< Lukas 11 >
1 Og det skete, da han var paa et Sted og bad, at en af hans Disciple sagde til ham, da han holdt op: „Herre! lær os at bede, som ogsaa Johannes lærte sine Disciple.‟
Mme ya re ka nako nngwe fa Jesu a ile go rapela, mongwe wa barutwa ba gagwe a tla mo go ene fa a fetsa a re, “Morena re rute thapelo jaaka Johane a rutile barutwa ba gagwe.”
2 Da sagde han til dem: „Naar I bede, da siger: Fader, helliget vorde dit Navn; komme dit Rige;
Mme e ke yone thapelo e a neng a e ba ruta: “Rara leina la gago le tlotlelwe boitshepo jwa lone; Romela Bogosi jwa gago ka pele.
3 giv os hver Dag vort daglige Brød;
Re fe dijo letsatsi le letsatsi.
4 og forlad os vore Synder, thi ogsaa vi forlade hver, som er os skyldig; og led os ikke i Fristelse!‟
Mme o re itshwarele melato ya rona gonne re itshwaretse ba ba neng ba re leofetse. Mme o se re letle go raelesega.”
5 Og han sagde til dem: „Om nogen af eder har en Ven og gaar til ham ved Midnat og siger til ham: Kære! laan mig tre Brød,
Hong ya re a ba ruta thata ka ga thapelo, a dirisa setshwantsho se a re: “A ke re o etetse tsala ya gago bosigogare o batla go adima dinkgwe di le tharo. Otlaa mo tlhaeletsa o re, ‘Tsala ya me e nketetse e e tswang kgakala mme ga ke na sepe se e ka se jang!’
6 efterdi en Ven af mig er kommen til mig fra Rejsen, og jeg har intet at sætte for ham;
7 og hin saa svarer derinde fra og siger: Vold mig ikke Besvær; Døren er allerede lukket, og mine Børn ere med mig i Seng; jeg kan ikke staa op og give dig det:
O tlaa fetola a le ka fa ntlwaneng ya borobalo a re, ‘Tswee-tswee se ntsose. Ga ke ka ke ka go thusa ka nako e!’
8 da, siger jeg eder, om han end ikke staar op og giver ham det, fordi han er hans Ven, saa staar han dog op for hans Paatrængenheds Skyld og giver ham alt, hvad han trænger til.
“Mme ke tlaa go bolelela se, le fa a sa go direla jaaka tsala, fa o tswelela o kokota o tlaa tsoga a go neye sengwe le sengwe se o se batlang ka ntlha ya bobelotelele jwa gago.
9 Og jeg siger eder: Beder, saa skal eder gives; søger, saa skulle I finde; banker paa, saa skal der lukkes op for eder.
Mme go ntse fela jalo mo thapelong, tswelelang lo lope lo tlaa newa, batlang lo tlaa bona, kokotang lo tlaa bulelwa.
10 Thi hver den, som beder, han faar, og den, som søger, han finder, og den, som banker paa, for ham skal der lukkes op.
Mongwe le mongwe yo o kopang o tlaa amogela; botlhe ba ba batlang, ba a bona; mme go bulelwa mongwe le mongwe yo o kokotang.
11 Men hvilken Fader iblandt eder vil give sin Søn en Sten, naar han beder om Brød, eller naar han beder om en Fisk, mon han da i Stedet for en Fisk vil give ham en Slange?
“Mme lona bo rra-bana, fa ngwana wa gago wa mosimane a go kopa senkgwe, a o ka mo naya lentswe? Fa a kopa tlhapi a o ka mo naya noga?
12 Eller naar han beder om et Æg, mon han da vil give ham en Skorpion?
Fa a kopa lee, a o ka mo naya phepheng? [Nnyaa!]
13 Dersom da I, som ere onde, vide at give eders Børn gode Gaver, hvor meget mere skal da Faderen fra Himmelen give den Helligaand til dem, som bede ham!‟
“Mme fa baleofi jaaka lona ba naya bana se ba se tlhokang, a ga lo lemoge gore Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa dira mo go tona, a neela Mowa O O Boitshepo ba ba o kopang?”
14 Og han uddrev en ond Aand, og den var stum; men det skete, da den onde Aand var udfaren, talte den stumme, og Skarerne forundrede sig.
Ka nako nngwe, fa Jesu a kgoromeletsa ntle mowa o o maswe mo monneng yo o neng a le semumu, lentswe la gagwe la mmoela, a mumuloga. Mme bontsintsi jwa batho jwa itumela thata ba nna matlhagatlhaga,
15 Men nogle af dem sagde: „Ved Beelzebul, de onde Aanders Fyrste, uddriver han de onde Aander.‟
mme bangwe ba re, “Ga go hakgamatse fa a kgoromeletsa mewa e e maswe ntle. O tsaya nonofo ya gagwe mo go Satane, Kgosi ya mewa e e maswe!”
