< Προς Ρωμαιους 4 >

1 τι ουν ερουμεν αβρααμ τον πατερα ημων ευρηκεναι κατα σαρκα
Aberahame fa re bua ka fa nameng, re ka re ke mosimolodi wa sechaba sa Sejuta. Maitemogelo a gagwe kaga potso e ya go bolokwa ka tumelo e ne e le eng? A Modimo o ne wa mo amogela ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di molemo? Fa e le gore go ntse jalo, o ne a ka nna le sengwe se a ipelafatsang ka sone. Mme mo mogopolong wa Modimo, Aberahame o ne a sena sepe se a ka ipelafatsang ka sone.
2 ει γαρ αβρααμ εξ εργων εδικαιωθη εχει καυχημα αλλ ου προς τον θεον
3 τι γαρ η γραφη λεγει επιστευσεν δε αβρααμ τω θεω και ελογισθη αυτω εις δικαιοσυνην
Gonne dikwalo di re bolelela gore Aberahame o ne a dumela Modimo, mme ke sone se Modimo o neng wa phimola dibe tsa gagwe wa mo supa gore “ga a na molato”.
4 τω δε εργαζομενω ο μισθος ου λογιζεται κατα χαριν αλλα κατα το οφειλημα
A mme ga a a ka a bona tshwanelo ya gagwe go ya kwa legodimong ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse a di dirileng? Nnyaa, gonne go bolokwa, ke mpho; fa e le gore motho o ne a ka e bona ka go e fufulela, mme e ne e ka seka ya nna mpho fela ntswa tota e le mpho fela! E newa ba ba sa e fufuleleng: Gonne Modimo o supa baleofi ba le molemo mo ponong ya one fa ba na le tumelo mo go Keresete go ba boloka mo bogaleng jwa Modimo.
5 τω δε μη εργαζομενω πιστευοντι δε επι τον δικαιουντα τον ασεβη λογιζεται η πιστις αυτου εις δικαιοσυνην
6 καθαπερ και δαβιδ λεγει τον μακαρισμον του ανθρωπου ω ο θεος λογιζεται δικαιοσυνην χωρις εργων
Kgosi Dafide o buile ka sone selo se, fa a tlhalosa boitumelo jwa moleofi yo o neng a sa bo tshwanela pele ga a supiwa a “sena molato” ke Modimo.
7 μακαριοι ων αφεθησαν αι ανομιαι και ων επεκαλυφθησαν αι αμαρτιαι
O ne a re, “Go sego ba ba itshwaretsweng dibe ebile di tlositswe mo matlhong a bone.
8 μακαριος ανηρ ω ου μη λογισηται κυριος αμαρτιαν
Ee, go boitumelo thata jang mo mothong yo dibe tsa gagwe a sa tlholeng a di balelwa ke Morena.”
9 ο μακαρισμος ουν ουτος επι την περιτομην η και επι την ακροβυστιαν λεγομεν γαρ οτι ελογισθη τω αβρααμ η πιστις εις δικαιοσυνην
Jaanong he, potso ke gore: A lesego le le neelwa fela ba ba dumelang mo go Keresete ebile ba boloka melao ya Sejuta, kgotsa le neelwa le ba ba sa bolokeng melao ya Sejuta, mme ba ikanya Keresete fela. Mme he, ra reng kaga Aberahame? Ra re o amogetse masego a ka tumelo ya gagwe. A e ne e le ka tumelo fela? Kgotsa a e ne e le ka ntlha ya gore le ene o ne a boloka melao ya Sejuta?
10 πως ουν ελογισθη εν περιτομη οντι η εν ακροβυστια ουκ εν περιτομη αλλ εν ακροβυστια
Mo go arabeng potso eo, arabang e: Modimo o neetse Aberahame masego a leng? O a mo neetse pele ga a nna Mojuta, pele ga a tsena mo modirong wa thupiso ya Sejuta.
11 και σημειον ελαβεν περιτομης σφραγιδα της δικαιοσυνης της πιστεως της εν τη ακροβυστια εις το ειναι αυτον πατερα παντων των πιστευοντων δι ακροβυστιας εις το λογισθηναι και αυτοις την δικαιοσυνην
Erile Modimo o sena go solofetsa go mo segofatsa ka ntlha ya tumelo ya gagwe, a rupisiwa. Sekao sa thupiso e ne e le sesupo sa gore Aberahame o ne a setse a na le tumelo le gore Modimo o ne o setse o mo amogetse o mo supile fa a le tshiamo mo ponong ya one pele ga modiro wa thupiso o diragala. Jalo Aberahame ke rara wa semowa wa ba ba dumelang mme ba bolokwa kwa ntle ga go tshegetsa melao ya Sejuta. Re a bona, jaanong gore ba ba sa tshegetseng melao e, ba siamisiwa ke Modimo ka tumelo.
12 και πατερα περιτομης τοις ουκ εκ περιτομης μονον αλλα και τοις στοιχουσιν τοις ιχνεσιν της εν τη ακροβυστια πιστεως του πατρος ημων αβρααμ
Gape Aberahame ke rara wa semowa wa Bajuta ba ba rupisitsweng, gonne Aberahame o ne a bona kutlwelo botlhoko ya Modimo ka ntlha ya tumelo fela, pele ga a rupisiwa.
