< Jan 5 >
1 O dalším židovském svátku se Ježíš zase vracel do Jeruzaléma.
Mme erile morago ga mo o Jesu a boela kwa Jerusalema ka ntlha ya letsatsi lengwe la malatsi a boikhutso a tumelo ya Sejuta.
2 Ve městě nedaleko Ovčí brány je rybník zvaný Bethesda.
Mo mo-tseng, gaufi le kgoro ya dinku go ne go na le Lekadiba ja Betheseda le na le maobo a le matlhano.
3 Podél jeho břehů leželi pod pěti podloubími nemocní, slepí a ochrnutí. Toužebně čekali na okamžik, kdy se hladina vody zčeří. Čas od času se to stávalo a lidé věřili, že kdo první vstoupí do vřídla, bude uzdraven, ať už trpí čímkoliv.
Bontsintsi jwa batho ba ba lwalang, ba ba tlho-tsang, ba ba foufetseng, kgotsa ba ba suleng mefama ba ne ba ntse mo maobong ba letetse go fetlhega ga metsi,
gonne moengele wa Morena o ne a tle a tle go fetlha metsi, mme motho wa ntlha go tlolela mo teng o ne a fodisiwa.
5 Mezi postiženými ležel muž nemocný už třicet osm let.
Mongwe wa banna ba ba neng ba namaletse gone foo, o ne a sa bolo go lwala mo dingwageng di le masome mararo le bofera bobedi.
6 Když ho Ježíš uviděl a zjistil, že je už dlouho nemocen, zeptal se ho: „Chceš být zdráv?“
Erile fa Jesu a mmona ebile a itse lobaka lo a saleng a lwala ka lone a mmotsa a re, “A o batla go fola?”
7 „Chci, Pane, ale nemohu, “odpověděl mu ubohý muž. „Sám se špatně pohybuji a nemám nikoho, kdo by mi pomohl v pravý čas do vřídla. Ať se namáhám, jak chci, pokaždé mě někdo předběhne.“
Mme monna yo o lwalang a re, “Ga ke kgone, ka gore ga ke na ope yo o ntsenyang mo lekadibeng ka nako ya phetlho ya metsi, e a re fa ke sa ntse ke leka go tlolela mo teng, mongwe a bo a nthaka.”
8 Ježíš mu řekl: „Vstaň, vezmi si své lehátko a choď.“
Mme Jesu a mo raya a re, “Nanoga, phutha phate ya gago o ye gae!”
9 Muž se zvedl, sebral svoje věci a šel. Po nemoci nebylo ani památky.
Ka bonako monna a fola! A phutha phate a simolola go tsamaya! Mme go ne go le letsatsi la Sabata fa kgakgamatso e e diragala. Mme baeteledipele ba Sejuta ba nna kgatlhanong le tiro eo.
10 Protože se to stalo v sobotu, Židé napomínali uzdraveného: „Nesluší se, abys dnes něco nosil.“
Ba raya monna yo o fodisitsweng ba re, “Ga o a tshwanela go dira ka letsatsi la Sabata! Ga go kafa molaong go tshola phate eo!”
11 „Vím, “odpověděl. „Ale poručil mi to člověk, který mne uzdravil.“
Mme ene a ba fetola a re, “Monna yo o mphodisitseng o rile ke e tsee.”
12 „A kdo to byl?“ptali se rozhořčeně Židé.
Ba mmotsa ba re, “Yo o neng a bua selo se se ntseng jalo ke mang?”
13 To ovšem uzdravený nevěděl, protože se mu Ježíš ztratil v davu.
Monna yo o fodisitsweng a bo a sa itse gore ke mang, gonne Jesu o ne a nyeletse mo bontsintsing jwa batho.
14 Později se setkali v chrámu. Ježíš mu řekl: „Važ si toho, že jsi zdráv. Už nehřeš, aby tě nepotkalo něco mnohem horšího.“
Mme erile kwa morago Jesu a mmona mo Tempeleng mme a mo raya a re, “Jaanong o fodile; o se ka wa tlhola o leofa gape, ka gore fa o ka leofa e ka re kgotsa wa diragalelwa ke se se bosula bogolo!”
15 Muž běžel za Židy a oznámil jim, že ho uzdravil Ježíš.
Mme monna yo o fodisitsweng a ya go senka baeteledipele ba Sejuta mme a ba bolelela gore o fodisitswe ke Jesu.
16 Židé začali na Ježíše dotírat, že ruší sobotní řád.
Mme ba simolola go gagautlha Jesu ba mo raya ba re ke motlola melao ya Sabata.
17 Ježíš jim však řekl: „Můj Otec stále pracuje ve prospěch stvoření, proto ani já nemohu odpočívat.“
Mme Jesu a fetola a re, “Rre o tsweletse pele ka go dira tshiamo, mme le nna ke dira jaaka ene.”
18 Ta slova Židé považovali za rouhání a rozhodli se, že Ježíše zabijí.
Mme baeteledipele ba Sejuta ba gakala thata ba batla go mmolaya gonne mo godimo ga go tlola melao ya Sabata, o ne a re Modimo ke rraagwe, ka go bua jalo a itekanya le Modimo.
19 Ježíš na jejich hrozby odpověděl: „Syn může opravdu dělat jen to, co vidí, že dělá jeho Otec. A činí to právě tak jako on. Vždyť
Mme Jesu a fetola a re, “Ga go na sepe se Morwa a ka se dirang ka boene. O dira fela se a bonang Rara a se dira, ka tsela e e tshwanang.
20 Otec miluje svého Syna a ukazuje mu všechno, co sám koná. Budete žasnout nad ještě většími skutky.
Gonne Rara o rata Morwa, o mmolelela sengwe le sengwe se a se dirang; mme Morwa o tlaa dira dikgakgamatso tse dikgolo go feta phodiso ya monna yo!
21 Tak jako Otec má moc nad životem a smrtí, tak i Syn vzkřísí k životu ty, které bude chtít.
Ebile o tlaa tsosa mo baswing mongwe fela yo ene a batlang go mo tsosa, fela jaaka Rara a dira.
22 Vždyť ani Otec sám nikoho nesoudí, ale všechen soud předal Synovi,
Mme Rara o neetse Morwa katlholo yotlhe; ya sebe
23 aby si ho všichni vážili a ctili ho stejně jako Otce. Kdo si neváží Syna, nemá úctu ani k Otci, který ho poslal.
gore mongwe le mongwe a tle a tlotle Morwa, fela jaaka ba tlotla Rara. