< 데살로니가후서 3 >
1 종말로 형제들아 너희는 우리를 위하여 기도하기를 주의 말씀이 너희 가운데서와 같이 달음질하여 영광스럽게 되고
Sa bofelo, bakaulengwe ba ba rategang, jaaka ke tla mo pheletsong ya lokwalo lo, ke lo kopa go re rapelela. Rapelelang pele gore molaetsa wa Morena o aname ka bofefo o bo o fenye gongwe le gongwe kwa o anamelang teng, o gape basokologi gongwe le gongwe jaaka o ne wa dira fa o tla kwa go lona.
2 또한 우리를 무리하고 악한 사람들에게서 건지옵소서 하라 믿음은 모든 사람의 것이 아님이라
Rapelelang gape gore re gololwe mo diphapaanong tsa batho ba ba bosula, gonne ga se mongwe le mongwe yo o ratang Morena.
3 주는 미쁘사 너희를 굳게 하시고 악한 자에게서 지키시리라
Mme Morena o a ikanyega; o tlaa lo nonotsha ebile o tlaa lo dibela mo ditlhaselong tsa mefuta le fa e ka nna efe ya ga Satane.
4 너희에게 대하여는 우리의 명한 것을 너희가 행하고 또 행할 줄을 우리가 주 안에서 확신하노니
Mme re ikanya Morena ka gore lo ntse lo dira dilo tse re di lo rutileng, le gore lo tlaa aga lo di dira.
5 주께서 너희 마음을 인도하여 하나님의 사랑과 그리스도의 인내에 들어가게 하시기를 원하노라
A Morena a lo gogele mo go tlhaloganyeng masaitsiweng a lorato lwa Modimo le kaga bopelotelele jo bo tswang kwa go Keresete.
6 형제들아! 우리 주 예수 그리스도의 이름으로 너희를 명하노니 규모 없이 행하고 우리에게 받은 유전대로 행하지 아니하는 모든 형제에게서 떠나라
Jaanong taolo ke e, bakaulengwe ba ba rategang, e ke lo e nayang mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete ka taolo ya gagwe: Ikgogeng mo Mokereseteng mongwe le mongwe yo o senyang nako ya gagwe mo botshwakgeng gape a sa latela mogopolo o re lo o neetseng wa go dira ka bonatla.
7 어떻게 우리를 본받아야 할 것을 너희가 스스로 아나니 우리가 너희 가운데서 규모 없이 행하지 아니하며
Gonne lo itse sentle gore lo tshwanetse go re etsa: ga lo ise lo ke lo bone re senya nako re sa dire sepe;
8 누구에게서든지 양식을 값없이 먹지 않고 오직 수고하고 애써 주야로 일함은 너희 아무에게도 누를 끼치지 아니하려 함이니
ga re ise re ke re dumele go tsaya dijo mo go ope re sa di reke; re ne ra dira bosigo le motshegare ka natla yotlhe go nna le madi a re neng re a tlhoka go tshela ka one, gore re seka ra nna mokgweleo mo go ope wa lona.
9 우리에게 권리가 없는 것이 아니요 오직 스스로 너희에게 본을 주어 우리를 본받게 하려 함이니라
E ne e se gore re ne re sena tshwanelo ya go lo kopa gore lo re otle, mme re ne re batla go lo supegetsa, lwa ntlha ka fa lo tshwanetseng go fufulela botshelojwa lona ka teng.
10 우리가 너희와 함께 있을 때에도 너희에게 명하기를 누구든지 일하기 싫어하거든 먹지도 말게 하라 하였더니
Le re santse re le koo re na le lona re lo neetse taolo e: “Yo o ganang go dira a se ka a ja.”
11 우리가 들은즉 너희 가운데 규모 없이 행하여 도무지 일하지 아니하고 일만 만드는 자들이 있다 하니
Le fa go ntse jalo re utlwa gotwe bangwe ba lona ba tshelela mo botshwakgeng, ba gana go dira, ebile ba senya nako ya bone mo ditshebong.
12 이런 자들에게 우리가 명하고 주 예수 그리스도 안에서 권하기를 종용히 일하여 자기 양식을 먹으라 하노라
Mo leineng la Morena Jesu Keresete re kopa batho ba ba ntseng jalo ra re ba didimale, ba tsene mo tirong, mme ba berekele matshelo a e leng a bone.
13 형제들아! 너희는 선을 행하다가 낙심치 말라
Mme mo go lona ka re bakaulengwe ba ba rategang, lo seka lwa bo lwa lapisega go dira bomolemo.
14 누가 이 편지에 한 우리 말을 순종치 아니하거든 그 사람을 지목하여 사귀지 말고 저로 하여금 부끄럽게 하라
Fa mongwe a gana go ikobela se re se buang mo lokwalong lo, bonang gore ke mang mme lo ikgoge mo go ene, gore a tle a itlhabelwe ke ditlhong.
15 그러나 원수와 같이 생각지 말고 형제같이 권하라
Se mo tseyeng e le mmaba, mme buisanyang nae jaaka lo ka buisanya le mokaulengwe yo o tlhokang go tlhagisiwa.
16 평강의 주께서 친히 때마다 일마다 너희에게 평강을 주시기를 원하노라 주는 너희 모든 사람과 함께 하실지어다
A Morena wa kagiso ka sebele a lo neye kagiso ya gagwe, go sa re sepe gore go diragala eng. Morena a nne le lona lotlhe.
17 나 바울은 친필로 문안하노니 이는 편지마다 표적이기로 이렇게 쓰노라
Jaanong tumediso ya me ke e, e ke e kwalang ka seatla sa me, jaaka ke tlwaetse go dira kwa bofelong jwa dikwalo tsa me tsotlhe, go nna bosupi jwa gore lo tswa kwa go nna tota. Se ke mokwalo wa me tota wa seatla.
18 우리 주 예수 그리스도의 은혜가 너희 무리에게 있을지어다!
A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona ruri, Paulo.