< Matthew 6 >
1 “Be careful not to perform your righteous acts before men to be seen by them. If you do, you will have no reward from your Father in heaven.
“Mme elang tlhoko! Se direng tshiamo ya lona fa pele ga batho gore ba lo tlotle, fa lo dira jalo ga lona go bona tuelo e e tswang kwa go Rraeno yo o kwa legodimong.
2 So when you give to the needy, do not sound a trumpet before you, as the hypocrites do in the synagogues and on the streets, to be honored by men. Truly I tell you, they already have their full reward.
Fa o naya mokopi mpho, se bue kaga yone mo mpepeneneng jaaka baitimokanyi ba dira: ba letsa ditorompeta mo dikerekeng le mo mebileng ya motse gore ditiro tsa bone tsa lorato di tle di bonwe! Ke a lo bolelela ka pelo yotlhe, ba setse ba amogetse tuelo yotlhe, e ba neng ba tlaa e bona.
3 But when you give to the needy, do not let your left hand know what your right hand is doing,
Mme fa o direla mongwe tshiamo, ka sephiri, se bolelele lebogo la gago la molema se se dirwang ke lebogo la moja.
4 so that your giving may be in secret. And your Father, who sees what is done in secret, will reward you.
Mme Rraeno yo o itseng diphiri tsotlhe o tla go duela.
5 And when you pray, do not be like the hypocrites. For they love to pray standing in the synagogues and on the street corners to be seen by men. Truly I tell you, they already have their full reward.
“Mme jaanong kaga thapelo. Fa lo rapela, lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi ba ba ipaang jaaka o ka re ke ba ba obamelang Modimo ka go rapela mo ponong ya mongwe le mongwe mo makopanelong a mebila le mo dikerekeng mo ba ka bonwang ke mongwe le mongwe teng. Ammaaruri ke yone tuelo yotlhe e ba tlaa lalang ba e bonye.
6 But when you pray, go into your inner room, shut your door, and pray to your Father, who is unseen. And your Father, who sees what is done in secret, will reward you.
Mme fa o rapela, tsamaya o le nosi, o itswalele mo tlung mme o rapele Rraeno ka sephiri, mme Rraeno yo o itseng diphiri tsa gago, o tlaa go duela.
7 And when you pray, do not babble on like pagans, for they think that by their many words they will be heard.
“Se, boaboele thapelo ya gago jaaka baheitane ba dira, ba ba gopolang gore dithapelo di arabiwa fela ka go boaboelwa. Gakologelwa gore Rrago o itse se tota o se tlhokang pele ga o mo kopa!
8 Do not be like them, for your Father knows what you need before you ask Him.
9 So then, this is how you should pray: ‘Our Father in heaven, hallowed be Your name.
Rapelang jaana: ‘Rraetsho yo o kwa legodimong re tlotla leina la gago le le itshephileng.
10 Your kingdom come, Your will be done, on earth as it is in heaven.
Re kopa gore bogosi jwa gago bo tle ka bofefo. A go rata ga gago go dirwe mono lefatshing jaaka go dirwa kwa legodimong.
11 Give us this day our daily bread.
Re neele dijo tsa rona gape gompieno jaaka malatsi otlhe.
12 And forgive us our debts, as we also have forgiven our debtors.
Mme o re itshwarele dibe tsa rona, jaaka re itshwaretse ba ba re leofetseng.
13 And lead us not into temptation, but deliver us from the evil one.’
Se re ise mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. Amen.’
14 For if you forgive men their trespasses, your heavenly Father will also forgive you.
Rraeno wa Legodimo o tlaa go itshwarela, fa o itshwarela ba ba go leofelang, mme fa o gana go ba itshwarela ga a kitla a go itshwarela.
15 But if you do not forgive men their trespasses, neither will your Father forgive yours.
16 When you fast, do not be somber like the hypocrites, for they disfigure their faces to show men they are fasting. Truly I tell you, they already have their full reward.
“Jaanong ka ga go ikitsa dijo; fa o ikitsa dijo, o tlogela dijo ka maikaelelo a semowa, se dire jalo mo mpepeneneng, jaaka baitimokanyi ba dira ba leka go itlhontsha difatlhogo le go tlhoka go apara sentle gore batho ba ba utlwele botlhoko. Ammaaruri, ke yone tuelo e ba tlaa lalang ba e bonye.
17 But when you fast, anoint your head and wash your face,
“Mme fa o ikitsa dijo, apara sentle,
18 so that your fasting will not be obvious to men, but only to your Father, who is unseen. And your Father, who sees what is done in secret, will reward you.
