< 고린도후서 9 >

1 성도를 섬기는 일에 대하여 내가 너희에게 쓸 필요가 없나니
Ke lemoga gore ga go tlhokege go lo lotlegela se, go thusa batho ba Modimo.
2 이는 내가 너희의 원함을 앎이라 내가 너희를 위하여 마게도냐인들에게 아가야에서는 일 년 전부터 예비하였다 자랑하였는데 과연 너희 열심이 퍽 많은 사람들을 격동시켰느니라
Gonne ke itse ka fa lo tlhwaafaletseng go go dira ka teng, ebile ke ikgantsheditse ditsala mo Masedonia gore lo sale lo ipaakanyeditse go romela kabelo ngogola. Mme tota, ke ka tlhoafalo e ya lona e e tlhotlheleditseng ba le bantsi go simolola go thusa.
3 그런데 이 형제들을 보낸 것은 이 일에 너희를 위한 우리의 자랑이 헛되지 않고 내 말한 것같이 준비하게 하려 함이라
Mme ke romela banna ba fela go tlhomamisa gore tota lo ipaakantse, jaaka ke ba boleletse gore lo tlaa bo lo ipaakantse, le madi a lona otlhe a phuthilwe; ga ke batle gore mo nakong e go ikgantsha ga me kaga lona e bo e le lefela.
4 혹 마게도냐인들이 나와 함께 가서 너희의 준비치 아니한 것을 보면 너희는 고사하고 우리가 이 믿던 것에 부끄러움을 당할까 두려워하노라
Ke ka tlhajwa ke ditlhong thata, mmogo le lona fa bangwe ba Masedonia ba tla le nna, mme ba fitlhela gore ga lo ise lo bo lo ipaakanye ke sena go lo bolelela!
5 이러므로 내가 이 형제들로 먼저 너희에게 가서 너희의 전에 약속한 연보를 미리 준비케 하도록 권면 하는 것이 필요한 줄 생각하였노니 이렇게 준비하여야 참 연보답고 억지가 아니니라
Jalo ke kopile bakaulengwe ba bangwe go goroga pele ga me go bona gore mpho e lo e solofeditseng e siame. Ke batla gore e bo e le mpho tota e sa lebege jaaka ekete e ntshitswe ka patiko.
6 이것이 곧 적게 심는 자는 적게 거두고 많이 심는 자는 많이 거둔다 하는 말이로다
Mme gakologelwang, fa o o fa go le go botlana, o tlaa amogela mo go botlana, molemi yo o lemang peo e se kae fela, o bona thobo e potlana, mme fa a lema thata, o tlaa roba mo go ntsi.
7 각각 그 마음에 정한 대로 할 것이요 인색함으로나 억지로 하지 말지니 하나님은 즐겨 내는 자를 사랑하시느니라!
Mongwe le mongwe o tshwanetse go akanya ka fa o tshwanetseng go aba ka teng. Lo se pateletse ope go ntsha mo go ntsi go feta mo tota ene a batlang go go ntsha, gonne batho ba ba abang ka bopelontle ke bone ba Modimo o ba nayang dikgele,
8 하나님이 능히 모든 은혜를 너희에게 넘치게 하시나니 이는 너희로 모든 일에 항상 모든 것이 넉넉하여 모든 착한 일을 넘치게 하게 하려 하심이라
Modimo o nonofile go lo direla ka go lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang le go feta moo, gore go se ka ga lekana le tse lo di tlhokang fela, gore go tle go sale go le gontsi mo go tlaa abelwang ba bangwe ka boitumelo.
9 기록한 바 저가 흩어 가난한 자들에게 주었으니 그의 의가 영원토록 있느니라 함과 같으니라 (aiōn g165)
Go ntse jaaka dikwalo di bolela di re: “Motho wa Modimo o abela bahumanegi ka pelo e tshweu. Ditiro tsa gagwe tse di molemo di tlaa nna tlotlo mo go ene ka bosakhutleng.” (aiōn g165)
10 심는 자에게 씨와 먹을 양식을 주시는 이가 너희 심을 것을 주사 풍성하게 하시고 너희 의(義)의 열매를 더하게 하시리니
Gonne Modimo, o o nayang molemi peo go lema, mme morago, o mo neye thobo e e siameng go ja, o tlaa nna o lo naya peo gore lo leme, ebile o tlaa e godisa gore lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona.
11 너희가 모든 일에 부요하여 너그럽게 연보를 함은 저희로 우리로 말미암아 하나님께 감사하게 하는 것이라
Ee, Modimo o tlaa lo naya go le gontsi gore le lona lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona, mme fa re isa dimpho tsa lona kwa go ba ba di tsholang ba tlaa thubega ka tebogo le pako mo Modimong ka ntlha ya thuso ya lona.
12 이 봉사의 직무가 성도들의 부족한 것만 보충할 뿐 아니라 사람들의 하나님께 드리는 많은 감사를 인하여 넘쳤느니라
Jalo dilo tse pedi tse di molemo di diragala ka ntlha ya dimpho tsa lona, ba ba tlhokang ba a thusiwa, mme ba leboga Modimo mo go golo.
13 이 직무로 증거를 삼아 너희의 그리스도의 복음을 진실히 믿고 복종하는 것과 저희와 모든 사람을 섬기는 너희의 후한 연보를 인하여 하나님께 영광을 돌리고
Ba lo ba thusang ba tlaa itumela e seng fela ka ntlha ya dimpho tsa bopelo-ntle jwa lona mo go bone le ba bangwe, mme ba tlaa baka Modimo ka tshupo e gore ditiro tsa lona di molemo fela jaaka thuto ya lona.
14 또 저희가 너희를 위하여 간구하며 하나님의 너희에게 주신 지극한 은혜를 인하여 너희를 사모하느니라
Mme ba tlaa lo rapelela ka tlhwaafalo e kgolo le maikutlo ka ntlha ya tshegofatso e e hakgamatsang ya Modimo e e supilweng ka lona.
15 말할 수 없는 그의 은사를 인하여 하나님께 감사하노라
Lebogang Modimo ka Morwaa-one, ebong neo e e hakgamatsang e go leng thata go ka e tlhalosa ka molomo.

< 고린도후서 9 >