< 1 Timothy 6 >
1 Let as many servants as are under the yoke count their own masters worthy of all honour, that the name of God and [his] doctrine be not blasphemed.
Batlhanka ba e leng Bakeresete ba tshwanetse go direla beng ba bone thata ba bo ba ba tlotla; se direng gore gotwe batho ba ga Keresete ke badiri ba ba ditshwakga. Se letleng gore leina la Modimo kgotsa thuto ya One e nyadiwe ka ntlha ya se.
2 And they that have believing masters, let them not despise [them], because they are brethren; but rather do [them] service, because they are faithful and beloved, partakers of the benefit. These things teach and exhort.
Fa mong-wa bone e le Mokeresete, moo ga go reye gore ba itepeletse; bogolo ba tshwanetse go dira thata ka gore mokaulengwe mo tumelong o thusiwa ke maiteko a bone. O rute boammaaruri jo, mme o kgothatse botlhe go bo tshegetsa.
3 If any man teach otherwise, and consent not to wholesome words, [even] the words of our Lord Jesus Christ, and to the doctrine which is according to godliness;
Mme bangwe ba ka gana dilo tse, mme ke dithuto tse di nonofileng tse di tshedileng tsa Morena Jesu Keresete ebile ke motheo wa botshelo jwa Semodimo.
4 He is proud, knowing nothing, but doting about questions and strifes of words, whereof cometh envy, strife, railings, evil surmisings,
Le fa e le mang yo o buang sengwe se sele se se farologanyeng le se, o a ikgantsha ebile o seeleele. O tila se mafoko a ga Keresete a se rayang le dikganetsanyo tse di felelang mo mafufeng le mo bosilong, tse di isang fela mo go bidiweng ka maina a e seng one, dipateletso le dipelaelo tse di bosula.
5 Perverse disputings of men of corrupt minds, and destitute of the truth, supposing that gain is godliness: from such withdraw thyself.
Baganetsi ba, ba ditlhaloganyo tsa bone di bo filweng ke sebe, ga ba itse go bolela boammaruri; mo go bone go bolela Mafoko a a Molemo ke leano la go dira madi fela. Ikgapheng mo go bone.
6 But godliness with contentment is great gain.
A o batla go huma? O setse o humile fa o itumela ebile o siame.
7 For we brought nothing into [this] world, [and it is] certain we can carry nothing out.
Le gone ebile ga re a ka ra tla le madi fa re tla mo lefatsheng leno gape ga re kake ra tsaya le fa e le ledinyana le le lengwe fa ree swa.
8 And having food and raiment let us be therewith content.
Jalo re tshwanetse go itumela fela kwa ntle ga madi fa re na le dijo le diaparo tse di lekanyeng.
9 But they that will be rich fall into temptation and a snare, and [into] many foolish and hurtful lusts, which drown men in destruction and perdition.
Mme batho ba ba eletsang go huma ka bonako ba simolola go dira mefuta yotlhe ya dilo tse di sa siamang gore ba bone madi, dilo tse di ba utlwisang botlhoko di bile di sulafatsa ditlhaloganyo tsa bone mme kwa bofelong di ba ise kwa moleting.
10 For the love of money is the root of all evil: which while some coveted after, they have erred from the faith, and pierced themselves through with many sorrows.
Gonne go rata madi ke yone kgato ya ntlha e e yang kwa mefuteng yotlhe ya boleo. Batho bangwe ebile ba setse ba kgelogile mo Modimong ka ntlha ya go a rata, mme ka go dira jalo ba itsentse mo mathateng a mantsi.
11 But thou, O man of God, flee these things; and follow after righteousness, godliness, faith, love, patience, meekness.
Oo, Timotheo, o monna wa Modimo. Tshaba dilo tse tsotlhe tse di bosula mme mo boemong jwa mo, o dire se se molemo le se se siameng, o ithuta go mo ikanya le go rata ba bangwe, le go nna pelotelele le tshiamo.
12 Fight the good fight of faith, lay hold on eternal life, where unto thou art also called, and hast professed a good profession before many witnesses. (aiōnios )
Tlhabanela Modimo thata. Tshwara thata botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo o bo go neileng, jo o bo ipoleletseng ka boipolelo jo bogolo mo ponong ya basupi ba le bantsi. (aiōnios )
13 I give thee charge in the sight of God, who quickeneth all things, and [before] Christ Jesus, who before Pontius Pilate witnessed a good confession;
Ke go laya fa pele ga Modimo o o nayang botlhe botshelo, le fa pele ga ga Ponto Pilatwe,
14 That thou keep [this] commandment without spot, unrebukeable, until the appearing of our Lord Jesus Christ:
gore o diragatse tsotlhe tse o di go boleletseng gore o di dire, gore ope a se ka a go bona molato go tloga fano go fitlhelela Morena wa rona Jesu Keresete a boa.
15 Which in his times he shall shew, [who is] the blessed and only Potentate, the King of kings, and Lord of lords;
Gonne mo lobakeng lo lo tshwanetseng, Keresete o tlaa senolwa mo legodimong ke Modimo Mothatayotlhe, Kgosi ya dikgosi le Morena wa Barena,
16 Who only hath immortality, dwelling in the light which no man can approach unto; whom no man hath seen, nor can see: to whom [be] honour and power everlasting. Amen. (aiōnios )
yo ka esi a se ka keng a swa, yo o nnang mo leseding le legolo le go senang ope yo o ka mo atamelang. Ga go na ope yo o kileng a mmona, kgotsa yo o tlaa mmonang. Mo go ene a go nne tlotlo le nonofo e e sa feleng le puso ka metlha le metlha. Amen. (aiōnios )
17 Charge them that are rich in this world, that they be not highminded, nor trust in uncertain riches, but in the living God, who giveth us richly all things to enjoy; (aiōn )
Bolelela ba ba humileng gore ba se ka ba ikgantsha le go ikanya madi a bone, a a tlogang a nyelela ka bonako, mme boikgantsho jwa bone le boikanyo bo tshwanetse go nna mo Modimong o o tshelang o o re nayang tsotlhe tse re di tlhokang ka metlha yotlhe go di itumelela. (aiōn )
18 That they do good, that they be rich in good works, ready to distribute, willing to communicate;
Ba bolelele gore ba dirise madi a bone go dira tshiamo. Ba tshwanetse go huma mo ditirong tse di molemo mme ba naya ka boitumelo ba ba tlhokang, ba aga ba ipaakanyeditse go abalana le ba bangwe sengwe le sengwe se Modimo o se ba neileng.
19 Laying up in store for themselves a good foundation against the time to come, that they may lay hold on eternal life.
Ka go dira jalo ba tlaa bo ba ipolokela dikhumo kwa legodimong, ke yone fela polokelo ya bosakhutleng! Mme ba tlaa tshela botshelo jwa Sekeresete jo bo nang le maungo mono lefatsheng le kwa legodimong.
20 O Timothy, keep that which is committed to thy trust, avoiding profane [and] vain babblings, and oppositions of science falsely so called:
Oo, Timotheo, o se ka wa tlhoka go dira dilo tse, tse Modimo o di go neetseng. Ikgaphe mo dikganetsanyong tsa boeleele le mo go ba ba ipelafatsang ka “kitso” ya bone mme seo se supa fa ba sena nayo.
21 Which some professing have erred concerning the faith. Grace [be] with thee. Amen.
Bangwe ba batho ba, ba latlhegetswe ke selo sa botlhokwa mo botshelong, ga ba itse Modimo. A kutlwelo botlhoko ya Modimo e nne mo go wena.