< 1 Corinthians 12 >

1 Now about “spiritual gifts.” My brothers and sisters, I want to explain this to you.
Mme jaanong bakaulengwe, ke batla go kwala kaga dineo tse di faphegileng tse Mowa O O Boitshepo o di nayang bangwe le bangwe ba lona, gonne ga ke batle tlhoka-kutlwisisanyo kaga tsone.
2 You know that when you were pagans, you were deceived, being led astray by worshiping idols who couldn't even speak.
Lo tlaa gakologelwa gore pele ga lo nna Bakeresete lo ne lo tlhatlologanya medimo ya disetwa, lo tswa mo go o lo tsena mo go o mongwe, go se ope wa yone o o neng o ka bua lefoko le le lengwe.
3 Let me make it clear to you: no one who speaks in the Spirit of God says, “Curse Jesus!” and no one can say, “Jesus is Lord!” except by the Holy Spirit.
[Mme jaanong lo kopana le batho ba ba reng ba bua melaetsa e e tswang mo Moweng wa Modimo.] Lo itse jang gore ba tlhotlheleditswe ke Modimo tota kgotsa ke batsietsi? Itlhatlhobo ke e: ga go na ope yo o buang ka nonofo ya Mowa wa Modimo yo o ka hutsang Jesu, le gone ga go na ope yo o ka reng, “Jesu ke Morena,” mme e le boammaaruri, fa a sa thusiwe ke Mowa O O Boitshepo.
4 Now there are different kinds of spiritual gifts, but they come from the same Spirit.
Jaanong Modimo o re naya mefuta e mentsi ya dineo tse di faphegileng, mme ke Mowa O O Boitshepo o le mongwe fela o e leng one motswedi wa tsone tsotlhe.
5 There are different kinds of ministries, but they come from the same Lord.
Go na le mefuta e e farologanyeng ya ditirelo Modimo, mme ke Morena a le mongwe fela yo re mo direlang.
6 There are different ways of working, but they come from the same God, who is at work in all of them.
Go na le ditsela di le dintsi tse Modimo o dirang ka tsone mo matshelong a rona, mme ke Modimo o le mongwe fela o o dirang tiro mo go rona rotlhe ba re leng ba one.
7 The Spirit is given to each of us and is revealed for the good of all.
Mowa O O Boitshepo o bonatsa nonofo ya Modimo mo go mongwe le mongwe wa rona e le go thusa phuthego yotlhe.
8 One person is given by the Spirit the ability to speak words of wisdom. Another is given a message of knowledge by the same Spirit.
Motho mongwe mowa o mo naya nonofo go ntsha kgakololo e e siameng; mongwe o ka bo a siame thata ka fa go ithuteng le go ruta, mme se ke mpho ya gagwe e e tswang e ntse e le mo go one Mowa O O Boitshepo.
9 Another receives the gift of strongly trusting in God by the same Spirit. Another receives gifts of healing from that one Spirit.
O naya yo mongwe tumelo e e faphegileng, yo mongwe nonofo ya go fodisa balwetse.
10 Another is given the ability to perform miracles. Another receives the gift of prophecy. Another is given the gift of spiritual discernment. Another receives the ability to speak different languages while another is given the gift of interpreting languages.
O naya bangwe nonofo ya go dira dikgakgamatso, ba bangwe nonofo ya go porofesa le go rera, o naya mongwe nonofo ya go itse fa mewa e e bosula e bua mo go ba ba ipitsang gore ba naya melaetsa ya Modimo, kgotsa gore a ke one tota Mowa wa Modimo o o buang. Fela jalo, motho yo mongwe o kgona go bua dipuo tse a iseng a ke a di ithute; mme ba bangwe ba ba sa itseng puo, ba newa nonofo ya go tlhaloganya se a se buang.
11 But all of these gifts are the work of the one and the same Spirit, sharing with each person as he alone chooses.
E ntse ke one Mowa O O Boitshepo fela o o nayang dimpho tsotlhe le dinonofo, go bona gore mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go newa eng.
12 Just like the human body is one unit but has many parts—all the parts of the body even though there are many of them, make up one body—so is Christ.
Mebele ya rona e na le ditokololo di le dintsi, mme ditokololo tse dintsi di dira mmele o le mongwe fela fa di kopantswe. Go ntse fela jalo ka “mmele” wa ga Keresete.
13 For it was through one Spirit that we were all baptized into one body. It doesn't matter whether we are Jews or Greeks, slave or free—we all were given the one Spirit to drink.
Mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya mmele wa ga Keresete. Bangwe ba rona ke Bajuta, bangwe ke Badichaba, bangwe ke magolegwa mme bangwe ba gololesegile. Mme Mowa O O Boitshepo o re tshwaragantse mmogo mo mmeleng o le mongwe. Re kolobeditswe mo mmeleng wa ga Keresete ka Mowa o le mongwe, ra bo ra newa one Mowa O O Boitshepo oo.
14 The body is not made of one part, but many parts.
Ee, mmele o na le ditokololo tse dintsi, e seng tokololo e le nngwe fela.