13 ου γαρ δια νομου η επαγγελια τω αβρααμ η τω σπερματι αυτου το κληρονομον αυτον ειναι του κοσμου αλλα δια δικαιοσυνης πιστεως
Jaanong go bonala sentle gore tsholofetso e Modimo o neng wa e naya Aberahame ya gore o tlaa mo naya lefatshe lotlhe mmogo le losika lwa gagwe, e ne e se ka ntlha ya gore Aberahame o ne a tshegetsa melao ya Modimo, mme e ne e le ka ntlha ya gore o ne a ikanya Modimo gore o tlaa diragatsa tsholofetso ya one.
14 ει γαρ οι εκ νομου κληρονομοι κεκενωται η πιστις και κατηργηται η επαγγελια
Mme fa e le gore o sa ntse o re masego a Modimo a ya kwa go ba ba “siameng thata” mme o raya gore ditsholofetso tsa Modimo mo go ba ba nang le tumelo ga di reye sepe, ebile tumelo ke boeleele.
15 ο γαρ νομος οργην κατεργαζεται ου γαρ ουκ εστιν νομος ουδε παραβασις
Mme boammaaruri ke gore: Fa re leka go nna le lesego le poloko ya Modimo ka go boloka melao ya one re aga re felela mo bogaleng jwa one, gonne re palelwa ke go e tshegetsa malatsi otlhe. Tsela e nngwe fela e re ka ipabalelang ka yone gore re seka ra tlola melao, ke ya gore go seka ga bewa melao, e se re kgotsa ra e tlola.
16 δια τουτο εκ πιστεως ινα κατα χαριν εις το ειναι βεβαιαν την επαγγελιαν παντι τω σπερματι ου τω εκ του νομου μονον αλλα και τω εκ πιστεως αβρααμ ος εστιν πατηρ παντων ημων
Jalo masego a Modimo re a newa ka tumelo, e le neo fela; re tlhomamisa go nna le one re sala morago ngwao ya Sejuta kgotsa re sa e sale morago fa re na le tumelo e e tshwanang le ya ga Aberahame, gonne Aberahame ke rraa rona rotlhe fa go tla mo dilong tse tsa tumelo.
17 καθως γεγραπται οτι πατερα πολλων εθνων τεθεικα σε κατεναντι ου επιστευσεν θεου του ζωοποιουντος τους νεκρους και καλουντος τα μη οντα ως οντα
Ke sone se dikwalo di se rayang fa di re Modimo o dirile Aberahame rara wa dichaba tse dintsi. Modimo o tlaa amogela batho botlhe mo dichabeng tsotlhe ba ba o ikanyang jaaka Aberahame a ne a dira. Mme tsholofetso e, e tswa mo Modimong ka bo one, o o dirang gore baswi ba tshele gape, ebile o bua ka ditiragalo tsa malatsi a a tlang ka tlhomamiso e e gagametseng jaaka o ka re di setse di bile di diragetse!
18 ος παρ ελπιδα επ ελπιδι επιστευσεν εις το γενεσθαι αυτον πατερα πολλων εθνων κατα το ειρημενον ουτως εσται το σπερμα σου
Jalo erile fa Modimo o raya Aberahame o re o tlaa mo naya ngwana wa mosimane yo o tlaa nnang ra-merafe e mentsi e bo e nna chaba e tona, Aberahame o ne a dumela Modimo le fa tsholofetso e e ntseng jalo e ne e ka seka ya diragala!
19 και μη ασθενησας τη πιστει ου κατενοησεν το εαυτου σωμα ηδη νενεκρωμενον εκατονταετης που υπαρχων και την νεκρωσιν της μητρας σαρρας
Mme ka ntlha ya gore tumelo ya gagwe e ne e nonofile, o ne a seka a tshwenyega kaga lobaka lwa gore o ne a tsofetse thata go ka nna motsadi, ka nako eo o ne a le dingwaga di le lekgolo, le ene Sara mosadi wa gagwe o ne a le dingwaga di le masome a fera bongwe, a tsofetse thata go ka nna le ngwana.
20 εις δε την επαγγελιαν του θεου ου διεκριθη τη απιστια αλλ ενεδυναμωθη τη πιστει δους δοξαν τω θεω
Mme Aberahame ga a ise a ke a belaele. O ne a dumela Modimo, gonne tumelo ya gagwe le tshepo di ne di nonofile, mme o ne a galaletsa Modimo, ka masego a, le pele ga a diragala.
21 και πληροφορηθεις οτι ο επηγγελται δυνατος εστιν και ποιησαι
O ne a tlhomamisa thata gore Modimo o ne o kgona sentle go dira le fa e le eng se o se solofeditseng.
22 διο και ελογισθη αυτω εις δικαιοσυνην
Mme ka ntlha ya tumelo ya ga Aberahame Modimo o ne wa mo itshwarela dibe wa mo supa “a sena molato.”
23 ουκ εγραφη δε δι αυτον μονον οτι ελογισθη αυτω
Jaanong polelo e ntle e, ya gore o ne a amogelwa a bo a letlelesega ka tumelo ya gagwe, e ne e sa solegele Aberahame molemo a le nosi.
24 αλλα και δι ημας οις μελλει λογιζεσθαι τοις πιστευουσιν επι τον εγειραντα ιησουν τον κυριον ημων εκ νεκρων
Le rona e ne e le ya rona, e re tlhomamisetsa gore Modimo o tlaa re amogela ka yone tsela e o amogetseng Aberahame ka yone, fa re dumela ditsholofetso tsa Modimo o o tsositseng Jesu Morena wa rona mo baswing.
25 ος παρεδοθη δια τα παραπτωματα ημων και ηγερθη δια την δικαιωσιν ημων
O swetse dibe tsa rona mme a tsoga gape go re siamisa mo Modimong a re tlatsa ka tshiamo ya Modimo.

< Προς Ρωμαιους 4 >