< Κατα Ιωαννην 8 >
Mme Jesu a boela kwa Thabeng ya lotlhware,
mme ya re phakela mo mosong o o latelang a bo a le mo Tempeleng gape. Mme bontsintsi jwa simolola go kokoana, mme a nna fa fatshe a bua nabo.
Ya re a santse a bua, baeteledipele ba Sejuta le Bafarasai ba lere mosadi yo o tshwerweng mo boakeng ba mmaya fa pele ga bontsintsi jwa batho jo bo lebeletseng.
Ba raya Jesu ba re, “Moruti, mosadi yo o tshwerwe fela a santse a dira boaka.
Molao wa ga Moshe wa re a bolawe. Wa reng ka ga gone?”
Ba ne ba leka go mmeela seru sa gore a bue sengwe se ba tlaa mmonang molato ka sone, mme Jesu a inama a kwala mo mmung ka monwana wa gagwe.
Ba tswelela pele ba batla karabo mo go Jesu, jalo a inamologa a ba raya a re, “Go siame, mo kgobotleng ka matlapa go fitlhela a swa. Mme le gale a konopiwe lwa ntlha ke yo a iseng a ke a leofe.”
Mme a inama a kwala gape mo mmung.
Mme baeteledipele ba Sejuta ba ngwangwaela ka bongwe ka bongwe go simolola ka yo mogolo mo go bone go fitlhelela Jesu le mosadi ba sala ba le bosi fa pele ga bontsintsi jwa batho.
Mme Jesu a inamologa gape mme a mo raya a re, “Ba ba go bayang molato ba kae? A le fa e le ope wa bone ga aa go sekisa?”
Mme mosadi a fetola a re, “Nnyaa rra.” Mme Jesu a mo raya a re, “Le nna ga ke go sekise. Tsamaya mme o seka wa tlhola o leofa.”
12 Πάλιν οὖν αὐτοῖς ἐλάλησεν ὁ ˚Ἰησοῦς λέγων, “Ἐγώ εἰμι τὸ φῶς τοῦ κόσμου· ὁ ἀκολουθῶν μοι οὐ μὴ περιπατήσῃ ἐν τῇ σκοτίᾳ, ἀλλʼ ἕξει τὸ φῶς τῆς ζωῆς.”
Mme erile morago, mo go nngwe ya dithero tsa gagwe, Jesu a raya batho a re, “Ke lesedi la lefatshe. Jalo fa lo ntshala moragao, ga lo na go kgotswa mo lefifing, gonne lesedi le le tshelang le tlaa bonesa tsela ya lona.”
13 Εἶπον οὖν αὐτῷ οἱ Φαρισαῖοι, “Σὺ περὶ σεαυτοῦ μαρτυρεῖς· ἡ μαρτυρία σου οὐκ ἔστιν ἀληθής.”
Mme Bafarasai ba mo fetola ba re, “O a ikgantsha ebile o bua maaka!”
14 Ἀπεκρίθη ˚Ἰησοῦς καὶ εἶπεν αὐτοῖς, “Κἂν ἐγὼ μαρτυρῶ περὶ ἐμαυτοῦ, ἀληθής ἐστιν ἡ μαρτυρία μου, ὅτι οἶδα πόθεν ἦλθον καὶ ποῦ ὑπάγω. Ὑμεῖς δὲ οὐκ οἴδατε πόθεν ἔρχομαι ἢ ποῦ ὑπάγω.
Jesu a ba raya a re, “Ditshupo tse di boammaaruri le fa ke di bua di raya nna. Gonne ke itse kwa ke tswang teng le kwa ke go yang, mme ga lo itse kwa ke go tswang le kwa ke go yang.
15 Ὑμεῖς κατὰ τὴν σάρκα κρίνετε, ἐγὼ οὐ κρίνω οὐδένα.
Lo nkatlhola lo sena mabaka a a utlwalang. Nna ga ke lo atlhole jaanong jaana,
16 Καὶ ἐὰν κρίνω δὲ ἐγώ, ἡ κρίσις ἡ ἐμὴ ἀληθινή ἐστιν, ὅτι μόνος οὐκ εἰμί, ἀλλʼ ἐγὼ καὶ ὁ πέμψας με Πατήρ.
mme fa ke ne nka lo atlhola, e ne e tlaa bo e le katlholo ya boammaaruri gotlhelele, gonne ke na le Rara yo o nthomileng.
