< Římanům 1 >
1 Milí přátelé, jako Kristův služebník posílám všem křesťanům v Římě srdečný pozdrav a přeji vám Boží milost a pokoj. Jak víte, byl jsem pověřen šířením radostné zprávy o Božím Synu Ježíši Kristu,
Ditsala tse di rategang mo Roma, Lokwalo lo lo tswa kwa go Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, yo o tlhophilweng go nna morongwa, ebile a romilwe go rera Mafoko a Modimo a a Molemo.
2 zprávy, kterou z Božího vnuknutí předpovídali už proroci.
Mafoko a a Molemo a, a ne a sa bolo go solofediwa batho bogologolo ke baporofiti ba Modimo mo Kgolaganong e kgologolo.
3 Tělesně je Kristus potomkem Davidovým,
Ke Mafoko a a Molemo kaga Morwaa one, Jesu Keresete Morena wa rona, yo o tsileng e le ngwana mo setshwanong sa motho, a tsalelwa mo losikeng lwa bogosi lwa ga Kgosi Dafide,
4 ve skutečnosti je však Synem samého Boha, jak nade vší pochybnost dokázalo jeho vzkříšení z hrobu.
mme ka go tsosiwa mo baswing o ne a supiwa e le Morwa Modimo yo o senatla, ka tlholego e e boitshepo ya Modimo ka sebele.
5 Nám nehodným prokázal tu přízeň, že z nás učinil své vyslance a uložil nám vybízet lidi všech národů, aby ho uposlechli a uvěřili mu.
Mme jaanong, ka Keresete, tshiamo yotlhe ya Modimo e goromeleditswe mo go rona baleofi ba e neng e sa re tshwanela; mme jaanong o re roma mo tikologong ya lefatshe go bolelela batho botlhe gongwe le gongwe kaga dilo tse dikgolo tse Mo-dimo o di ba diretseng, gore le bone ba tle ba dumele ba o obamele.
6 K tomu jste byli mezi všemi povoláni i vy.
Mme lona, ditsala tse di rategang mo Roma, le lona lo bangwe ba o ba ratang thata, le lona lo lalediwa ke Jesu Keresete go nna ba Modimo tota, ee batho ba one ba ba boitshepo. A masego otlhe a Modimo le kagiso e e tswang kwa Modimong Rara wa rona, le Jesu Keresete Morena wa rona a nne le lona.
8 Nemohu však zamlčet, jak jsem za vás vděčný Bohu, vždyť o vás a vaší víře se všude s uznáním hovoří.
Mmang ke simololeng ka go re, gongwe le gongwe kwa ke yang teng ke utlwa go buiwa kaga lona! Gonne tumelo ya lona mo Modimong e simolola go itsege mo tikologong ya lefatshe. Ke leboga Modimo thata jang ka Jesu Keresete ka pego e e molemo, le ka mongwe le mongwe wa lona.
9 Bůh dobře ví, jak na vás nepřetržitě myslím
Modimo o itse gore ke lo rapelela gangwe le gape jang. Bosigo le motshegare ke lo baya le tse lo di tlhokang ka thapelo mo go yo ke mo direlang ka thata yotlhe, ke bolelela ba bangwe Mafoko a a molemo kaga Morwaa one.
10 a neustále ho prosím, aby mi někdy dopřál přijít k vám, bude-li chtít.
Mme sengwe sa dilo tse ke di rapelelang gangwe le gape ke lobaka lo lo atlegileng lwa gore, fa Modimo o rata, ke tle go lo bona, le gore fa go kgonega ke tle ke nne le mosepele o o babalesegileng.
11 Rád bych vás osobně viděl a
Gonne ke tlhologeletswe go lo etela gore ke tle ke kgone go lo naya tumelo e e tlaa thusang phuthego ya lona go nitama mo Moreneng. Fela jalo le nna, ke tlhoka thuso ya lona, gonne ga ke batle fela go abalana tumelo ya me le lona le nna ke tlhoka go kgothadiwa ke tumelo ya lona. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa nna tshegofatso mo go yo mongwe.
