< Προς Ρωμαιους 13 >
1 πασα ψυχη εξουσιαις υπερεχουσαις υποτασσεσθω ου γαρ εστιν εξουσια ει μη υπο θεου αι δε ουσαι εξουσιαι υπο [ του ] θεου τεταγμεναι εισιν
Obamelang mmuso, gonne o tlhomilwe ke Modimo, ga go na mmuso le fa e le kae o o sa tlhongwang ke Modimo go laola.
2 ωστε ο αντιτασσομενος τη εξουσια τη του θεου διαταγη ανθεστηκεν οι δε ανθεστηκοτες εαυτοις κριμα ληψονται
Jalo ba ba ganang go obamela melao ya mmuso ba gana go obamela Modimo, mme kwatlhao e tlaa nna teng.
3 οι γαρ αρχοντες ουκ εισιν φοβος των αγαθων εργων αλλα των κακων θελεις δε μη φοβεισθαι την εξουσιαν το αγαθον ποιει και εξεις επαινον εξ αυτης
Gonne lepodisi ga se setshosa mo go ba ba dirang tshiamo; mme ba ba dirang bosula ba tlaa aga ba le boifa. Jalo fa o sa batle go tshelela mo poifong, tshegetsa melao mme o tlaa tswelela sentle.
4 θεου γαρ διακονος εστιν σοι εις το αγαθον εαν δε το κακον ποιης φοβου ου γαρ εικη την μαχαιραν φορει θεου γαρ διακονος εστιν εις οργην εκδικος τω το κακον πρασσοντι
Lepodise le romilwe ke Modimo go go thusa. Mme fa o dira sengwe se se bosula, ee, o tshwanetse go tshoga, gonne le tlaa go tshwara gore o otlhaiwe. Le rometswe ke Modimo go dira yone tiro eo.
5 διο αναγκη υποτασσεσθαι ου μονον δια την οργην αλλα και δια την συνειδησιν
Obamela melao, mme ka ntlha ya mabaka a mabedi a: lebaka la ntlha ke go go dibela gore o seka wa otlhaiwa, mme lebaka la bobedi ke fela ka gore o itse gore o tshwanetse go o obamela.
6 δια τουτο γαρ και φορους τελειτε λειτουργοι γαρ θεου εισιν εις αυτο τουτο προσκαρτερουντες
Duelang le makgetho a lona, ka ntlha ya one mabaka a mabedi a. Gonne badiredi ba mmuso ba tlhoka go duelwa gore ba tle ba nne ba tswelele ba dira tiro ya Modimo, ba lo direla.
7 αποδοτε ουν πασιν τας οφειλας τω τον φορον τον φορον τω το τελος το τελος τω τον φοβον τον φοβον τω την τιμην την τιμην
Duelang mongwe le mongwe ka se a tshwanetseng go duelwa ka sone: Duelang makgetho a lona ka boitumelo lo bo lo duele goromente makgetho a dithoto tse di tsenang mo lefatsheng ka phuthologo, ikobeleng ba ba lo okametseng, lo bo lo tlotle ba ba tshwanetseng go tlotlwa,
8 μηδενι μηδεν οφειλετε ει μη το αγαπαν αλληλους ο γαρ αγαπων τον ετερον νομον πεπληρωκεν
Duelang melato yotlhe fa e se fela molato wa lorato mo go ba bangwe, se khutlise go o duela! Gonne fa lo ba rata, lo tlaa bo lo obamela gotlhe ga melao ya Modimo, lo diragatsa tsotlhe tse di batlwang.
9 το γαρ ου μοιχευσεις ου φονευσεις ου κλεψεις ουκ επιθυμησεις και ει τις ετερα εντολη εν τουτω τω λογω ανακεφαλαιουται εν τω αγαπησεις τον πλησιον σου ως σεαυτον
Fa o rata mongwe ka wena fela jaaka o ithata, ga o na go rata go mo utlwisa botlhoko kgotsa go mo tsietsa, kgotsa go mmolaya kgotsa go mo utswela. Gape ga o na go dira boleo le mosadi wa gagwe, kgotsa go batla se e leng sa gagwe, kgotsa go dira le fa e le eng se melao e e some e reng ga se a siama Yotlhe ka bosome jwa yone e akareditswe mo molaong o o reng, “Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.”
10 η αγαπη τω πλησιον κακον ουκ εργαζεται πληρωμα ουν νομου η αγαπη
Lorato ga lo direle ope bosula. Ke sone se e leng gore lo diragatsa gotlhe mo go batlwang ke Modimo. Ke one molao o le nosi fela o lo o tlhokang.
11 και τουτο ειδοτες τον καιρον οτι ωρα ημας ηδη εξ υπνου εγερθηναι νυν γαρ εγγυτερον ημων η σωτηρια η οτε επιστευσαμεν
Lebaka le lengwe la go tshela ka tlhamalalo ke le: lo itse gore nako e setse e fetile thata jang: nako e a fela. Tsogang, gonne go tla ga Morena go gautshwane jaanong, go na le jaaka re ne re dumela lwa ntlha.
12 η νυξ προεκοψεν η δε ημερα ηγγικεν αποθωμεθα ουν τα εργα του σκοτους και ενδυσωμεθα τα οπλα του φωτος
Bosigo bo setse bo fetile, letsatsi la go bowa ga gagwe le tlaa tloga le goroga. Jalo latlhang ditiro tse di bosula tsa lefifi lo apare seaparo sa tshiamo sa go tshela ka tlhamalalo, jaaka rona ba re nnang mo leseding re tshwanetse go dira!
13 ως εν ημερα ευσχημονως περιπατησωμεν μη κωμοις και μεθαις μη κοιταις και ασελγειαις μη εριδι και ζηλω
Nnang molemo le boammaaruri mo go sengwe le sengwe se lo se dirang gore botlhe ba tle ba dumelane le maitseo a lona. Se diriseng nako ya lona mo medirong e e sa siamang, le mo go tagweng kgotsa mo kgokafalong le dithato tsa nama, kgotsa mo ntweng, kgotsa mo lefufeng.
14 αλλ ενδυσασθε τον κυριον ιησουν χριστον και της σαρκος προνοιαν μη ποιεισθε εις επιθυμιας
Mme kopang Morena Jesu go lo thusa go tshela jaaka lo tshwanetse, le gone lo se ka lwa etleeletsa nama go diragatsa dithato tsa yone.