< 고린도후서 1 >
1 하나님의 뜻으로 말미암아 그리스도 예수의 사도 된 바울과 및 형제 디모데는 고린도에 있는 하나님의 교회와 또 온 아가야에 있는 모든 성도에게
Ditsala tse di rategang, Lokwalo lo lo tswa mo go nna Paulo, yo o tlhomilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete; le mo go mokaulengwe wa rona yo o rategang Timotheo. Re lo kwalela lotlhe Bakeresete ba Korinta le Akaia yotlhe.
2 하나님 우리 아버지와 주 예수 그리스도로 좇아 은혜와 평강이 있기를 원하노라!
A Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete o segofatse mongwe le mongwe wa lona thata, o lo neye kagiso.
3 찬송하리로다! 그는 우리 주 예수 그리스도의 하나님이시요 자비의 아버지시요 모든 위로의 하나님이시며
Kana re na le Modimo o o hakgamatsangjang, ke Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, motswedi wa kutlwelo botlhoko nngwe le nngwe, ene yo ka kgakgamatso o re gomotsang a bo a re nonotsha mo bothateng jwa rona le mo ditekong. Mme ke eng fa a dira jaana? Gore ba bangwe ba ba tshwenyegileng ebile ba tlhoka kutlwelo botlhoko ya rona le kgothatso, re ba fe thuso e e ntseng jaana le kgomotso e Modimo o e re neileng.
4 우리의 모든 환난 중에서 우리를 위로하사 우리로 하여금 하나님께 받는 위로로써 모든 환난 중에 있는 자들을 능히 위로하게 하시는 이시로다
5 그리스도의 고난이 우리에게 넘친 것같이 우리의 위로도 그리스도로 말미암아 넘치는도다
Lo ka tlhomamisa gore fa re ntse re bogela Keresete, o tlaa nna a re supegetsa kgomotso ya gagwe le kgothatso.
6 우리가 환난 받는 것도 너희의 위로와 구원을 위함이요 혹 위로 받는 것도 너희의 위로를 위함이니 이 위로가 너희 속에 역사하여 우리가 받는 것같은 고난을 너희도 견디게 하느니라
Re mo matshwenyegong a magolo go lo tlisetsa kgomotso ya Modimo le poloko. Mme mo matshwenyegong a rona Modimo o re gomoditse ebile o re thusa gore re lo supegetse mo maitemogelong a rona ka fa Modimo o tlaa lo gomotsang ka kutlwelo botlhoko ka teng fa lo tsena mo dipogisong tse di tshwanang le tse. O tlaa lo naya nonofo go itshoka.
7 너희를 위한 우리의 소망이 견고함은 너희가 고난에 참예하는 자가 된 것같이 위로에도 그러할 줄을 앎이라
8 형제들아 우리가 아시아에서 당한 환난을 너희가 알지 못하기를 원치 아니하노니 힘에 지나도록 심한 고생을 받아 살 소망까지 끊어지고
Ke bona gore lo tshwanetse go itse, bakaulengwe ba ba rategang, kaga pitlagano e re neng ra feta mo go yone kwa Asia. Re ne re pitlaganye tota ebile re fentswe gotlhelele ebile re boifa gore ga re kake ra tshela mo go yone.
9 우리 마음에 사형선고를 받은 줄 알았으니 이는 우리로 자기를 의뢰하지 말고 오직 죽은 자를 다시 살리시는 하나님만 의뢰하게 하심이라
Re ne re ikutlwa o ka re re atlholelwa go swa le go bona ka fa re neng re sena nonofo ka teng go ithusa; mme go ne go siame, gonne foo re ne ra baya sengwe le sengwe mo diatleng tsa Modimo, o ka osi o neng o ka re boloka, gonne o ka tsosa le bone baswi tota.
10 그가 이같이 큰 사망에서 우리를 건지셨고 또 건지시리라 또한 이후에라도 건지시기를 그를 의지하여 바라노라
Mme o ne wa re thusa, wa re boloka mo losong, lo lo boitshegang; ee, re o lebeletse gore o re thuse gangwe le gape.
11 너희도 우리를 위하여 간구함으로 도우라 이는 우리가 많은 사람의 기도로 얻은 은사를 인하여 많은 사람도 우리를 위하여 감사하게 하려 함이라
Mme lo tshwanetse go re thusa le lona, ka go re rapelela. Gonne ditebogo tse dikgolo le pako tse di tswang mo go lona a di tlaa ya kwa Modimong, di tswa kwa go lona ba lo boneng dikarabo tsa one tse di hakgamatsang mo dithapelong tsa lona tsa polokego!
