< Matouš 18 >
1 Tehdy Ježíše obstoupili jeho učedníci a ptali se ho: „Kdo z lidí je v nebeském království nejpřednější?“
Mme erile ka nako eo barutwa ba tla kwa go Jesu go mmotsa gore ke ofe wa bone yo o tlaa nnang mogolo mo Bogosing jwa Legodimo.
2 Zavolal malé dítě, postavil je mezi ně
Jesu a bitsa ngwana yo monnyennyane a mmaya fa fatshe fa gare ga bone,
3 a řekl: „Dobře mne poslouchejte: Půjde-li vám o přední místa, do Božího království se vůbec nedostanete.
mme a re, “Fa e se fela lo boela Modimong lo latlha dibe tsa lona lo bo lo nna jaaka bana ba bannyennyane, ga lo kitla lo tsena mo Bogosing jwa Legodimo.
4 Ujišťuji vás, že jen s pokornou myslí dítěte tam můžete vejít a něco znamenat.
Jalo he, le fa e le mang yo o ingotlang jaaka ngwananyana yo monnyennyane yo, o mogolo bogolo mo Bogosing jwa Legodimo.
5 Kdo si umí vážit takového nepatrného člověka, prokazuje tím úctu mně.
Mme le fa e le mang mo go lona yo o tsholang ngwananyana yo monnyennyane jaaka yo, ka ntlha ya gore lo ba me, o tshola nna ebile o a ntlhokomela.
6 Na kom by ztroskotala víra jednoho z těchto maličkých ve mne, tomu by bylo lépe, kdyby ho hodili do moře s mlýnským kamenem na krku.
Mme le fa e le mang yo o dirang gore mongwe wa ba ba botlana ba, ba ba dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo ya gagwe, go ka nna botoka mo go ene go golegelelwa lefika mo thamung a ba a latlhelwa mo lewatleng.
7 Běda světu, že se tu dějí věci, pro které člověk ztrácí víru. Pokušení jsou sice nevyhnutelná, ale běda tomu, kdo je působí. Neváhej odložit všechno, co tě odvádí od Boha.
“A bo go latlhega lefatshe ka ntlha ya masula otlhe a jone. Gonne thaelo e na le go tla fela, mme a bo go latlhega motho yo thaelo e tlang ka ene.
8 I kdyby to měla být tvá ruka nebo noha, raději ji utni a zahoď. Lépe je vkulhat do Božího království než skočit oběma nohama do záhuby. (aiōnios )
Jalo fa seatla sa gago kgotsa lonao lo go leofisa, lo kgaole o lo latlhe. Go botoka go tsena mo legodimong o golafetse go na le go tsena mo moleting ka mabogo le maoto a le mmogo. (aiōnios )
9 A kdyby tě tvé oko svádělo ke zlému, zbav se ho! Je lepší získat věčný život jednooký než přijít s oběma očima do věčného zatracení. (Geenna )
Mme fa leitlho la gago le go leofisa, le gonye o le latlhe. Go botoka go tsena mo legodimong ka leitlho le le lengwe go na le go tsena mo moleting ka a le mabedi. (Geenna )
10 Dejte pozor, abyste nepohrdli ani tím nejprostším člověkem. Věřte tomu, každý z nich má anděla, který ho stále zastupuje před Bohem.
“Itiseng gore lo seka lwa lebela ope wa bananyana ba ba nnyennyane ba kwa tlase. Gonne ke lo bolelela gore kwa legodimong baengele ba bone ba fa pele ga ga Rre ka metlha yotlhe.
11 Přišel jsem zachránit ztracené.
Mme nna, Morwa Motho, ke tletse go boloka ba ba latlhegileng.
12 Když má někdo sto ovcí a jedna z nich se ztratí, co myslíte, že takový člověk udělá? Nenechá těch devadesát devět na pastvině a nepůjde hledat tu ztracenou?
“Fa motho a na le dinku di le lekgolo, mme e nngwe e tsamaya e bo e timela, o tlaa dira eng? A ga a na go tlogela tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe a ba a ya kwa dithabeng go ya go batla e e latlhegileng?
13 A když ji najde, má z ní větší radost než z těch devadesáti devíti, které mu zůstaly.
Mme fa a e bona, o tlaa e itumelela go gaisa tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe tse di babalesegileng kwa gae!
14 A právě tak můj Otec nechce, aby sebenepatrnější člověk zahynul.
Fela jalo, ga se go rata ga ga Rre gore le fa e le mang wa ba bannye ba a nyelele.
15 Proviní-li se proti tobě někdo z věřících, vyhledej ho a promluv si s ním mezi čtyřma očima. Přizná-li svoji chybu, udělal sis z nepřítele znovu bratra.
“Fa wa gaeno a go leofela, ya kwa go ene ka sephiri go mo kaela molato o. Fa a reetsa a ba a ipona phoso, o gapile wa gaeno.
16 Bude-li neústupný, přizvi ještě jednoho nebo dva z věřících, aby byli svědky rozhovoru.
Fa a gana, ke gone tsaya mongwe kgotsa ba le babedi lo boele go ene gape, go tlhomamisa sengwe le sengwe se o se buang ka bone basupi ba.
17 Když si ani tak nedá říci, pověz to shromáždění věřících. Když neuposlechne ani je, ať je vyloučen.
Mme fa a sa ntse a gana go reetsa, isa ngongorego ya gago kwa phuthegong, mme fa katlholo ya phuthego e dumalana nao mo kgannyeng e, mme ene a sa dumalane, phuthego e tshwanetse go mo kgaola.
