< 디모데전서 1 >

1 우리 구주 하나님과 우리 소망이신 그리스도 예수의 명령을 따라 그리스도 예수의 사도 된 바울은
Lokwalo lo lo tswang kwa go Paulo, morongwa wa ga Jesu Keresete, yo o rometsweng ke Mmoloki wa rona le Jesu Keresete Morena wa rona, yo e leng ene fela tsholofelo ya rona.
2 믿음 안에서 참 아들 된 디모데에게 편지하노니 하나님 아버지와 그리스도 예수 우리 주께로부터 은혜와 긍휼과 평강이 네게 있을지어다!
Lo ya kwa go! Timotheo. Timotheo o ntse jaaka morwaake mo dilong tsa Modimo. A Modimo Rraa rona le Jesu Keresete Morena wa rona a go bontshe tshiamo ya gagwe le kutlwelobotlhoko mme a go neye kagiso e kgolo ya pelo le mogopolo.
3 내가 마게도냐로 갈 때에 너를 권하여 에베소에 머물라 한 것은 어떤 사람들을 명하여 다른 교훈을 가르치지 말며
Jaaka ke buile fa ke ya Masedonia, tswee-tswee nna koo mo Efeso o leke go kganela batho ba ba rutang thuto e e sa siamang. Khutlisa ditlhamane tsa bone, le dinaane tsa bone le mogopolo wa bone wa go bolokwa ka go bona kutlwelo botlhoko ka tlhatlologano ya baengele go fitlha kwa Modimong, megopolo ya sephologolo e e tsosang dipotso le dikganetsanyo boemong jwa go thusa batho go amogela leano la Modimo la tumelo.
4 신화와 끝없는 족보에 착념치 말게 하려 함이라 이런 것은 믿음 안에 있는 하나님의 경륜을 이룸보다 도리어 변론을 내는 것이라
5 경계의 목적은 청결한 마음과 선한 양심과 거짓이 없는 믿음으로 나는 사랑이거늘
Se ke se tlhwaafaletseng ke gore Bakeresete botlhe koo ba tlale lorato lo lo tswang mo dipelong tse di itshekileng, le gore megopolo ya bone e nne phepa le tumelo ya bone e nonofe.
6 사람들이 이에서 벗어나 헛된 말에 빠져
Mme baruti ba, ba tlhokomologile mogopolo o otlhe, ba bo ba senya nako ya bone mo dikganetsanyong le go bua ka boeleele.
7 율법의 선생이 되려 하나 자기의 말하는 것이나 자기의 확증하는 것도 깨닫지 못하는도다
Ba batla go nna baruti ba melao ya ga Moshe ntswa ba sena mogopolo o o tlhomameng wa gore melao eo tota e re supegetsa eng.
8 그러나 사람이 율법을 법있게 쓰면 율법은 선한 것인 줄 우리는 아노라
Melao eo e siame fa e dirisiwa jaaka Modimo o ratile.
9 알 것은 이것이니 법은 옳은 사람을 위하여 세운 것이 아니요 오직 불법한 자와, 복종치 아니하는 자며, 경건치 아니한 자와, 죄인이며, 거룩하지 아니한 자와, 망령된 자며, 아비를 치는 자와, 어미를 치는 자며, 살인하는 자며,
Mme ga e a direlwa rona, ba Modimo o re bolokileng; ke ya baleofi ba ba ilang Modimo, ba ba dipelo di tsuololang, ba ba hutsang ba tlhapatsa, ba tlhasela borraabo le bommaabo ba bo ba bolaya batho.
10 음행하는 자며, 남색하는 자며, 사람을 탈취하는 자며, 거짓말하는 자며, 거짓 맹세하는 자와, 기타 바른 교훈을 거스리는 자를 위함이니
Ee, melao e e diretswe go supa baleofi botlhe ba ba makgapha le ba ba itshekologileng! Ba ba robalanang le banna ba bangwe, bautswi ba batho, baaki le botlhe ba ba dirang dilo tse di kgatlhanong le Mafoko a a Molemo a a galalelang a Modimo wa rona, o ke leng morongwa wa One.