12 rozdělil se s vámi o povzbuzení a potěšení ze společné víry.
13 Už několikrát jsem se k vám chystal, ale vždycky mi do toho něco přišlo. Tak jako v jiných zemích i u vás chci pomáhat v šíření Kristova radostného poselství.
Ke batla gore lo itse, bakaulengwe ba ba rategang, gore ke gantsi ke ikaelela go tla kwa go lona (mme go sa kgonege) gore ke tle go dira le lona ke bo ke bone maungo a a molemo, fela jaaka ke dirile mo diphuthegong tse dingwe tsa Badichaba.
14 Cítím totiž svůj dluh nejen vůči Řekům a vzdělancům, ale i vůči prostým lidem z jiných národů.
Gonne ke molato o mogolo mo go lona le mo go mongwe le mongwe, le mo bathong ba ba tlhabologileng le dichaba tsa baheitane; ee, mo go ba ba rutegileng le mo go ba ba sa rutegang fela ka go tshwana.
15 Všem chci sloužit. A tak toužím promluvit o Ježíši Kristu také u vás v Římě.
Jalo he, ka fa selekanyong sa nonofo ya me e e tletseng, ke setse ke siame go tla le kwa go lona mo Roma go rera Mafoko a a Molemo a Modimo.
16 Za jeho poselství se rozhodně nestydím. Vždyť ono může zachránit každého, kdo mu uvěří; nejen člověka zbožného, ale i toho, kdo žil dosud bez Boha.
Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke Mafoko a a Molemo a, kaga Keresete. Ke leano la Modimo le le nonofileng la go gapela kwa legodimong botlhe ba ba dumelang. Molaetsa o, o ne wa rerelwa Bajuta pele ba le bosi, mme jaanong mongwe le mongwe o lalediwa go tla mo Modimong ka yone tsela e.
17 On sám v něm oznamuje, jak se postaral o to, abychom před ním obstáli. Nežádá od nás nic jiného než bezpodmínečnou důvěru. Vždyť již prorok Abakuk napsal: „Kdo Bohu důvěřuje, obstojí před ním a bude žít.“
Mafoko a a Molemo a, a re bolelela gore Modimo o re baakanyetsa gore re ye legodimong, a re siamisa mo ponong ya Modimo fa re baya tumelo ya rona le boikanyo mo go Keresete go re boloka. Mo go bonwa ka tumelo go tswa tshimologong go ya bokhutlong. Jaaka lokwalo lo bua lo re, “Motho yo o bonang botshelo o tlaa bo bona ka go ikanya Modimo.”
18 Boží hněv se však obrací proti těm, kdo pošlapávají jeho zákony a svévolně přehlížejí pravdu.
Mme Modimo o supa bogale jwa one jo bo tswang legodimong mo baleofing, batho ba ba bosula ba ba tlosang boammaaruri mo go bone.
19 Vždyť vše, co může člověk o Bohu poznat, ukázal on sám i jim. I takovým lidem Bůh poskytl možnost, aby jej poznali.
Gonne ba itse boammaaruri kaga Modimo sentle thata; Modimo o tsentse kitso e mo dipelong tsa bone.
20 Jeho věčnou moc a božství, které jsou neviditelné, mohou spatřit ve stvořené přírodě. Protože nad tím zodpovědně nepřemýšleli, není pro ně omluvy. (aïdios )
Go simolola mo dinakong tsa pele batho ba bonye lefatshe le loapi le gotlhe mo Modimo o go dirileng, ebile ba itsile ka go tshela ga one le nonofo e kgolo ya bosakhutleng. Jalo ga ba kitla ba nna le seipato (fa ba ema fa pele ga Modimo ka letsatsi la katlholo). (aïdios )
21 Leccos o Bohu poznali, a přece ho jako Boha nectili. Spláceli mu nevděčností. To je zavedlo na scestí a jejich mysl pozbyla schopnosti rozpoznat pravdu.
