< Κατα Μαρκον 8 >
1 εν εκειναις ταις ημεραις παμπολλου οχλου οντος και μη εχοντων τι φαγωσιν προσκαλεσαμενος ο ιησους τους μαθητας αυτου λεγει αυτοις
Ka letsatsi lengwe jaaka bontsi bo phuthega, batho ba felelwa ke dijo gape, Jesu a bitsa barutwa ba gagwe go tla go bua ka seemo seo. A re, “Ke utlwela batho ba botlhoko, gonne ga ba bolo go nna fano malatsi a le mararo, mme ga ba a salelwa ke sepe go se ja.
2 σπλαγχνιζομαι επι τον οχλον οτι ηδη ημερας τρεις προσμενουσιν μοι και ουκ εχουσιν τι φαγωσιν
3 και εαν απολυσω αυτους νηστεις εις οικον αυτων εκλυθησονται εν τη οδω τινες γαρ αυτων μακροθεν ηκασιν
Mme fa ke ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone ke sa ba fa dijo ba tlaa idibalela mo tseleng! Gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.”
4 και απεκριθησαν αυτω οι μαθηται αυτου ποθεν τουτους δυνησεται τις ωδε χορτασαι αρτων επ ερημιας
Mme ba mo fetola ka tshotlo ba re, “A re tshwanetse go ba senkela dijo fano mo sekakeng?”
5 και επηρωτα αυτους ποσους εχετε αρτους οι δε ειπον επτα
A botsa a re, “Lo na le dinkgwe di le kae?” Mme bone ba re, “Di supa”.
6 και παρηγγειλεν τω οχλω αναπεσειν επι της γης και λαβων τους επτα αρτους ευχαριστησας εκλασεν και εδιδου τοις μαθηταις αυτου ινα παραθωσιν και παρεθηκαν τω οχλω
Hong a raya bontsi jwa batho a re bo nne fa fatshe. Mme a tsaya dinkgwe di supa, a di lebogela, a di ngathoganya dikapetlana a di fetisetsa kwa barutweng, mme barutwa ba di abela batho.
7 και ειχον ιχθυδια ολιγα και ευλογησας ειπεν παραθειναι και αυτα
Mme ba bo ba na le ditlhatswana di se kae, hong Jesu a di segofatsa a raya barutwa a re ba fe batho.
8 εφαγον δε και εχορτασθησαν και ηραν περισσευματα κλασματων επτα σπυριδας
Hong bontsi jwa batho jwa a ja jotlhe go fitlhelela bo kgora, mme morago ga moo a ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone. Go ne go na le batho ba ka nna dikete tse nne ka letsatsi leo. Mme ya re masalela a sena go kokoanngwa morago ga dijo ga sala diroto di supa tse di tona di tletse!
9 ησαν δε οι φαγοντες ως τετρακισχιλιοι και απελυσεν αυτους
10 και ευθεως εμβας εις το πλοιον μετα των μαθητων αυτου ηλθεν εις τα μερη δαλμανουθα
Ka bonako morago ga moo a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe a ya kwa kgaolong ya Dalemanutha.
11 και εξηλθον οι φαρισαιοι και ηρξαντο συζητειν αυτω ζητουντες παρ αυτου σημειον απο του ουρανου πειραζοντες αυτον
E rile baeteledipele ba Sejuta ba kgaolo eo ba utlwa gore o gorogile ba tla go tatalalana nae ba re, “Re direle kgakgamatso, dira gore sengwe se diragale mo loaping. Ke gone re tlaa dumelang mo go wena.”
12 και αναστεναξας τω πνευματι αυτου λεγει τι η γενεα αυτη σημειον επιζητει αμην λεγω υμιν ει δοθησεται τη γενεα ταυτη σημειον
Mme a utlwa botlhoko fa a utlwa kafa ba buang ka teng mme a re, “Nnyaa bathong. Lo ntse lo batla dikgakgamatso dife?”
13 και αφεις αυτους εμβας παλιν εις το πλοιον απηλθεν εις το περαν
Hong a boela mo mokorong a ba tlogela, a tshelela ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.
14 και επελαθοντο οι μαθηται λαβειν αρτους και ει μη ενα αρτον ουκ ειχον μεθ εαυτων εν τω πλοιω
Mme barutwa ba bo ba lebetse go tsaya dijo pele ga ba tsamaya, mme ba ne ba na le senkgwe se le sengwe fela mo mokorong.