17 Καὶ ἐν τῷ νόμῳ δὲ τῷ ὑμετέρῳ γέγραπται, ὅτι δύο ἀνθρώπων ἡ μαρτυρία ἀληθής ἐστιν.
Melao ya lona ya re fa batho ba le babedi ba dumalana mo go sengwe se se diragetseng, bosupi jwa bone bo amogelwa e le boammaaruri.
18 Ἐγώ εἰμι ὁ μαρτυρῶν περὶ ἐμαυτοῦ, καὶ μαρτυρεῖ περὶ ἐμοῦ ὁ πέμψας με Πατήρ.”
Mme he, Nna ke mosupi yo mongwe le Rre yo o nthomileng ke mosupi yo mongwe.”
19 Ἔλεγον οὖν αὐτῷ, “Ποῦ ἐστιν ὁ πατήρ σου;” Ἀπεκρίθη ˚Ἰησοῦς, “Οὔτε ἐμὲ οἴδατε, οὔτε τὸν Πατέρα μου. Εἰ ἐμὲ ᾔδειτε, καὶ τὸν Πατέρα μου ἂν ᾔδειτε.”
Mme bone ba botsa Jesu ba re, “Rrago o kae?” Jesu a ba araba a re, “Ga lo nkitse gore ke mang, jalo he, ga lo itse gore Rre ke mang. Fa lo no lo nkitsile, hong le ene lo ka bo lo mo itsele.”
20 Ταῦτα τὰ ῥήματα ἐλάλησεν ἐν τῷ γαζοφυλακίῳ, διδάσκων ἐν τῷ ἱερῷ· καὶ οὐδεὶς ἐπίασεν αὐτόν, ὅτι οὔπω ἐληλύθει ἡ ὥρα αὐτοῦ.
Jesu o ne a bua mafoko a a sa ntse a le mo lefelong la Tempele le le bidiwang Ntlo ya Dikhumo. Mme ga a ka a tshwarwa, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa gagwe.
21 Εἶπεν οὖν πάλιν αὐτοῖς, “Ἐγὼ ὑπάγω καὶ ζητήσετέ με, καὶ ἐν τῇ ἁμαρτίᾳ ὑμῶν ἀποθανεῖσθε· ὅπου ἐγὼ ὑπάγω, ὑμεῖς οὐ δύνασθε ἐλθεῖν.”
Kwa morago a ba raya a re, “Ke a tsamaya; mme lo tlaa mpatla, mme lo tlaa swela mo dibeng tsa lona. Mme ga lo ka ke lwa tla kwa ke yang teng.”
22 Ἔλεγον οὖν οἱ Ἰουδαῖοι, “Μήτι ἀποκτενεῖ ἑαυτὸν, ὅτι λέγει, ‘Ὅπου ἐγὼ ὑπάγω ὑμεῖς, οὐ δύνασθε ἐλθεῖν’;”
Bajuta ba botsa ba re, “A o ikaelela go ipolaya? O raya eng fa a re, ‘Ga lo ka ke lwa tla kwa ke yang teng’?”
23 Καὶ ἔλεγεν αὐτοῖς, “Ὑμεῖς ἐκ τῶν κάτω ἐστέ, ἐγὼ ἐκ τῶν ἄνω εἰμί· ὑμεῖς ἐκ τούτου τοῦ κόσμου ἐστέ, ἐγὼ οὐκ εἰμὶ ἐκ τοῦ κόσμου τούτου.
Mme a ba raya a re, “Lo tswa kwa tlase; ke tswa kwa godimo. Lo ba lefatshe leno; nna ga ke wa lona.
24 Εἶπον οὖν ὑμῖν ὅτι ἀποθανεῖσθε ἐν ταῖς ἁμαρτίαις ὑμῶν· ἐὰν γὰρ μὴ πιστεύσητε ὅτι ἐγώ εἰμι, ἀποθανεῖσθε ἐν ταῖς ἁμαρτίαις ὑμῶν.”
