< یۆحەنا 16 >
«ئەم شتانەم پێ گوتن، تاکو بێ ئومێد نەبن. | 1 |
“Ke lo boleletse dilo tse gore lo seka lwa etsaetsega (ka ga dilo tse di kwa pele).
لە کەنیشتەکان دەردەکرێن، لەڕاستیدا کاتێک دێت ئەوەی دەتانکوژێت وا دەزانێت خزمەتی خودا دەکات. | 2 |
Gonne lo tlaa kgaolwa mo matlung a thuto, mme tota lobaka lo, e tla nna lo ka lone babolai ba lona ba tlaa gopolang gore ba dira tiro ya Modimo.
ئەمانەش دەکەن، چونکە نە باوکیان ناسیوە و نە من. | 3 |
Se ke ka ntlha ya gore ga go nako epe e ba kileng ba itse Rara le fa e le nna.
بەڵام ئەمانەم پێ گوتن، تاکو ئەگەر کاتیان هات بیرتان بکەوێتەوە کە من پێم گوتوون. لە سەرەتادا ئەمانەم پێ نەگوتن، چونکە لەگەڵتان بووم. | 4 |
Ee, ke lo bolelela dilo tse gompieno gore e tle e re di diragala lo tlo lo gakologelwe gore ke lo tlhagisitse. Ga ke ise ke ko ke lo bolelele le fa e le sepe gonne ke ne ke tsile go nna le lona ka lobaka lo lo leejana.
«ئێستا دەچمە لای ئەوەی ناردوومی و کەستان لێم ناپرسێت:”بۆ کوێ دەچیت؟“ | 5 |
“Mme jaanong ke a tsamaya ke boela kwa go yo o nthomileng; mme go bonala fa e le gore ga go na ope wa lona yo o nang le kgatlhego mo lebakeng la go tsamaya ga me; le fa e le ope ga a hakgamale.
کەچی دڵگرانن بەوەی کە ئەمەم پێ گوتن. | 6 |
Mo boemong jwa go dira jalo lo tletse bohutsana fela.
بەڵام ڕاستیتان پێ دەڵێم: باشترە بۆتان کە بڕۆم، چونکە ئەگەر نەڕۆم، یارمەتیدەرەکەتان بۆ نایەت. بەڵام ئەگەر بڕۆم بۆتانی دەنێرم. | 7 |
Mme boammaaruri ke gore, go lo solegela molemo fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a na go tla. Fa ke tsamaya, o tlaa tla, gonne ke tlaa mo romela kwa go lona.
کاتێک ئەو دێت، دەیسەلمێنێت کە جیهان بە هەڵە تێگەیشتوون لە گوناه و ڕاستودروستی و حوکمدان: | 8 |
“Mme fa a sena go tla, o tlaa senolela lefatshe boleo jwa lone, le gore tshiamo ya Modimo e teng, le kgololo mo katlholong.
لەسەر گوناه، چونکە باوەڕم پێ ناهێنن؛ | 9 |
Boleo jwa lefatshe ke go sa dumeleng mo go Nna;
لەسەر ڕاستودروستی، چونکە دەچمە لای باوک و ئیتر نامبینن؛ | 10 |
mme tshiamo e teng gonne ke ya kwa go Rara mme ga lo na go tlhola lo mpona gape;
لەسەر حوکمدانیش، چونکە گەورەی ئەم جیهانە حوکم دراوە. | 11 |
go na le go gololwa mo katlholong gonne kgosana ya lefatshe leno e setse e bile e atlhotswe.
«هێشتا شتی زۆرم هەیە پێتانی بڵێم، بەڵام ئێستا ناتوانن بەرگەی بگرن. | 12 |
“Oo, go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse ke batlang go di lo bolelela, mme ga lo ka ke lwa di tlhaloganya jaanong jaana.
