< 요한복음 11 >

1 어떤 병든 자가 있으니 이는 마리아와 그 형제 마르다의 촌 베다니에 사는 나사로라
Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri.
2 이 마리아는 향유를 주께 붓고 머리털로 주의 발을 씻기던 자요 병든 나사로는 그의 오라비러라
3 이에 그 누이들이 예수께 사람을 보내어 가로되 `주여, 보시옵소서 사랑하시는 자가 병들었나이다' 하니
Mme bokgaitsadie ba babedi ba romela molaetsa kwa go Jesu ba mo raya ba re, “Morena, tsala ya gago e e molemo e lwala thata thata.”
4 예수께서 들으시고 가라사대 `이 병은 죽을 병이 아니라 하나님의 영광을 위함이요 하나님의 아들로 이를 인하여 영광을 얻게 하려 함이라' 하시더라
Mme erile fa Jesu a utlwa ka ga moo, a re, “Maikaelelo a bolwetse jwa gagwe ga se loso, mme ke maikaelelo a gore Modimo o tlo o galalediwe. Nna, Morwa Modimo, Ke tlaa galalediwa ka ga jone bolwetse jo.”
5 예수께서 본래 마르다와 그 동생과 나사로를 사랑하시더니
Lefa Jesu a ne a rata Maratha le Marea le Lasaro thata,
6 나사로가 병들었다 함을 들으시고 그 계시던 곳에 이틀을 더 유하시고
o ne a nna fela kwa a neng a le teng malatsi a mabedi a a latelang a sa ye kwa go bone fa a sena go bolelelwa.
7 그 후에 제자들에게 이르시되 `유대로 다시 가자' 하시니
Lwa bofelo morago ga malatsi a mabedi, a raya barutwa ba gagwe a re, “A re yeng kwa Judea.”
8 제자들이 말하되 `랍비여 방금도 유대인들이 돌로 치려 하였는데 또 그리로 가시려 하나이까?'
Mme barutwa ba gagwe ba gana ba re, “Morena, malatsinyana fela a a fetileng a se kae, baeteledipele ba Sejuta mo Judea ba ne ba leka go go bolaya. A o yo teng gape?”
9 예수께서 대답하시되 `낮이 열 두시가 아니냐? 사람이 낮에 다니면 이 세상의 빛을 보므로 실족하지 아니하고
Jesu a fetola a re, “Motshegare mongwe le mongwe o na le dioura di le lesome le bodedi, mme mo oureng nngwe le nngwe ya one motho o ka tsamaya a babalesegile a sa kgotswe.
10 밤에 다니면 빛이 그 사람 안에 없는고로 실족하느니라'
Bosigo fela ke gone go nang le diphatsa tsa go kgotswa, ka ntlha ya lefifi.”
11 이 말씀을 하신 후에 또 가라사대 `우리 친구 나사로가 잠들었도다 그러나 내가 깨우러 가노라'
Mme a bua a re, “Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme jaanong ke ya go mo tsosa!”
12 제자들이 가로되 `주여, 잠들었으면 낫겠나이다' 하더라
Erile ka barutwa ba ne ba gopola gore Jesu o raya gore Lasaro o robetse boroko fela jwa bosigo, ba re, “Moo go raya gore o nna botoka!” Mme Jesu o ne a raya gore Lasaro o sule.
13 예수는 그의 죽음을 가리켜 말씀하신 것이나 저희는 잠들어 쉬는 것을 가리켜 말씀하심인줄 생각하는지라
14 이에 예수께서 밝히 이르시되 `나사로가 죽었느니라
Mme a ba bolelela sentle a re, “Lasaro o sule.
15 내가 거기 있지 아니한 것을 너희를 위하여 기뻐하노니 이는 너희로 믿게 하려 함이라 그러나 그에게로 가자' 하신대
Mme ka ntlha ya lona, Ke a itumela, ka ke ne ke se fa go ene, mme mo go tlaa lo naya sebaka sa go dumela mo go nna. A re yeng kwa go ene.”
