgona go ruta bangwe ka ga tsone.
بەڵام دەربارەی هەندێک خاڵ ئازایانەتر بۆم نووسیون، وەک بەیادهێنانەوەتان، لەبەر ئەو نیعمەتەی خودا پێیداوم، | 15 |
Mme fela jalo ke ntse ke na le bosena-poifo go gatelela mangwe a mabaka a, ke itse gore gotlhe mo lo go tlhokang ke yone kgakololo e, e e tswang mo go nna; gonne ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo ke morongwa wa botlhokwa go tswa mo go Jesu Keresete go ya kwa go lona Badichaba, ke lo leretse Mafoko a a Molemo ebile ke lo ntsha jaaka setlhabelo se se lebosegang mo Modimong; gonne lo ntlafaditswe lwa ba lwa dirwa go mo itumedisa ka Mowa O O Boitshepo.
تاکو ببمە خزمەتکاری عیسای مەسیح بۆ نەتەوەکان، وەک کاهین لە ئەرکی ڕاگەیاندنی مزگێنیی خودا، تاکو قوربانی نەتەوەکان پەسەندکراو بێت، بە ڕۆحی پیرۆز پیرۆزکراو بێت. | 16 |
لەبەر ئەوە بەهۆی عیسای مەسیحەوە شانازی دەکەم بەو کارانەی کە بۆ خودای دەکەم. | 17 |
Jalo go ntshiametse go ipelafatsa go le gonnye kaga se Keresete Jesu o se dirileng ka nna.
ناوێرم باسی شتێک بکەم جگە لەوەی مەسیح بۆ گوێڕایەڵبوونی نەتەوەکان بۆ خودا لە ڕێگەی منەوە ئەنجامی داوە، بە وتە و کردار، | 18 |
Ke na le poifo go bua sentle thata ka fa a dirisitseng ba bangwe ka teng, mme legale ke itse se fela; o ntirisitse go gapela Badichaba mo Modimong.
بە هێزی نیشانە و پەرجوو، بە هێزی ڕۆحی خودا. تەنانەت لە ئۆرشەلیم و دەوروپشتی تاکو ئیللیریکوم، بە تەواوی مزگێنیی مەسیحم ڕاگەیاند. | 19 |
Ke ba gapile ka molaetsa wa me le ka tsela e e molemo e ke neng ke itshotse mo go bone ka yone, le ka dikgakgamatso tse di dirilweng ka nna e le ditshupo tse di tswang kwa Modimong, tsotlhe fela e le ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo. Ka yone tsela e, ke rerile mafoko a a Molemo a a tletseng a ga Keresete mo tseleng yotlhe go tsweng kwa Jerusalema go fitlha kwa Ilirikama.
بۆیە ئامانجی بەرزم ئەوە بووە کە مزگێنی بدەمە ئەو شوێنەی کە ناوی مەسیحی تێدا نەهێنراوە، تاکو لەسەر بناغەی یەکێکی دیکە بنیاد نەنێم. | 20 |
Mme legale mo lobakeng lo lotlhe, maikaelelo a me e ntse e le go re ke fetele kwa pele, ke rere kwa leina la ga Keresete le iseng le ke le utlwale teng, go na le go rera kwa phuthego e setseng e simolotswe ke mongwe teng.
بەڵام وەک نووسراوە: [ئەوانەی باسی ئەویان بۆ نەکرابوو دەبینن، ئەوانەی نەیانبیستبوو تێدەگەن.] | 21 |
Ke ntse ke setse morago leano la ga Keresete le le buiwang mo dikwalong mo Isaia a reng, “Ba ba iseng ba ke ba bo ba utlwe kaga leina la ga Keresete pele ba tlaa bona ebile ba tlaa tlhaloganya.”
لەبەر ئەمەش بوو چەندین جار ڕێم لێ دەگیرا بێمە لاتان. | 22 |
Tota, leo ke lone lebaka le ke ntseng ke sa lo etele ka lone.
ئێستا لەم ناوچانە شوێن نەماوە ئیشی لێ بکەم و لەبەر ئەوەی کە ساڵانێکی زۆرە پەرۆشم بێمە لاتان، | 23 |
Mme legale jaanong ke feditse tiro ya me fano, ke setse ke siametse go tla jaanong morago ga dingwaga tse tsotlhe tsa tetelo.
