< کردار 2 >

کە ڕۆژی پەنجایەمین هات، هەموو باوەڕداران پێکەوە لە یەک شوێندا بوون، 1
Mme erile go setse go fetile dibeke di supa, morago ga loso le tsogo ya ga Jesu, ga fitlha letsatsi la Pentekosete. Ya re ka letsatsi leo badumedi ba phuthega,
لەناکاو دەنگێک لە ئاسمانەوە وەک ڕەشەبا هات، ئەو ماڵەی پڕکرد کە تێیدا دانیشتبوون. 2
ka tshoganetso ga utlwala mosumo o ka re wa sefefo se segolo kwa loaping kwa godimo ga bone, mme wa tlala ka ntlo e ba neng ba phuthegetse mo go yone.
ئینجا چەند زمانێکی دابەشبوو وەک ئاگر بۆیان دەرکەوت و لەسەر هەریەکەیان نیشتەوە. 3
Hong, ga bonala kwa go bone sengwe ekete dikgabo kgotsa diteme tsa molelo mme tsa nna mo ditlhogong tsa bone.
جا هەموویان پڕبوون لە ڕۆحی پیرۆز و دەستیان پێکرد بە زمانەکانی دیکە بدوێن، وەک ڕۆح پێی بەخشین. 4
Mme botlhe ba ba neng ba le teng ba tladiwa ka Mowa O O Boitshepo, mme ba simolola go bua ka dipuo tse ba sa di itseng, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa ba naya nonofo e.
لەو کاتەدا جولەکەی لەخواترسی هەموو نەتەوەکانی ژێر ئاسمان لە ئۆرشەلیم مابوونەوە. 5
Mme ga bo go le Bajuta ba le bantsi ba ba boifang Modimo mo Jerusalema ka letsatsi leo mo moketeng wa tumelo, ba tswa mo dichabeng tse dintsi.
کاتێک دەنگەکە هات، خەڵک کۆبوونەوە و بووە پەشێوی، چونکە هەریەکەیان گوێی لە زمانی خۆی دەبوو پێی دەدوان. 6
Mme ya re ba utlwa mosumo mo loaping kwa godimo, bontsintsi jwa batho jwa tla bo tabogile go tla go bona gore go diragala eng. Mme ba gamarega fa ba utlwa barutwa ba bua ka dipuo tsa bone.
حەپەسابوون و بە سەرسامییەوە گوتیان: «باشە هەموو ئەوانەی قسە دەکەن جەلیلی نین؟ 7
Ba bua ka kgakgamalo ba re, “Mo go ka diragala jang? Gonne banna ba botlhe ke ba ba tswang kwa Galalea?
ئەی چۆن هەریەکەمان گوێی لە زمانی دایکیی خۆی دەبێت؟ 8
Mme re utlwa ba bua ka diteme tsotlhe tsa mafatshe a re tsaletsweng mo go one!
ئێمەی خەڵکی پەرتیا و میدیا و ئیلامی، دانیشتووانی میسۆپۆتامیا، یەهودیا و کەپەدۆکیا، پۆنتۆس و ئاسیا، 9
Fano re le Baparathaia, le Bameda, Baelama, le batho ba ba tswang kwa Mesopotamia, le kwa Judea, le Kapodokia le Ponto le kwa Asia.
فریجیا و پامفیلیا، میسر و ناوچەکانی لیبیای ڕووەو کورێن، هەروەها میوانەکانی ڕۆما، 10
Le kwa Feregia le Pamfilea le Egepeto le puo ya dikgaolo tsa Kurene ntlheng ya Libia, le baeng ba ba tswang kwa Roma, e le Bajuta le ba ba sokologetseng kwa Sejuteng.
جولەکە و ئەوانەشی ببوون بە جولەکە، کریتی و عەرەب، ئەوەتا گوێمان لێیانە بە زمانی خۆمان باسی کردارە مەزنەکانی خودا دەکەن.» 11
Le Bakereta, le Baarabia. Mme rotlhe fela re utlwa banna ba ba bua dikgakgamatso tse dikgolo tsa Modimo ka puo ya ga rona!”
هەموو سەرسام و حەپەسا بوون، بە یەکتریان دەگوت: «دەبێ ئەمە واتای چی بێت؟» 12
Mme ba ema foo ba hakgametse thata ebile ba gamaregile. Mme ba botsana ba re, “Tota mo go ka ne go raya eng?”
هەندێکی دیکە بە گاڵتە پێکردنەوە دەیانگوت: «شەرابی نوێیان زۆر خواردووەتەوە.» 13
Mme bangwe le fa go ntse jalo ba ne ba ba sotla, ba re “Batho ba ba tagilwe fela ba!”