16 디두모라 하는 도마가 다른 제자들에게 말하되 `우리도 주와 함께 죽으러 가자' 하니라
Thomase yo o bidiwang “Lewelana” a raya barutwa ba bangwe ka ene a re, “A re tsamaeng le rona re ye go swa nae.”
17 예수께서 와서 보시니 나사로가 무덤에 있은 지 이미 나흘이라
Mme ya re ba goroga kwa Bethania, ba bolelelwa gore Lasaro o setse a le mo phupung malatsi a le mane.
18 베다니는 예루살렘에서 가깝기가 한 오 리쯤 되매
Bethania o ne a le dimmaele di se kae fela ka tsela e e tswang Jerusalema,
19 많은 유대인이 마르다와 마리아에게 그 오라비의 일로 위문하러 왔더니
mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba tsile Maratha le Marea matshidiso.
20 마르다는 예수 오신다는 말을 듣고 나가 맞되 마리아는 집에 앉았더라
Erile fa Maratha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya go mo kgatlhantsha, mme Marea ene a sala mo lwapeng.
21 마르다가 예수께 여짜오되 `주께서 여기 계셨더면 내 오라비가 죽지 아니하였겠나이다
Maratha a raya Jesu a re, “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa.
22 그러나 나는 이제라도 주께서 무엇이든지 하나님께 구하시는 것을 하나님이 주실 줄을 아나이다'
Mme le jaanong ga go ise go fete nako e telele thata, gonne ke itse gore Modimo o tlaa lere kgaitsadiake mo botshelong gape, fa o ka mo kopa gore a dire jalo.”
23 예수께서 가라사대 `네 오라비가 다시 살리라'
Jesu a mo raya a re, “Kgaitsadio o tlaa rula.”
24 마르다가 가로되 `마지막 날 부활에는 다시 살 줄을 내가 아나이다'
Maratha a re, “Ee, fa mongwe le mongwe a rula mo Letsatsing la Tsogo.”
25 예수께서 가라사대 `나는 부활이요 생명이니 나를 믿는 자는 죽어도 살겠고
Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna yo ke tsosang baswi ke bo ke ba naya botshelo gape. Le fa e le mang yo o dumelang mo go nna, le mororo a a swa jaaka mongwe le mongwe, o tlaa tshela gape.
26 무릇 살아서 나를 믿는 자는 영원히 죽지 아니하리니 이것을 네가 믿느냐?' (aiōn g165)
O neelwa botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya go dumela mo go nna mme ga a kitla a nyelela, A o dumela se Maratha?” (aiōn g165)
27 가로되 `주여, 그러하외다 주는 그리스도시요 세상에 오시는 하나님의 아들이신 줄 내가 믿나이다'
Mme Maratha a re, “Ee, Morena, ke dumela gore o Mesia, Morwa Modimo, ene tota yo re sa bolong go mo letela.”
28 이 말을 하고 돌아가서 가만히 그 형제 마리아를 불러 말하되 선생님이 오셔서 너를 부르신다 하니
Mme a mo tlogela a boela kwa go Marea, mme a feta a mmiletsa kwa thoko ga ba ba tsileng ma-tshidiso, a mo raya a re, “Jesu o fano o batla go go bona.”
29 마리아가 이 말을 듣고 급히 일어나 예수께 나아가매
Mme Marea a itlhaganelela kwa go ene.
30 예수는 아직 마을로 들어오지 아니하시고 마르다의 맞던 곳에 그저 계시더라
Ka nako eo Jesu o ne a ntse ka kwa ntle ga motse, kwa lefelong le Maratha a neng a rakana le ene teng.
31 마리아와 함께 집에 있어 위로하던 유대인들은 그의 급히 일어나 나가는 것을 보고 곡하러 무덤에 가는 줄로 생각하고 따라가더니
Fa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba le mo tlung ba leka go gomotsa Marea ba bona a nanoga ka bofefo, ba ne ba gopola gore o ya kwa phupung ya ga Lasaro go lela; jalo ba mo sala morago.
