< 요한복음 2 >

1 사흘 되던 날에 갈릴리 가나에 혼인이 있어 예수의 어머니도 거기 계시고
Mme erile morago ga malatsi a mabedi, mmaagwe Jesu o ne a le molalediwa mo lenyalong kwa motseng wa Kana mo Galalea,
2 예수와 그 제자들도 혼인에 청함을 받았더니
mme Jesu le barutwa ba gagwe le bone ba ne ba laleditswe.
3 포도주가 모자란지라 예수의 어머니가 예수에게 이르되 `저희에게 포도주가 없다' 하니
Mofine wa fela go sa ntse go itumelwa, mme mmaagwe Jesu a tla kwa go ene go mmolelela ka mathata a.
4 예수께서 가라사대 `여자여, 나와 무슨 상관이 있나이까? 내 때가 아직 이르지 못하였나이다'
Mme Jesu a mo fetola a re, “Ga nkake ka go thusa jaanong jaana ga e ise e be e nne nako ya me ya go dira dikgakgamatso.”
5 그 어머니가 하인들에게 이르되 `너희에게 무슨 말씀을 하시든지 그대로 하라!' 하니라
Mme mmaagwe a raya batlhanka a re, “Dirang sengwe le sengwe se a se lo bolelelang.”
6 거기 유대인의 결례를 따라 두 세 통 드는 돌항아리 여섯이 놓였는지라
Dinkgwana tsa metse di le thataro tse di dirilweng ka lentswe, tsa bo di le foo; di ne di dirisiwa kafa mokgweng wa Sejuta wa mediro mme nngwe le nngwe ya tsone e ne e ka tshela diemere di ka nna masome a le mabedi kgotsa a le mararo.
7 예수께서 저희에게 이르시되 항아리에 물을 채우라 하신즉 아구까지 채우니
Mme Jesu a raya batlhanka a re, ba di tlatse metsi go fitlhelela metsi a nna mo mosetlhong o o kwa godimo. Erile go sena go dirwa jalo a re, “Gang mo go tsone lo ise kwa go motsamaisi wa modiro.”
8 이제는 떠서 연회장에게 갖다 주라 하시매 갖다 주었더니
9 연회장은 물로 된 포도주를 맛보고 어디서 났는지 알지 못하되 물떠온 하인들은 알더라 연회장이 신랑을 불러
Erile motsamaisi wa mediro a leka metsi mo ganong a jaanong a neng a fetogile mofine, a sa itse gore o ne o tswa kae (lefa tota batlhanka bone ba ne ba itse), a bitsa monyadi a re,
10 말하되 `사람마다 먼저 좋은 포도주를 내고 취한 후에 낮은 것을 내거늘 그대는 지금까지 좋은 포도주를 두었도다' 하니라
“Se ke seno se se gakgamatsang! Wena o farologanye le batho ba bangwe! Motho yo o amogelang balalediwa o tle a dirise mofine o o monate pele, mme e re morago fa mongwe le mongwe a kgotshe a sa tlhole a kgathala, mme a lere mofine o o seng monate. Mme wena o beetse lobaka lono lwa bofelo mofine o o monate.”
11 예수께서 이 처음 표적을 갈릴리 가나에서 행하여 그 영광을 나타내시매 제자들이 그를 믿으니라
Kgakgamatso e e ne ya dirwa mo Kana wa Galalea e le sesupo sa ntlha sa ga Jesu mo pontsheng sa nonofo ya legodimo e a romilweng go tla go e supa. Mme barutwa ba gagwe ba dumela tota gore ke Mesia.
12 그 후에 예수께서 그 어머니와 형제들과 제자들과 함께 가버나움으로 내려가 거기 여러 날 계시지 아니하시니라
Erile morago ga lenyalo a ya Kaperenama go ya go nna teng malatsinyana le mmaagwe, le bomonnawe le barutwa.
13 유대인의 유월절이 가까운지라 예수께서 예루살렘으로 올라가셨더니
Mme ya bo e le lobaka lwa Tlolaganyo ya Sejuta ya ngwaga le ngwaga, mme Jesu a ya Jerusalema.