بەڵام کاتێک ئەو دێت، کە ڕۆحی ڕاستییە، ئەو بۆ ڕاستی تەواو ڕێنماییتان دەکات، چونکە لە خۆیەوە هیچ ناڵێت، بەڵکو ئەوەی گوێی لێ دەبێت دەیڵێت و ڕایدەگەیەنێت چی ڕوودەدات. | 13 |
Fa Mowa O O Boitshepo, o e leng boammaaruri, o tla, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe, mme o tlaa bo o sa bue mafoko a one; mme o tlaa bo o lo bolelela se o se utlwileng. O tlaa lo bolelela kaga dilo tse di tlaa tlang.
ئەو شکۆدارم دەکات، چونکە ئەوەتان پێ ڕادەگەیەنێت کە لە منەوە وەریدەگرێت. | 14 |
O tlaa nkgalaletsa a bo a nteretse tlotlo e kgolo ka go lo bontsha kgalalelo ya me.
هەموو ئەوەی کە هی باوکە، هی منیشە. لەبەر ئەوە گوتم، ڕۆحی پیرۆز لە هی من وەردەگرێت و پێتانی ڕادەگەیەنێت. | 15 |
Kgalalelo yotlhe ya ga Rara ke ya me; ke sone se ke se rayang fa ke re o tlaa lo supegetsa kgalalelo ya me.
«پاش کەمێک نامبینن، ئینجا پاش کەمێک دیسان دەمبینن.» | 16 |
E tlaa re fela mo lobakanyaneng morago ga moo, lo tlaa mpona gape!”
هەندێک لە قوتابییەکانی بە یەکتریان گوت: «ئەمە چییە کە پێمان دەفەرموێ:”پاش کەمێک ئیتر نامبینن، پاش کەمێکیش دەمبینن“و”چونکە دەچمە لای باوک“؟» | 17 |
Mme bangwe ba barutwa ba gagwe ba re, “A reng? Ke eng se a se rayang fa a re ke ya kwa go Rara? Rona ga re tlhaloganye se a se rayang.”
گوتیان: «ئەم”کەم“ـەیە چییە کە باسی دەکات؟ نازانین چی دەفەرموێ!» | 18 |
عیسا زانی کە دەیانویست پرسیاری لێ بکەن، بۆیە پێی فەرموون: «ئایا لەبەر ئەمە پرسیار لە یەکتری دەکەن کە گوتم:”پاش کەمێک ئیتر نامبینن، پاش کەمێکیش دەمبینن“؟ | 19 |
Jesu a lemoga gore ba batla go mmotsa, mme a ba botsa a re, “A lo ipotsa se ke se rayang?
ڕاستی ڕاستیتان پێ دەڵێم: ئێوە دەگریێن و شیوەن دەکەن، بەڵام جیهان دڵشاد دەبێ. خەمبار دەبن، بەڵام خەمباریەکەتان دەبێتە شادی. | 20 |
Lefatshe le tlaa itumela thata kaga se se tsileng go ntiragalela, mme lona lo tlaa lela. Mme e tlaa re ka bonako selelo sa lona se fetoge boitumelo jo bogolo (fa lo mpona gape).
کاتێک ژن منداڵی دەبێت خەم دایدەگرێت، چونکە کاتی هاتووە. بەڵام کە منداڵەکەی بوو، لە خۆشی ئەوەی مرۆڤێک لە جیهان لەدایک بووە، ژانەکانی لەبیر دەکات. | 21 |
E tlaa bo e le boitumelo jo bo tshwanang le jwa mosadi a le mo ditlhabing fa a tshola ngwana wa gagwe, hong ditlhabi tse di lebalwe gotlhelele.
ئێوەش ئێستا خەمتان هەیە، بەڵام دەتانبینمەوە و دڵشاد دەبن، کەسیش ئەو خۆشییەتان لێ ناستێنێ. | 22 |
Gompieno jaana lo futsafetse, mme ke tlaa lo bona gape, mme lo tlaa itumela, mme ga gona ope yo o ka lo tseelang boitumelo joo.
لەو ڕۆژەدا پرسیاری هیچم لێ ناکەن. ڕاستی ڕاستیتان پێ دەڵێم: هەرچییەک بە ناوی منەوە لە باوک داوا بکەن دەتانداتێ. | 23 |
Ka nako eo ga lo na go tlhokana le go nkopa sepe, gonne lo tlaa bo lo ka tlhamalalela kwa go Rara go mo kopa, mme o tlaa lo naya se lo tlaa bong lo se kopa gonne lo tlaa bo lo dirisa leina la me.
