< ルカの福音書 1 >

1 我等の中に成立ちし事の談を、初より親しく目撃して教の役者たりし人々の
Go tsala e e ratang Modimo. Dipolelo tse dintsi kaga Keresete di setse di kwadilwe di dirisiwa ka maitshegeletso a tsone jaaka dipolelo mo go rona go tswa mo barutweng ba pele le ba bangwe ba ba di boneng ka matlho.
2 我等に言傳へし如く書列ねんとて、多くの人既に着手せるが故に、
3 貴きテオフィロよ、我も凡ての事を最初より詳しく取調べて、順序よく汝に書贈るを善と思へり。
Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala mo go nna gore go ka siama fa nka boelela dipolelo tse gape go simolola ka palo ya ntlha go ya kwa go ya bofelo morago ga tlhotlhomiso tota ke be ke lo bolelela polelo e.
4 是汝をして教へられし教の確實なるを暁らしめん為なり。
Go lo tlhomamisetsa boammaaruri kaga se lo se rutilweng.
5 第一款 洗者ヨハネ誕生の次第 第一篇 キリスト御幼年及私生活 第一項 キリスト降誕の豫備 抑ユデアの王ヘロデの時、アビアの班にザカリアと云へる司祭あり。其妻はアアロンの裔なる女にて、名をエリザベトと云へり。
Polelo ya me e simologa ka Moperesiti wa Sejuta, ebong Sakarea yo o tshedileng ka lobaka lwa Herode e le kgosi ya Judea. Sakarea e ne e le leloko la batsamaisi ba Tempele ya ga Abija, (mosadi wa gagwe Elisabetha le ene o ne a tshwana le ene e le leloko la baperesiti ba morafe wa Sejuta, wa losika lwa ga Arone.)
6 二人ながら神の御前に義しき人にして、主の凡ての禁令と規律とを過なく履行ひ居たりしが、
Sakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong.
7 エリザベトは石女なれば、彼等に子なくして、二人とも年老いたりき。
Mme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata.
8 然るにザカリア其班の順によりて、神の御前に司祭の務を行ひけるに、
Ka letsatsi lengwe ya re Sakarea a tsamaisa tiro ya gagwe mo Templeng, gonne lesomo la gagwe le ne le le mo tirong mo bekeng eo, tlotlego ya mo tlela ya go tsena mo felong ga Boitshepo go ya go fisa mashwalo fa Pele ga Modimo.
9 司祭職の慣例に從ひ、籤を抽きて、主の殿に入り、香を焼く事を得たり。
10 香を焼く時に當り、人民群集して、皆外にて祈り居けるに、
Ka lobakanyana, bontsi jwa kokoano ya batho jwa emela kwa ntle ga Tempele, ba rapela jaaka ba tle ba dire fa mashwalo a fisiwa.
11 主の使、香台の右に立ちてザカリアに現れしかば、
Sakarea o ne a le mo felong ga boitshepo fa ka tshoganetso Moengele a iponatsa mo go ene, a eme ka fa letsogong le legolo la sebeso sa ma-shwalo! Sakarea o ne a tshogile ebile a gamaregile.
12 ザカリア之を見て心騒ぎ、且恐ろしさに撲たれたり。
13 天使之に云ひけるは、懼るる事勿れザカリア、蓋汝の祈聴容れられたり。妻エリザベト汝に一子を生まん、汝其名をヨハネと名くべし。
Mme moengele a mo raya a re, “Se boife, Sakarea! Gonne ke tletse go go bolelela gore Modimo o utlwile thapelo ya gago le mosadi wa gago Elisabetha o tlaa tshola ngwana wa mosimane! Mme o tlaa mo raya leina o re Johane.
14 而して汝には喜に堪へざる事となり、多くの人も亦其誕生に由りて喜ばん。
Ka bobedi jwa lona lo tlaa nna le boipelo jo bogolo le boitumelo ka botsalo jwa gagwe, mme ba le bantsi ba tla ipela le lona.