دەمەوێ لە کاتی ڕۆیشتنم بۆ ئیسپانیا سەردانتان بکەم. هیوادارم بەلاتاندا تێپەڕم و بتانبینم، دوای ئەوەی چێژم لە بینینتان وەرگرت، ئەگەر بۆ ماوەیەکی کورتیش بێت، ئومێدەوارم بۆ ئەوێم بەڕێبکەن. | 24 |
Gonne ke ikaelela go ya kwa Sepaina, mme fa ke ya teng, ke tlaa ema mo Roma; mme fa re sena go nna mmogo ka lobakanyana ke gone lo ka ntetlelelang go tswelela pele le mosepele wa me.
بەڵام ئێستا دەچمە ئۆرشەلیم تاکو خزمەتی گەلی پیرۆزی خودا بکەم. | 25 |
Mme pele ga ke tla koo, ke tshwanetse go fologela kwa Jerusalema ke isa mpho kwa Bakereseteng ba teng ba Sejuta.
باوەڕدارانی مەکدۆنی و ئەخایا پێیان خۆش بوو هەندێک بەخشین بۆ هەژاران لەنێو گەلی پیرۆزی خودا لە ئۆرشەلیم کۆبکەنەوە. | 26 |
Gonne lo bona gore Bakeresete ba Masedonia le Akaia ba ntsheditse Bakeresete ba Jerusalema ba ba mo mathateng mpho.
ئەوان بە خۆشییەوە بڕیاریان دا، لە ڕاستیشدا ئەمە ئەرکێک بوو لەسەریان، چونکە باوەڕدارە جولەکەکان بەرەکەتی ڕۆحییان پێشکەش بە ناجولەکەکان کردبوو. لەبەر ئەوە ئەرکی باوەڕدارە ناجولەکەکانە کە بە شتە ماددییەکان یارمەتی باوەڕدارە جولەکەکان بدەن. | 27 |
Ba ne ba itumela thata go dira jaana, gonne ba ne ba ikutlwa gore ba kolota Bakeresete ba Jerusalema. Ka go reng? Gonne dikgang kaga Keresete di tsile kwa go bone di tswa kwa phuthegong e e mo Jerusalema. Mme ka ba amogetse neo e ntle e ya semowa ya Mafoko a a Molemo mo go bone, ba bona gore bonnyennyane jo le bone ba ka bo ba direlang ke go ba fa thuso ya tse di tlhokwang ke nama.
بۆیە، کاتێک ئەمەم تەواو کرد و ئەم بەرهەمەم بۆ مۆرکردن، لەسەر ڕێگام بۆ ئیسپانیا، سەردانتان دەکەم. | 28 |
E tlaa re fela ke sena go gorosa madi a, le go fetsa tiro e ya bone e e molemo, ke tlaa tla go lo bona ke le mo tseleng ya me ya go ya Sepaina.
دەزانم کە بێمە لاتان، بە پڕیی بەرەکەتی مەسیحەوە دێم. | 29 |
Mme ke tlhomamisa gore e tlaa re fa ke tla, ke lo tlele lesego le legolo le le tswang mo Moreneng.
ئێستاش ئەی خوشک و برایان لێتان دەپاڕێمەوە، لەبەر عیسای مەسیحی خاوەن شکۆ و بە خۆشەویستی ڕۆحی پیرۆز، لەگەڵم تێبکۆشن لە نوێژەکان بۆ خودا لە پێناوی من، | 30 |
A lo tlaa nna barapedi mmogo le nna? Ka ntlha ya Morena Jesu Keresete, le ka ntlha ya ka fa lo nang le lorato mo go nna ka teng, lo lo lo neetsweng ke Mowa O O Boitshepo, nthapedisang thata mo tirong ya me.
تاکو لەدەست بێباوەڕانی یەهودیا ڕزگاربم، هەروەها تاکو خزمەتەکەم بۆ ئۆرشەلیم لەلای گەلی پیرۆزی خودا پەسەندکراو بێت، | 31 |
Rapelelang gore ke sirelediwe mo Jerusalema mo go ba e seng Bakeresete. Rapelelang gape gore Bakeresete ba teng ba itumelele go amogela madi a ke a isang kwa go bone.
بۆ ئەوەی بە خواستی خودا بە دڵشادییەوە بێمە لاتان و لەگەڵتان پشوو بدەم. | 32 |
Mme ke tlaa kgona go tla kwa go lona ka pelo e e itumetseng ka go rata ga Modimo, mme ke gone re tlaa ikhutsang mmogo.
خودای ئاشتی لەگەڵ هەمووتان بێت. ئامین. | 33 |
Mme ke gone a Modimo wa rona, o o re nayang kagiso, o nne le lona lotlhe. Amen.