14 성전 안에서 소와 양과 비둘기 파는 사람들과 돈 바꾸는 사람들의 앉은 것을 보시고
Mme a bona mo patlelong ya Tempele barekisi ba rekisa dikgomo, dinku le maphoi e le ga ditlhabelo, le baananyi ba madi ba le ka fa morago ga mabati a go ananyediwang mo go one.
15 노끈으로 채찍을 만드사 양이나 소를 다 성전에서 내어 쫓으시고 돈 바꾸는 사람들의 돈을 쏟으시며 상을 엎으시고
Erile Jesu a bona go dirwa jalo a loga seiteo sa megala, a ba lelekela kwa ntle le dinku le dipelesa, a gasagasa madi a baananyi mo bodilong, a pitikolola ditafole tsa bone!
16 비둘기 파는 사람들에게 이르시되 `이것을 여기서 가져가라 내 아버지의 집으로 장사하는 집을 만들지 말라' 하시니
Hong ya re a ya kwa banneng ba ba rekisang maphoi a ba raya a re, “Ntshang dilo tse fa. Se fetoleng Ntlo ya ga Rre ntlo ya marekisetso!”
17 제자들이 성경 말씀에 주의 전을 사모하는 열심이 나를 삼키리라 한 것을 기억하더라
Mme barutwa ba gagwe ba gakologelwa seporofeto se se mo dikwalong se se reng, “Tlhoafalelo ya ntlo ya Modimo e tlaa nna tirololo ya me.”
18 이에 유대인들이 대답하여 예수께 말하기를 `네가 이런 일을 행하니 무슨 표적을 우리에게 보이겠느뇨?'
Mme baeteledipele ba Sejuta ba mmotsa ba re, “O tsaya kae tetlelelo ya go ba lelekela kwa ntle? Fa e le gore tetlelelo e o e newa ke Modimo, re bontshe kgakgamatso e e go supelang.”
19 예수께서 대답하여 가라사대 `너희가 이 성전을 헐라 내가 사흘 동안에 일으키리라'
Jesu a fetola a re, “Go siame se ke kgakgamatso e ke tlaa e lo direlang: Senyang kago e mme e tlaa re mo malatsing a le mararo ke e tsose!”
20 유대인들이 가로되 `이 성전은 사십 육 년 동안에 지었거늘 네가 삼일 동안에 일으키겠느뇨?' 하더라
Ba gakgamala ba re, “Wa reng! go tsere dingwaga di le masome a mane le borataro go aga Tempele e, mme wena wa re o ka e aga mo malatsing a le mararo?”
21 그러나 예수는 성전된 자기 육체를 가리켜 말씀하신 것이라
Mme ka “Kago e” o ne a raya mmele wa gagwe.
22 죽은 자 가운데서 살아나신 후에야 제자들이 이 말씀하신 것을 기억하고 성경과 및 예수의 하신 말씀을 믿었더라
Erile a sena go rula, barutwa ba gakologelwa fa a kile a bua jalo mme ba lemoga gore se a neng a se bua o ne a se ntsha mo dikwalong, se ne se raya ene ka sebele, le gore gotlhe go diragetse ka boammaaruri!
23 유월절에 예수께서 예루살렘에 계시니 많은 사람이 그 행하시는 표적을 보고 그 이름을 믿었으나
Ka ntlha ya dikgakgamatso tse a di dirileng kwa Jerusalema go le moletlo wa Tlolaganyo, batho ba le bantsi ba dumela gore e ne e le ene Mesia tota.
24 예수는 그 몸을 저희에게 의탁지 아니하셨으니 이는 친히 모든 사람을 아심이요
Mme Jesu a seka a ba ikanya ka gore o ne a itse motho le tlhaloganyo ya gagwe. O ne a sa tlhoke gore le fa e le mang o ka mmolelela gore tlholego ya motho e fetoga fetoga jang!
25 또 친히 사람의 속에 있는 것을 아시므로 사람에 대하여 아무의 증거도 받으실 필요가 없음이니라

< 요한복음 2 >