15 即ち彼は主の御前に偉大にして、葡萄酒と酔ふ物とを飲まず、母の胎内より既に聖霊に満たされん。
Gonne e tlaa nna mongwe wa batho ba bagolo ba Morena. A se ka a nwa mofine kgotsa seno se se tagisang-gonne o sa le a tladitswe ka Mowa o o Boitshepo, le e leng pele ga a tsalwa!
16 又イスラエルの多くの子を、主たる其神に歸らしめ、
Mme o tlaa tlhotlheletsa Bajuta ba le bantsi go sokologela mo go Morena Modimo wa gagwe.
17 エリアの精神と能力とを以て主の先に往かん、是主の為に完全なる人民を備へんとて、先祖の心を子孫に立歸らせ、不信者を義人の知識に立歸らせん為なり、と。
E tlaa nna motho yo o mowa o makgawekgawe a nonofile jaaka Elija, moporofiti yo mogolo; mme o tlaa etelela pele go tla ga ga Mesia, a baakanyetsa batho go goroga ga gagwe. O tlaa ba ruta go rata Morena fela jaaka bagolwane ba bone ba ne ba dira, le go tshela jaaka batho ba ba boifang Mo-dimo.”
18 ザカリア、天使に云ひけるは、我何に據りてか此事あるを知るべき。蓋我は老人にして、妻も亦年老いたればなり。
Hong Sakarea a raya moengele a re, “Mme mo ga go kgonege! Ke setse ke le monna mogolo jaanong, le mosadi wa me le ene o tsofetse.”
19 天使答へて云ひけるは、我は神の御前に立つガブリエルにして、我が遣はされたるは、汝に語りて是等の福音を告げん為なり。
Hong moengele a mo raya a re, “Ke Gabariele ke eme sentle fa pele ga Modimo. Ke one o o ntho-mileng kwa go wena ka mafoko a a molemo a!
20 看よ、時期至りて成就すべき我言を信ぜざりしにより、汝は唖となりて、此事の成る日まで言ふこと能はじ、と。
Mme jaanong, ka gore ga o a ka wa ntumela, o tlaa dirwa semumu, o tlaa palelwa ke go bua go fitlhelela ngwana a tsholwa. Gonne mafoko a me a tlaa diragala ka nako e e leng yone.”
21 人民はザカリアを待ちつつ、其殿内に滞るを怪しみたりしが、
Ka lobakanyana kokoano ya batho kwa ntle ba bo ba letile Sakarea go boa, ebile ba gakgametse gore ke eng fa a diegile.
22 出づるに及びて言ふ能はざれば、人々彼が殿内にて幻影を見し事を暁れり。彼は手眞似するのみにて、唖は其儘なりしが、
Ya re a tswa a bo a palelwa, ke go bua nabo, jalo ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng. Ene a nna a ba gwetlha fela a ntse.
23 遂に其務の日數満ちて己が家に歸りしに、
Hong a nna mo Tempeleng selekanyo sa malatsi a a setseng a tiro ya gagwe ya Tempele mme morago a boela gae.
24 日ならずして妻エリザベト懐胎せしかば、隠るる事五箇月にして、
Ka bonako morago ga lobaka Elisabetha mosadi wa gagwe a ithwala a nna a le nosi selekanyo sa kgwedi tse tlhano.
25 云へらく、主は人々の間に我が恥を雪がしめんとて、我を顧み給ひたる日に斯も我に為し給ひしなり、と。
“A goa” a re, “Morena o pelotlhomogi mo go kae, go ntsha tlotlologo ya me ya go tlhoka bana!”
26 第二款 マリア天使の告を蒙る 然て六月目に當り、天使ガブリエルガリレアのナザレトと云へる町に、
Kgwedi e e latelang Modimo wa roma moengele Gabariele kwa Nasaretha, motse wa Galalea,
27 ダヴィド家のヨゼフと名る人の聘定せし童貞女に神より遣されしが、其童貞女名をマリアと云へり。
kwa kgarebaneng, Marea, yo o neng a beeletswe go nyalwa ke monna yo o neng a bidiwa Josefe, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide.
