< Apostelenes gerninger 17 >

1 Men de rejste igennem Amfipolis og Apollonia og kom til Thessalonika, hvor Jøderne havde en Synagoge.
Mme ba ralala metse ya Amfipolisa le Apolonia mme ba tla mo Thesalonia, kwa go neng go na le ntlo ya thuto ya Sejuta teng.
2 Og efter sin Sædvane gik Paulus ind til dem, og paa tre Sabbater samtalte han med dem ud fra Skrifterne,
Jaaka e ne e le tlwaelo ya ga Paulo, a tsena mo teng a rera, mme ya re ka go latelana ga bo Sabata ba le bararo a bulela batho dikwalo,
3 idet han udlagde og forklarede, at Kristus maatte lide og opstaa fra de døde, og han sagde: „Denne Jesus, som jeg forkynder eder, han er Kristus.‟
a tlhalosetsa batho diporofeso ka pogo ya ga Mesia le ka tsogo ya gagwe mo baswing, a ba a tlhomamisa gore Jesu ke Mesia.
4 Og nogle af dem bleve overbeviste og sluttede sig til Paulus og Silas, og tillige en stor Mængde af de gudfrygtige Grækere og ikke faa af de fornemste Kvinder.
Bangwe ba ba neng ba reeditse ba ne ba kgonwa ke molaetsa wa Lefoko mme ba sokologa ba inaakanya le Paulo le Silase mmogo le badumedi ba Bagerika ba banna ba le bantsi, le basadi ba motse ba ba tlotlegang ba le bantsi.
5 Men Jøderne bleve nidkære og toge med sig nogle slette Mennesker af Lediggængerne paa Torvet, rejste et Opløb og oprørte Byen; og de stormede Jasons Hus og søgte efter dem for at føre dem ud til Folket.
Mme baeteledipele ba Bajuta ba ne ba fufega mme ba tlhotlheletsa batho ba ba senang molemo (dimatla) mo motseng go dira lesomo la go simolola mokubukubu. Ba ne ba tlhasela bonno jwa ga Jasone, ba loga leano la go isa Paulo le Silase kwa tlung ya tsheko go otlhaiwa.
6 Men da de ikke fandt dem, trak de Jason og nogle Brødre for Byens Øvrighed og raabte: „Disse, som have bragt hele Verden i Oprør, ere ogsaa komne hid;
Erile ba sa ba fitlhele koo, ba gogela Jasone kwa ntle le badumedi bangwe, mme ba ba tlisa fa pele ga lekgotla. Ba goa ba re, “Paulo le Silase ba fetotse lefatshe lotlhe, jaanong ba fano ba dubaka motse wa rona,
7 dem har Jason taget ind til sig; og alle disse handle imod Kejserens Befalinger og sige, at en anden er Konge, nemlig Jesus.‟
mme Jasone o ba letleletse go tsena mo tlung ya gagwe. Botlhe ba molato wa go tsogologela puso, gonne ba bolela fa go na le kgosi nngwe, e go tweng Jesu mo boemong jwa ga Kaesarea.”
8 Og de satte Skræk i Mængden og Byens Øvrighed, som hørte det.
Mme batho ba motse, le baatlhodi, ba ne ba tshwenyega thata ka mafoko a, mme ba ba lesa ba tsamaya fela ba sena go ba duedisa madi a go sekela kwa ntle.
9 Og denne lod Jason og de andre stille Borgen og løslod dem.
10 Men Brødrene sendte straks om Natten baade Paulus og Silas bort til Berøa; og da de vare komne dertil, gik de ind i Jødernes Synagoge.
Mme bosigo joo Bakeresete ba akofa ba tshabisetsa Paulo le Silase kwa Berea, mme jaaka gale, ba ya kwa tlung ya thuto go ya go rera.
11 Men disse vare mere velsindede end de i Thessalonika, de modtoge Ordet med al Redebonhed og ransagede daglig Skrifterne, om disse Ting forholdt sig saaledes.
Mme batho ba Berea ba ne ba tlhaloganya go na le ba ba kwa Thesalonika, ba ne ba reetsa molaetsa ka boitumelo. Ba ne ba batlisisa mo dikwalong letsatsi le letsatsi go bona gore a se se builweng ke Paulo le Silase ke Boammaaruri.