16 Men andre fristede ham og forlangte af ham et Tegn fra Himmelen.
Bangwe ba kopa gore a dire sesupo sengwe mo loaping go supa go ipitsa ga gagwe a re ke Mesia.
17 Men da han kendte deres Tanker, sagde han til dem: „Hvert Rige, som er kommet i Splid med sig selv, lægges øde, og Hus falder over Hus.
Mme ka a ne a itsile dikakanyo tsa mongwe le mongwe wa bone a re, “Bogosi bongwe le bongwe jo bo itwantshang bo a senyega; le lolwapa lo lo tletseng kganetsanyo le ntwa lo ntse fela jalo.
18 Men hvis ogsaa Satan er kommen i Splid med sig selv, hvorledes skal hans Rige da bestaa? Thi I sige, at jeg uddriver de onde Aander ved Beelzebul.
Hong fa se lo se buang e le boammaaruri, gore Satane o a itwantsha ka go nnonotsha go kgoromeletsa mewa ya gagwe e e maswe ntle, bogosi jwa gagwe bo ka ema jang?
19 Men dersom jeg uddriver de onde Aander ved Beelzebul, ved hvem uddrive da eders Sønner dem? Derfor skulle de være eders Dommere.
Mme fa ke newa nonofo ke Satane, balatedi ba lona bone? Gonne ba kgoromeletsa mewa e e maswe ntle! A lo gopola gore mo go supa gore ba tsenywe ke Satane? Ba botseng fa e le gore lo bolelela ruri!
20 Men dersom jeg uddriver de onde Aander ved Guds Finger, da er jo Guds Rige kommet til eder.
Mme fa ke kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka ntlha ya nonofo e e tswang mo Modimong, go supa gore Bogosi jwa Modimo bo tsile.
21 Naar den stærke bevæbnet vogter sin Gaard, bliver det, han ejer, i Fred.
“Gonne fa Satane a le thata a bile a tshotse dibolao, a tlhokomela ntlo ya gagwe ya segosi, e bolokesegile.
22 Men naar en stærkere end han er kommen over ham og har overvundet ham, da tager han hans fulde Rustning, som han forlod sig paa, og uddeler hans Bytte.
Go fitlhelela mongwe yo o nonofileng a bile a tshotse dibolao tse di botoka a tla a mo fenya a bo a gapa dibolao tsa gagwe le dilwana tsa gagwe.
23 Den, som ikke er med mig, er imod mig; og den, som ikke samler med mig, adspreder.
“Mongwe le mongwe yo e seng wa me o kgatlhanong le nna; fa a sa nthuse, o a ntlhokofatsa.
24 Naar den urene Aand er faren ud af Mennesket, vandrer den igennem vandløse Steder og søger Hvile; og naar den ikke finder den, siger den: Jeg vil vende tilbage til mit Hus, som jeg gik ud af.
“E ya re fa mowa o o maswe o dule mo mothong o ye kwa dikakeng o batla boikhutso; mme e re o sa bo bone o boele kwa go yo o neng o tswa mo go ene,
25 Og naar den kommer, finder den det fejet og prydet.
mme o fitlhele lolwapa lwa one lwa gale lo feetswe lo le phepa.
26 Da gaar den bort og tager syv andre Aander med sig, som ere værre end den selv, og naar de ere komne derind, bo de der; og det sidste bliver værre med dette Menneske end det første.‟
Hong ‘o’ tsamaye, ‘o’ ye go tlisa mewa e mengwe e e maswe e le supa e e bosula go na le one, mme yotlhe e tsene mo mothung yoo. Hong motho wa mogolo a bife go gaisa jaaka a ne a ntse pele.”
27 Men det skete, medens han sagde disse Ting, da opløftede en Kvinde af Skaren sin Røst og sagde til ham: „Saligt er det Liv, som bar dig, og de Bryster, som du diede.‟
Mme ya re a ntse a bua mosadi mongwe mo bontsintsing jwa batho a mo tlhaeletsa a re, “A Modimo o segofatse mmago, le sebopelo se o duleng mo go sone, le mabele a o a amuleng.”
28 Men han sagde: „Ja, salige ere de, som høre Guds Ord og bevare det.‟
Hong a mo fetola a re, “E, mme bogolo go sego botlhe ba ba utlwang Lefoko la Modimo ba le dirisa.”