Ee, ba itsile kaga one sentle thata, mme ga ba a ka ba dumela gore ba a o itse kgotsa ba o obamela le fa e le go o leboga ka fa o ba tlhokomelang ka teng malatsi otlhe. Mme morago ga lobakanyana ba simolola go akanya dikakanyo tsa boeleele tsa gore Modimo o ntse jang le gore o batla gore ba dire eng. Jalo ga diragala gore megopolo ya bone ya boeleele e fifale e bo e tlhakatlhakane.
22 Svou pošetilost hrdě nazývali moudrostí
Ba ikaya fa ba le botlhale kwa ntle ga Modimo, mme ba fetoga dieleele tse di feteletseng ka ntlha ya go tlhoka go ikanya Modimo.
23 a místo Boha uctívali člověka a přírodu.
Mme hong mo boemong jwa go obamela Modimo o o galalelang o o tshelang ka bosakhutleng, ba ne ba tsaya dikgong le maje mme ba itirela medimo ya disetwa go e obamela, ba e betla go nna jaaka dinonyane le diphologolo le dinoga le batho ba e seng ba sepe ba ba nyatsegang.
24 Bůh jim pak už nebránil, ale nechal je, aby okusili ovoce svého počínání.
Jalo Modimo wa ba lesa go tswelela pele mo mofuteng mongwe le mongwe wa boaka, le go dira sengwe le sengwe se ba se batlang ee, ba tlontlolo-lana mebele ka boatla.
Mo boemong jwa gore ba dumele se ba itseng e le boammaaruri kaga Mo-dimo, ba dumela ka bomo mo maakeng. Jalo ba obamela dilo tse Modimo o di dirileng, ba gana go obamela one Modimo o o dirileng dilo tse. (aiōn )
26 Proto klesli do nízkých vášní. Začali holdovat pohlavním výstřednostem a oddali se homosexualitě.
Ke sone se Modimo o ba leseleditseng go dira tsotlhe tse di bosula tse, le gore le basadi ba bone ba furalele leano la Modimo la tlholego mme ba simolola go tlontlololana mebele.
Mme banna, mo boemong jwa go tlhakanela dikobo le basadi ka fa tlholegong, ba simolola go gakalelana, banna ba dira dilo tse di tlhabisang ditlhong le banna ba bangwe, mme ka ntlha ya moo ba bona tuelo e e ba tshwanetseng.
28 Jejich bezbožnost je dovedla ke všemu špatnému a zlému;
Jalo ke sone se e rileng fa ba latlha Modimo ebile ba sa batle go o itse, Modimo wa ba tlhokomologa gore ba dire sengwe le sengwe se megopolo ya bone e e bosula e neng e ka se akanya.
29 jsou naplněni podlostí, chamtivostí a nevraživostí. Snížili se k závisti, vraždám, svárům, podvodům a zlomyslnostem, udavačství,
Matshelo a bone a tlala mofuta mongwe le mongwe wa boikepo le sebe, wa bogagapa le kilo, keletso ya senama, polao, ntwa, maaka, bogalaka le ditshebo.
30 pomluvám, urážkám, pýše a domýšlivosti, neúctě k rodičům, otupělosti, bezcitnosti, věrolomnosti a nenávisti k Bohu. Každá bezzákonnost je jim vlastní.
E ne e le basebi, ba ba ilang Modimo, ba le makgakga, e le baikgantshi, ba aga ba akanya ditsela tse dintsha tsa go leofa ebile ba tswelela pele ba sa reetse batsadi ba bone.
Ba leka go itira ba ba sa tlhaloganyeng, ba senya ditsholofetso tsa bone, ba le setlhogo, ba se pelotlhomogi.
32 Ačkoliv vědí, že podle Božích ustanovení odplatou za takové věci je smrt, nejen to sami dělají, ale schvalují to i jiným.
Ba ne ba itse sentle thata gore Modimo o atlholela loso ka ntlha ya melato e, le fa go ntse jalo ba tswelela pele mme ba e dira ka methale yotlhe, ba kgothatsa ba bangwe gore le bone ba e dire.