پەترۆس لەگەڵ یازدە نێردراوەکەی دیکەی عیسا ڕاوەستا، بە دەنگی بەرز بە خەڵکی ڕاگەیاند: «ئەی پیاوانی جولەکە و هەموو ئەوانەی لە ئۆرشەلیم دانیشتوون، با ئەمە لەلاتان زانراو بێت و گوێ لە قسەکانم بگرن، 14
Mme Petere a ema fa pele le barutwa ba bangwe ba le lesome le motso, mme a goeleletsa kwa bontsintsing jwa batho a re, “Lona lotlhe reetsang, baeng le lona baagi ba Jerusalema ka mokgwa o o tshwanang!
چونکە وەک بیردەکەنەوە ئەمانە سەرخۆش نین، لەبەر ئەوەی هێشتا کاتژمێر نۆی بەیانییە! 15
Bangwe ba lona ba re batho ba ba tlhapetswe! Ga se boammaaruri! Go sa le mo mosong thata mo go se se ntseng jalo! Batho ga ba tlhapelwe ka nako ya bofera o le mongwe mo mosong!
بەڵکو لە ڕێگەی پێغەمبەر یۆئێلەوە گوتراوە: 16
Nnyaa Se lo se bonang mo mosong ono se ne sa porofeswa mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fitileng ke moporofiti Joele, o rile
«[خودا دەفەرموێ، لە ڕۆژانی کۆتاییدا ڕۆحم بەسەر هەموو خەڵکدا دەڕێژم. کوڕان و کچانتان پەیامی خودا ڕادەگەیەنن، گەنجانتان بینینیان بۆ ئاشکرا دەکرێت، پیرەمێردەکانتان خەون دەبینن. 17
‘E tlaa re mo malatsing a bofelo ke goromeletse Mowa wa me O O Boitshepo mo bathong botlhe, bomorwaalona le bomorwadia lona ba tlaa porofesa. Makau a lona a tlaa bona diponatshegelo, le banna ba tlaa lora ditoro.
تەنانەت بەسەر بەندە و کەنیزەکانیشم، لەو ڕۆژانەدا ڕۆحی خۆم دەبارێنم و ئەوانیش پەیامی خودا ڕادەگەیەنن. 18
Ee, Mowa O O Boitshepo o tlaa goromediwa le mo batlhankeng ba me botlhe banna le basadi ka mokgwa o o tshwanang, mme ba tlaa porofesa.
لە سەرەوە لە ئاسمان پەرجوو و لە خوارەوە لەسەر زەوی نیشانە دەکەم: خوێن و ئاگر و ستوونی دووکەڵ. 19
Mme ke tlaa dira ditshupo tse di sa tlwaelesegang mo Magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo le maru a a looto la mosi;
خۆر دەبێتە تاریکی و مانگیش دەبێتە خوێن، بەر لەوەی ڕۆژی گەورە و شکۆداری یەزدان بێت. 20
letsatsi le tlaa fifala le kgwedi e tlaa nna khibidu jaaka madi pele ga Letsatsi leo le le boitshegang la Morena le tla.
جا هەرکەسێک بە ناوی یەزدانەوە بپاڕێتەوە، ڕزگاری دەبێت.] 21
Mme le fa e le mang yo o kopang kutlwelo-botlhoko mo Modimong o tlaa e newa, matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!’
«پیاوانی ئیسرائیل، گوێ لەم قسانە بگرن: عیسای ناسیرەیی پیاوێکە بۆتان سەلمێنرا، بە پەرجوو و کاری مەزن و نیشانە لەلایەن خوداوە لایەنگری کراوە، کە خودا لە ڕێگەی ئەوەوە لەنێوتان ئەنجامی دا، وەک خۆتان دەزانن. 22
“Lona banna ba Iseraele, reetsang, “Modimo o ne wa supela Jesu wa Monasara ka go dira dikgakgamatso tse di kgolo ka ene fela jaaka lo itse sentle.
ئەم بەگوێرەی خواستی بڕیارلەسەردراو و زانینی پێشووی خودا داتانە دەست، بە دەستی گوناهباران لە خاچتان دا و کوشتتان. 23
Mme Modimo o setse morago leano la one le o saleng o le dira bogologolo, a lo letla gore lo dirise puso ya Roma gore lo mmapole mo mokgorong lo mmolaye.
بەڵام خودا هەڵیستاندەوە و لە ئازاری مردن ئازادی کرد، لەبەر ئەوەی نەدەکرا لە چنگیدا بمێنێتەوە. 24
Mme Modimo wa mo golola mo losong lo lo boitshegang wa mo tsosa mo baswing, gonne loso lo ne lo sena thata ya go mo tshegetsa mo taolong ya lone.
