< 1 Timothy 5 >

1 Do not rebuke an older man, but exhort him as a father; the younger men as brothers;
O se ka wa gakalela motho yo o godileng, mme o mo kope ka maitseo fela jaaka fa e ka bo e le rrago. Buisa makau fela jaaka bo mogoloo ba o ba ratang thata.
2 the older women as mothers; the younger as sisters, in all purity.
O tseye basadi ba ba godileng jaaka bommago, le basetsana jaaka bokgaitsadiyo, o akanye megopolo e e itshekileng fela ka bone.
3 Honor widows who are widows indeed.
Phuthego e tshwanetse go tlhokomela ka lorato basadi ba batlholagadi fa ba sena ope yo o ka ba thusang.
4 But if any widow has children or grandchildren, let them learn first to show piety towards their own family, and to repay their parents, for this is acceptable in the sight of God.
Mme fa ba na le bana kgotsa ditlogolwana, ba ke bone ba ba tshwanetseng go ba tlhokomela, gonne tshiamo e tshwanetse go simologa kwa lwapeng, go thusa batsadi ba ba tlhokang. Se ke selo se se itumedisang Modimo thata.
5 Now she who is a widow indeed, and desolate, has her hope set on God, and continues in petitions and prayers night and day.
Phuthego e tshwanetse go tlhokomela batlholagadi ba ba humanegileng ba bile ba le bosi mo lefatsheng, fa ba lebeletse thuso mo Modimong, ba bile ba senya nako e ntsi mo thapelong;
6 But she who gives herself to pleasure is dead while she lives.
mme e seng fa ba senya nako ya bone mo ditshebong, ba batla dikgatlhego tsa senama, ba onatsa mewa ya bone.
7 Also command these things, so that they will be without fault.
Se e tshwanetse go nna molao wa phuthego ya gago gore Bakeresete ba tle ba itse ba bo ba dire se se molemo.
8 But if anyone does not provide for his own, and especially his own household, he has denied the faith, and is worse than an unbeliever.
Mme mongwe le mongwe yo o se kitlang a tlhokomela ba gagabo fa ba tlhoka thuso, bogolo thata ba ntlo ya gagwe, ga a na tshwanelo ya go ipitsa Mokeresete. Motho yo o ntseng jalo o maswe go feta moheitane.
9 Let no one be enrolled as a widow under sixty years old, having been the wife of one man,
Motlholagadi yo o batlang go nna mongwe wa badiri ba phuthego ba ba faphegileng o tshwanetse bogolo a bo a na le dingwaga di le masome a marataro mme a kile a nyalwa gangwe fela.
10 being approved by good works, if she has brought up children, if she has been hospitable to strangers, if she has washed the saints' feet, if she has relieved the afflicted, and if she has diligently followed every good work.
O tshwanetse go kaiwa ka tshiamo ke mongwe le mongwe ka ntlha ya tshiamo e o e dirileng. A o goditsitse bana ba gagwe sentle? A o ne a le tshiamo mo baeting le mo Bakereseteng ba bangwe? A o ipaakanyeditse go supa tshiamo ya gagwe nako tsotlhe?
11 But refuse younger widows, for whenever their passions lead them away from Christ, they desire to marry;
Mme batlholagadi ba basha ga ba a tshwanela go nna maloko a setlhopha se se faphegileng se, ka gore, morago ga lobakanyana ba ka tlhokomologa maikano a bone mo go Keresete mme ba nyalwa gape.
12 having condemnation, because they have rejected their first pledge.
Mme ba tlaa bonwa molato ka ntlha ya go senya maikano a bone a ntlha.
13 Besides, they also learn to be idle, going about from house to house. Not only idle, but also gossips and busybodies, saying things which they ought not.
Gape, ba ka nna ba nna ditshwakga ba senya nako ya bone mo go tsamayeng ba seba mo malwapeng ka go tlhatlologana, ba tsena mo ditirong tsa batho ba bangwe.
