< 데살로니가전서 1 >

1 바울과 실루아노와 디모데는 하나님 아버지와 주 예수 그리스도 안에 있는 데살로니가인의 교회에 편지하노니 은혜와 평강이 너희에게 있을지어다
Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo le Silase le Timotheo. Lo kwalelwa: Phuthego e e kwa Thesalonia, lona ba lo leng ba Modimo Rara le Morena Jesu Keresete: a tshegofatso le kagiso ya pelo e nne dineo tsa lona tse di itekanetseng di tswa kwa Modimong Rraa rona, le kwa go Jesu Keresete Morena wa rona.
2 우리가 너희 무리를 인하여 항상 하나님께 감사하고 기도할 때에 너희를 말함은
Ka malatsi otlhe re leboga Modimo ka lona re ntse re lo rapelela ka metlha yotlhe.
3 너희의 믿음의 역사와 사랑의 수고와 우리 주 예수 그리스도에 대한 소망의 인내를 우리 하나님 아버지 앞에서 쉬지 않고 기억 함이니
Ga re ke re lebala ditiro tsa lona tsa lorato fa re ntse re bua le Modimo wa rona le Rara kaga lona, le kaga tumelo ya lona e e nonofileng le ka go lebelela ka tshisibalo go bonala ga Morena wa rona Jesu Keresete.
4 하나님의 사랑하심을 받은 형제들아 너희를 택하심을 아노라
Re a itse gore Modimo o lo tlhophile, bakaulengwe ba ba rategang thata mo Modimong.
5 이는 우리 복음이 말로만 너희에게 이른 것이 아니라 오직 능력과 성령과 큰 확신으로 된 것이니 우리가 너희 가운데서 너희를 위하여 어떠한 사람이 된 것은 너희 아는 바와 같으니라
Gonne erile fa re lo leretse Mafoko a a molemo, e ne e se gore ke puo fela e e senang molemo mo go lona; nnyaa, lo ne lwa reetsa ka kgatlhego e kgolo. Se re se lo boleletseng se ne sa ungwa loungo lo lo nonofileng mo go lona, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa lo naya tlhomamiso e kgolo gore se re se buileng e ne e le boammaaruri. Ebile lo itse ka fa one matshelo a rona a neng a le sesupo mo go lona sa boammaaruri jwa molaetsa wa rona ka teng.
6 또 너희는 많은 환난 가운데서 성령의 기쁨으로 도를 받아 우리와 주를 본받은 자가 되었으니
Jalo lwa nna balatedi ba rona le ba Morena; gonne lo amogetse molaetsa wa rona ka boitumelo jo bo tswang mo Moweng O O Boitshepo mo godimo ga meleko le dikutlo botlhoko tse o di lo lereditseng.
7 그러므로 너희가 마게도냐와 아가야 모든 믿는 자의 본이 되었는지라
Mme lona ka sebele lwa nna sekao mo Bakereseteng ba bangwe botlhe mo Masedonia le mo Akaia.
8 주의 말씀이 너희에게로부터 마게도냐와 아가야에만 들릴 뿐 아니라 하나님을 향하는 너희 믿음의 소문이 각처에 퍼지므로 우리는 아무 말도 할 것이 없노라
Mme jaanong lefoko la Morena le dule mo go lona la anamela kwa ntle kwa go ba bangwe gongwe le gongwe, kgakala go feta melelwane ya Masedonia le Akaia, gonne gongwe le gonwe kwa re yang teng re fitlhela batho ba re bolelela kaga tumelo ya lona e e sa belaesegeng mo Modimong. Ga go tlhokege gore re ba bolelele ka yone,
9 저희가 우리에 대하여 스스로 고하기를 우리가 어떻게 너희 가운데 들어간 것과 너희가 어떻게 우상을 버리고 하나님께로 돌아와서 사시고 참되신 하나님을 섬기며
gonne ba re bolelela gangwe le gape kaga kamogelo e e hakgamatsang e ntle e lo re amogetseng ka yone, le ka fa lo furaletseng medimo ya disetwa ka teng lo boela mo Modimong gore jaanong Modimo o o tshelang o o boammaaruri ke one Morena wa lona.
10 또 죽은 자들 가운데서 다시 살리신 그의 아들이 하늘로부터 강림하심을 기다린다고 말하니 이는 장래 노하심에서 우리를 건지시는 예수시니라
Gape ba bua ka fa lo lebeletseng ka teng go bowa ga Morwa Modimo a tswa legodimong, ebong Jesu, yo Modimo o neng wa mo tsosa mo baswing, ebile ke ene fela Mmoloki wa rona mo bogaleng jwa Modimo jo bo boitshegang kgatlhanong le sebe.

< 데살로니가전서 1 >