< 디도서 2 >

1 오직 너는 바른 교훈에 합한 것을 말하여
Mme wena, buelela go tshela mo go tshwanetseng, mo go tsamaelanang le Bokeresete jwa boammaaruri.
2 늙은 남자로는 절제하며 경건하며 근신하며 믿음과 사랑과 인내함에 온전케 하고
Ruta banna bagolo go tlhwafalela go nna boikgapo, ba tshwanetse go nna le ditlhaloganyo, ba itse, ba bile ba dumela boammaaruri, ba dira sengwe le sengwe ka lorato le bopelotelele.
3 늙은 여자로는 이와 같이 행실이 거룩하며 참소치 말며 많은 술의 종이 되지 말며 선한 것을 가르치는 자들이 되고
Ruta basadi bagolo go nna maitseo le masisi mo go sengwe le sengwe se ba se dirang. Ba se ka ba tsamaya tsamaya ba bua bosula kaga ba bangwe le gone ba se ka ba nna matagwa, mme ba tshwanetse go nna baruti ba tshiamo.
4 저들로 젊은 여자들을 교훈하되 그 남편과 자녀를 사랑하며
Basadi bagolo ba ba tshwanetse go ruta basadi ba meroba go tshela ka tshisibalo mo mekgweng ya bone, go rata banna ba bone le bana ba bone,
5 근신하며 순전하며 집안 일을 하며 선하며 자기 남편에게 복종하게 하라 이는 하나님의 말씀이 훼방을 받지 않게 하려 함이니라
le go nna le ditlhaloganyo le megopolo e e itshekileng, ba nna mo malwapeng a bone, ba le pelonomi ebile ba ikobela banna ba bone, gore tumelo ya Sekeresete e se ka ya tlhapadiwa ke ba ba ba itseng.
6 너는 이와 같이 젊은 남자들을 권면하여 근신하게 하되
Fela jalo, kgothatsa makau go itshola sentle ka kelotlhoko, ba tsaya botshelo e le selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go somarelwa.
7 범사에 네 자신으로 선한 일의 본을 보여 교훈의 부패치 아니함과 경건함과
Mme wena ka bowena, o tshwanetse go nna sekao mo go bone ka ditiro tse di molemo tsa mofuta mongwe le mongwe. A sengwe le sengwe se o se dirang se supe lorato lwa gago gore o tlhwaafetse.
8 책망할 것이 없는 바른 말을 하게 하라 이는 대적하는 자로 하여금 부끄러워 우리를 악하다 할 것이 없게 하려 함이라
Dikgang tsa gago di tshwanetse go nna botlhale le botsipa gore le fa e le mang yo o batlang go nganga nao a itlhabelwe ke ditlhong gonne go tlaa bo go sena sepe se a ka nyatsang puo ya gago ka sone!
9 종들로는 자기 상전들에게 범사에 순종하여 기쁘게 하고 거스려 말하지 말며
Kgothatsa batlhanka go ikobela beng ba bone le go leka bojotlhe jwa bone go ba itumedisa. Ba se ka ba fetolana nabo,
10 떼어 먹지 말고 오직 선한 충성을 다하게 하라 이는 범사에 우리 구주 하나님의 교훈을 빛나게 하려 함이라
le fa e le go utswa, mme ba tshwanetse go itshupa gore ba ikanyega ka botlalo. Ka go dira jaana, ba tlaa dira gore batho ba tle go dumela mo go Mmoloki le Modimo wa rona.
11 모든 사람에게 구원을 주시는 하나님의 은혜가 나타나
Gonne neo e e sa rekweng ya poloko ya bosakhutleng jaanong e neetswe mongwe le mongwe;
12 우리를 양육하시되 경건치 않은 것과 이 세상 정욕을 다 버리고 근신함과 의로움과 경건함으로 이 세상에 살고 (aiōn g165)
mme mo go yone neo e, go tla temogo ya gore Modimo o batla gore re furalele botshelo jo bo senang Modimo le dithato tsa boleo, mme re tshele matshelo a a molemo, matshelo a a boifang Modimo ka letsatsi le letsatsi, (aiōn g165)
13 복스러운 소망과 우리의 크신 하나님 구주 예수 그리스도의 영광이 나타나심을 기다리게 하셨으니
re lebeletse nako e ntle eo, e re ntseng re e lebeletse, e kgalalelo ya One e tlaa bonwang, kgalalelo ya Modimo wa rona o mogolo le Mmoloki Jesu Keresete.
14 그가 우리를 대신하여 자신을 주심은 모든 불법에서 우리를 구속하시고 우리를 깨끗하게 하사 선한 일에 열심하는 친 백성이 되게 하려 하심이니라
Yo o suleng ka fa tlase ga tshekiso ya Modimo a swela dibe tsa rona, gore a tle a re falotshe mo go weleng gangwe le gape mo sebeng le go re dira ba e leng ba gagwe tota, re na le dipelo tse di tlhatswitsweng le tlhwaafalo ya boammaaruri ka go direla ba bangwe dilo tse di molemo.
15 너는 이것을 말하고 권면하며 모든 권위로 책망하여 누구에게든지 업신여김을 받지 말라
O tshwanetse go ruta bagaeno dilo tse wa bo wa ba kgothatsa go di dira, o ba laya fa go tlhokega jaaka mongwe yo o nang le tshwanelo nngwe le nngwe go dira jalo. Se dire gore le fa e le mang a gopole gore se o se buang ga se botlhokwa.

< 디도서 2 >