32 마리아가 예수 계신 곳에 와서 보이고 그 발 앞에 엎드리어 가로되 `주께서 여기 계셨더면 내 오라비가 죽지 아니하였겠나이다' 하더라
Erile fa Marea a goroga kwa Jesu a leng teng, a wela ka mangole fa pele ga dinao tsa gagwe a mo raya a re, “Morena, fa o ne o le fano, kgaitsadiake o ka bo a sa ntse a tshela.”
33 예수께서 그의 우는 것과 또 함께 온 유대인들의 우는 것을 보시고 심령에 통분히 여기시고 민망히 여기사
Erile fa Jesu a mmona a lela, le baeteledipele ba Sejuta ba lela nae a hohomoga mo moweng a huduega.
34 가라사대 `그를 어디 두었느냐?' 가로되 `주여, 와서 보옵소서' 하니
Mme a ba botsa a re, “O fitlhilwe kae?”, “Tla o bone.”
35 예수께서 눈물을 흘리시더라
Jesu a lela.
36 이에 유대인들이 말하되 `보라 그를 어떻게 사랑하였는가?' 하며
Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ba ne ba le ditsala tse di ratanang thata. Bonang gore o ne a mo rata jang.”
37 그 중 어떤 이는 말하되 `소경의 눈을 뜨게 한 이 사람이 그 사람은 죽지 않게 할 수 없었더냐?' 하더라
Mme bangwe ba re, “Motho yo o foufolotse monna wa sefofu, ke eng a ne a sa dire gore Lasaro a seka a swa?” Mme gape Jesu a hohomoga mo moweng. Mme ba tla kwa lebitleng. Lebitla leo e ne e le logaga lo lo tswalwang ka lentswe le legolo thata.
38 이에 예수께서 다시 속으로 통분히 여기시며 무덤에 가시니 무덤이 굴이라 돌로 막았거늘
39 예수께서 가라사대 `돌을 옮겨 놓으라' 하시니 그 죽은 자의 누이 마르다가 가로되 `주여, 죽은 지가 나흘이 되었으매 벌써 냄새가 나나이다'
Jesu a ba raya a re, “Pitikololelang lentswe kwa thoko.” Mme Maratha, kgaitsadia moswi, a re, “Ka nako eno monkgo wa gagwe o tlaa nna maswe thata, gonne o na le malatsi a le mane a sule.”
40 예수께서 가라사대 `내 말이 네가 믿으면 하나님의 영광을 보리라 하지 아니하였느냐?' 하신대
Jesu a mmotsa a re, “A mme ga ke a go raya ka re o tlaa bona kgakgamatso e e tswang Modimong fa o dumela?”
41 돌을 옮겨 놓으니 예수께서 눈을 들어 우러러 보시고 가라사대 아버지여 내 말을 들으신 것을 감사하나이다
Mme ba pitikololela lentswe fa thoko. Jesu a leba kwa legodimong mme a re, “Rara, ke lebogela go nkutlwa ga gago.
42 항상 내 말을 들으시는 줄을 내가 알았나이다 그러나 이 말씀 하옵는 것은 둘러선 무리를 위함이니 곧 아버지께서 나를 보내신 것을 저희로 믿게 하려 함이니이다'
(O nkutlwa ka gale, ee, mme ke ipoeleditse ka ntlha ya batho ba botlhe ba ba emeng fano, gore ba tle ba dumele fa o nthomile).”
43 이 말씀을 하시고 큰 소리로 `나사로야 나오라!' 부르시니
Mme a goa a re, “Lasaro, tswela kwa ntle!”
44 죽은 자가 수족을 베로 동인 채로 나오는데 그 얼굴은 수건에 싸였더라 예수께서 가라사대 `풀어 놓아 다니게 하라' 하시니라
Mme Lasaro a tswa a fapilwe ka matsela a phitlho, sefatlhogo sa gagwe se fapilwe ka tuku. Jesu a ba raya a re, “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye!”
45 마리아에게 와서 예수의 하신 일을 본 많은 유대인이 저를 믿었으나
Mme jalo lwa bofelo fa baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba na le Marea ba bona tiragalo eo, ba dumela ene!
46 그 중에 어떤 자는 바리새인들에게 가서 예수의 하신 일을 고하니라
Mme bangwe ba ya kwa Bafarasaing go ba bolelela ka ga gone.
