< Offenbarung 16 >

1 Nun hörte ich eine laute Stimme aus dem Tempel den sieben Engeln zurufen: »Gehet hin und gießt die sieben Schalen des göttlichen Zornes auf die Erde aus!«
Mme ka utlwa lentswe le legolo le tlhaeletsa baengele ba supa le tswa mo tempeleng le re, “Jaanong tsamayang lo tshololele megotswana e supa ya bogale jwa Modimo mo lefatsheng.”
2 Da ging der erste hin und goß seine Schale auf die Erde aus; da kamen schlimme und bösartige Geschwüre an die Menschen, die das Malzeichen des Tieres an sich trugen und sein Bild anbeteten.
Jalo moengele wa ntlha a tsamaya a tshololela mogotswana wa gagwe mo lefatsheng mme dintho tse di maswe tsa tswa mongwe le mongwe yo o neng a na le lotshwao lwa sebatana e bile a obamela setshwantsho sa sone sa leje.
3 Dann goß der zweite seine Schale in das Meer aus; da wurde es zu Blut, wie Leichenblut, und alle lebenden Seelen im Meere starben.
Moengele wa bobedi a tshololela mogotswana wa gagwe mo mawatleng, mme a nna jaaka madi a a metse a motho yo o suleng; mme sengwe le sengwe mo mawatleng otlhe sa a swa.
4 Weiter goß der dritte seine Schale in die Flüsse und die Wasserquellen aus; da wurden sie zu Blut;
Moengele wa boraro a tshololela mogotswana wa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metse mme tsa fetoga madi.
5 und ich hörte den Engel der Gewässer sagen: »Gerecht bist du, der du bist und der du warst, du Heiliger, daß du solche Gerichte vollzogen hast!
Mme ka utlwa moengele yo wa metse a re, “O siame ka go lere katlholo e, wena yo o boitshepo, yo o leng teng le yo o neng a le teng,
6 Denn das Blut von Heiligen und Propheten haben sie vergossen; dafür hast du ihnen Blut zu trinken gegeben: sie haben es so verdient.«
gonne baitshepi ba gago le baporofiti ba ne ba bolawa mme madi a bone a tshelwa mo lefatshing; mme mo go ipusolosetseng o tsholotse madi a ba ba neng ba ba bolaile, ke tuelo ya bone e e ba tshwanetseng.”
7 Und ich hörte den Altar sagen: »Ja, Herr, allmächtiger Gott, wahrhaft und gerecht sind deine Gerichte!«
Mme utlwa moengele wa sebeso a re, “Ee, Morena Mothatayotlhe, dikotlhao tsa gago di siame e bile di boammaaruri.”
8 Hierauf goß der vierte seine Schale auf die Sonne aus; da wurde ihr (die Kraft) verliehen, die Menschen mit Feuerglut zu versengen.
Mme moengele wa bone a tshololela mogotswana wa gagwe mo letsatsing, a dira gore le fise batho botlhe ka molelo wa lone.
9 So wurden denn die Menschen von gewaltiger Glut versengt, lästerten aber trotzdem den Namen Gottes, der die Macht über diese Plagen hat, und bekehrten sich nicht dazu, ihm die Ehre zu geben.
Mongwe le mongwe o ne a fisiwa ke mogote o mogolo, mme ba hutsa leina la Modimo o o neng o rometse dipetso, ba se ka ba fetola megopolo ya bone le maikutlo go o galaletsa.
10 Nun goß der fünfte seine Schale auf den Thron des Tieres aus; da wurde sein Reich verfinstert, und die Menschen zerbissen sich die Zungen vor qualvollem Schmerz,
Mme moengele wa botlhano a tshololela mogotswana wa gagwe mo setilong sa bogosi sa sebatana se se tswang mo lewatleng, mme bogosi jwa sone jwa fifadiwa. Mme batlhanka ba sone ba itshotlha diteme ka ntlha ya botlhoko,
11 lästerten aber trotzdem den Gott des Himmels wegen ihrer qualvollen Schmerzen und wegen ihrer Geschwüre und bekehrten sich nicht von ihrem (bösen) Tun.
mme ba hutsa Modimo wa legodimo ka ntlha ya dintho tsa bone le kutlobotlhoko, mme ba gana go ikwatlhaele ditiro tsotlhe tsa bone tse di bosula.