15 και διεστελλετο αυτοις λεγων ορατε βλεπετε απο της ζυμης των φαρισαιων και της ζυμης ηρωδου
Ya re ba kgabaganya, Jesu a ba tlhagisa ka tlhoafalo a re, “Itlhokomeleng mo sebidisong sa ga Kgosi Herode le mo sebidisong sa Bafarasai.”
16 και διελογιζοντο προς αλληλους λεγοντες οτι αρτους ουκ εχομεν
Mme barutwa ba botsanya ba re, “O rayang?” Ya re kwa bofelong ba akanya gore o tshwanetse a ba a bua ka go lebala ga bone go tla le senkgwe.
17 και γνους ο ιησους λεγει αυτοις τι διαλογιζεσθε οτι αρτους ουκ εχετε ουπω νοειτε ουδε συνιετε ετι πεπωρωμενην εχετε την καρδιαν υμων
Jesu a lemoga se ba neng ba se bua mme a re, “Nnyaa, ga go a nna jalo gotlhelele! A ga lo tlhaloganye? A dipelo tsa lona di thata go ka lemoga?
18 οφθαλμους εχοντες ου βλεπετε και ωτα εχοντες ουκ ακουετε και ου μνημονευετε
Fela jaaka Isaia a boletse, ‘Matlho a lona ke a go re lo bone ka one--ke ka ntlha yang fa lo sa lebe? Ke ka ntlha yang fa lo sa bule ditsebe tsa lona mme lwa reetsa’ A ga lo gakologelwe sepe gotlhelele?
19 οτε τους πεντε αρτους εκλασα εις τους πεντακισχιλιους ποσους κοφινους πληρεις κλασματων ηρατε λεγουσιν αυτω δωδεκα
“Lwa reng ka batho ba ba dikete tse tlhano ba ke neng ka ba fepha ka dinkgwe tse tlhano? Go ne go na le diroto di le kae tse di neng di tletse masalela ba sena go ja?” Ba re, “Lesome le bobedi.”
20 οτε δε τους επτα εις τους τετρακισχιλιους ποσων σπυριδων πληρωματα κλασματων ηρατε οι δε ειπον επτα
“Mme e rile fa ke abela batho ba le dikete di le nne dinkgwe di supa, go ne ga sala di le kae?” Ba re, “Go ne ga sala diroto tse di tletseng di supa.”
21 και ελεγεν αυτοις πως ου συνιετε
“Mme a lo gopola gore ke a tshwenyega fa go sena senkgwe?”
22 και ερχεται εις βηθσαιδα και φερουσιν αυτω τυφλον και παρακαλουσιν αυτον ινα αυτου αψηται
Ya re ba fitlha mo Bethesaida, batho bangwe ba tlisa kwa go ene monna yo o foufetseng mme ba mo kopa gore a mo ame gore a fole.
23 και επιλαβομενος της χειρος του τυφλου εξηγαγεν αυτον εξω της κωμης και πτυσας εις τα ομματα αυτου επιθεις τας χειρας αυτω επηρωτα αυτον ει τι βλεπει
Jesu a tshwara monna yo o foufetseng ka letsogo a mo gogela kwa ntle ga motse, a mo kgwela mathe mo matlhong a bo a mmaya diatla. Jesu a mmotsa a re, “A o bona sengwe jaanong?”
24 και αναβλεψας ελεγεν βλεπω τους ανθρωπους ως δενδρα περιπατουντας
Mme monna a leba mo tikologong a re, “Ee, ke bona batho. Mme ga ke ba bone sentle; ba lebega e ka re ke dithito tsa ditlhare di a tsamaya?”
25 ειτα παλιν επεθηκεν τας χειρας επι τους οφθαλμους αυτου και εποιησεν αυτον αναβλεψαι και αποκατεσταθη και ενεβλεψεν τηλαυγως απαντας
Hong Jesu a mmaya gape diatla mo matlhong mme ya re a leba, a boelwa ke pono ya gagwe gotlhelele, mme a bona sengwe le sengwe sentle, se se neng se le mo tikologong ya gagwe.
26 και απεστειλεν αυτον εις τον οικον αυτου λεγων μηδε εις την κωμην εισελθης μηδε ειπης τινι εν τη κωμη
Jesu a mo romela kwa gae kwa go ba ntlo ya gagwe. A mo raya a re, “O seka wa ya mo motseng pele.”
27 και εξηλθεν ο ιησους και οι μαθηται αυτου εις τας κωμας καισαρειας της φιλιππου και εν τη οδω επηρωτα τους μαθητας αυτου λεγων αυτοις τινα με λεγουσιν οι ανθρωποι ειναι
Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Galalea ba tswela kwa ntle kwa metseng ya Kaesarea Filipo. Mme ya re ba ntse ba tsamaya a ba botsa a re, “Ana batho ba re ke mang? Ba reng ka ga me?”
