< Προς Γαλατας 2 >

1 Ἔπειτα διὰ δεκατεσσάρων ἐτῶν πάλιν ἀνέβην εἰς Ἱεροσόλυμα μετὰ Βαρνάβα, συμπαραλαβὼν καὶ Τίτον·
Mme erile morago ga dingwaga di le lesome le bone ka boela kwa Jerusalema gape, ka nako eo ke ne ke patilwe ke Barenabase; mme Tito le ene a tsamaya le rona.
2 ἀνέβην δὲ κατὰ ἀποκάλυψιν· καὶ ἀνεθέμην αὐτοῖς τὸ εὐαγγέλιον ὃ κηρύσσω ἐν τοῖς ἔθνεσι, κατ᾽ ἰδίαν δὲ τοῖς δοκοῦσι, μήπως εἰς κενὸν τρέχω ἢ ἔδραμον.
Ke ne ka ya teng ke tshotse ditaelo tse di tlhomameng di tswa kwa Modimong gore ke ye go gakololana le bakaulengwe teng koo kaga molaetsa o ke neng ke o rerela Badichaba. Ke ne ka buisanya le baeteledipele ba phuthego kwa thoko gore botlhe ba tlhaloganye se ke neng ke ntse ke se ruta, mme ke ne ka solofela gore ba tlaa dumela gore di siame.
3 ἀλλ᾽ οὐδὲ Τίτος ὁ σὺν ἐμοί, Ἕλλην ὤν, ἠναγκάσθη περιτμηθῆναι,
Mme ba ne ba dumela; ga ba ise ba ke ba rate le gore Tito yo o neng a mpatile a rupisiwe, ntswa e ne e le Modichaba.
4 διὰ δὲ τοὺς παρεισάκτους ψευδαδέλφους, οἵτινες παρεισῆλθον κατασκοπῆσαι τὴν ἐλευθερίαν ἡμῶν ἣν ἔχομεν ἐν Χριστῷ Ἰησοῦ, ἵνα ἡμᾶς καταδουλώσωνται·
Le potso eo tota e ka bo e sa bodiwa fa e se ka ntlha ya bangwe ba go kabong gotwe ke “Bakeresete” teng koo, mme e le Bakeresete ba e seng bone—ba ba neng ba tletse go re tsaya dinopolo le go bona gore kgololesego e re neng re e e ja monate mo go Keresete Jesu e ne e le efe, jaaka gore a re ne re obamela melao ya Sejuta kgotsa nnyaa. Ba ne ba leka go re golegelela rotlhe mo melaong ya bone ya Sejuta, makgoba mo dikeetaneng.
5 οἷς οὐδὲ πρὸς ὥραν εἴξαμεν τῇ ὑποταγῇ, ἵνα ἡ ἀλήθεια τοῦ εὐαγγελίου διαμείνῃ πρὸς ὑμᾶς.
Mme ga re a ka ra reetsa le fa e le ka lobakanyana, gonne re ne re sa batle go lo tlhakanya ditlhogo ka go akanya gore poloko e ka bonwa ka go rupisiwa le ka go obamela melao ya Sejuta.
6 ἀπὸ δὲ τῶν δοκούντων εἶναί τι, ὁποῖοί ποτε ἦσαν οὐδέν μοι διαφέρει· πρόσωπον Θεὸς ἀνθρώπου οὐ λαμβάνει· ἐμοὶ γὰρ οἱ δοκοῦντες οὐδὲν προσανέθεντο,
Mme baeteledipele ba bagolo ba phuthego ba ba neng ba le teng koo ba tlhoka se ba neng ba ka tlatsa ka sone se ke neng ke se rera. (Legale go nna baeteledipele ba bagolo ga bone go ne go sa reye sepe mo go nna, gonne rotlhe re tshwana fela mo Modimong).
7 ἀλλὰ τοὐναντίον ἰδόντες ὅτι πεπίστευμαι τὸ εὐαγγέλιον τῆς ἀκροβυστίας καθὼς Πέτρος τῆς περιτομῆς·
Tota erile Petoro le Jakobe le Johane, ba ba neng ba itsege e le dipinagare tsa phuthego, ba bona ka fa Modimo o ntirisitseng ka teng thata mo go gapeng Badichaba, fela jaaka Petoro a ne a segofaditswe thata mo go rereleng Bajuta, gonne Modimo o ne o neela mongwe le mongwe wa rona dineo tsa botlhokwa, ba ne ba re neela diatla, Barenabase le nna ba bo ba re kgothatsa gore re tswelele ka tlhamalalo mo go rereleng Badichaba fa bone ba tswelela ka thero ya bone mo Bajuteng.