12 우리가 세상에서 특별히 너희에게 대하여 하나님의 거룩함과 진실함으로써 하되 육체의 지혜로 하지 아니하고 하나님의 은혜로 행함은 우리 양심의 증거하는 바니 이것이 우리의 자랑이라
Re itumela thata gore ka boikanyego jotlhe mo ditirong tsa rona tsotlhe re ne re itshekile ebile re le pelo e phepa, re ikanya mo Moreneng ka tshisibalo gore a re thuse, e seng ka fa botlhaleng jwa rona. Mme mo go boammaaruri jo bogolo, fa go kgonega, kaga mokgwa o re o dirisitseng mo go lona.
13 오직 너희가 읽고 아는 것 외에 우리가 다른 것을 쓰지 아니하노니 너희가 끝까지 알기를 내가 바라는 것은
Dikwalo tsa me di ne di tlhamaletse ebile di ikanyega; ga go na sepe se se neng se sa kwalwa sentle! Mme le fa lo sa nkitse sentle (ke solofela gore letsatsi lengwe lo tlaa nkitse), ke batla go re lo nkamogele lo bo lo ikgantshe ka nna, jaaka lo setse lo ntse, fela jaaka ke tlaa ikgantsha ka lona mo letsatsing leo le Morena Jesu o tlang gape ka lone.
14 너희가 대강 우리를 아는 것같이 우리 주 예수의 날에 너희가 우리의 자랑이 되고 우리가 너희의 자랑이 되는 것이라
15 내가 이 확신을 가지고 너희로 두 번 은혜를 얻게 하기 위하여 먼저 너희에게 이르렀다가
E ne e le ka ntlha ya go re ke ne ke rulagantse go tsena ka lona mo loetong lwa me go ya Masedonia, le morago jaaka fa ke tlaa bo ke bowa, gore ke ne ke ka nna tshegofatso e e menaganeng mo go lona le gore lo ka nthomela kwa Judea.
16 너희를 지나 마게도냐에 갔다가 다시 마게도냐에서 너희에게 가서 너희가 보내줌으로 유대로 가기를 경영하였으니
17 이렇게 경영할 때에 어찌 경홀히 하였으리요 혹 경영하기를 육체를 좇아 경영하여 예, 예 하고 아니, 아니라 하는 일이 내게 있었겠느냐
Mme lo ka botsa lwa re, a ke fetotse thulaganyo ya me? A tota ga ke a dira mogopolo wa me le fa go ntse jalo? Kgotsa ke tshwana le monna wa selefatshe yo o reng “ee” fa tota a raya “nnyaa”.
18 하나님은 미쁘시니라 우리가 너희에게 한 말은 예 하고 아니라 함이 없노라
Le goka! Jaaka ruri Modimo o le boammaaruri, ga ke motho yo o ntseng jalo. “Ee”, wa me ke “Ee”.
19 우리 곧 나와 실루아노와 디모데로 말미암아 너희 가운데 전파된 하나님의 아들 예수 그리스도는 예 하고 아니라 함이 되지 아니하였으니 저에게는 예만 되었느니라
Timotheo le Selefano le nna re ntse re lo bolelela kaga Jesu Morwa Modimo. Ga se yo o reng “ee” fa a raya “nnyaa”. O aga a dira fela se a se buang.
20 하나님의 약속은 얼마든지 그리스도 안에서 예가 되니 그런즉 그로 말미암아 우리가 아멘 하여 하나님께 영광을 돌리게 되느니라
O a dira ebile o diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo, ga go re sepe gore di bontsi bo kae, go galaletsa leina la gagwe.
21 우리를 너희와 함께 그리스도 안에서 견고케 하시고 우리에게 기름을 부으신 이는 하나님이시니
Ke one Modimo o, o o diretseng nna le wena mo tumelong ya Sekeresete le go re dira baaposetoloi go rera Mafoko a a Molemo.
22 저가 또한 우리에게 인치시고 보증으로 성령을 우리 마음에 주셨느니라
O beile lotshwao mo go rona, lotshwao lwa go nna ba one, wa bo wa re naya Mowa wa one O O Boitshepo mo dipelong tsa rona e le sesupo sa gore re ba one, e le tiragalo ya ntlha ya tsotlhe tse o tlaa re di nayang.
23 내가 내 영혼을 두고 하나님을 불러 증거하시게 하노니 다시 고린도에 가지 아니한 것은 너희를 아끼려 함이라
Ke goeletsa kwa Modimong go ntshupela fa ke sa bue boammaaruri: Mabaka a a dirileng gore ke seka ka lo etela ke gore ga ke batle go lo utlwisa botlhoko ka kgalemelo e e botlhoko.
24 우리가 너희 믿음을 주관하려는 것이 아니요 오직 너희 기쁨을 돕는 자가 되려 함이니 이는 너희가 믿음에 섰음이라
Fa ke tla, le fa ke sa kake ka dira thata go thusa tumelo ya lona, gonne e setse e nonofile, ke batla go ka dira sengwe ka ga boipelo jwa lona: ke batla go lo itumedisa, e seng go lo utlwisa botlhoko.