47 이에 대제사장들과 바리새인들이 공회를 모으고 가로되 `이 사람이 많은 표적을 행하니 우리가 어떻게 하겠느냐?
Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa bitsa lekgotla go buisanya ka ga tiragalo e. Mme ba botsanya ba re, “Re dirang ka ga tiragalo e, gonne monna yo tota o dira dikgakgamatso?
48 만일 저를 이대로 두면 모든 사람이 저를 믿을 것이요 그리고 로마인들이 와서 우리 땅과 민족을 빼앗아 가리라' 하니
Fa re mo lesa fela, sechaba sotlhe se tlaa mo sala morago, mme masole a Roma a tlaa tla go re bolaya a bo a tsaya mmuso wa Sejuta.”
49 그 중에 한 사람 그 해 대제사장인 가야바가 저희에게 말하되 `너희가 아무 것도 알지 못하는도다
Mme mongwe wa bone ebong Kaeafase, yo a neng a le Moperesiti yo Mogolo mo ngwageng eo, a re, “Dieleele ke lona,
50 한 사람이 백성을 위하여 죽어서 온 민족이 망하지 않게 되는 것이 너희에게 유익한 줄을 생각지 아니하는도다' 하였으니
tlogelang monna yo a swele batho botlhe, ke eng fa sechaba sotlhe se ka nyelela ka ntlha ya motho a le nosi?”
51 이 말은 스스로 함이 아니요 그 해에 대제사장이므로 예수께서 그 민족을 위하시고
Seporofeto se sa gore Jesu o tshwanetse go swela Sechaba sotlhe, se dule mo go Kaefase a le mo maemong a gagwe jaaka a ne a le Moperesiti yo mogolo, e ne e se ene a se ikakanyeditseng mme o ne a tlhotlhelediwa ke mowa go bua jalo.
52 또 그 민족만 위할 뿐 아니라 흩어진 하나님의 자녀를 모아 하나가 되게 하기 위하여 죽으실 것을 미리 말함이러라
E ne e le polelo pele gore loso lwa ga Jesu e tlaa bo e se lwa Iseraele fela, mme e tlaa bo e le lwa bana ba Modimo ba ba anameng mo lefatsheng lotlhe.
53 이날부터는 저희가 예수를 죽이려고 모의하니라
Jalo go simolola nako eo baeteledipele ba Sejuta ba simolola go tsoma Jesu.
54 그러므로 예수께서 다시 유대인 가운데 드러나게 다니지 아니하시고 여기를 떠나 빈 들 가까운 곳인 에브라임이라는 동리에 가서 제자들과 함께 거기 유하시니라
Mme Jesu a khutlisa dithuto tsa gagwe mme a tswa mo Jerusalema, a ya kwa lotshitshing lwa sekaka, kwa motseng wa Eferaima; mme a nna teng le barutwa ba gagwe.
55 유대인의 유월절이 가까우매 많은 사람이 자기를 성결케 하기 위하여 유월절 전에 시골서 예루살렘으로 올라갔더니
Tlolaganyo, e e leng letsatsi la Sejuta la boitapoloso, e ne e le gaufi, mme batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dikgaolong ba goroga mo Jerusalema malatsinyana a sa le kwa pele gore ba tle ba tsene mo modirong wa bontlafatso pele ga Tlolaganyo e simolola.
56 저희가 예수를 찾으며 성전에 서서 서로 말하되 `너희 생각에는 어떠하뇨? 저가 명절에 오지 아니하겠느냐?' 하니
Ba ne ba batla go bona Jesu, mme ka ba ne ba sebaseba mo Tempeleng, ba be ba botsanya ba re, “Lo akanya jang? A o tlaa tla kwa Tlolaganyong?”
57 이는 대제사장들과 바리새인들이 누구든지 예수 있는 곳을 알거든 고하여 잡게 하라 명령하였음이러라
Ka lone lobaka loo, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di anamisitse phatlalatsa gore yo o tlaa bonang Jesu a ba bolelele gore ba tle ba mo tshware.

< 요한복음 11 >