< Romans 16 >

1 And I commend you to Phoebe our sister—being a servant of the assembly that [is] in Cenchrea—
Febe, Mokeresete wa mosadi yo o rategang yo o tswang kwa motseng wa Kenkerea, o tlaa bo a tla go lo bona mo bogautshwaneng. O dirile ka bonatla mo phuthegong teng. Mo amogeleng jaaka kgaitsadia-lona mo Moreneng, lo mo amogele ka boitumelo jwa Sekeresete. Mo thuseng fela thata ka fa lo ka kgonang ka teng, gonne o thusitse ba le bantsi mo go tse ba di tlhokang, le nna tota o nthusitse.
2 that you may receive her in the LORD, worthily of the holy ones, and may assist her in whatever matter she may have need of you, for she also became a leader of many, and of myself.
3 Greet Priscilla and Aquilas, my fellow-workmen in Christ Jesus—
Ntumedisetsang Peresila le Akhwila. Ba ntse ba le badiri ka nna mo ditirong tsa ga Keresete Jesu.
4 who laid down their own neck for my life, to whom not only I give thanks, but also all the assemblies of the nations—
Tota ba ne ba nntshetsa matshelo a bone setlhabelo; mme ga se nna fela ke le nosi yo ke ba lebogang: diphuthego tsotlhe tsa Badichaba le tsone di a ba leboga.
5 and the assembly at their house; greet Epaenetus, my beloved, who is first-fruit of Achaia to Christ.
Tswee-tswee ntumedisetsang botlhe ba ba phuthaganelang go obamela mo tlung ya bone. Dumedisang Epaeneto tsala ya me e e molemo. Ke ene motho wa ntlha go nna Mokeresete mo Asia.
6 Greet Mary, who labored much for us;
Ntumedisetsang le Maria, yo o dirileng ka bonatla jotlhe jwa gagwe go re thusa.
7 greet Andronicus and Junias, my relatives, and my fellow-captives, who are of note among the apostles, who also have been in Christ before me.
Ntumedisetsang Andoronikase le Juniase, ba losika lwa me ba ke neng ke le mo kgolegelong nabo. Ba tlotlwa ke baaposetoloi, ebile ba ne ba fetoga Bakeresete pele ga me. Tswee-tswee ba ntumedisetseng.
8 Greet Amplias, my beloved in the LORD;
Dumedisang Ampeliato, yo ke mo ratang jaaka mongwe wa bana ba e leng ba Modimo tota,
9 greet Arbanus, our fellow-workman in Christ, and Stachys, my beloved;
le Urebano, modiri ka rona, le Setakese yo o rategang.
10 greet Apelles, the approved in Christ; greet those of the [household] of Aristobulus;
Gape go na le Apelese, monna yo o molemo yo Morena o mo ratang; mo ntumedisetseng. Lo bo lo ntumedisetse ba ba dirang kwa tlung ya ga Arisetobulo.
11 greet Herodion, my relative; greet those of the [household] of Narcissus, who are in the LORD;
Ntumedise-tsang Herodione wa losika lwa me. Dumedisang magolegwa a ga Keresete kwa tlung ya ga Narekiso.
12 greet Tryphaena, and Tryphosa, who are laboring in the LORD; greet Persis, the beloved, who labored much in the LORD.
Dumedisang Teraefina le Teraefosa, badiredi ba Morena le Peresise moratwa yo o diretseng Morena ka natla yotlhe.
13 Greet Rufus, the chosen one in the LORD, and his mother and mine,
Ntumedisetsang Rufase yo o itshenketsweng ke Morena go nna wa gagwe tota; le mmaagwe yo o rategang yo le nna a neng a ntsaya fela jaaka ngwana wa gagwe.
14 greet Asyncritus, Phlegon, Hermas, Patrobas, Hermes, and the brothers with them;
Gape tswee-tswee ntumedisetsang Asenkerithase, Felogone, Heremese, Petorabase le bakaulengwe ba bangwe ba ba nang nabo.
15 greet Philologus, and Julias, Nereus, and his sister, and Olympas, and all the holy ones with them;
Ntumedisetsang Filologase, Julisa Nerease le kgaitsadie, le Olimpase, le Bakeresete botlhe ba ba nang nabo.