هەتا ئێستا بە ناوی منەوە هیچتان داوا نەکردووە. داوا بکەن وەریدەگرن، تاکو خۆشییەکەتان کامڵ و تەواو بێت. | 24 |
Ga lo ise lo ke lo leke go dira jaana pele, (mme simololang gompieno). Kopang, lo dirisa leina la me. Mme lo tlaa amogela, mme senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa.
«ئەم شتانەم بە پەند بۆ باسکردن، بەڵام کاتێک دێت ئیتر بە پەند بۆتان نادوێم، بەڵکو بە ئاشکرا باسی باوکتان بۆ دەکەم. | 25 |
Ke buile kaga dilo tse ke itisitse mo puong, mme nako e tlaa tla fa go itisa mo puong go tlaa bo go sa tlhokege mme ke tlaa lo bolelela sentle thata gotlhe ka ga Rara.
لەو ڕۆژەدا بە ناوی منەوە داوا دەکەن. ئیتر پێتان ناڵێم لەلای باوک بۆتان داوا دەکەم، | 26 |
Mme lo tlaa lere dikopo tsa lona ka leina la me! Mme ga nkitla ke tlhoka go kopa Rara go lo naya dikarabo tsa dikopo tse,
چونکە باوک خۆی ئێوەی خۆشدەوێت، لەبەر ئەوەی منتان خۆشویستووە و باوەڕتان کرد کە لە لای خوداوە هاتووم. | 27 |
gonne Rara ene o lo rata fela thata ka gore lo a nthata ebile lo dumela gore ke tsile ke tswa kwa go Ene.
لە لای باوکەوە هاتووم بۆ جیهان، ئێستاش جیهان بەجێدەهێڵم و دەگەڕێمەوە لای باوک.» | 28 |
Ee, ke tsile ke tswa kwa go Rara fa ke tla mo lefatsheng, mme ke tlaa tswa mo lefatsheng ke boela kwa go Rara.”
قوتابییەکانی گوتیان: «وا ئێستا بە ڕوونی و بەبێ پەند قسە دەکەیت. | 29 |
Mme barutwa ba gagwe ba re, “Jaanong o bua sentle thata, eseng ka diane.
ئێستا دڵنیاین کە تۆ هەموو شتێک دەزانیت و پێویستت بەوە نییە کەس پرسیارت لێ بکات. بەمەش باوەڕ دەکەین کە لە خوداوە هاتوویت.» | 30 |
Jaanong re tlhaloganya gore o itse sengwe le sengwe ebile ga o tlhoke ope go go bolelela sepe. Jaanong ka ntlha ya one mabaka a, re dumela gore o tsile o tswa kwa Modimong.”
عیساش وەڵامی دانەوە: «ئایا ئێستا باوەڕ دەکەن؟ | 31 |
Mme Jesu a ba raya a re, “A jaanong lo dumela se ke se buang?
وا کاتێک دێت و ئێستاش هاتووە، کە پەرتەوازە دەبن، هەریەکە بۆ ماڵی خۆی و بە تەنها بەجێم دەهێڵن. بەڵام من بە تەنها نیم، چونکە باوک لەگەڵمدایە. | 32 |
Mme lobaka lo e tla, le gone tota lo setse lo fitlhile, fa lo tlaa phatlalala, mongwe le mongwe a boela kwa legaeng la gagwe, a ntlogela ke le nosi. Le fa go ntse jalo ke tlaa bo ke se nosi, gonne Rara o na le nna.
«ئەمانەم پێ گوتن تاکو ئاشتیتان لە مندا هەبێت. لە جیهاندا تووشی تەنگانە دەبن. بەڵام ورەتان بەرز بێت، من جیهانم بەزاندووە.» | 33 |
Ke lo boleletse mo gotlhe gore lo tle lo nne le kagiso mo mogopolong le mo pelong. Lo tlaa nna le meleko e mentsi le dikutlobotlhoko fano mo lefatsheng; mme lo itumele thata, gonne ke fentse lefatshe.”