سەبارەت بە ئەو داود گوتوویەتی: «[هەمیشە یەزدانم لەبەردەمم دەبینی، لەبەر ئەوەی لەلای دەستەڕاستمەوەیە، ناهەژێم. 25
“Kgosi Dafide o kile a ama mafoko a a builweng ke Jesu fa a re, ‘Ke itse gore Morena o na le nna ka malatsi otlhe o a nthusa, nonofo e kgolo ya Modimo e a ntshireletsa.
بۆیە دڵشادم و زارم خۆشی دەردەبڕێت، تەنانەت جەستەم لە هیوادا نیشتەجێ دەبێت، 26
“Mme ga go hakgamatse fa pelo ya me e tletse boitumelo le loleme lo goeletsa dipako tsa gagwe, gonne ke a itse gore dilo tsotlhe di tlaa ntshiamela mo losong.
چونکە تۆ گیانم لە جیهانی مردوواندا بەجێناهێڵیت، هەروەها ڕێگا نادەیت دڵسۆزەکەی تۆ لەناو گۆڕ بۆگەن بێت. (Hadēs g86) 27
“Gonne ga o kitla o tlogela mowa wa me mo bobipong le fa e le go letla mmele wa ga Morwao yo o Boitshepo go bola. (Hadēs g86)
ڕێگاکانی ژیانت پێ ناساندم، تێربوون لە شادی لە ئامادەبوونتدایە.] 28
“Mme o tlaa mpusetsa botshelo jwa me, o mphe le boitumelo jo bo hakgamatsang fa pele ga gago.’
«برایان، با بە ڕاشکاوی پێتان بڵێم کە داودی باوکمان مرد و نێژرا، گۆڕەکەشی تاکو ئەمڕۆ لەلامانە. 29
“Bakaulengwe ba ba rategang, gakologelwang gore Dafide o ne a sa ithee fa a bua mafoko a ke setseng ke tswa go a ama, gonne o ne a swa, a ba a fitlhwa, le lebitla la gagwe le sa ntse le le teng le gompieno.
ئەویش کە پێغەمبەر بوو، دەیزانی خودا سوێندی خواردووە و بەڵێنی پێداوە کە لە بەری پشتی ئەو لەسەر تەختەکەی دادەنیشێت. 30
Mme e ne e le moporofiti, gape a itse gore Modimo o sale o solofetsa ka maikano a a sa senyegeng gore mongwe wa losika lwa ga Dafide (o tlaa nna Mesia) a nne mo setilong sa bogosi sa ga Dafide.
پێشبینیی کرد و باسی هەستانەوەی مەسیحەکەی کرد، کە نە لە جیهانی مردوواندا بەجێهێڵرا و نە جەستەشی بۆگەن بوو. (Hadēs g86) 31
Dafide o ne a lebela dilo pele, gape a porofeta tsogo ya ga Mesia mo baswing, a re Mowa wa ga Mesia ga o kitla o tlogelwa mo bobipong le mmele wa gagwe ga o na go bola. (Hadēs g86)
ئەم عیسایە خودا هەڵیستاندەوە، ئێمەش هەموومان شایەتین بۆی. 32
O ne a bua kaga Jesu, mme rotlhe, re basupi ba gore Jesu o tsogile mo baswing.
ئینجا بۆ لای دەستەڕاستی خودا بەرزکرایەوە کە بەڵێنی ڕۆحی پیرۆزی لە باوکەوە وەرگرت، ئەمەی ڕژاند کە ئێوە دەیبینن و دەیبیستن. 33
“Mme jaanong o ntse mo setilong sa bogosi sa tlotlo e kgolo thata kwa legodimong, go bapa le Modimo, mme fela jaaka go solofeditswe, Rara o mo neile taolo ya go romela Mowa O O Boitshepo, ka ditshupo tse lo di bonang le tse lo di utlwang gompieno.
داود بۆ ئاسمان بەرز نەکرایەوە، بەڵکو خۆی دەڵێت: «[یەزدان بە خاوەن شکۆی منی فەرموو:”لە دەستەڕاستم دابنیشە 34
[Nnyaa, Dafide o ne a sa ithee ka bo ene ka mafoko agagwe a ke sa tswang go a umaka gonne ga a ise a ke a tlhatlhogele kwa magodimong.] Mo godimo ga moo, o buile gape a re, ‘Modimo o buile le Morena wa me, Mesia, wa re, “Nna fano ka tlotlego go bapa le Nna,
هەتا دوژمنانت دەکەمە تەختەپێ بۆ پێیەکانت.“] 35
go fitlhelela ke tlisa baba ba gago” mo boineelong jo bo feletseng.’