12 Hierauf goß der sechste seine Schale auf den großen Strom Euphrat aus; da vertrocknete sein Wasser, damit den Königen vom Aufgang der Sonne her der Weg offenstände.
Moengele wa borataro a tshololela mogotswana wa gagwe mo nokeng e kgolo ya Uferatase mme ya kgala gore dikgosi tse di tswang botlhaba-tsatsi le masole a tsone di tle di kgone go kgabaganyetsa kwa bophirima-tsatsi go sena sekgoreletsi sepe.
13 Und ich sah aus dem Maul des Drachen und aus dem Maul des Tieres und aus dem Munde des falschen Propheten drei unreine Geister wie Frösche (hervorkommen) –
Mme ka bona mewa e le meraro e e bosula e e itirileng jaaka digwagwa e tswa mo molomong wa Kgogela, Sebatana, le Moporofiti wa sone wa Tsietso.
14 sie sind nämlich Teufelsgeister, welche Wunderzeichen verrichten –; diese begeben sich zu den Königen des ganzen Erdkreises, um sie zum Kampf am großen Tage Gottes, des Allmächtigen, zu sammeln.
Mme mewa e e maswe e e neng e dira dikgakgamatso, ya buisanya le babusi botlhe ba lefatshe go ba phutha go tlhabana le Morena ka Letsatsi le legolo la Katlholo le le tlang.
15 »Seht, ich komme wie ein Dieb! Selig ist, wer da wacht und seine Kleider bereithält, damit er nicht nackt einherzugehen braucht und man seine Schande nicht zu sehen bekommt!«
“Bona, Ke tlaa tla ka tshoganetso jaaka legodu! Go sego botlhe ba ba ntetetseng, ba ba bolokang dikobo tsa bone di siame gore ba seka ba tlhokana le go tsamaya ba sa ikatega le go tlhabisiwa ditlhong.”
16 Und sie (jene unreinen Geister) versammelten sie (die Könige) in der Gegend, die auf hebräisch ›Harmagedon‹ heißt.
Mme ba phuthela mephato yotlhe ya ntwa ya lefatshe gaufi le felo fa go bidiwang, Amaketone ka Sehebera, ebong Thaba ya Megita.
17 Nun goß der siebte seine Schale in die Luft aus; da erscholl eine laute Stimme aus dem Tempel (im Himmel) vom Throne her und rief: »Es ist geschehen!«
Mme moengele wa bosupa a tshololela mogotswana wa gagwe mo phefong; mme lentswe le le nonofileng la tswa mo setilong sa bogosi sa tempele mo legodimong la re, “Go fedile!”
18 Da erfolgten Blitze, Rufe und Donnerschläge; und ein gewaltiges Erdbeben entstand, wie noch nie eins gewesen war, seit es Menschen auf der Erde gegeben hat, ein solch gewaltig starkes Erdbeben.
Mme ga nna tumo e kgolo ya maru logadima lwa phatshima; mme ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe e e iseng e ke e nne teng mo tlholegong ya setho.
19 Da zerfiel die große Stadt in drei Teile, und die Städte der Völker stürzten ein, und der großen Stadt Babylon wurde vor Gott gedacht, um ihr den Becher mit dem Glutwein seines Zorns zu reichen.
Motse o mogolo wa “Babelone” wa kgaogana dikarolo di le tharo, le metse mo tikologong ya lefatshe ya gosomana ya fetoga matlotla; jalo Modimo wa gakologelwa boleo jotlhe jwa “Babelone,” mme a otlhaiwa go fitlhelela kwa lerothoding la bofelo la bogale jo bo mo senwelong sa mofine sa bogale jwa one jo bo tshabegang.
20 Auch alle Inseln verschwanden, und Berge waren nicht mehr zu finden.
Ditlhaketlhake tsa nyelela, le dithaba tsa kokobela,
21 Und ein gewaltiger Hagelschlag mit pfundschweren Stücken fiel vom Himmel auf die Menschen herab; aber die Menschen lästerten Gott trotzdem wegen der Plage des Hagels; denn dessen Plage ist ganz entsetzlich.
mme ga wa sefako se segolo kwa legodimong; maje a sone a le bokete jwa diponto di le lekgolo a wa kwa legodimong a wela batho mo lefatsheng, mme ba hutsa Modimo ka ntlha ya sefako se se boitshegang seo.

< Offenbarung 16 >