Ke sone se ke neng ke re lo tlaa swela mo dibeng tsa lona; gonne fa lo sa dumele gore Ke Mesia, Morwa Modimo, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”
25 Ἔλεγον οὖν αὐτῷ, “Σὺ τίς εἶ;” Εἶπεν αὐτοῖς ὁ ˚Ἰησοῦς, “Τὴν ἀρχὴν ὅ τι καὶ λαλῶ ὑμῖν;
Ba batla go itse, “Re bolelele gore o mang.” A fetola a re, “Ke yo o agang a lo ipolelela malatsi otlhe.
26 Πολλὰ ἔχω περὶ ὑμῶν λαλεῖν καὶ κρίνειν· ἀλλʼ ὁ πέμψας με ἀληθής ἐστιν, κἀγὼ ἃ ἤκουσα παρʼ αὐτοῦ, ταῦτα λαλῶ εἰς τὸν κόσμον.”
Ke ne ke ka lo sekisetsa dilo di le dintsi ka ba ka lo ruta di le dintsi, mme ga ke na go dira jalo, gonne ke bua fela se ke se boleletsweng ke yo o nthomileng; yo o boammaaruri.”
27 Οὐκ ἔγνωσαν ὅτι τὸν Πατέρα αὐτοῖς ἔλεγεν.
Mme ba nna ba tlhoka go tlhaloganya gore o ne a bua le bone ka ga Modimo.
28 Εἶπεν οὖν αὐτοῖς ὁ ˚Ἰησοῦς, “Ὅταν ὑψώσητε τὸν Υἱὸν τοῦ Ἀνθρώπου, τότε γνώσεσθε ὅτι ἐγώ εἰμι, καὶ ἀπʼ ἐμαυτοῦ ποιῶ οὐδέν, ἀλλὰ καθὼς ἐδίδαξέν με ὁ Πατὴρ, ταῦτα λαλῶ.
Mme Jesu a re, “E tlaa re lo sena go bolaya Morwa Motho, lo tlaa lemoga gore ke nna tota le gore ke ntse ke sa lo bolelele se ke se intshetsang fela mo tlhaloganyong ya me, mme ke ne ke bua se Rara o se nthutileng.
29 Καὶ ὁ πέμψας με, μετʼ ἐμοῦ ἐστιν· οὐκ ἀφῆκέν με μόνον, ὅτι ἐγὼ τὰ ἀρεστὰ αὐτῷ ποιῶ πάντοτε.”
Mme yo o nthomileng o na le nna, ga a a ntatlha, gonne ke aga ke dira dilo tse di mo itumedisang.”
30 Ταῦτα αὐτοῦ λαλοῦντος, πολλοὶ ἐπίστευσαν εἰς αὐτόν.
Mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba mo utlwileng a bua dilo tse ba simolola go mo dumela fa e le Mesia. Jesu a ba raya a re, “Lo barutwa ba me ba boammaaruri fa lo tshela ka fa ke lo bolelelang ka teng,
31 Ἔλεγεν οὖν ὁ ˚Ἰησοῦς πρὸς τοὺς πεπιστευκότας αὐτῷ Ἰουδαίους, “Ἐὰν ὑμεῖς μείνητε ἐν τῷ λόγῳ τῷ ἐμῷ, ἀληθῶς μαθηταί μού ἐστε.
32 Καὶ γνώσεσθε τὴν ἀλήθειαν, καὶ ἡ ἀλήθεια ἐλευθερώσει ὑμᾶς.”
mme lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”
33 Ἀπεκρίθησαν πρὸς αὐτόν, “Σπέρμα Ἀβραάμ ἐσμεν, καὶ οὐδενὶ δεδουλεύκαμεν πώποτε· πῶς σὺ λέγεις, ὅτι ‘Ἐλεύθεροι γενήσεσθε’;”
Mme ba re, “Mme re losika lwa ga Aberahame, ga re ise re ke re nne makgoba a ga ope mo lefatsheng! O raya eng fa o re ‘boammaaruri bo tlaa lo golola’?”
34 Ἀπεκρίθη αὐτοῖς ὁ ˚Ἰησοῦς, “Ἀμὴν, ἀμὴν, λέγω ὑμῖν ὅτι πᾶς ὁ ποιῶν τὴν ἁμαρτίαν, δοῦλός ἐστιν τῆς ἁμαρτίας.