28 天使彼の許に入來りて云ひけるは、慶たし、恩寵に満てる者よ、主汝と共に在す。汝は女の中にて祝せられたる者なり、と。
Gabariele a iponatsa mo go ene a re, “A go nne boitumelo kgarebane e e rategang! Morena o na le wena!”
29 マリア之を見て其言に由りて大いに心騒ぎ此祝詞は如何なるものぞ、と案じ居るを、
Marea o ne a tshwenyegile thata fa a leka go akanya se moengele a ka neng a se raya.
30 天使云ひけるは、懼るる事勿れマリア、汝神の御前に恩寵を得たればなり、
Moengele a mo raya a re, “Se tshoge Marea, gonne Modimo o thata.
31 然て汝懐胎して一子を生まん、其名をイエズスと名くべし。
Ka bonako jaanong o tlaa ithwala mme o tlaa nna le ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re ‘Jesu’
32 彼は偉大にして、最高き者の子と稱へられん。又主なる神之に其父ダヴィドの玉座を賜ひて、
O tlaa nna mogolo thata mme o tlaa bidiwa Morwa Modimo. Mme Morena Modimo o tlaa mo naya setilo sa bogosi sa mogolwagolwane wa gagwe Dafide.
33 ヤコブの家を限なく治め、其治世は終なかるべし、と。 (aiōn g165)
O tlaa busa mo Iseraela ka bosakhutleng, Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo fela!” (aiōn g165)
34 マリア天使に云ひけるは、我夫を知らざるに、如何にしてか此事あるべき。
Mme Marea a botsa moengele a re, “Ke ka nna jang le ngwana? ke le kgarebane.”
35 天使答へて曰く、聖霊汝に臨み給ひ、最高き者の能力の蔭汝を覆はん、故に汝より生るべき聖なるものは神の子と稱へらるべし。
Moengele a mo fetola a re, “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo.
36 夫汝の親族エリザベトすら、老年ながら一子を懐胎せり、斯て石女と呼ばれたる者今既に六月目なり。
Mo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa ‘moopa’ jaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe!
37 蓋何事も神には能はざる所あらじ、と。
Gonne tsholofetso nngwe le nngwe e e tswang mo Modimong e tlaa diragala.”
38 マリア云ひけるは、我は主の御召使なり、汝の言の如く我に成れかし、と。是に於て天使彼を去れり。
Mme Marea a re, “Ke motlhanka wa Morena e bile ke batla go dira sengwe le sengwe se o se batlang. A sengwe le sengwe se o se buileng se diragale.” Hong moengele a nyelela.
39 第三款 マリア エリザベトを訪問す。 日ならずして、マリア立ちて山地なるユダの町に急行きしが、
Morago ga malatsi a se kae Marea a itlhaganelela kwa makhubung a Judea kwa motseng o Sakarea o neng a nna mo go one, go etela Elisabetha.
40 ザカリアの家に入りて、エリザベトに挨拶せしに、
41 エリザベト、マリアの挨拶を聞くや、其子は胎内にて躍り、エリザベトは聖霊に満たされ、
Mme ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe mme Elisabetha a tlala Mowa o o Boitshepo.
42 聲高く呼はりて云ひけるは、汝は女の中にて祝せられたり、御胎内の御子も祝せられ給ふ。
A tshega ka boitumelo a raya Marea a re, “o ratilwe ke Modimo mo basading botlhe, le ngwana, wa gago, o tlhologeletswe kgalalelo ya Modimo e kgolo.
43 我何によりて我主の母の來臨を辱うしたるぞ。
Ana ke tlotlo e kgolo thata jang, e Mma-Morena wa me o nketetseng ka yone!
44 抑汝が挨拶の聲我耳に響くや、子喜びて我胎内に躍れり。
Erile fa ke utlwa lentswe la gago ka nako e o neng o ntumedisa ka yone, ngwana a tlola mo sebopelong sa me ka boitumelo!
45 福なる哉信ぜし者。是主より云はれし事必ず成就すべければなり、と。
O dumetse gore Modimo o tlaa dira se o se buileng; ke ka moo o go neileng letlhogonolo le le gakgamatsang le.”