16 greet one another in a holy kiss; the assemblies of Christ greet you.
Dumedisanyang ka boitumelo ka diatla. Diphuthego tsotlhe fano di a lo dumedisa.
17 And I call on you, brothers, to mark those who are causing the divisions and the stumbling-blocks, contrary to the teaching that you learned, and turn away from them;
Mme legale go santse go na le sengwe se ke batlang go se bua pele ga ke fetsa lokwalo lo. Tswang mo go ba ba dirang dikgaogano ebile ba senya tumelo ya boammaaruri ya batho, ba ruta dilo kaga Jesu tse di kgatlhanong le se lo se rutilweng.
18 for such do not serve our Lord Jesus Christ, but their own belly; and through the good word and fair speech they deceive the hearts of the harmless.
Baruti ba ba ntseng jalo ga ba direle Morena wa rona Jesu, mme ba fufulela dimpa tsa bone fela. Ke dibui tse di itseng go bua mme batho ba ba bopegileng senyana mo tlhaloganyong ba tle ba tsiediwe ke bone ka puo ya bone e e borethe.
19 For your obedience reached to all; I rejoice, therefore, as regards you, and I wish you to be wise, indeed, as to the good, and pure as to the evil;
Mme mongwe le mongwe o itse gore lo eme ka boikanyego le ka boammaaruri mo go intumedisang fela thata. Ke batla gore lo age lo le botlhale ka go itse bomolemo le go nna le poifo mo go se se bosula.
20 and the God of peace will bruise Satan under your feet quickly; the grace of our Lord Jesus Christ [be] with you. Amen!
Modimo wa kagiso o tlaa tloga o ripitla Satane ka fa tlase ga dinao tsa lona. A masego a a tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete a nne le lona.
21 Timotheus greets you, my fellow-workman, and Lucius, and Jason, and Sosipater, my relatives;
Timotheo modiri ka nna, le Lukio le Jasone le Sosipatere, ba losika lwa me, ba lo eleletsa matlhogonolo.
22 I, Tertius, greet you (who wrote the letter) in the LORD;
Nna, Teretio, yo ke kwalelang Paulo lokwalo lo, ke romela ditumediso tsa me le nna, ke le mokaulengwe mo Sekereseteng.
23 Gaius greets you, my host, and of the whole Assembly; Erastus greets you, the steward of the city, and Quartus the brother.
Gaio a re ke lo dumedise. Ke moeng wa gagwe, phuthego le yone e tshwarelwa fano mo lwapeng lwa gagwe. Eraseto, motlhokomedi wa matlotlo a motse, o a lo dumedisa fela jalo le Kwaretose mokaulengwe o a lo dumedisa.
24 [[The grace of our Lord Jesus Christ [be] with you all! Amen.]]
Salang sentle. A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe.
25 And to Him who is able to establish you, according to my good news, and the preaching of Jesus Christ, according to the revelation of the secret, having been kept secret in the times of the ages, (aiōnios g166)
Ke lo neela mo Modimong, o o kgonang go lo nonotsha le go lo pepetletsa mo Moreneng, fela jaaka Mafoko a a Molemo a bua, le jaaka ke lo boleletse. Se ke leano la Modimo la poloko ya lona badichaba, le le neng le fitlhegile go tsweng kwa tshimologong ya metlha. (aiōnios g166)
26 and now having been revealed, also, through prophetic writings, according to a command of the perpetual God, having been made known to all the nations for obedience of faith— (aiōnios g166)
Mme jaanong fela jaaka baporofiti ba sale ba bolela le jaaka Modimo o laotse molaetsa o o rerwa gongwe le gongwe, gore batho mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba tle ba nne le tumelo mo go Keresete ba mo obamele. (aiōnios g166)
27 to the only wise God, through Jesus Christ, to Him [be] glory for all ages. Amen. (aiōn g165)
A Kgalalelo e nne go Modimo ka osi o o leng botlhale, ka Jesu Keresete Morena wa rona. Amen. Ke nna wa boammaaruri, Paulo (aiōn g165)

< Romans 16 >