29 Men da Skarerne strømmede til, begyndte han at sige: „Denne Slægt er en ond Slægt; et Tegn forlanger den, og der skal intet Tegn gives den uden Jonas's Tegn.
Ya re bontsi jwa batho bo ntse bo ikgotlhaganyetsa mo go ene, a ba rerela thero e, a re: “Dipaka tseno ke tse di bosula, tsa batho ba ba bosula. Ba tswelela ka go kopa tiragalo e e sa tlwaelesegang mo loaping [gore ke supe gore ke Mesia], mme kgakgamalo e ke tlaa ba e nayang fela ke ele ya ga Jona, yo dikai tsa gagwe di neng tsa supegetsa batho ba Ninefe gore o rometswe ke Modimo. Sekai sa me se se tshwanang le sone se tlaa supegetsa batho ba gore ke romilwe ke Modimo.
30 Thi ligesom Jonas blev et Tegn for Niniviterne, saaledes skal ogsaa Menneskesønnen være det for denne Slægt.
31 Sydens Dronning skal oprejses ved Dommen sammen med Mændene af denne Slægt og fordømme dem; thi hun kom fra Jordens Grænser for at høre Salomons Visdom; og se, her er mere end Salomon.
“Mme ka Letsatsi la Katlholo Mohumagadi wa Sheba o tlaa tsoga mme a supe morafe o ka monwana, a o sekise gonne o tsamaile loeto lo lo leele go tla go reetsa botlhale jwa ga Solomone; mme fano go yo mogolo thata go gaisa Solomone [mme o reediwa ke ba se kae fela].
32 Mænd fra Ninive skulle opstaa ved Dommen sammen med denne Slægt og fordømme den; thi de omvendte sig ved Jonas's Prædiken; og se, her er mere end Jonas.
“Batho ba Ninefe le bone ba tlaa tsoga ba sekisa sechaba se, gonne ba sokologile ka lobaka lwa thero ya ga Jona, mme yo mogola go gaisa Jona o fano. [Mme sechaba se ga se mo reetse].
33 Ingen tænder et Lys og sætter det i Skjul, ikke heller under Skæppen, men paa Lysestagen, for at de, som komme ind, kunne se dets Skin.
“Ga go ope yo o tshubang lobone a tswe a lo fitlhe! eseng jalo, o lo baya mo setlhomong go bonesetsa botlhe ba ba tsenang mo tlung.
34 Dit Øje er Legemets Lys; naar dit Øje er sundt, er ogsaa hele dit Legeme lyst, men dersom det er daarligt, er ogsaa dit Legeme mørkt.
Matlho a gago a bonesa bokafateng jwa gago. Leitlho le le nang le keletso e e bosula le fifatsa lesedi mme le go latlhela mo lefifing.
35 Se derfor til, at det Lys, der er i dig, ikke er Mørke.
Jalo tlhokomela gore lesedi la gago le se ka la fifala.
36 Dersom da hele dit Legeme er lyst, saa at ingen Del deraf er mørk, vil det være helt lyst, som naar Lyset bestraaler dig med sin Glans.‟
Fa go tletse lesedi mo go wena, go se na dintlha dipe tsa lefifi, hong bontle jwa gago le jone bo tlaa phatsima jaaka ekete lesedi le go phatsimela ka marang a lone.”
37 Men idet han talte, beder en Farisæer ham om, at han vilde spise Middagsmaaltid hos ham, og han gik ind og satte sig til Bords.
Ya re a ntse a bua, mongwe wa Bafarasai a mo kopa go ya go ja kwa lwapeng lwa gagwe. Mme ya re a goroga a nna fa fatshe a ja kwa ntle ga go dirisa mokgwa wa Sejuta wa go tlhapa diatla pele ga a ja. Mme mo ga gakgamatsa yo o neng a mo laleditse.
38 Men Farisæeren forundrede sig, da han saa, at han ikke toede sig først før Maaltidet.
39 Men Herren sagde til ham: „I Farisæere rense nu det udvendige af Bægeret og Fadet; men eders Indre er fuldt af Rov og Ondskab.
Mme Jesu a mo raya a re, “Lona Bafarasai lo tlhatswa bokafa ntle, mme mo teng lo sa le leswe, go tletse bobelotshetlha le bosula!
40 I Daarer! han, som gjorde det ydre, gjorde han ikke ogsaa det indre?
Dieleele ke lona! A Modimo ga oa ka wa dira bokafateng le bokafantle?
41 Men giver det, som er indeni, til Almisse; se, saa ere alle Ting eder rene.
Bophepa bo supa bopelontle.
