< 고린도후서 3 >

1 우리가 다시 자천하기를 시작하겠느냐 우리가 어찌 어떤 사람처럼 천거서(薦擧書)를 너희에게 부치거나 혹 너희에게 맡거나 할 필요가 있느냐?
A re simolola go nna jaaka baruti bao ba lona ba ba maaka ba ba tshwanetseng go lo bolelela gotlhe kaga bone le go tla le dikwalo tse di telele tsa go itshupa? Ke dumela gore ga lo tlhoke lwa ga ope go lo bolelela ka ga rona, a ga go a nna jalo! Mme ga re tlhoke kgakololo epe mo go lona!
2 너희가 우리의 편지라 우리 마음에 썼고 뭇사람이 알고 읽는 바라
Lokwalo loo lo ke lo batlang fela, ke lona ka bolona! Ka go leba phetogo e e molemo mo dipelong tsa lona, mongwe le mongwe o ka bona gore re dirile tiro e ntle mo go lona.
3 너희는 우리로 말미암아 나타난 그리스도의 편지니 이는 먹으로 쓴 것이 아니요 오직 살아 계신 하나님의 영으로 한 것이며 또 돌비에 쓴 것이 아니요 오직 육의 심비에 한 것이라
Ba ka bona gore lo lokwalo lo lo tswang kwa go Keresete, lo lo kwadilweng ke rona, ga se lokwalo lo lo kwadilweng ka pene le enke, fa e se ka Mowa wa Modimo o o tshedileng; e seng lo lo gabilweng mo lefikeng, fa e se mo dipelong tsa batho.
4 우리가 그리스도로 말미암아 하나님을 향하여 이같은 확신이 있으니
Re bua dilo tse di siameng tse kaga rona fela ka ntlha ya tshepho ya rona e kgolo mo Modimong ka Keresete, gore o tlaa re thusa go nna boammaaruri mo go se re se buang,
5 우리가 무슨 일이든지 우리에게서 난 것같이 생각하여 스스로 만족할 것이 아니니 우리의 만족은 오직 하나님께로서 났느니라
mme e seng ka ntlha ya gore re gopola re ka dira sengwe le sengwe se se sa feleng ka borona. Nonofo le phenyo ya rona e tswa fela mo Modimong.
6 저가 또 우리로 새 언약의 일군 되기에 만족케 하셨으니 의문으로 하지 아니하고 오직 영으로 함이니 의문은 죽이는 것이요 영은 살리는 것임이니라
Ke one o o re thusitseng go bolelela ba bangwe Kgolagano e ncha go ba boloka. Ga re ba bolelele gore ba tshwanetse go utlwa molao mongwe le mongwe wa Modimo kgotsa ba swe; mme re ba bolelela gore ba na le botshelo mo Moweng O O Boitshepo. Tsela ya bogologolo ya go leka go bolokwa ka go tshegetsa Ditaolo tse di Lesome, e felela mo losong; mo tseleng e ncha, Mowa O O Boitshepo o ba naya botshelo.
7 돌에 써서 새긴 죽게 하는 의문(儀文)의 직분도 영광이 있어 이스라엘 자손들이 모세의 얼굴의 없어질 영광을 인하여 그 얼굴을 주목하지 못하였거든
Le fa tsamaiso ya molao wa bogologolo o o neng o isa losong e simologile ka kgalalelo e e kalo mo batho ba neng ba ka se ka ba leba sefatlhogo sa ga Moshe. Gonne jaaka a ne a ba neile melao ya Modimo go e utlwa, sefatlhogo sa gagwe se ne se phatsima ka kgalalelo e le nngwe le ya Modimo, le fa phatsimo e ne e setse e fifala.
8 하물며 영의 직분이 더욱 영광이 있지 아니하겠느냐
A ga re kitla re lebelela kgalalelo e kgolo mo malatsing a no fa Mowa O O Boitshepo o naya botshelo?
9 정죄의 직분도 영광이 있은즉 의의 직분은 영광이 더욱 넘치리라
Fa e ne e le gore leano le le isang tshenyegong le ne le galalela, kgalalelo e kgolo ke leano le le dirang batho go nna tshiamo le Modimo
10 영광되었던 것이 더 큰 영광을 인하여 이에 영광될 것이 없으나
Mme tota, kgalalelo eo ya ntlha e e phatsimileng mo sefatlhogong sa ga Moshe ga e na mosola gotlhelele fa e tshwantshiwa le kgalalelo e e feteletseng ya Kgolagano e Ncha.
11 없어질 것도 영광으로 말미암았은즉 길이 있을 것은 더욱 영광 가운데 있느니라
Jalo fa mokgwa wa bogologolo o o nyeletseng o ne o tletse kgalalelo ya legodimo, kgalalelo ya leano le lesha la Modimo la poloko ya rona le legolo thata, gonne le ka bosakhutleng.
12 우리가 이같은 소망이 있으므로 담대히 말하노니
Ere ka re itse gore kgalalelo e ncha e, ga e kitla e nyelela, re ka ruta ka bopelokgale jo bogolo,
13 우리는 모세가 이스라엘 자손들로 장차 없어질 것의 결국을 주목치 못하게 하려고 수건을 그 얼굴에 쓴 것같이 아니하노라
mme e seng jaaka Moshe a ne a dira, yo o neng a baya letsela mo sefatlhogong sa gagwe gore Baiseraele ba se ka ba bona kgalalelo e tloga.
14 그러나 저희 마음이 완고하여 오늘까지라도 구약을 읽을 때에 그 수건이 오히려 벗어지지 아니하고 있으니 그 수건은 그리스도 안에서 없어질 것이라
Ga se sefatlhogo sa ga Moshe fela se se neng sa bipiwa, mme megopolo ya batho ba gagwe le ditlhaloganyo tsa bone le tsone di ne tsa bipiwa tsa ba tsa fifadiwa. Le jaanong fa lokwalo lo balwa go lebega e ka re dipelo tsa Bajuta le megopolo ya bone di bipilwe ka sesiro se se bokete, gonne ga ba kgone go bona ba bo ba tlhaloganya tlhaloso tota ya Dikwalo. Gonne sesiro se sa go tlhoka go tlhaloganya se ka tlosiwa fela ke go dumela mo go Keresete.
15 오늘까지 모세의 글을 읽을 때에 수건이 오히려 그 마음을 덮었도다
Ee, le gompieno fa ba bala mekwalo ya ga Moshe dipelo tsa bone di fifetse ebile ba akanya gore go obamela Melao e e lesome ke yone tsela ya poloko.
16 그러나 언제든지 주께로 돌아가면 그 수건이 벗어지리라
Mme le fa e le leng mongwe a sokologela mo Moreneng a tswa mo dibeng tsa gagwe, hong sesiro se a tlosiwa.
17 주는 영이시니 주의 영이 계신 곳에는 자유함이 있느니라!
Morena ke Mowa o o ba nayang botshelo, mme fa ene a leng teng go na le kgololesego (mo go lekeng go bolokwa ka go tshegetsa melao ya Modimo.)
18 우리가 다 수건을 벗은 얼굴로 거울을 보는것 같이 주의 영광을 보매 저와 같은 형상으로 화하여 영광으로 영광에 이르니 곧 주의 영으로 말미암음이니라
Mme rona Bakeresete ga re na sesiro mo difatlhogong tsa rona; re ka nna diipone tse di bonatsang kgalalelo ya Morena sentle. Mme e re ka Mowa wa Morena o dira mo go rona, re tswelela thata re nna jaaka ene.

< 고린도후서 3 >