12 Saa troede da mange af dem og ikke faa af de fornemme græske Kvinder og Mænd.
Lwa bofelo bangwe ba bone ba le bantsi ba ne ba dumela, mmogo le basadi ba ba tlotlegang ba Bagerika le banna ba le bantsi le bone ba dumela.
13 Men da Jøderne i Thessalonika fik at vide, at Guds Ord blev forkyndt af Paulus ogsaa i Berøa, kom de og vakte ogsaa der Røre og Bevægelse iblandt Skarerne.
Mme erile fa Bajuta mo Thesalonika ba utlwa gore Paulo o ne a rera kwa Berea, ba ya teng go ya go tsosa mokubukubu.
14 Men da sendte Brødrene straks Paulus bort, for at han skulde drage til Havet; men baade Silas og Timotheus bleve der tilbage.
Ka bonako badumedi ba tshabisetsa Paulo kwa lewatleng, fa Silase le Timotheo bone ba sala.
15 Og de, som ledsagede Paulus, førte ham lige til Athen; og efter at have faaet det Bud med til Silas og Timotheus, at de snarest muligt skulde komme til ham, droge de bort.
Ba ba neng ba patile Paulo ba ne ba tsamaya nae go ya kwa Athena, mme ba boela kwa Berea ka molaetsa o o yang kwa go Silase le Timotheo gore ba itlhaganelele go kopana nae.
16 Medens nu Paulus ventede paa dem i Athen, harmedes hans Aand i ham, da han saa, at Byen var fuld af Afgudsbilleder.
Mme erile fa Paulo a sa ntse a ba letetse mo Athena, a tshwenyega thata ka go bona medimo ya disetwa gongwe le gongwe mo motseng.
17 Derfor talte han i Synagogen med Jøderne og de gudfrygtige og paa Torvet hver Dag til dem, som han traf paa.
O ne a ya kwa tempeleng go ya go buisanya le Bajuta le Badichaba ba ba neng ba kgatlhegela go obamela Modimo, mme a bua letsatsi le letsatsi mo patlelong le botlhe ba ba neng ba le foo.
18 Men ogsaa nogle af de epikuræiske og stoiske Filosoffer indlode sig i Ordstrid med ham; og nogle sagde: „Hvad vil denne Ordgyder sige?‟ men andre: „Han synes at være en Forkynder af fremmede Guddomme; ‟ fordi han forkyndte Evangeliet om Jesus og Opstandelsen.
Mme ba kopana le batlhalefi bangwe ba Bapikuria le Basetoika. Erile fa a ba bolelela kaga Jesu le kaga tsogo ya gagwe ba re, “Ke molori,” kgotsa, “O leka go dirisa tumelo ya seeng.”
19 Og de toge ham og førte ham op paa Areopagus og sagde: „Kunne vi faa at vide, hvad dette er for en ny Lære, som du taler om?
Mme ba ne ba mo laletsa kwa patlelong ya Thaba ya Marase ba re, “Tla o re bolelele thata ka ga tumelo e ncha e,
20 Thi du bringer os nogle fremmede Ting for Øren; derfor ville vi vide, hvad dette skal betyde.‟
gonne o bua dilo tse di hakgamatsang mme re batla go utlwa mo gogolo.”
21 Men alle Atheniensere og de fremmede, som opholdt sig der, gave sig ikke Stunder til andet end at fortælle eller høre nyt.
(Ke tshwanetse go tlhalosa gore Baathena mmogo le baeng ba ba mo Athena ba ne ba lebega ba senya nako ya bone yotlhe ba buisanya ka ga megopolo e mesha)!
22 Men Paulus stod frem midt paa Areopagus og sagde: „I atheniensiske Mænd! jeg ser, at I i alle Maader ere omhyggelige for eders Gudsdyrkelse.
Mme Paulo erile fa a ema fa pele ga bone kwa Areapago a ba raya a re, “Batho ba Athena ke lemoga fa lo le badumedi,
23 Thi da jeg gik omkring og betragtede eders Helligdomme, fandt jeg ogsaa et Alter, paa hvilket der var skrevet: „For en ukendt Gud.‟ Det, som I saaledes dyrke uden at kende det, det forkynder jeg eder.
gonne erile ke ntse ke tsamaya ke ne ka bona dibeso di le dintsi tsa lona, mme nngwe ya tsone e ne e kwadilwe go twe. ‘Go Modimo o o sa itseweng.’ Lo ntse lo o obamela lo sa itse gore ke mang, mme gompieno ke batla go lo bolelela ka ga one.