46 マリア云ひけるは、我魂主を崇奉り、
Marea a fetola a re, “Ao, ke galaletsa Morena jang.
47 我精神我救主にて在す神に由て喜びに堪へず、
Ke itumela jang mo Modimong Mmoloki!
48 其は其御召使の賤しきを顧み給ひたればなり。蓋看よ今より萬代迄も、人我を福なる者と稱へん、
Gonne o tlhokometse motlhanka wa one wa morweetsana, le jaanong kokomana morago ga kokomana go ya bosakhutleng ba tlaa mpitsa mosegofadiwa wa Modimo.
49 全能にて在す者、我に大事を為し給ひたればなり。聖なる哉其御名。
“Gonne ene yo mogolo yo o boitshepo, o ntiretse dilo tse dikgolo.
50 其矜恤は代々之を畏るる人々の上に在り。
Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo tsamaya go tsweng kokomaneng go ya kokomaneng, mo go botlhe ba ba o boifang:
51 自ら御腕の権能を現し、己が心の念に驕れる人々を打散らし、
“Nonofo ya letsogo la gagwe e kgolo jang! O faladitse baikgantshi le ba ba ikgodisang.
52 権力ある者を其座より下し、賎しき者をば高め、
O digile dikgosi tse di kgolo mo ditilong tsa tsone tsa bogosi mme o godisitse ba ba ingotlileng.
53 飢ゑたる者を佳物に飽かせ、富める者をば手を空しうして去らしめ給へり。
O kgorisitse dipelo tse di bolailweng ke tlala mme o busitse bahumi ba sa tsaya sepe.
54 御矜恤を忘れず、其僕イスラエルを引受け給ひ、
Ebile o thusitse motlhanka wa gagwe Iseraele jang! Ga a ka a lebala tsholofetso ya kutlwelo-botlhoko.
55 我等の先祖に曰ひし如く、アブラハムにも其子孫にも、世々に限なく及ぼし給はん、と。 (aiōn g165)
“Gonne o solofeditse bo rraarona-Aberahame le bana ba gagwe go nna kutlwelo-botlhoko mo go bone go ya bosakhutleng.” (aiōn g165)
56 斯てマリア、エリザベトと共に留る事凡三月にして、己が家に歸れり。
Marea a nna le Elisabetha selekanyo sa dikgwedi tse tharo mme a boela kwa legaeng la gagwe.
57 然てエリザベト、産期満ちて男子を生みしが、
Ka nako e, tebelelo ya ga Elisabetha e ne e setse e wetse, ka gore lobaka lo ne lo setse lo fitlhile lwa ngwana gore a tsholwe mme ya bo e le mosimane.
58 隣人親戚等、主の之に大いなる恵を賜ひし事を聞きて、祝賀し居たり。
Mme lefoko la anamela ka bonako kwa go bangwe ka ene le ba losika gore Morena o mo diretse molemo go le kae, mme mongwe le mongwe a itumela.
59 八日目に至り、人々其子に割禮を施さんとて來り、父の名によりてザカリアと名けんとせしに、
E rile fa ngwana a na le malatsi a fera bobedi botlhe ba losika le ditsala ba tla modirong wa thupiso. Botlhe ba ne ba ithaya ba re leina la ngwana e tlaa nna Sakarea, a reelelwa rraagwe.
60 母答へて、然るべからず、ヨハネと名くべし、と云ひしかば、
Mme Elisabetha a re, “Nnyaa! O tshwanetse go bidiwa Johane!”
61 人々、汝の親戚の中に、此名を付けられたる者なしとて、
Mme ba gakgamala ba re, “Wa reng? Ga go na ope mo go ba gaeno wa leina leo.”
62 父に手眞似して、何と名づけんと欲するぞ、と問ひけるに、
Jalo ba botsa rangwana, ba bua le ene ka diatla.