28 οι δε απεκριθησαν ιωαννην τον βαπτιστην και αλλοι ηλιαν αλλοι δε ενα των προφητων
Barutwa ba araba ba re, “Bangwe ba bone ba gopola gore o Johane wa Mokolobetsi, mme bangwe ba re o Elija kgotsa o mongwe wa baporofiti ba bogologolo o rudile.”
29 και αυτος λεγει αυτοις υμεις δε τινα με λεγετε ειναι αποκριθεις δε ο πετρος λεγει αυτω συ ει ο χριστος
Hong a ba botsa a re, “Mme lona lo gopola gore ke mang?” Petere a araba a re, “O Mesia.”
30 και επετιμησεν αυτοις ινα μηδενι λεγωσιν περι αυτου
Hong Jesu a ba laya gore ba se bolelele ope!
31 και ηρξατο διδασκειν αυτους οτι δει τον υιον του ανθρωπου πολλα παθειν και αποδοκιμασθηναι απο των πρεσβυτερων και αρχιερεων και γραμματεων και αποκτανθηναι και μετα τρεις ημερας αναστηναι
A simolola go ba bolelela ka matshwenyego a a boitshegang a o tlaa a bogang le gore o tlaa ganwa ke baeteledipele le bagolwane ba baperesiti le bangwe baeteledipele ba Sejuta, le gore o tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo o tlaa tsoga gape.
32 και παρρησια τον λογον ελαλει και προσλαβομενος αυτον ο πετρος ηρξατο επιτιμαν αυτω
Mme o ne a bua le bone ka tlhamalalo, hong Petere a mo tseela kwa thoko a ya go mo kgalemela a re, “O seka wa bua dilo tse di ntseng jalo.”
33 ο δε επιστραφεις και ιδων τους μαθητας αυτου επετιμησεν τω πετρω λεγων υπαγε οπισω μου σατανα οτι ου φρονεις τα του θεου αλλα τα των ανθρωπων
Hong Jesu a retologa a leba barutwa ba gagwe a gakalela Petere a re, “Satane, tloga fa morago ga me! O leba dilo tse ka tebo ya senama fela, e seng kafa ntlheng ya bo-Modimo.”
34 και προσκαλεσαμενος τον οχλον συν τοις μαθηταις αυτου ειπεν αυτοις οστις θελει οπισω μου ελθειν απαρνησασθω εαυτον και αρατω τον σταυρον αυτου και ακολουθειτω μοι
Hong a bitsa barutwa ba gagwe le bontsi jwa batho go tla go mo reetsa, a ba raya a re, “Fa mongwe wa lona a rata go nna molatedi wa me, o tshwanetse go beela mahumo a gagwe fa thoko a itshikarele mokgoro, mme a ntshale morago.
35 ος γαρ αν θελη την ψυχην αυτου σωσαι απολεσει αυτην ος δ αν απολεση την ψυχην αυτου ενεκεν εμου και του ευαγγελιου ουτος σωσει αυτην
Fa lo tsweletse go boloka botshelo jwa lona, bo tlaa lo latlhegela. Fela ba ba latlhegelwang ke matshelo a bone ka ntlha ya me le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, ba tlaa itse gore tota botshelo bo rayang.
36 τι γαρ ωφελησει ανθρωπον εαν κερδηση τον κοσμον ολον και ζημιωθη την ψυχην αυτου
“Mme motho o boelwa ke eng fa a fenya lefatshe lotlhe mme a lathegelwa ke botshelo jwa gagwe?
37 η τι δωσει ανθρωπος ανταλλαγμα της ψυχης αυτου
Gonne a go na le sengwe sa botlhokwa go gaisa mowa wa gagwe?
38 ος γαρ αν επαισχυνθη με και τους εμους λογους εν τη γενεα ταυτη τη μοιχαλιδι και αμαρτωλω και ο υιος του ανθρωπου επαισχυνθησεται αυτον οταν ελθη εν τη δοξη του πατρος αυτου μετα των αγγελων των αγιων
Le, fa e le mang yo o ntlhabelwang ke ditlhong le molaetsa wa me mo malatsing ano a go tlhoka go dumela le a boleo, Nna Mesia, ke tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong fa ke boa ke le mo kgalalelong ya ga Rre, le baengele ba ba boitshepo.”