Gore le fa e le ope a seka a belaela gore o bolailwe ke tlala, fa e se Rraeno fela yo o itseng sephiri sengwe le sengwe. Mme o tlaa go duela.
19 Do not store up for yourselves treasures on earth, where moth and rust destroy, and where thieves break in and steal.
“Se boloke dikhumo tsa gago fano mo lefatshing mo di ka senyegang kgotsa tsa utswiwa.
20 But store up for yourselves treasures in heaven, where moth and rust do not destroy, and where thieves do not break in and steal.
Di boloke kwa legodimong kwa di se kitlang di latlhegelwa ke tlhwatlhwa teng, di bolokesegile mo magodung!
21 For where your treasure is, there your heart will be also.
“Fa dikhumo tsa gago di le kwa legodimong le pelo ya gago e tlaa nna teng.
22 The eye is the lamp of the body. If your eyes are good, your whole body will be full of light.
“Fa leitlho la gago le itshekile go tlaa nna lesedi mo pelong ya gago.
23 But if your eyes are bad, your whole body will be full of darkness. If then the light within you is darkness, how great is that darkness!
Mme fa leitlho la gago le sirilwe ke dikgopolo tse di bosula le dikeletso, o mo botennye jwa lefifi la semowa. Ao, kana lefifi leo le ka nna legolo thata jang!
24 No one can serve two masters: Either he will hate the one and love the other, or he will be devoted to the one and despise the other. You cannot serve both God and money.
“Ga o ka ke wa direla barena ba le babedi: Modimo le madi. Ka o tla ila yo mongwe o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka tsela e sele.
25 Therefore I tell you, do not worry about your life, what you will eat or drink; or about your body, what you will wear. Is not life more than food, and the body more than clothes?
“Jalo he, tlhagiso ya me ke e: se tshwenyegeng ka ga dilo-ebong dijo, dino, madi le diaparo. Ka gore o setse o na le botshelo le mmele-mme di botlhokwa go na le se se tshwanetseng go jewa le se se tshwanetseng go aparwa.
26 Look at the birds of the air: They do not sow or reap or gather into barns—and yet your heavenly Father feeds them. Are you not much more valuable than they?
Bonang dinonyane! Ga di tshwenyege kaga se se jewang ga di tlhoke go jala kgotsa go roba kgotsa go boloka dijo ka gore Rraalona wa Legodimo o a di otla. Mme lona lo tlhwatlhwa kgolo mo go ene go na le tsone.
27 Who of you by worrying can add a single hour to his life?
A ditlhobaelo tsa lona tsotlhe di ka oketsa botshelo jwa lona ka motsotso o le mongwe?
28 And why do you worry about clothes? Consider how the lilies of the field grow: They do not labor or spin.
“Mme ke eng fa o tlhobaela kaga diaparo tsa gago. Lebang dithunya tsa naga! Ga di tlhobaele kaga diaparo tsa tsone.
29 Yet I tell you that not even Solomon in all his glory was adorned like one of these.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Solomone mo kgalalelong ya gagwe o na a sa apesiwa bontle jaaka di ntse.
30 If that is how God clothes the grass of the field, which is here today and tomorrow is thrown into the furnace, will He not much more clothe you, O you of little faith?
Mme fa Modimo o tlhokomela dithunya tse di fano gompieno ka tlhokomelo e kgolo, mme ka moso di be di seyo, a tota ga o na go lo tlhokomela, lona batho ba tumelo e potlana?
31 Therefore do not worry, saying, ‘What shall we eat?’ or ‘What shall we drink?’ or ‘What shall we wear?’
“Jalo he, se tlhobaeleng gotlhelele kaga go nna le dijo tse di lekanyeng le diaparo. Ke eng fa lo nna jaaka baheitane ka gore ba nna le boikgantsho mo dilong tse tsotlhe, gape ba amega thata kaga tsone, mme Rraeno wa legodimo o setse a itse sentle gore lo a di tlhoka.
32 For the Gentiles strive after all these things, and your heavenly Father knows that you need them.
33 But seek first the kingdom of God and His righteousness, and all these things will be added unto you.
“Mme ka boitumelo o tlaa di lo naya fa lo mo naya tlotlo e kgolo mo botshelong jwa lona.
34 Therefore do not worry about tomorrow, for tomorrow will worry about itself. Today has enough trouble of its own.
“Jalo he, se tlhobaeleleng bokamoso, Modimo o tlaa tlhokomela bokamoso jwa lona. Lebogelang tlhabo ya letsatsi e lo e boneng.