8 ὁ γὰρ ἐνεργήσας Πέτρῳ εἰς ἀποστολὴν τῆς περιτομῆς ἐνήργησε καὶ ἐμοὶ εἰς τὰ ἔθνη·
9 καὶ γνόντες τὴν χάριν τὴν δοθεῖσάν μοι, Ἰάκωβος καὶ Κηφᾶς καὶ Ἰωάννης, οἱ δοκοῦντες στῦλοι εἶναι, δεξιὰς ἔδωκαν ἐμοὶ καὶ Βαρνάβᾳ κοινωνίας, ἵνα ἡμεῖς εἰς τὰ ἔθνη, αὐτοὶ δὲ εἰς τὴν περιτομήν·
10 μόνον τῶν πτωχῶν ἵνα μνημονεύωμεν, ὃ καὶ ἐσπούδασα αὐτὸ τοῦτο ποιῆσαι.
Kgakololo fela e ba neng ba e ntsha e ne e le ya gore re tshwanetse go gakologelwa go thusa bahumanegi ka malatsi otlhe, mme le nna ke ne ke tlhwaafaletse gone go dira jalo.
11 Ὅτε δὲ ἦλθε Πέτρος εἰς Ἀντιόχειαν, κατὰ πρόσωπον αὐτῷ ἀντέστην, ὅτι κατεγνωσμένος ἦν.
Mme erile fa Petoro a tla mo Antioka ka tshwanelwa ke go mo ganetsa mo pontsheng, ke gatelela thata kgatlhanong le se a neng a se dira gonne se ne se sa siama gotlhelele.
12 πρὸ τοῦ γὰρ ἐλθεῖν τινας ἀπὸ Ἰακώβου μετὰ τῶν ἐθνῶν συνήσθιεν· ὅτε δὲ ἦλθον, ὑπέστελλε καὶ ἀφώριζεν ἑαυτόν, φοβούμενος τοὺς ἐκ περιτομῆς.
Gonne erile fela lwa ntlha fa a goroga a bo a a ja le Bakeresete ba Badichaba (ba ba neng ba sa tshwenyege ka go rupa le melao e mengwe e mentsi ya Sejuta). Mme erile moraganyana fa ditsala dingwe tsa ga Jakobe tsa Sejuta di tla, a seka a tlhola a a ja le Badichaba gonne o ne a tshaba se badira melao ba ba Sejuta ba tlaa se buang, gonne ba ne ba sa khutlise go bua ba re, thupiso e botlhokwa mo polokong;
13 καὶ συνυπεκρίθησαν αὐτῷ καὶ οἱ λοιποὶ Ἰουδαῖοι, ὥστε καὶ Βαρνάβας συναπήχθη αὐτῶν τῇ ὑποκρίσει.
mme Bakeresete botlhe ba Bajuta le Barenabase tota ba fetoga baitimokanyi, ba etsa Petoro, le fa tota ba ne ba tlhaloganya botoka.
14 ἀλλ᾽ ὅτε εἶδον ὅτι οὐκ ὀρθοποδοῦσι πρὸς τὴν ἀλήθειαν τοῦ εὐαγγελίου, εἶπον τῷ Πέτρῳ ἔμπροσθεν πάντων· εἰ σὺ Ἰουδαῖος ὑπάρχων ἐθνικῶς ζῇς καὶ οὐκ Ἰουδαϊκῶς, τί τὰ ἔθνη ἀναγκάζεις ἰουδαΐζειν;
Erile fa ke bona se se diragalang le gore ba ne ba sa ikanyege kaga se tota ba neng ba se dumela, le gore ba ne ba sa sala morago boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo, ka raya Petoro fa pele ga ba bangwe botlhe ka re, “Le fa wena o le Mojuta ka go tsalwa, ga o bolo go latlha melao ya Sejuta; jalo he, ke eng fa ka tshoganetso o leka gore badichaba ba, ba e obamela?