63 ザカリア書板を求めて、其名はヨハネなりと記したれば、皆感嘆したりしが、
Mme a kopa pampiri e e kwalelang mme mo kgakgamalong ya mongwe le mongwe a kwala a re, “Leina la gagwe ke Johane!”
64 軈てザカリアの口開け、舌解け、言ひて神を祝し奉れり。
Ka bonako Sakarea a kgona go bua gape, mme a simolola go baka Modimo.
65 斯て隣人皆懼を懐き、此凡ての事ユデアの山里に徧く言弘められしかば、
Kgakgamalo ya wela botlhe ba ba agileng gaufi, mme mafoko a se se diregileng a anama le dithota tsa Judea.
66 聞く人皆之を記憶に止めて、此子は如何なる者に成らんと思ふか、と言合へり、蓋主の御手彼と共に在りき。
Mme batho botlhe ba ba utlwileng kaga gone, ba akanya ka boleele ba ipotsa ba re, “Re a gakgamala gore ngwana yo o tsile go nna eng? Gonne letsogo la Morena ruri le mo okame ka mokgwa mongwe wa botlhokwa.”
67 斯て其父ザカリア聖霊に満たされ、預言して云ひけるは、
Hong rraagwe ebong Sakarea a tlala Mowa o o Boitshepo mme a ntsha polelopele e e reng:
68 祝すべき哉、イスラエルの神在す主。其は親ら臨て其民の贖を為し、
Bakang Modimo, Morena wa Iseraele gonne o tsile go etela batho ba gagwe mme o ba golotse.
69 其僕ダヴィドの家に於て、救の角を我等の為に與し給ひたればなり。
O re romeletse Mmoloki yo o senatla a tswa mo losikeng lwa motlhanka wa gagwe Dafide,
70 是古より聖なる預言者等の口に籍りて語り給ひし如く、 (aiōn g165)
fela jaaka a solofeditse ka baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo mo lobakeng lo lo fetileng (aiōn g165)
71 我等の敵より、又総ての我等を憎む者の手より我等を救ひ給ひ、
gore o tlaa re romelela mongwe yo o tlaa re gololang mo babeng ba rona, le mo go botlhe ba ba re ilang.
72 我等の先祖に矜恤を垂れて、其聖約を記憶し給はん為なり。
“O na a le kutlwelobotlhoko mo bagolwaneng ba rona, ee, mo go Aberahame ka bo ene, ka go gakologelwa tsholofetso ya gagwe e e boitshepo mo go ene,
73 而して是我等に賜はんと、我父アブラハムに誓ひ給ひし誓なり。
74 然れば我等の敵の手より救はれて、怖なく主に事へ奉り、
le go re naya tshwanelo ya go direla Modimo kwa ntle ga poifo, re golotswe mo babeng ba rona.
75 聖と義とに於て生涯主の御前に侍らん。
Le go re dira boitshepo le go amogelesega, re siametse go ema fa pele ga one ka bosakhutleng.
76 孩兒よ、汝は最高き者の預言者と稱へられん。其は主の面前に先ちて其道を備へ、
“Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia.
77 其民に罪を赦さるべき救霊の知識を與ふべければなり。是我神の慈悲の腸に由れり。
O tlaa bolelela batho ba one ka fa ba ka bonang poloko ka teng ka boitshwarelo jwa dibe.
78 是が為に旭日は上より我等に臨み給ひて、
Gotlhe mo go tlaa nna ka ntlha ya gore boutlwelo-botlhoko jwa Modimo wa rona bo bonolo thata, e bile bosa jwa legodimo bo tlaa re sela.
79 暗黒及死の蔭に坐せる人々を照らし、我等の足を平安の道に導かんとし給ふ、と。
Go bonesetsa ba ba ntseng mo lefifing la moruti wa loso, le go re goga mo tseleng ya kagiso.”
80 斯て孩兒成長し、精神愈強健にして、イスラエルに顕るる日まで荒野に居れり。
Mme e rile ngwana a sena go gola a rata Modimo thata. A nna kwa ntle mo sekakeng a le esi go fitlhelela a simolola thuto ya gagwe mo Iseraele.

< ルカの福音書 1 >