< テモテへの手紙第二 3 >

1 されど汝これを知れ、末の世に苦しき時きたらん。
Mme Timotheo gape itse se, gore mo malatsing a bofelo go tlaa nna bokete thata go nna Mokeresete.
2 人々おのれを愛する者・金を愛する者・誇るもの・高ぶる者・罵るもの・父 母に逆ふもの・恩を忘るる者・潔からぬ者、
Gonne batho ba tlaa nna baithati le barati ba madi a bone; ba tlaa nna maikgantsho le mabela, ba sotla Modimo, ba sa utlwe batsadi ba bone, ba sa ba tlotle, ebile ba le bosula gotlhelele.
3 無情なる者・怨を解かぬ者・譏る者・節制なき者・殘刻なる者・善を好まぬ者、
Ba tlaa nna ditlhogo di thata ebile ba sa ineele mo go ba bangwe; ba tlaa nna baaki ba gale le dirukhutlhi ebile ba tlaa natefelwa ke mekgwa yotlhe e e bosula. Ba tlaa nna setlhogo, mme ba tlaa sotla ba ba lekang go dira tshiamo.
4 友を賣る者・放縱なる者・傲慢なる者・神よりも快樂を愛する者、
Ba tlaa oka ditsala tsa bone; ba tlaa nna batenegi, baikgogomosi, e le barati ba dikgatlhego bogolo go go rata Modimo.
5 敬虔の貌をとりてその徳を捨つる者とならん、斯かる類の者を避けよ。
Ba tlaa ya kerekeng (phuthegong), ee, mme ga ba kitla ba dumela sepe se ba se utlwang. O se ka wa tsena mo bathong ba ba ntseng jalo.
6 彼らの中には人の家に潜り入りて愚なる女を虜にする者あり、斯くせらるる女は罪を積み重ねて各樣の慾に引かれ、
Ke ba ba kukunelang mo malwapeng a batho ba bangwe mme ba tsalane le basadi ba dieleele ba ba imelwang ke dibe, ba ba rute dithuto tsa bone tse dintsha.
7 常に學べども眞理を知る知識に至ること能はず。
Basadi ba mofuta oo ba saletse ruri morago baruti ba ba makgapha mme ga ba tlhaloganye boammaaruri.
8 彼の者らはヤンネとヤンブレとがモーセに逆ひし如く、眞理に逆ふもの、心の腐れたる者、また信仰につきて棄てられたる者なり。
Mme baruti ba ba tlhabantsha boammaaruri fela jaaka Janese le Jamberese ba ne ba tlhabantsha Moshe. Ba na le megopolo e e leswe, e e sokameng ebile ba fapogile mo tumelong ya Sekeresete.
9 されど此の上になほ進むこと能はじ、そはかの二人のごとく彼らの愚なる事も亦すべての人に顯るべければなり。
Mme ga ba kitla ba ya gope. Letsatsi lengwe tsietso ya bone e tlaa itsiwe sentle ke mongwe le mongwe jaaka boleo jwa ga Janese le Jamperese.
10 汝は我が教誨・品行・志望・信仰・寛容・愛・忍耐・迫害、および苦難を知り、
Mme wena o nkitse sentle gore ga ke motho yo o ntseng jalo. O itse se ke se dumelang le ka fa ke tshelang ka teng le se ke se batlang. O itse tumelo ya me mo go Keresete le ka fa ke bogileng ka teng. O itse lorato lwa me mo go wena, bobelotelele jwa me.
11 またアンテオケ、イコニオム、ルステラにて起りし事、わが如何なる迫害を忍びしかを知る。主は凡てこれらの中より我を救ひ出したまへり。
O itse matshwenyego a ke neng ka nna nao ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo. O itse gotlhe mo go ntiragaletseng fa ke etetse kwa Antioka, Ikonia le kwa Lusetere, mme Morena o ne a nkgolola.
12 凡そキリスト・イエスに在りて敬虔をもて一生を過さんと欲する者は迫害を受くべし。
Ee, pogiso e tlaa tlela botlhe ba ba ikaeletseng go tshela botshelo jwa Modimo go itumedisa Keresete Jesu, e tswa mo go ba ba mo ilang.
13 惡しき人と人を欺く者とは、ますます惡にすすみ、人を惑し、また人に惑されん。
Ke boammaaruri, batho ba ba bosula ba tsietso ba tlaa dira go fetisisa, ba tsietsa ba le bantsi, bone ka bo bone ba tsieditswe ke Satane.
14 されど汝は學びて確信したる所に常に居れ。なんぢ誰より之を學びしかを知り、
Mme o tshwanetse go tswelela go dumela dilo tse o di rutilweng. O a itse gore di boammaaruri gonne o itse gore o ka ikanya bangwe ba rona ba ba go rutileng.
15 また幼き時より聖なる書を識りし事を知ればなり。この書はキリスト・イエスを信ずる信仰によりて救に至らしむる知慧を汝に與へ得るなり。
O itse sentle, gore erile o sa le mmotlana, o ne wa rutwa Dikwalo tse di boitshepo; mme ke tsone tse di go tlhalefesitseng go amogela poloka ya Modimo ka go ikanya Jesu Keresete.
16 聖書はみな神の感動によるものにして、教誨と譴責と矯正と義を薫陶するとに益あり。
Baebele yotlhe re e neetswe ka tlhotlheletso ya Modimo gape e botlhokwa go re ruta se e leng boammaaruri le go re lemotsha se se sa siamang mo matshelong a rona; e a re tlhamalatsa ebile e re thusa go dira tshiamo.
17 これ神の人の全くなりて諸般の善き業に備を全うせん爲なり。
Ke tsela ya Modimo ya go re siamisa mo dilong tsotlhe, gore re felele mo go direleng batho botlhe tshiamo ka botlalo.

< テモテへの手紙第二 3 >