11 이 교훈은 내게 맡기신 바 복되신 하나님의 영광의 복음을 좇음이니라
12 나를 능하게 하신 그리스도 예수 우리 주께 내가 감사함은 나를 충성되이 여겨 내게 직분을 맡기심이니
Ke leboga Morena wa rona Keresete jang ka go ntlhopha mongwe wa barongwa ba gagwe, le go nnaya thata ya go nna boikanyo mo go ene,
13 내가 전에는 훼방자요 핍박자요 포행자이었으나 도리어 긍휼을 입은 것은 내가 믿지 아니할 때에 알지 못하고 행하였음이라
le fa ke ne ke tle ke tlhapatse leina la ga Keresete. Ke ne ke tsoma batho ba gagwe, ke ba utlwisa botlhoko ka tsela nngwe le nngwe e ke neng ke ka e kgona. Mme Modimo wa nkutlwela botlhoko gonne ke ne ke sa itse se ke neng ke se dira, gonne ke ne ke sa itse Keresete ka nako eo.
14 우리 주의 은혜가 그리스도 예수 안에 있는 믿음과 사랑과 함께 넘치도록 풍성하였도다
Oo! Morena wa rona o ne a le pelotlhomogi go le kae, gonne o ntshupegeditse gore ke ka mo ikanya jang le go nna lorato lo lo tletseng lwa ga Jesu Keresete.
15 미쁘다 모든 사람이 받을 만한 이 말이여 그리스도 예수께서 죄인을 구원하시려고 세상에 임하셨다 하였도다 죄인 중에 내가 괴수니라!
Kana go boammaaruri jang, ebile ke tlhwaafalela jang gore mongwe le mongwe a bo a itse, gore Jesu Keresete o tletse mo lefatsheng go boloka baleofi, mme ke ne ke le mogolo mo go bone botlhe.
16 그러나 내가 긍휼을 입은 까닭은 예수 그리스도께서 내게 먼저 일절 오래 참으심을 보이사 후에 주를 믿어 영생 얻는 자들에게 본이 되게 하려 하심이니라 (aiōnios g166)
Mme Modimo o nkutlwetse botlhoko gore Jesu Keresete a ntirise jaaka sekao go supegetsa mongwe le mongwe gore o pelotelele go le kae le e leng mo baleofing ba bagolo, gore ba bangwe ba tle ba lemoge gore, le bone, ba ka nna le botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
17 만세의 왕 곧 썩지 아니하고 보이지 아니하고 홀로 하나이신 하나님께 존귀와 영광이 세세토록 있어지이다! 아멘 (aiōn g165)
A kgalalelo le tlotlo di nne go Modimo ka metlha le metlha. Ke kgosi ya dingwagangwaga, e e sa bonweng, e e sa sweng; ene ka esi ke Modimo, ebile o tletse botlhale Amen. (aiōn g165)
18 아들 디모데야 내가 네게 이 경계로써 명하노니 전에 너를 지도한 예언을 따라 그것으로 선한 싸움을 싸우며
Jaanong Timotheo, morwaaka, se ke taolo ya me mo go wena: tlhabana sentle mo dintweng tsa Morena, fela jaaka Morena a re boleletse ka baporofiti ba gagwe gore o tlaa dira.
19 믿음과 착한 양심을 가지라 어떤 이들이 이 양심을 버렸고 그 믿음에 관하여는 파선하였느니라
Ngaparela tumelo ya gago thata mo go Keresete mme ka nako tsotlhe a segakolodi sa gago se nne se le phepa, o dira se o itseng gore se siame. Gonne batho ba bangwe ba tlhokile kutlo mo digakoloding tsa bone, mme ba dira ka bomo tse ba itsileng gore ga di a siama. Ga go hakgamatse gore erile ka bofefo ba latlhegelwa ke tumelo ya bone mo go Keresete ba sena go nyatsa Modimo jalo.
20 그 가운데 후메내오와 알렉산더가 있으니 내가 사단에게 내어준 것은 저희로 징계를 받아 훼방하지 말게 함이니라
Humenaio le Alekesenda ke dikai tse pedi tsa sone se, ke ne ka ba neela Satane go ba otlhaya go fitlhelela ba ithuta go sa tlhabiseng leina la ga Keresete ditlhong.

< 디모데전서 1 >