< ローマ人への手紙 5 >

1 第三款 キリストによる義の充満せる事 然れば我等は信仰に由りて義とせられ、我主イエズス、キリストを以て神と和睦したるなり。
Mme jaanong, ka re siamisitswe mo ponong ya Modimo ka tumelo mo ditsholofetsong tsa one, re ka nna le kagiso mo go one ka ntlha ya se Jesu Keresete Morena wa rona o se re diretseng.
2 又彼を以て、信仰によりて今立てる所の恩寵に至る事を得て、神の(子等の)光榮の希望を以て誇と為す。
Gonne ka ntlha ya tumelo ya rona, o re beile mo lefelong le le nang le tshwanelo e e kwa godimo fa re leng teng jaanong, mme re lebeletse ka tshepo le ka boitumelo go nna se tota Modimo o neng o gopotse gore re nne sone.
3 加之我等は又患難に在る事を誇とす、其は患難は忍耐を生じ、
Le rona re ka itumela, fa re tsena mo matha-teng le mo melekong gonne re itse gore mathata a re siametse, a re thusa go ithuta go nna pelotelele.
4 忍耐は練達を生じ、練達は希望を生ずるを知ればなり。
Mme bopelotelele bo tlhogisa boitshwaro jo bo nonofileng mo go rona, ebile bo re thusa go ikanya Modimo thata mo nakong nngwe le nngwe fa re bo dirisa go fitlhelela lwa bofelo tsholofelo ya rona le tumelo di nonofa di bo di dira ka boiketlo le kelotlhoko di sa reketle.
5 抑希望は恥を來さず、蓋我等に賜りたる聖霊を以て、神の愛は我等の心に注がれたるなり。
Mme fa moo go diragala, re kgona go ema re nitame, ga go re sepe gore go diragala eng ebile re itse gore gotlhe go siame, gonne re itse ka fa Modimo o re ratang ka teng, ebile re utlwa lorato lo lo tukang gongwe le gongwe mo go rona gonne Modimo o re neile Mowa O O Boitshepo go tlatsa dipelo tsa rona ka lorato lwa one.
6 即我等が尚弱かりしに、キリストが時至りて不敬者の為に死し給ひしは何ぞや。
E rile re sa kgone go ithusa gotlhelele go se na letshoba la go falola, Jesu a tla ka nako e e tshwa-netseng mme a re swela rona baleofi ba re neng re sena molemo mo go ene.
7 夫義人の為に死する者は稀なり、誰か敢て善人の為に死なんや。
Le fa tota re ne re siame, re ne re se ka ke ra solofela ope go re swela, lefa go ntse jalo, go re swela go ne go ka kgonega.
8 然るに神が我等に對して其愛を著しく顕し給ふは、我等が尚罪人たりしに時至りて
Mme Modimo o ne wa supa lorato lwa one lo logolo mo go rona ka go romela Keresete go tla go re swela fa re ne re sa ntse re le baleofi.
9 キリスト我等の為に死し給ひしを以てなり。然れば今や我等は其御血を以て義とせられたれば、尚彼に由りて怒より救はるべきなり。
Mme e re ka madi a gagwe a re diretse mo gotlhe re le baleofi, o tlaa re direla go le gogolo thata jang jaanong ka a re supile re se molato? Jaanong o tlaa re boloka mo bogaleng jotlhe jwa Modimo jo bo tlang.
10 蓋我等は敵なりしを御子の死によりて神と和睦したる者なれば、况や和睦したる後は彼の生命に由りて救はるべきをや。
Mme e re ka re ne re le baba ba one, re ne ra busediwa kwa Modimong ka loso lwa Morwaa one, kana ke masego a magolo thata jang a o tshwanetseng go a re naya jaanong ka gore re ditsala tsa one, le ka gore o nna mo go rona!
11 加之、我等は又今和睦を得させ給ひし我主イエズス、キリストに由りて、神を以て誇と為す。
Jaanong re itumela mo kgolaganong ya rona e ntle e ncha le Modimo, gotlhe ka ntlha ya se Morena wa rona Jesu Keresete o se dirileng ka go swela dibe tsa rona, a re dira ditsala tsa Modimo.
12 第四款 キリストとアダンとの比較 然れば一人に由りて罪此世に入り、又罪に由りて死の入りし如く、人皆罪を犯したるが故に死総ての上に及べるなり。
Erile fa Adamo a leofa, sebe sa tsena mo bathong botlhe. Sebe sa gagwe sa lere loso mo lefatsheng lotlhe, jalo sengwe le sengwe sa simolola go tsofala le go swa, gonne tsotlhe di leofile.