14 I desire therefore that the younger widows marry, bear children, rule the household, and give no occasion to the adversary for reviling.
Jalo ke bona go le botoka gore batlholagadi ba basha ba, ba nyalwe gape ba nne le bana, ba tlhokomele malwapa a bone; mme ga go ope yo o ka ba rayang sepe.
15 For already some have turned aside after Satan.
Gonne ke boifa gore bangwe ba bone ba setse ba kgelogile mo phuthegong mme ba timeditswe ke Satane.
16 If any believing woman has widows, let her assist them, and do not let the church be burdened; that it might help those widows who are truly in need.
Mmang ke lo gakolole gape gore ba ga gabo motlholagadi ba tshwanetse go mo tlhokomela, a se ka a nna morwalo wa phuthego. Mme phuthego e ka dirisa madi a yone go tlhokomela batlholagadi ba ba bosi ba ba senang kwa ba yang teng.
17 Let the elders who rule well be counted worthy of double honor, especially those who labor in the word and in teaching.
Baruti ba ba dirang tiro ya bone sentle ba tshwanetse go duelwa sentle ebile ba tshwanetse go itumelelwa thata, bogolo thata ba ba dirang thata mo therong le mo thutong.
18 For the Scripture says, "Do not muzzle the ox when it treads out the grain." And, "The laborer is worthy of his wages."
Gonne Dikwalo tsa re, “O se bofe kgomo molomo fa e photha mabele, e lese e je fa entse e tsamaya!” Mme mo gongwe tsa re, “Ba ba dirang ba tshwanelwa ke tuelo ya bone!”
19 Do not receive an accusation against an elder, except at the word of two or three witnesses.
O se reetse dingongorego kgatlhanong le moruti fa e se go na le basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo go mo sekisa.
20 Those who sin, reprove in the sight of all, that the rest also may be in fear.
Fa tota a leofile, ke gone o tshwanetseng go kgalemelwa fa pele ga phuthego yotlhe gore ope a seka a dira jaaka ene.
21 I command you in the sight of God, and Christ Jesus, and the chosen angels, that you observe these things without prejudice, doing nothing by partiality.
Ke go laya ka tlhoafalo fa pele ga Modimo le Morena Jesu Keresete le baengele ba ba boitshepo gore o dire se le fa moruti e ka bo e le tsala ya gago e e faphegileng kgotsa nnyaa. Botlhe ba tshwanetse go tsholwa ka tekatekanyo.
22 Do not ordain anyone hastily, nor participate in the sins of others. Keep yourself pure.
O se ka wa itlhaganelela go tlhopha moruti; e ka re kgotsa wa tlodisa dibe tsa gagwe matlho mme ga lebega e ka re o a di dumelela. Tlhomamisa gore wena ka bowena o kgaogane le dibe.
23 Be no longer a drinker of water only, but use a little wine for your stomach's sake and your frequent infirmities.
(Mme mo ga go reye gore o tlogele go nwa mofine gotlhelele. O tshwanetse go nwa go le gonnye e le molemo wa mala a gago gonne o aga o lwala).
24 The sins of some people are obvious, going before them to judgment, but those of others show up later.
Mme gakologelwa gore banna bangwe, le e leng baruti tota, ba tshela botshelo jo bo leswe ebile mongwe le mongwe o itse ka gona. Mo mabakeng a a ntseng jaana o ka dira sengwe ka gone. Mme mo mabakeng a mangwe ke letsatsi la katlholo fela le le tlaa senolang boammaaruri jo bo boitshegang.
25 In the same way also there are good works that are obvious, and those that are otherwise cannot be hidden.
Fela jalo, batho ba itse gore baruti bangwe ba dira bomolemo go le kae, mme nako nngwe ditiro tsa bone tse dintle ga di itsiwe go fitlhelela morago ga lobaka lo lo leele.

< 1 Timothy 5 >