«بۆیە با هەموو ماڵی ئیسرائیل بە دڵنیاییەوە بزانن کە ئەم عیسایەی ئێوە لە خاچتان دا، خودا کردی بە مەسیحی خاوەن شکۆ.» 36
Mme ke gone ka moo ke buang phatlalatsa le mongwe le mongwe mo Iseraele gore Modimo o dirile ene Jesu yo, yo lo mmapotseng go nna Morena le Mesia.”
کاتێک ئامادەبووان گوێیان لەم قسانە بوو، کاری کردە سەر دڵیان، بە پەترۆس و نێردراوانی دیکەیان گوت: «برایان، چی بکەین؟» 37
Mme mafoko a a ga Petere a ba ama thata; mme ba mo raya le baaposetoloi ba bangwe ba re, “Bakaulengwe re tshwanetse go dira eng?”
پەترۆس وەڵامی دانەوە: «تۆبە بکەن، با هەریەکەتان بە ناوی عیسای مەسیحەوە لە ئاو هەڵبکێشرێت بۆ لێخۆشبوونی گوناهەکانتان و ڕۆحی پیرۆز بە دیاری وەردەگرن. 38
Mme Petere a fetola a re, “Sokologang mo dibeng, lo boele mo Modimong, lo bo lo kolobediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona mo leineng la ga Jesu Keresete; mme ke gone le lona lo tlaa amogelang neo e ya Mowa o o Boitshepo.
ئەم بەڵێنەش بۆ خۆتان و منداڵەکانتان و بۆ هەموو ئەوانەیە کە دوورن و یەزدانی پەروەردگارمان بانگیان دەکات.» 39
Gonne Keresete o e solofeditse mongwe le mongwe wa lona yo o biditsweng ke Morena Modimo wa rona, le bana ba lona le ba ba kwa mafelong a a kgakala!”
بە زۆر قسەی دیکەش ئاگاداری کردنەوە و لێیان پاڕایەوە: «خۆتان لەم نەوە لار و چەوتە ڕزگار بکەن.» 40
Mme Petere a rera thero e telele a bolela ka ga Jesu, a gatelela ka go kopa bareetsi ba gagwe botlhe fela go ipoloka mo boleong jwa chaba ya ga bone.
ئەوانەی کە قسەکەیان وەرگرت لە ئاو هەڵکێشران، لەو ڕۆژەدا نزیکەی سێ هەزار کەس هاتنە ڕیزی باوەڕدارانەوە. 41
Mme ba ba neng ba dumela thero ya ga Petere ba ne ba kolobediwa, e ne e ka nna batho ba le dikete tse tharo!
ئیتر ئەوان پەیوەستبوون لەسەر فێرکردنی نێردراوان و هاوبەشییەتی، لەتکردنی نان و نوێژکردن. 42
Mme ba kopanela ditirelo tsa malatsi otlhe le badumedi ba bangwe, mo dithutong le mo selalelong sa Morena le mo dikopanong tsa merapelo.
هەموو لە ناخەوە سام دایگرتبوون، چونکە زۆر پەرجوو و نیشانە لەسەر دەستی نێردراوان کران. 43
Mme poifo e kgolo e ne e le mo go bone botlhe, foo baaposetoloi ba dira dikgakgamatso tse dintsi.
باوەڕداران هەموو پێکەوە بوون و لە هەرچی هەیانبوو هاوبەش بوون. 44
Mme badumedi botlhe ba ne ba kopana ka nako tsotlhe ba abalana dilo tsotlhe tse ba nang natso,
ماڵوموڵکی خۆیان دەفرۆشت و بەگوێرەی پێویستی هەریەکەیان دابەشیان دەکرد. 45
ba rekisa dithoto tsa bone ba di abela ba ba tlhokang.
ڕۆژانە بە یەک دڵ بەردەوام لە حەوشەکانی پەرستگا دەبوون، لە ماڵەکاندا نانیان لەتدەکرد، بە خۆشی و دڵپاکییەوە پێکەوە نانیان دەخوارد، 46
Ba ne ba obama mmogo ka nako tsotlhe mo Tempeleng, ba kgobokana ka ditlhophanyana mo malwapeng, ba a ja Selalelo sa Morena, gape ba tlhakanela le tsone dijo tsa bone ka boitumelo le ka tebogo e kgolo,
ستایشی خودایان دەکرد و لەلای هەموو خەڵک پەسەند بوون. مەسیحی خاوەن شکۆش ڕۆژانە ئەوانەی دەهێنایە پاڵیان کە ڕزگاریان دەبوو. 47
ba baka Modimo. Ba be ba ratwa ke batho botlhe ba motse, mme Modimo wa ba okeletsa malatsi otlhe ka ba ba bolokwang.

< کردار 2 >