< 1 Timothy 2 >
1 I exhort therefore, first of all, that petitions, prayers, intercessions, and thanksgivings, be made for all people:
Mme dikgakololo tsa me ke tse: Rapele lang ba bangwe thata; ba kopeleng kutlwelo botlhoko ya Modimo; lebogelang tsotlhe tse o tlaa di ba direlang.
2 for kings and all who are in high places; that we may lead a tranquil and quiet life in all godliness and reverence.
Ka yone tsela e, rapelelang dikgosi le botlhe ba ba nang le taolo mo go rona kgotsa ba maemo a a kwa godimo, gore re tle re tshele ka kagiso le kutlwano, re dirisa nako ya rona mo botshelong jwa Semodimo mme re akanya go le gontsi ka Morena.
3 For this is good and acceptable in the sight of God our Savior;
Se, se molemo ebile se itumedisa Modimo Mmoloki wa rona,
4 who desires all people to be saved and come to full knowledge of the truth.
gonne o eleletsa botlhe go bolokwa le go tlhaloganya boammaaruri jo:
5 For there is one God, and one mediator between God and humanity, a human, Christ Jesus,
gore Modimo o mo ntlheng e nngwe le batho botlhe ba ka fa ntlheng e nngwe, mme Jesu Keresete, yo e leng motho ka sebele, o mo gare ga bone go ba kopanya,
6 who gave himself as a ransom for all; the testimony in its own times;
ka go naya batho botlhe botshelo jwa gagwe. Se ke molaetsa o Modimo o o neetseng lefatshe ka nako e e tshwanetseng.
7 to which I was appointed a preacher and an apostle (I am telling the truth, I am not lying), a teacher of the non-Jews in faith and truth.
Mme ke tlhophilwe jaaka moruti le morongwa wa Modimo, se ke boammaaruri, gore ke rute Badichaba boammaaruri jo, le go ba supegetsa leano la poloko la Modimo ka tumelo.
8 I desire therefore that the men in every place pray, lifting up holy hands without anger and doubting.
Jalo ke batla banna gongwe le gongwe go rapela ka mabogo a a itshekileng a tsholeleditswe kwa Modimong, ba golotswe mo sebeng le mo bogaleng le mo kgannyeng.
9 In the same way, that women also adorn themselves in decent clothing, with modesty and propriety; not just with braided hair, gold, pearls, or expensive clothing;
Mme le basadi fela jalo, ba didimetse, ba le botlhale ka go itshwara sentle le ka go apara. Bakeresete ba basadi ba tshwanetse go bonwa ka tshiamo le molemo, e seng ka mokgwa o ba iphorang moriri ka one kgotsa ka ntlha ya dibaga tsa bone kgotsa diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo.
10 but (which becomes women professing godliness) with good works.
11 Let a woman learn in quietness with all subjection.
Basadi ba tshwanetse go reetsa mme ba ithuta ka tidimalo le ka boikokobetso.
12 But I do not permit a woman to teach, nor to exercise authority over a man, but to be in quietness.
Ga ke ise ke ko ke letle basadi go ruta banna kgotsa go ba laola. A ba didimale mo dikopanong tsa diphuthego tsa lona.
13 For Adam was first formed, then Eve.
Ka ntlha ya eng? Ka ntlha ya gore Modimo o dirile Adamo pele, mme morago wa dira Efa.
14 Adam was not deceived, but the woman, being deceived, has fallen into disobedience;
Mme ga se Adamo yo o neng a tsiediwa ke Satane, fa e se Efa, mme phelelo ya nna boleo.
15 but she will be delivered through the childbirth, if they continue in faith and love and holiness, with self-control.
Jalo Modimo wa romela kutlobotlhoko le pogiso mo basading fa bana ba bone ba tsholwa, mme o tlaa boloka mewa ya bone fa ba mo ikanya, ba tshela ba didimetse, ba siame, ba na le matshelo a a itumedisang.