< ヨハネの黙示録 1 >

1 イエズス、キリストの黙示、即ち必ず速に成るべき事を其僕等に明さしめんとて、神はイエズスに賜ひ、イエズス又其使を遣はして其僕ヨハネに示し給ひ、
Lokwalo lo lo senola ditiro dingwe tse di tlaa akofang di diragala ka lobaka lo lo tlang mo botshelong jwa ga Jesu Keresete. Modimo o mo letlile go senolela motlhanka wa gagwe Johane dilo tse mo ponatshegelong; mme moengele a romelwa a tswa legodimong go tlhalosa gore ponatshegelo e raya eng.
2 ヨハネは神の御言を證し、又イエズス、キリストの證明し給ひし事、総て己が目撃せし事を證したるものなり。
Johane a kwala gotlhe mo, ebong Mafoko a Modimo le a ga Jesu Keresete le sengwe se a se utlwileng le se a se bonyeng.
3 此預言の言を読み且聞きて、是に録したる事を守る人は福なり、其は時近ければなり。
Fa o balela phuthego polelo pele e, o tlaa amogela lesego le le faphegileng le le tswang mo Moreneng. Ba ba e reetsang fa e balwa ba bo ba dira se e se bolelang, le bone ba tlaa segofala. Gonne lobaka lo atametse lo dilo tse di tlaa diragalang ka lone.
4 ヨハネ[小]アジアにある七教會に[書簡を贈る]。願はくは現に在し、曾て在し、且來り給ふべきものより、又其玉座の前に在る七霊より、
Lo ke lokwalo lo lo tswang kwa go: Johane A kwalela: Diphuthego tse supa mo Asia. Ditsala tse di rategang: A tshegofatso le kagiso tse di tswang mo Modimong di nne le lona. Yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yoo tlang! Le mo meweng e e supang e e fa pele ga setilo sa gagwe sa Bogosi;
5 又イエズス、キリストより、恩寵と平安とを汝等に賜はらん事を。即ちイエズス、キリストは忠實なる證者、死者の中より先ちて生れ給ひしもの、地上の王等の君に在し、我等を愛し給ひ、御血を以て我等を罪より潔め給ひ、
le mo go Jesu Keresete yo ka go ikanyega a re senolelang boammaaruri jotlhe. Ke ene wa ntlha go tsoga mo baswing, le go sa tlholeng a a swa. O mogolo go feta kgosi nngwe le nngwe mo lefatsheng lotlhe. A a bakwe yo o re ratang ka metlha yotlhe le yo o re gololang mo dibeng tsa rona ka go re tshololela madi a gagwe a botshelo.
6 我等を以て其父にて在す神の為に國と為し祭司と為し給ひしものにして、光榮と権威と是に在りて世々に限なし、アメン。 (aiōn g165)
O re phuthetse mo Bogosing jwa gagwe a bo a re dira baperesiti ba Modimo Rraagwe. Mo neeng kgalalelo ka go sa feleng! o busa ka bosakhutleng! Amen. (aiōn g165)
7 看よ彼は雲に乗りて來り給ふ、凡ての目及び彼を刺貫きし人々も之を見ん、地上の萬民彼の故に歎かん。然り、アメン。
Bonang! O e tla, a dikaganyeditswe ke maru; mme matlho otlhe a tlaa mmona, ee, le ba ba mo tlhabileng. Le dichaba di tlaa lela ka khutsafalo le ka poifo fa a tla, Ee! Amen!
8 現に在し、曾て在し、且來り給ふべき全能の神にて在す主曰く、我はアルファなり、オメガなり、始なり、終なり、と。
“Ke nna Alefa le Omeka, Tshimologo le Bokhutlo jwa dilo tsotlhe,” go bua jalo Modimo, yo e leng Morena, yo e leng Mothatayotlhe yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yo o tlang gape!
9 第一編 七教會に贈る書簡 汝等の兄弟にして、キリスト、イエズスに於て患難と國と忍耐とを共にせる我ヨハネ、神の御言の為、及びイエズスを證し奉らん為に、パトモスと云へる島に在りしが、
Ke nna, mokaulengwe wa lona Johane, yo ke tlhakanetseng pitlagano le lona, yo ke lo kwalelang lokwalo lo. Le nna ke abalana le lona bopelotelele jo Jesu o re bo nayang, ebile re tlaa tlhakanela Bogosi jwa gagwe! Ke ne ke le mo setlhaketlhakeng sa Patemosa, ke kobetswe teng ka ntlha ya go rera Lefoko la Modimo, le go bolela se ke se itseng kaga Jesu Keresete.
