< 고린도전서 2 >
1 형제들아 내가 너희에게 나아가 하나님의 증거를 전할 때에 말과 지혜의 아름다운 것으로 아니하였나니
Bakaulengwe ba ba rategang, erile fa ke tla kwa go lona ga ke a ka ka dirisa mafoko a boikgogomoso le megopolo e e nonofileng go lo bolelela molaetsa wa Modimo.
2 내가 너희 중에서 예수 그리스도와 그의 십자가에 못 박히신 것 외에는 아무 것도 알지 아니하기로 작정하였음이라
Gonne ke ne ke ikaeletse gore ke tlaa bua kaga Jesu Keresete fela le loso lwa gagwe mo mokgorong.
3 내가 너희 가운데 거할 때에 약하며 두려워하며 심히 떨었노라
Ke tsile kwa go lona ke le bokoa, ke boifa ke roroma.
4 내 말과 내 전도함이 지혜의 권하는 말로 하지 아니하고 다만 성령의 나타남과 능력으로 하여
Mme thero ya me e ne e tlhamaletse, e sena puo e e tsietsang ya botlhale jwa setho, mme nonofo ya Mowa O O Boitshepo e ne e le mo mafokong a me, e supegetsa ba ba neng ba a utlwa gore molaetsa o ne o tswa kwa Modimong.
5 너희 믿음이 사람의 지혜에 있지 아니하고 다만 하나님의 능력에 있게 하려 하였노라
Ke ne ke dira se ka gore ke ne ke batla gore tumelo ya lona e nitame mo Modimong, e seng mo megopolong e megolo ya batho.
6 그러나 우리가 온전한 자들 중에서 지혜를 말하노니 이는 이 세상의 지혜가 아니요 또 이 세상의 없어질 관원의 지혜도 아니요 (aiōn )
Le fa go ntse jalo fa ke na le Bakeresete ba ba nonofileng mo tumelong ke a tle ke bue mafoko a botlhale jo bogolo, mme e seng a mofuta o o tswang mono lefatsheng, le e seng ka mofuta wa batho ba lefatshe le, ba ba tlaa tlogang ba nyelela. (aiōn )
7 오직 비밀한 가운데 있는 하나님의 지혜를 말하는 것이니 곧 감취었던 것인데 하나님이 우리의 영광을 위하사 만세 전에 미리 정하신 것이라 (aiōn )
Mafoko a rona a botlhale ka gore a tswa mo Modimong, a re bolelela botlhale jwa leano la Modimo le le re tlisang mo dikgalalelong tsa Legodimo. Leano le le ne le fitlhegile mo lobakeng lwa pele, le fa le ne la dirwa go re solegela molemo pele ga tshimologo ya lefatshe. (aiōn )
8 이 지혜는 이 세대의 관원이 하나도 알지 못하였나니 만일 알았더면 영광의 주를 십자가에 못 박지 아니 하였으리라 (aiōn )
Mme batho ba bagolo ba lefatshe ga ba a ka ba le tlhaloganya; fa ba ne ba le tlhalogantse, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo. (aiōn )
9 기록된 바 하나님이 자기를 사랑하는 자들을 위하여 예비하신 모든 것은 눈으로 보지 못하고 귀로도 듣지 못하고 사람의 마음으로도 생각지 못하였다 함과 같으니라
Ke sone se Dikwalo di se rayang fa di re, ga go na motho ope yo o kileng a bona, a utlwa kgotsa a akanya tse dintle tse Modimo o di baakanyeditseng ba ba ratang Morena.
10 오직 하나님이 성령으로 이것을 우리에게 보이셨으니 성령은 모든 것 곧 하나님의 깊은 것이라도 통달하시느니라
Mme re itse kaga dilo tse ka gore Modimo o rometse Mowa wa one go re di bolelela, mme Mowa wa one o a puruputsha ebile o re bontsha diphiri tse di kwa teng tsa Modimo.
11 사람의 사정을 사람의 속에 있는 영 외에는 누가 알리요 이와 같이 하나님의 사정도 하나님의 영 외에는 아무도 알지 못하느니라
Ga go na ope yo o ka itseng se yo mongwe o se akanyang, kgotsa gore o ntse jang, fa e se ene motho yoo ka boene. Ebile ga go ope yo o ka itseng dikakanyo tsa Modimo fa e se Mowa wa Modimo ka bo-one.
12 우리가 세상의 영을 받지 아니하고 오직 하나님께로 온 영을 받았으니 이는 우리로 하여금 하나님께서 우리에게 은혜로 주신 것들을 알게 하려 하심이라
Modimo o re neile Mowa wa one (eseng mowa wa lefatshe) go re bolelela kaga dineo tse di ntle tsa tshegofatso tse Modimo o re di neileng.
13 우리가 이것을 말하거니와 사람의 지혜의 가르친 말로 아니하고 오직 성령의 가르치신 것으로 하니 신령한 일은 신령한 것으로 분별하느니라
Mo go lo boleleleng kaga dineo tse, re dirisitse one tota mafoko a re neng re a newa ke Mowa O O Boitshepo go tlhalosa ditiro tsa Mowa O O Boitshepo.
14 육에 속한 사람은 하나님의 성령의 일을 받지 아니하나니 저희에게는 미련하게 보임이요 또 깨닫지도 못하나니 이런 일은 영적으로라야 분변함이니라
Mme motho yo e seng Mokeresete ga a ka ke a tlhaloganya a bo a amogela megopolo e e tswang mo Modimong, e Mowa O O Boitshepo o re e rutang. E utlwala e le boeleele mo go ene, ka gore ke ba ba nang le Mowa O O Boitshepo fela ba ba ka tlhaloganyang gore Mowa O O Boitshepo o rayang. Ba bangwe ga ba ka ke ba tlhaloganya.
15 신령한 자는 모든 것을 판단하나 자기는 아무에게도 판단을 받지 아니하느니라
Mme motho wa semowa o tlhaloganya dilo tsotlhe, le tse di tshwenyang ebile di palela motho wa lefatshe, yo o se ka keng a mo tlhaloganya gotlhelele.
16 누가 주의 마음을 알아서 주를 가르치겠느냐 그러나 우리가 그리스도의 마음을 가졌느니라
Go ka nna jang? Gonne ka boammaaruri ga a ise a ke a itse dikakanyo tsa Morena, kgotsa le fa e le go di buisana nae, kgotsa go tshikinya mabogo a Modimo ka thapelo. Mme go bonala go hakgamatsa, rona bakeresete mo go rona re na le bontlha bongwe jwa dikakanyo le mogopolo wa ga Keresete.