42 Men ve eder, I Farisæere! thi I give Tiende af Mynte og Rude og alle Haande Urter og forbigaa Retten og Kærligheden til Gud; disse Ting burde man gøre og ikke forsømme hine.
“Mme a bo go latlhega lona Bafarasai! Gonne le fa lo tlhokomela go ntsha di tsa bosome tsa mo go nnye mo lo go amogetseng, lo lebala gotlhelele kaga tshiamo le lorato lwa Modimo. Lo tshwanetse go kgetha, ee, lo tshwanetse go ntsha ditsa bosome, mme ga lo a tshwanela go tlogela tse dingwe tse di sa dirwa.
43 Ve eder, I Farisæere! thi I elske den fornemste Plads i Synagogerne og Hilsenerne paa Torvene.
“A bo go latlhega lona Bafarasai! Gonne lo rata manno a tlotlego mo disenagogeng le go dumedisiwa ka maitseo ke mongwe le mongwe fa lo tsamaya mo marekelong!
44 Ve eder, thi I ere som de ukendelige Grave, og Menneskene, som gaa over dem, vide det ikke.‟
Ee, katlholo e e boitshegang e lo letile. Gonne lo tshwana le mabitla a a fitlhilweng mo nageng. Batho ba feta ka lona ba sena kitso ya gore lo batho ba ba kgopo jang.”
45 Men en af de lovkyndige svarede og siger til ham: „Mester! idet du siger dette, forhaaner du ogsaa os.‟
Mme moitseanape wa tumelo yo o neng a eme foo a re, “Morena, o tlhapaditse le yone tiro ya me ka se o ntseng o se bua.”
46 Men han sagde: „Ve ogsaa eder, I lovkyndige! thi I lægge Menneskene Byrder paa, vanskelige at bære, og selv røre I ikke Byrderne med een af eders Fingre.
Mme Jesu a re, “Ee, bogale jo bo ntseng jalo bolo emetse! Gonne lo gatelela batho mo ditaolong tsa tumelo tse di se ka keng tsa kgonega, tse le lona ka bo lona lo se ka keng lwa leka go di tshegetsa.
47 Ve eder! thi I bygge Profeternes Grave, og eders Fædre sloge dem ihjel.
A bo go latlhega lona! Gonne lo tshwana fela le bagolwane ba lona ba ba bolaileng baporofiti bogologolo.
48 Altsaa ere I Vidner og samtykke i eders Fædres Gerninger; thi de sloge dem ihjel, og I bygge.
Babolai ke lona! Lo dumalana le bo rraalona gore se ba neng ba se dira se ne se siame, lo ka bo lo dirile jalo le lona.
49 Derfor har ogsaa Guds Visdom sagt: Jeg vil sende Profeter og Apostle til dem, og nogle af dem skulle de slaa ihjel og forfølge,
“Mme se ke se Modimo o se buang kaga lona: ‘Ke tlaa romela baporofiti le baapostoloi kwa go lona, mme lo tlaa bolaya bangwe ba bone lo bo lo leleke ba bangwe’.
50 for at alle Profeternes Blod, som er udøst fra Verdens Grundlæggelse, skal kræves af denne Slægt,
“Mme lona ba dipaka tseno lo tlaa arabela polao ya batlhanka ba Modimo go tswa tshimologong ya lefatshe,
51 fra Abels Blod indtil Sakarias's Blod, som blev dræbt imellem Alteret og Templet; ja, jeg siger eder: Det skal kræves af denne Slægt.
go tswa polaong ya ga Abele go tsena ka ya ga Sakarea yo o swetseng fa gare ga aletara le felo fa go boitshepo. Ee, ruri e tlaa lopiwa mo go lona.
52 Ve eder, I lovkyndige! thi I have taget Kundskabens Nøgle; selv ere I ikke gaaede ind, og dem, som vilde gaa ind, have I forhindret.‟
“A bo go latlhega lona baitseanape ba tuelo! Gonne lo fitlhela batho boammaaruri. Ga lo bo ikamogelele, mme lo kganela ba bangwe go nna le nako ya go bo dumela.”
53 Og da han var gaaet ud derfra, begyndte de skriftkloge og Farisæerne at trænge stærkt ind paa ham og at lokke Ord af hans Mund om flere Ting;
Hong Bafarasai le baruti ba molao ba gakala; mme ya re go tswa foo ba mo gagautlha ka dipotso tse dintsi, ba leka go mo raela gore a bue sengwe se ba ka mo tshwarang ka sone.
54 thi de lurede paa ham for at opfange noget af hans Mund, for at de kunde anklage ham.