13 蓋律法の出づる迄は、罪は世に在りしかど、律法なきを以て罪とせざれざりき。
(Re itse gore ke sebe sa ga Adamo se se dirileng selo se) gonne le fa go ntse jalo, batho ba ne ba tswelela ba leofa go simolola ka nako ya ga Adamo go fitlhelela ka Moshe, ka malatsi ao Modimo o ne o ise o ba neele melao ya one le fa e le go ba bolelela se o batlang ba se dira.
14 然りながら、アダンよりモイゼに至る迄、アダンの犯罪の如き罪を犯さざりし人々にも死は王たりき。抑アダンは将來のアダンの前表なり。
Jalo e ne ya re fa mebele ya bone e e swa e bo e se ka ntlha ya dibe tsa bone, ka ntlha ya gore bone ka bo bone ba ne ba ise ba ke ba tlole molao mongwe wa botlhokwa wa Modimo kgatlhanong le go ja loungo lo lo idiwang, jaaka Adamo a ne a dira. A pharologanyo e tona fa gare ga ga Adamo le Keresete yo o neng a tlaa tloga a tla!
15 然れど罪と賜とは均しからず、即ち一人の罪に因りて死したる者は多けれども、神の恩寵と一人のイエズス、キリストの恵とに由れる賜は、况て多くの人に溢れたるなり。
Gape a pharologanyo e tona fa gare ga sebe sa motho le boitshwarelo jwa Modimo! Gonne monna yo fela a le nosi Adamo, o lerile loso mo go ba le bantsi ka sebe sa gagwe. Mme monna yo ebong Jesu Keresete, o lerile boitshwarelo mo go ba le bantsi ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya Modimo.
16 又賜と一の罪の結果とは均しからず、即ち審判は一の罪よりして、有罪の宣告に至りしに、賜は多くの罪より義とするに至れるなり。
Sebe sa ga Adamo se le sosi se lerile loso mo go ba le bantsi, fa Keresete a tlosa dibe tsotlhe a ba naya botshelo jo bo galalelang mo boemong jwa loso.
17 蓋一人の罪の為に、死は其一人よりして王となりたれば、况て溢るる程の恩寵と義の賜とを蒙る人々は、一人のイエズス、キリストに由りて、生命に於て王となるべし。
Sebe sa monna yo a le nosi, ebong Adamo, se dirile loso go nna kgosi mo go botlhe, mme botlhe ba ba tlaa amogelang neo ya Modimo ya boitshwarelo le kgololo ke dikgosi tsa botshelo ka ntlha ya monna yo, a le nosi, ebong Jesu Keresete.
18 然れば一人の犯罪を以て一切の人間まで有罪の宣告を受くるに至りし如く、一切の人間は一人の義を以て義とせられ生命を得るに至れるなり。
Ee, Sebe sa ga Adamo se tlisitse kotlhao mo go botlhe, mme tshiamo ya ga Keresete e dira batho tshiamo mo Modimong, gore ba tshele.
19 蓋一人の不從順に由りて多くの人が罪人とせられし如く、亦一人の從順に由りて多くの人は義人とせらるべし。
Adamo o dirile ba le bantsi gore ba nne baleofi gonne gaa a ka a reetsa Modimo, mme Keresete o dirile ba le bantsi go amogelesega kwa Modimong gonne o ne a reetsa Modimo.
20 律法入來りて罪増ししかど、罪の増しし處には恩寵彌増せり。
Melao e e some e ne ya ntshiwa gore botlhe ba bone selekanyo sa ka fa ba tlhaelang ka teng go obamela melao ya Modimo. Mme fa re ntse re bona boleo jwa rona ke gone bogolo re bonang kutlwelobotlhoko ya Modimo o o re itshwarelang.
21 是罪が死を以て王となりし如く、恩寵も亦我主イエズス、キリストに由りて義を以て王となり、永遠の生命に至らしめん為なり。 (aiōnios g166)
Pele, sebe se ne se busa batho botlhe mme sa ba lere mo losong, mme jaanong kutlwelo-botlhoko ya Mo-dimo e busa mo boemong jwa sebe, e re naya tshwanelo ya go ema fa pele ga Modimo re le ba ba itekanetseng gore re nne le botshelo jo bo sa khu-tleng ka Jesu Keresete Morena wa rona. (aiōnios g166)

< ローマ人への手紙 5 >