10 或主日に當り、氣を奪はるるが如くになりて、我後に喇叭の如き大いなる聲を聞けり、
E ne e le ka letsatsi la Morena mme ebile ke ne ke obama, fa ka tshoganetso ke utlwa lentswe le le tsholetsegileng fa morago ga me, lentswe le le neng le utlwala jaaka tumo ya torompeta.
11 曰く、汝見る所を書に記して、アジアなるエフェゾ、スミルナ、ベルガモ、チアチラ、サルヂス、フィラデルフィア、ラオヂケアの七教會に贈れ、と。
Le re, “Ke nna Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo!” Mme ka mo utlwa a re, “Kwala sengwe le sengwe se o se bonang, mme o romele lokwalo lwa gago mo diphuthegong di supa tse di mo Asia: mo phuthegong e e mo Efeso, e e mo Semerena, tse di mo Peregamose, Thiatira, Seredisa, Filadelefia mo Laodisia.”
12 我己に語れる聲を見んとて顧みしが、顧みれば七の金の燈台あり、七の金の燈台の中央に當りて人の子の如きものあり、
Erile fa ke retologa bona yo o neng a bua le nna, teng fa morago ga me ga bo go le dipone di supa tsa gauta.
13 足まで垂れたる衣を着し、胸に金の帯を締め給ひ、
Mme mo gare ga tsone ga bo go eme mongwe yo o neng a tshwana le Jesu yo o neng a ipitsa Morwa Motho, a apere kobo e telele a itlamile ka moitlamo wa gauta go kgabaganya sehuba sa gagwe.
14 御頭と髪毛とは白き羊の毛の如く又雪の如く白く、御目は燃ゆる焔の如く、
Moriri wa gagwe o ne o le mosweu jaaka bobowa kgotsa kapoko, le matlho a gagwe a ntse jaaka kgabo ya molelo.
15 兩の御足は熱き炉に於る青銅の如く、御聲は大水の音の如く、
Dinao tsa gagwe di ne di phatsima jaaka kgotlho e e ntlafaditsweng mo leubelong le lentswe la gagwe la gagwe le Suma jaaka makhubu a lewatle a itaaka lotshitshi.
16 右の御手には七の星を持ち給ひ、御口より兩刃の利き剣を出し、御顔は日盛に照輝ける太陽の如し。
O ne a tshotse dinaledi di supa mo seatleng sa gagwe se segolo le chaka e e lootsegileng e e ntlha pedi mo molomong wa gagwe, le sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka nonofo ya letsatsi mo go senang maru.
17 我之を見るや、死せるが如く御足下に倒れしが、右の御手を我に觸けて曰ひけるは、懼るる勿れ、我は最初のものにして又最終のものなり、
Erile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka ekete ke sule; mme a baya seatla sa gagwe se segolo mo go nna a re, “Se boife! Le fa ke le wa Ntlha le wa Bofelo,
18 我は活けるものにして死したりしものなり。看よ我は世々に限なく活きて、死と地獄との鍵を有てり、 (aiōn g165, Hadēs g86)
yo o tshelang yo o neng a swa, yo jaanong o tshelang ka bosakhutleng, yo o tshotseng dilotlele tsa molete le loso, se boife! (aiōn g165, Hadēs g86)
19 然れば汝が既に見し事、現にある事、此後あるべき事、
“Kwala se o ntseng o se bona, le se o tlaa tlogang o se supegediwa.
20 又我右の手に見し七の星の奥義と、七の金の燈台の奥義とを書記せ、七の星は七教會の天使にして、七の燈台は七教會なり。
Se ke tlhaloso ya dinaledi tse di supang tse o di bonyeng mo seatleng sa me se segolo, le dipone tse di supang tsa gauta: dinaledi tse di supang ke baeteledipele ba diphuthego di supa, mme ditlhomo tse di supang ke diphuthego ka bo tsone.

< ヨハネの黙示録 1 >