< 2 Peter 2 >

1 Men der opstod ogsaa falske Profeter iblandt Folket, ligesom der ogsaa iblandt eder vil komme falske Lærere, som ville liste fordærvelige Vranglærdomme ind, idet de endog fornægte den Herre, som købte dem, og bringe en brat Undergang over sig selv,
Mme go ne go na le baporofiti ba tsietso mo malatsing ao, fela jaaka go tlaa nna le baruti ba tsietso mo go lona. Mme ka botlhale jwa bone ba tlaa bolela maaka kaga Modimo, ba fularela le e leng Morena wa bone yo o ba rekileng; mme ga bone e tlaa nna bokhutlo jo bo bofefo jo bo boitshegang.
2 og mange ville efterfølge deres Uterligheder, saa Sandhedens Vej for deres Skyld vil blive bespottet,
Ba le bantsi ba tlaa latela thuto ya bone e e bosula ya gore boaka ga bo molato. Mme ka ntlha ya bone Keresete le ditsela tsa gagwe di tlaa sotlwa.
3 og i Havesyge ville de med falske Ord skaffe sig Vinding af eder; men Dommen over dem har alt fra gamle Dage været i Virksomhed, og deres Undergang slumrer ikke.
Baruti ba, ka ntlha ya bohatlha jwa bone, ba tlaa lo bolelela sengwe fela gore ba tseye madi a lona. Mme Modimo o ba atlhotse bogologolo mme tshenyego ya bone e mo tseleng e a tla.
4 Thi naar Gud ikke sparede Engle, da de syndede, men nedstyrtede dem i Afgrunden og overgav dem til Mørkets Huler for at bevogtes til Dom, (Tartaroō g5020)
Gonne Modimo ga o a ka wa rekegela le e leng baengele ba ba neng ba leofa, mme o ne wa ba latlhela mo moleteng, ba gokeletswe mo dikgageng tse di lefifi go fitlhelela letsatsi la katlholo. (Tartaroō g5020)
5 og ikke sparede den gamle Verden, men bevarede Retfærdighedens Prædiker Noa selv ottende, da han førte Oversvømmelse over en Verden af ugudelige
Mme ga o a ka wa rekegela batho ba bogologolo mo morwaleleng fa e se Noa fela, motho yo o esi yo o neng a buelela Modimo le ba ntlo ya gagwe ba supa. Mo lobakeng loo, Modimo o ne wa nyeletsa lefatshe lotlhe le batho ba ba sa boifeng Modimo ka morwalela o mogolo.
6 og lagde Sodomas og Gomorras Stæder i Aske og domfældte dem til Ødelæggelse, saa han har sat dem til Forbillede for dem, som i Fremtiden vilde leve ugudeligt,
Kwa morago wa fetola metse ya Sodoma le Gomora dithotobolo tsa melora wa bo wa e tlosa mo ponong ya lefatshe, wa ba dira sekao sa botlhe ba ba sa boifeng Modimo gore ba lebe kwa morago mme ba boife.
7 og udfriede den retfærdige Lot, som plagedes af de ryggesløses uterlige Vandel,
Go ntse go ntse jalo Modimo wa falotsha Lote mo Sodoma ka ntlha ya gore e ne e le mosiami, a utlwisiwa botlhoko ke bosula jo bo maswe jo a neng a bo bona gongwe le gongwe mo tikologong ya gagwe malatsi ka go tlhatlologana.
8 (thi medens den retfærdige boede iblandt dem, pintes han Dag for Dag i sin retfærdige Sjæl ved de lovløse Gerninger, som han saa og hørte):
9 — Da ved Herren at udfri gudfrygtige af Fristelse, men at straffe og bevogte uretfærdige til Dommens Dag,
Jalo Modimo o ka falotsha nna le wena mo dithaelong tse di re dikaganyeditseng, mme wa tswelela ka go otlhaya ba ba sa o boifeng go fitlhelela letsatsi la bofelo la katlholo le tla.
10 og mest dem, som vandre efter Kød, i Begær efter Besmittelse, og foragte Herskab. Frække, selvbehagelige, bæve de ikke ved at bespotte Herligheder,
O setlhogo bogolo mo go ba ba tsamayang mo bosulengjwa bone, le mo dikakanyong tsa dithato tsa bone, le ba ba ikgogomosang ebile ba le bodipa, ba sa boife go nyatsa Bagalaledi, le fa e le go ba sisimoga,
11 hvor dog Engle, som ere større i Styrke og Magt, ikke fremføre bespottende Dom imod dem for Herren.
le fa baengele ba ba kwa legodimong ba ba emang fa pele ga Morena, ebile ba nonofile thata go gaisa baruti ba ba tsietso, ba se ke ba bua ka lonyatso mabapi le ba ba bosula ba.