18 Mějte přitom na mysli, že co rozhodnete zde na zemi, bude platit i v nebi.
Mme ke lo bolelela se, le fa e le eng se lo se bofang mo lefatsheng se bofiwa kwa legodimong, mme le fa e le eng se lo se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bofololwa kwa legodimong.
19 A také platí: spojí-li se dva z vás k modlitbám za jakoukoliv záležitost, nebeský Otec je vyslyší.
“Gape ke lo bolelela se, fa ba le babedi ba lona fano mo lefatsheng ba dumalana kaga sengwe se lo se kopang, Rara yo o kwa legodimong o tlaa se lo direla.
20 Tam, kde se už dva nebo tři sejdou, aby jednali podle mé vůle, tam jsem já s nimi.“
“Gonne kwa bobedi kgotsa kwa boraro bo phuthegelang teng ka ntlha ya gore ke ba me, ke tlaa bo ke le gone tota fa gare ga bone.”
21 Potom mu Petr položil otázku: „Pane, když se proti mně můj bližní opakovaně prohřešuje, kolikrát mu mám odpustit? Sedmkrát?“
Mme ga tla Petere a mmotsa a re, “Morena, ke tshwanetse go itshwarela wa gaetsho ga kae fa a nteofela? Ga supa?”
22 Ježíš mu odpověděl: „Ne sedmkrát, ale až sedmdesátkrát sedmkrát.
Mme Jesu a fetola a re, “Nnyaa, masome a supa a ntsifaditshwe ga supa!
23 Pán Bůh s námi jedná jako král, který se rozhodl provést vyúčtování se svými podřízenými.
“Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa le Kgosi e e neng e ikaeletse go gakolola batho go mo duela melato ya bone.
24 Mezi prvními mu přivedli jednoho, který měl u něj miliónový dluh.
Fa go ntse go tsweletswe, mongwe wa ba ba nang le molato nae yo e neng a mo kolota didikadike di le lesome tsa dipula! a tlisiswa kwa go ene.
25 Ten muž však neměl na zaplacení. Král tedy nařídil, aby ho s celou rodinou prodali do otroctví, rozprodali jeho majetek, a tak uhradili dluh.
A se ka a kgona go duela, jalo Kgosi ya laola gore a rekisiwe ka ntlha ya sekoloto le mosadi wa gagwe le banna le sengwe le sengwe se a neng a na naso.
26 On však před králem padl na kolena a prosil ho: ‚Pane, měj se mnou trpělivost a já všechno zaplatím!‘
“Mme monna a wela fa fatshe fa pele ga kgosi ka sefatlhogo a re, ‘Ao Morena, nna pelotelele mo go nna mme ke tlaa duela sekoloto sotlhe’.
27 Králi bylo líto toho člověka, propustil ho a dokonce mu celý dluh odpustil.
“Mme kgosi ya mo utlwela botlhoko mme ya mo golola ya mo itshwarela molato.
28 Sotva však ten muž vyšel od krále, potkal člověka, který mu dlužil nepatrnou částku. Popadl ho a křičel: ‚Hned mi vrať, co jsi dlužen!‘
“Mme erile fa monna a tlogela kgosi a ya kwa monneng yo o mo kolotang dipula di le dikete tse pedi, a mo tshwara ka mometso a batla tuelo ya gagwe ka nako eo.
29 Ten chudák si před něj klekl a zoufale ho prosil: ‚Měj strpení a já ti zaplatím!‘
“Monna a wela fa fatshe fa pele ga gagwe mme a mo kopa go mo fa lobakanyana. A mo rapela a re nna pelotelele mme ‘ke tlaa duela’.
30 Ale věřitel stál na svém a dal ho zavřít do vězení, dokud dluh nezaplatí.
Mme yo o kolotwang a se ka a dumela go mo letela. A laola gore a tshwarwe a ba a tlhatlhelwe mo tlung ya kgolegelo go fitlhelela molato o duelwa otlhe.
31 Svědky té události to pobouřilo a šli to oznámit králi.
“Mme ditsala tsa monna yo o mo tlung ya kgolegelo tsa ya kgosing go e bolelela se se diragetseng.
32 Ten si předvolal nemilosrdného věřitele a řekl mu: ‚Ty ničemo! Jak velký dluh jsem ti odpustil, když jsi mne prosil!
Mme kgosi ya bitsa monna yo e neng e mo itshwaretse sekoloto se se gakgamatsang ya re, ‘Molotsana ke wena yo o pelo e maswe! Ke go itshwaretse sekoloto se se gakgamatsang, fela ka ntlha ya gore o nkopile,
33 A tys nemohl odpustit svému druhovi tak směšnou částku?‘
a ga o a tshwanela go nna le kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe, fela jaaka ke ne ka nna le kutlwelobotlhoko mo go wena?’
34 A rozhněvaný král jej potom dal zavřít, dokud svůj dluh do posledního haléře nezaplatí.
Mme kgosi e e kgopegileng ya romela monna yo kwa tlung ya kgolegelo go fitlhelela a duela thebe ya bofelo ya madi a a a kolotang.
35 Tak bude jednat můj nebeský Otec s vámi, jestliže nebudete ochotně odpouštět druhým.“
Mme Rara wa legodimo o tlaa lo direla fela jalo fa lo gana go itshwarela bangwe ka-lona ka boammaaruri.”