15 If the foot were to say, “Because I'm not a hand, I'm not part of the body,” would that make it not part of the body?
Fa lonao lo re, “Ga ke tokololo ya mmele ka gore ga ke letsogo,” seo ga se dire lonao tokololo e potlana ya mmele.
16 If the ear were to say, “Because I'm not an eye, I'm not part of the body,” would that make it not part of the body?
Mme o ne o ka reng fa o utlwa tsebe e re, “Ga ke tokololo ya mmele ka gore ke tsebe fela, ga ke leitlho”. A seo se ne se tlaa e dira tokololo e potlana ya mmele?
17 If the whole body was an eye, how could you hear anything? If the whole body was an ear, how could you smell anything?
A re re fa mmele otlhe e ne e le leitlho, o ne o ka utlwa jang? Kgotsa mmele wa gago otlhe fela e le tsebe e le nngwe e tona, o ne o ka dupelela jang?
18 But God has arranged each part in the body, every last one of them, placing them just as he wanted.
Mme ga se kafa Modimo o re dirileng ka gone. O diretse mebele ya rona ditokololo di le dintsi thata, mme wa baya tokololo nngwe le nngwe fa o e batlang gone.
19 If they were all the same part, what would happen to the body?
Go ne go tlaa hakgamatsa jang fa mmele o ne o na le tokololo e le nngwe fela?
20 However, since there are many parts, they make up the body.
Jalo o dirile ditokololo tse dintsi, mme le fa go ntse jalo, mmele o ntse o mongwe fela.
21 The eye can't tell the hand, “I don't need you,” or the head tell the feet, “I don't need you.”
Leitlho ga le kake la raya letsogo la re, “Ga ke go batle,” Tlhogo ga e kake ya raya dinao ya re, “Ga ke lo batle”.
22 Quite the opposite: some of those parts of the body that seem the most insignificant are the most essential.
Mme ditokololo dingwe tse di lebegang di le bokoa ebile di se botlhokwa thata ke tsone tota tse di tlhokegang thata,
23 In fact those parts of the body we do not consider to be decent to reveal we “honor” more by covering them up—what is indecent we treat with greater modesty!
mme ditokololo tse re akanyang gore ga di botlhokwa thata, re di eleng tlhoko thata; fa ditokololo tsa mmele tse di sa lebegeng di le dintle thata di amogela kelotlhoko e e faphegileng,
24 What's presentable doesn't need such covering up. God has so arranged the body that more honor is given to the parts that are less presentable.
fa tota ditokololo tse di ka bonwang di sa batle tlhokomelo e e faphegileng e. Jalo Modimo o bopile mmele ka tsela e e leng gore tlotlo le tlhokomelo di newe ditokololo tse di lebegang di sa tlotlwa thata.
25 This is so there wouldn't be any conflict within the body—the different parts should care equally for each other.
Se se dira boitumelo mo ditokololong, gore ditokololo tse di nne le tlhokomelo e e tshwanelang tse dingwe gore di itirele ka bo tsone.
26 So when one part is suffering, all the other parts of the body suffer with it, and when one part is treated well, then all the other parts of the body are happy too!
Fa tokololo nngwe e utlwa botlhoko, ditokololo di utlwa botlhoko nayo, mme fa tokololo e le nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di a itumela.
27 Now you are the body of Christ, and each one makes up a part of it.
Jaanong se ke batlang go se bua ke se: Lotlhe lo mmele o le mongwe fela wa ga Keresete mme mongwe le mongwe wa lona ke tokololo e e faphegileng e e tlhokegang ya one.
28 In the church, God has arranged first for some to be apostles, secondly for some to be prophets, thirdly teachers. Then there are those who perform miracles, those with healing gifts, those who can help others, those good at administration, and those who can speak different languages.
Thulaganyo ya ditokololo dingwe tse a di beileng mo phuthegong ya gagwe ke e, e e leng mmele wa gagwe: Baporofiti—bao ba rerang Lefoko la Modimo, Baruti, bao ba dirang dikgakgamatso, bao ba nang le neo ya phodiso, bao ba ka thusang ba bangwe, bao ba ka dirang ba bangwe gore ba dire mmogo, bao ba ba buang ka diteme tse ba sa di ithutang.
29 Not everyone is an apostle, or a prophet, or a teacher, or able to perform miracles.
A mongwe le mongwe ke moaposetoloi? Nnyaa. A mongwe le mongwe ke moreri? Nnyaa. A botlhe ke baruti? A mongwe le mongwe o na le nonofo go dira dikgakgamatso?
30 Not all have healing gifts, or the ability to speak languages, or to interpret languages.
A mongwe le mongwe o ka fodisa bolwetse? Nnyaa. A Modimo o re naya rotlhe nonofo ya go bua ka diteme tse re sa di ithutang? A mongwe fela o ka tlhaloganya a bo a ranola se se buiwang ke ba ba nang le neo ya puo ya seeng?
31 But you should really want to have the most significant gifts. So now I will show you a far better way.
Nnyaa, leka bojotlhe jwa gago go nna le neo e e di gaisang tsotlhe. Pele, le fa go ntse jalo, mma ke go bolelele sengwe se sele se se botoka go di gaisa tsotlhe!

< 1 Corinthians 12 >