Mme Jesu a ba raya a re, “Lo makgoba a sebe, mongwe le mogwe wa lona.
35 Ὁ δὲ δοῦλος οὐ μένει ἐν τῇ οἰκίᾳ εἰς τὸν αἰῶνα, ὁ Υἱὸς μένει εἰς τὸν αἰῶνα. (aiōn )
Mme makgoba ga a na ditshwanelo, mme Morwa o na le tshwanelo nngwe le nngwe, e e teng! (aiōn )
36 Ἐὰν οὖν ὁ Υἱὸς ὑμᾶς ἐλευθερώσῃ, ὄντως ἐλεύθεροι ἔσεσθε.
Jalo fa Morwa a lo golola, lo tlaa gololesega tota.
37 Οἶδα ὅτι σπέρμα Ἀβραάμ ἐστε, ἀλλὰ ζητεῖτέ με ἀποκτεῖναι, ὅτι ὁ λόγος ὁ ἐμὸς οὐ χωρεῖ ἐν ὑμῖν.
(Ee, ke lemoga gore lo losika lwa ga Aberahame!) Mme le fa go ntse jalo bangwe ba lona ba leka go mpolaya gonne molaetsa wa me ga o bone boikhutso mo dipelong tsa bone.
38 Ἃ ἐγὼ ἑώρακα παρὰ τῷ Πατρὶ, λαλῶ· καὶ ὑμεῖς οὖν ἃ ἠκούσατε παρὰ τοῦ πατρὸς, ποιεῖτε.”
Ke lo bolelela se ke se bonyeng fa ke na le Rre. Mme lona lo diragatsa kgakololo ya ga rraa-lona.”
39 Ἀπεκρίθησαν καὶ εἶπαν αὐτῷ, “Ὁ πατὴρ ἡμῶν Ἀβραάμ ἐστιν.” Λέγει αὐτοῖς ὁ ˚Ἰησοῦς, “Εἰ τέκνα τοῦ Ἀβραάμ ἐστε, τὰ ἔργα τοῦ Ἀβραὰμ ἐποιεῖτε.
Ba re, “Rraa-rona ke Aberahame,” mme Jesu a fetola a re, “Nnyaa! Fa e ne e le ene, lo ka bo lo tshwana nae.
40 Νῦν δὲ ζητεῖτέ με ἀποκτεῖναι, ἄνθρωπον ὃς τὴν ἀλήθειαν ὑμῖν λελάληκα, ἣν ἤκουσα παρὰ τοῦ ˚Θεοῦ· τοῦτο Ἀβραὰμ οὐκ ἐποίησεν.
Mme mo boemong jwa gore lo tshwane nae lo leka go mpolaya, ka ntlha ya go bo ke lo boleletse boammaaruri jo ke bo utlwileng kwa Modimong. Aberahame o ne o ka seka a dira selo se se ntseng jalo!
41 Ὑμεῖς ποιεῖτε τὰ ἔργα τοῦ πατρὸς ὑμῶν.” εἶπον οὖν αὐτῷ, “Ἡμεῖς ἐκ πορνείας οὐ γεγεννήμεθα· ἕνα Πατέρα ἔχομεν, τὸν ˚Θεόν.”
Nnyaa! Lo obamela rraa-lona tota fa lo dira jalo.” Ba fetola ba re, “Ga re a tsalelwa mo dikgoreng, rraa-rona wa boammaaruri ke Modimo o le osi.”
42 Εἶπεν αὐτοῖς ὁ ˚Ἰησοῦς, “Εἰ ὁ ˚Θεὸς Πατὴρ ὑμῶν ἦν, ἠγαπᾶτε ἂν ἐμέ, ἐγὼ γὰρ ἐκ τοῦ ˚Θεοῦ ἐξῆλθον καὶ ἥκω· οὐδὲ γὰρ ἀπʼ ἐμαυτοῦ ἐλήλυθα, ἀλλʼ ἐκεῖνός με ἀπέστειλεν.
Mme Jesu a ba raya a re, “Fa go ne go ntse jalo, lo ka bo lo nthata, gonne ke tsile kwa go lona ke tswa kwa Modimong. Ga ke fano ka go rata ga me, ke ene o nthomileng.