24 Gud, som har gjort Verden og alle Ting, som ere i den, han, som er Himmelens og Jordens Herre, bor ikke i Templer, gjorte med Hænder,
“O dirile lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone, mme jaaka e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ke batho.
25 han tjenes ikke heller af Menneskers Hænder som en, der trænger til noget, efterdi han selv giver alle Liv og Aande og alle Ting.
Le gone diatla tsa batho ga di ka ke tsa direla ditlhoko tsa one se o se tlhokang, ga o tlhoke sepe! One ka bo one o naya botshelo ebile o tshedisa sengwe le sengwe gape o diragatsa sengwe le sengwe se se tlhokegang.
26 Og han har gjort, at hvert Folk iblandt Mennesker bor ud af eet Blod paa hele Jordens Flade, idet han fastsatte bestemte Tider og Grænserne for deres Bolig,
O bopile batho botlhe ba lefatshe go tswa mo mothong a le mongwe Adamo, mme wa phatlalatsa dichaba mo lefatsheng. O itsile pele gore ke dife tse di tshwanetseng go tsholetsega le go wa, le gore leng. O emisitse melelwane ya tsone.
27 for at de skulde søge Gud, om de dog kunde føle sig frem og finde ham, skønt han er ikke langt fra hver enkelt af os;
“Maikaelelo a one mo go tse tsotlhe ke gore batho ba tshwanetse go batla Modimo, le gore motlhaope ba bone tsela e e yang kwa go one ba o bone, ntswa o se kgakala le ope wa rona.
28 thi i ham leve og røres og ere vi, som ogsaa nogle af eders Digtere have sagt: Vi ere jo ogsaa hans Slægt.
Gonne mo go one re a tshela ebile re a tsamaya! re bile re teng ka one! Jaaka mongwe wa bakwadi ba lona ba maboko a boletse a re, ‘Re bana ba Modimo!’
29 Efterdi vi da ere Guds Slægt, bør vi ikke mene, at Guddommen er lig Guld eller Sølv eller Sten, formet ved Menneskers Kunst og Opfindsomhed.
Fa se e le boammaaruri, ga re a tshwanela go gopola Modimo jaaka modimo o o dirilweng ka gauta kana selefera kgotsa o betlilwe ka lentswe.
30 Efter at Gud altsaa har baaret over med disse Vankundighedens Tider, byder han nu Menneskene, at de alle og alle Vegne skulle omvende sig.
Mme Modimo o ne wa itshokela botlhoka-kitso jwa motho mo lobakeng lo lo fetileng kaga dilo tse, mme jaanong o laola mongwe le mongwe gore a latlhe medimo ya gagwe mme a obamele one fela.
31 Thi han har fastsat en Dag, paa hvilken han vil dømme Jorderige med Retfærdighed ved en Mand, som han har beskikket dertil, og dette har han bevist for alle ved at oprejse ham fra de døde.‟
Gonne o tlhophile letsatsi la go sekisa lefatshe ka tshiamo ka monna yo o mo losong.”
32 Men da de hørte om de dødes Opstandelse, spottede nogle; men andre sagde: „Vi ville atter høre dig om dette.‟
Erile fa ba utlwa Paulo a bua kaga tsogo ya motho yo o neng a sule, bangwe ba tshega, mme ba bangwe ba re, “Re batla gore re tle re utlwe gape kaga gone.”
33 Saaledes gik Paulus ud fra dem.
Mme moo ga fetsa puisanyo ya bone le Paulo,
34 Men nogle Mænd holdt sig til ham og troede; iblandt hvilke ogsaa var Areopagiten Dionysius og en Kvinde ved Navn Damaris og andre med dem.
mme bangwe ba se kae ba ikopanya nae ba nna badumedi. Mongwe mo go bone e ne e le Dionisio wa lekgotla la motse le mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Damarise, le ba bangwe.

< Apostelenes gerninger 17 >