12 Men disse — ligesom ufornuftige Dyr, der af Natur ere fødte til at fanges og ødelægges, skulle de, fordi de bespotte, hvad de ikke kende, ogsaa ødelægges med hines Ødelæggelse,
Mme baruti ba tsietso ba dieleele, ga ba botoka bope go na le diphologolo. Ba dira sengwe le sengwe se ba ikutlwang ba se rata; ba tsaletswe go tshwarwa fela le go bolawa, ba nyatsa nonofo e e boitshegang ya bobipo e ba itseng go le gonnye fela ka yone; mme ba tlaa nyelediwa mmogo le mewa e e maswe yotlhe le dinonofo tsa molete.
13 idet de faa Uretfærdigheds Løn. De sætte deres Lyst i Vellevned om Dagen, disse Skampletter og Skændselsmennesker! De svælge i deres Bedragerier, medens de holde Gilde med eder;
Eo ke yone tuelo e baruti ba ba tlaa e bonang ka ntlha ya dibe tsa bone. Gonne ba nna mo botlhapelweng jo bo maswe ja letsatsi le letsatsi. Ba tlhabisa ditlhong ebile ba leswe mo go lona, ba lo tsietsa ka go tshela mo sebeng ka ntlha e nngwe ba tlhakana le lona mo medirong jaaka ekete ke batho ba ba ikanyegang.
14 deres Øjne ere fulde af Horeri og kunne ikke faa nok af Synd; de lokke ubefæstede Sjæle; de have et Hjerte, øvet i Havesyge, Forbandelsens Børn;
Ga go na mosadi ope yo o ka falolang tebo ya bone ya boleo, mme ka boaka gone, ga ba ke ba kgotsofala. Ba hepisa basadi ba ba sa tiang mo tumelong, ba ithutile go nna bohula; mme ba atlhotswe ebile ba hutsitswe.
15 de have forladt den lige Vej og ere farne vild, følgende Bileams, Beors Søns, Vej, han, som elskede Uretfærdigheds Løn,
Ba dule mo tseleng mme ba latlhegile jaaka Balame, morwa Beore, yo o neng a ratile madi a o neng a ka a bona ka go dira tshiamololo.
16 men fik Revselse for sin Overtrædelse: Et umælende Trældyr talte med menneskelig Røst og hindrede Profetens Afsind.
Balame o ne a emisiwa mo tseleng ya gagwe ya boeleele fa tonki ya gagwe e bua nae ka lentswe la setho, e mo omanya e mo kgalemela.
17 Disse ere vandløse Kilder og Taageskyer, som drives af Stormvind; for dem er Mørke og Mulm bevaret.
Batho ba ga ba na mosola ba tshwana fela le metswedi ya metse e e kgadileng, ba solofetsa go le go ntsi mme ba sa tlise sepe; ga ba a nitama fela jaaka leru le le kgwekgweediwang ke matsubutsubu a diphefo. Ba sekisitswe go ya meleteng ya lefifi la bosakhutleng. (questioned)
18 Thi dem, som ere lige ved at undslippe fra dem, der vandre i Vildfarelse, lokke de i Kødets Begæringer ved Uterligheder, idet de tale Tomheds overmodige Ord
Ba ipelafatsa ka maleo a bone le phenyo. Mme ba dirisa dithata tsa bone jaaka seru sa bone ba hepisetsa; ba ba falotseng botshelo jo bo maswe joo mo sebeng gape.
19 og love dem Frihed, skønt de selv ere Fordærvelsens Trælle; thi man er Træl af det, som man er overvunden af.
Ba ba raya ba re, “Ga lo a bolokwa ka go nna tshiamo; lo ka nna lwa bolokwa ka go tlhoka tshiamo. Dirang se lo se ratang, lo gololesege.” Mme bone baruti ba ba ba nayang “kgololesego” e e mo molaong ke bone batlhanka ba boleo le tshenyego. Gonne motho ke motlhanka wa se se mo laolang.
20 Thi dersom de, efter at have undflyet Verdens Besmittelser ved Erkendelse af vor Herre og Frelser Jesus Kristus, igen lade sig indvikle deri og overvindes, da er det sidste blevet værre med dem end det første.
Mme fa motho a falotse mekgwa e e bosula ya lefatshe ka go ithuta ka ga Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete, mme a bo a ithatheletsa ka sebe a bo a nna motlhanka wa sone gape, o maswe bogolo go gaisa jaaka a ne a ntse pele.
21 Thi bedre havde det været dem ikke at have erkendt Retfærdighedens Vej end efter at have erkendt den at vende sig bort fra det hellige Bud, som var blevet dem overgivet.
Go ne go ka nna botoka fa a ne a ise a ke a itse ka Keresete gotlhelele go na le go ithuta ka ga gagwe mme morago ga moo a bo a fapoga melao e e boitshepo e o e neetsweng.
22 Det er gaaet dem efter det sande Ordsprog: „Hunden vender sig om til sit eget Spy, og den toede So til at vælte sig i Sølen.‟
Mogologolo a re, “Ntsa e boela mo matlhatseng a yone, mme kolobe e tlhapisediwa fela go bowa e bidikama mo morageng gape.” Go ntse fela jalo le mo go ba ba boelang mo dibeng tsa bone gape.

< 2 Peter 2 >