43 Διὰ τί τὴν λαλιὰν τὴν ἐμὴν οὐ γινώσκετε; Ὅτι οὐ δύνασθε ἀκούειν τὸν λόγον τὸν ἐμόν.
Ke eng fa lo sa kgone go tlhaloganya se ke se buang? Ke ka ntlha ya gore lo kganelwa go dira jalo!
44 Ὑμεῖς ἐκ τοῦ πατρὸς τοῦ διαβόλου ἐστὲ, καὶ τὰς ἐπιθυμίας τοῦ πατρὸς ὑμῶν θέλετε ποιεῖν. Ἐκεῖνος ἀνθρωποκτόνος ἦν ἀπʼ ἀρχῆς, καὶ ἐν τῇ ἀληθείᾳ οὐκ ἔστηκεν, ὅτι οὐκ ἔστιν ἀλήθεια ἐν αὐτῷ. Ὅταν λαλῇ τὸ ψεῦδος, ἐκ τῶν ἰδίων λαλεῖ, ὅτι ψεύστης ἐστὶν, καὶ ὁ πατὴρ αὐτοῦ.
Gonne lo bana ba ga rraa-lona ebong Diabolo, jalo he lo rata dilo tse di bosula tse a di dirang. Ene o sale a nna mmolai le mo tshimologong, le Moidi wa boammaaruri, ga go na le fa e le tlhase-nyana ya boammaaruri mo go ene. Fa a bua maaka, ke tlwaelo ya gagwe gonne ke Ramaaka.
45 Ἐγὼ δὲ ὅτι τὴν ἀλήθειαν λέγω, οὐ πιστεύετέ μοι!
Mme jalo fa ke bua boammaaruri, ga lo dumele ka ntlha ya ka fa lo tlholegileng ka teng!
46 Τίς ἐξ ὑμῶν ἐλέγχει με περὶ ἁμαρτίας; Εἰ ἀλήθειαν λέγω, διὰ τί ὑμεῖς οὐ πιστεύετέ μοι;
“Ke ofe wa lona yo o ka mpayang molato wa sebe? [Ga gona ope!] Mme ka ke lo bolelela boammaaruri, ke eng fa lo sa ntumele?
47 Ὁ ὢν ἐκ τοῦ ˚Θεοῦ, τὰ ῥήματα τοῦ ˚Θεοῦ ἀκούει· διὰ τοῦτο ὑμεῖς οὐκ ἀκούετε, ὅτι ἐκ τοῦ ˚Θεοῦ οὐκ ἐστέ.”
Le fa e le mang yo e leng gore rraagwe ke Modimo o reetsa mafoko a Modimo ka boitumelo. Mme ka lo sa reetse, go supa fa lo se bana ba one.”
48 Ἀπεκρίθησαν οἱ Ἰουδαῖοι καὶ εἶπαν αὐτῷ, “Οὐ καλῶς λέγομεν ἡμεῖς ὅτι Σαμαρείτης εἶ σὺ, καὶ δαιμόνιον ἔχεις;”
Mme baeteledipele ba Sejuta ba goa ba re, “Mosamarea ke wena! Motswakwa! Diabolo! A ga re a go bolelela ra re o tsenwe ke mowa o o maswe?”
49 Ἀπεκρίθη ˚Ἰησοῦς, “Ἐγὼ δαιμόνιον οὐκ ἔχω, ἀλλὰ τιμῶ τὸν Πατέρα μου, καὶ ὑμεῖς ἀτιμάζετέ με.
Jesu a re, “Nnyaa, ga ke a tsenwa ke mowa o o maswe. Gonne ke tlotla Rre, mme nna ga lo ntlotle?
50 Ἐγὼ δὲ οὐ ζητῶ τὴν δόξαν μου· ἔστιν ὁ ζητῶν καὶ κρίνων.
Mme le fa ke sa eletse go ikgodisa, Modimo o mpatlela selo se ebile o atlhola ba ba sa mpatleng.