15 Ἡμεῖς φύσει Ἰουδαῖοι καὶ οὐκ ἐξ ἐθνῶν ἁμαρτωλοί,
Wena le nna re Bajuta ka go tsalwa, e seng Badichaba fela ba baleofi,
16 εἰδότες [δὲ] ὅτι οὐ δικαιοῦται ἄνθρωπος ἐξ ἔργων νόμου ἐὰν μὴ διὰ πίστεως Ἰησοῦ Χριστοῦ, καὶ ἡμεῖς εἰς Χριστὸν Ἰησοῦν ἐπιστεύσαμεν, ἵνα δικαιωθῶμεν ἐκ πίστεως Χριστοῦ καὶ οὐκ ἐξ ἔργων νόμου, διότι οὐ δικαιωθήσεται ἐξ ἔργων νόμου πᾶσα σάρξ.
mme rona Bakeresete ba Bajuta re santse re itse sentle gore ga re kake ra nna tshiamo mo Modimong ka go tshegetsa melao ya rona ya Sejuta, fa e se ka tumelo mo go Jesu Keresete go tlosa maleo a rona. Mme jalo he le rona, re ikantse Jesu Keresete, gore re tle re amogelwe ke Modimo ka ntlha ya tumelo, eseng ka ntlha ya gore re obametse melao ya Sejuta. Gonne ga go ope yo o tlaa bolokwang ka ntlha ya go e obamela.”
17 εἰ δὲ ζητοῦντες δικαιωθῆναι ἐν Χριστῷ εὑρέθημεν καὶ αὐτοὶ ἁμαρτωλοί, ἆρα Χριστὸς ἁμαρτίας διάκονος; μὴ γένοιτο.
Mme re tlaa reng fa re ikanya Keresete go re boloka mme re bo re iphitlhela re le molato, le gore ga re kake ra bolokwa kwa ntle ga go rupisiwa le go obamela melao e mengwe yotlhe ya Sejuta? A ga re na go tlhoka gore re re tumelo mo go Keresete e re ntshitse mo boammaruring e re koafaditse? Nnyaa, ga go a nna jalo, gonne Modimo ga o letlelele ope go nna pelokgale ka go akanya megopolo e e ntseng jalo kaga Morena wa rona.
18 εἰ γὰρ ἃ κατέλυσα ταῦτα πάλιν οἰκοδομῶ, παραβάτην ἐμαυτὸν συνίστημι.
Ka megopolo e e ntseng jalo, re baleofi fa re simolola gape go aga dilo tse dikgologolo tse ke ntseng ke di senya, tsa go leka go bolokwa ka go tshegetsa melao ya Sejuta,
19 ἐγὼ γὰρ διὰ νόμου νόμῳ ἀπέθανον, ἵνα Θεῷ ζήσω.
gonne ke ka ntlha ya go bala Dikwalo mo ke ileng ka lemoga gore go amogelwa ke Modimo go tla ka go dumela mo go Keresete.
20 Χριστῷ συνεσταύρωμαι· ζῶ δὲ οὐκέτι ἐγώ, ζῇ δὲ ἐν ἐμοὶ Χριστός· ὃ δὲ νῦν ζῶ ἐν σαρκί, ἐν πίστει ζῶ τῇ τοῦ υἱοῦ τοῦ Θεοῦ τοῦ ἀγαπήσαντός με καὶ παραδόντος ἑαυτὸν ὑπὲρ ἐμοῦ.
Ke bapotswe le Keresete: mme jaanong ga ke sa tlhole ke tshela, mme Keresete o tshela mo go nna. Mme botshelo tota jo jaanong ke nang najo mo mmeleng o, ke ka ntlha ya go ikanya Morwa Modimo, yo o nthatileng a bo a iintshetsa setlhabelo.
21 Οὐκ ἀθετῶ τὴν χάριν τοῦ Θεοῦ· εἰ γὰρ διὰ νόμου δικαιοσύνη, ἄρα Χριστὸς δωρεὰν ἀπέθανεν.
Ga ke mongwe wa ba ba tsayang loso lwa ga Keresete e le lefela. Gonne fa e le gore re ne re ka bolokwa ke go tshegetsa melao ya Sejuta, jalo go ne go sa tlhokafale gore Keresete a swe.

< Προς Γαλατας 2 >