51 Ἀμὴν, ἀμὴν, λέγω ὑμῖν, ἐάν τις τὸν ἐμὸν λόγον τηρήσῃ, θάνατον οὐ μὴ θεωρήσῃ εἰς τὸν αἰῶνα.” (aiōn )
Ka tlhomamiso yotlhe ke lo raya ke re, ga go na ope yo o ntheetsang yo o tlaa swang!” (aiōn )
52 Εἶπον αὐτῷ οἱ Ἰουδαῖοι, “Νῦν ἐγνώκαμεν ὅτι δαιμόνιον ἔχεις. Ἀβραὰμ ἀπέθανεν καὶ οἱ προφῆται, καὶ σὺ λέγεις, ‘Ἐάν τις τὸν λόγον μου τηρήσῃ, οὐ μὴ γεύσηται θανάτου εἰς τὸν αἰῶνα.’ (aiōn )
Baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Jaanong re itse gore o tsenwe ke mowa o o maswe. Le Aberahame tota le baporofiti ba bagolo ba sule, mme wena wa re fa re go obamela ga re kitla re e swa! (aiōn )
53 Μὴ σὺ μείζων εἶ τοῦ πατρὸς ἡμῶν Ἀβραάμ, ὅστις ἀπέθανεν; Καὶ οἱ προφῆται ἀπέθανον! Τίνα σεαυτὸν ποιεῖς;”
Jalo he, a o mogolo mo go rraa-rona Aberahame yo o suleng? Gape a o mogolo mo baporofiting ba ba suleng? O ikgopola gore o eng.”
54 Ἀπεκρίθη ˚Ἰησοῦς, “Ἐὰν ἐγὼ δοξάσω ἐμαυτόν, ἡ δόξα μου οὐδέν ἐστιν· ἔστιν ὁ Πατήρ μου ὁ δοξάζων με, ὃν ὑμεῖς λέγετε, ὅτι ‘˚Θεὸς ἡμῶν ἐστιν’,
Hong Jesu a ba raya a re, “Fa e le gore ke a ikgodisa, ga go reye sepe. Mme Modimo ke Rre, mme lwa re Modimo ke wa lona, yo o buang dilo tse di galalelang tse ka ga me.
55 καὶ οὐκ ἐγνώκατε αὐτόν, ἐγὼ δὲ οἶδα αὐτόν, κἂν εἴπω ὅτι οὐκ οἶδα αὐτόν, ἔσομαι ὅμοιος ὑμῖν ψεύστης. Ἀλλʼ οἶδα αὐτὸν, καὶ τὸν λόγον αὐτοῦ τηρῶ.
Mme le fa e le go mo itse ga lo mo itse. Nna ke a mo itse. Fa e le gore ke buile ka tsela nngwe, ke tlaa bo ke mo obamela ka botlalo.
56 Ἀβραὰμ ὁ πατὴρ ὑμῶν ἠγαλλιάσατο, ἵνα ἴδῃ τὴν ἡμέραν τὴν ἐμήν, καὶ εἶδεν καὶ ἐχάρη.”
Rraa-lona Aberahame o itumeletse go bona letsatsi la me. O ne a itse gore ke e tla mme a itumela.”
57 Εἶπον οὖν οἱ Ἰουδαῖοι πρὸς αὐτόν, “Πεντήκοντα ἔτη οὔπω ἔχεις, καὶ Ἀβραὰμ ἑώρακας;”
Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ga o ise o bo o nne dingwaga di le masome matlhano, tota ga o ise o ke o bone Aberahame!”
58 Εἶπεν αὐτοῖς ˚Ἰησοῦς, “Ἀμὴν, ἀμὴν, λέγω ὑμῖν, πρὶν Ἀβραὰμ γενέσθαι, ἐγὼ εἰμί.”
Mme Jesu a re, “Boammaaruri jotlhe ke gore ke ne ke sale ke tshedile pele ga Aberahame a tsalwa!”
59 Ἦραν οὖν λίθους, ἵνα βάλωσιν ἐπʼ αὐτόν· ˚Ἰησοῦς δὲ ἐκρύβη, καὶ ἐξῆλθεν ἐκ τοῦ ἱεροῦ.
Gone fela foo baeteledipele ba Sejuta ba sela matlapa go mmolaya. Mme a ba iphitlhela, a ba ralala a tswa mo Tempeleng.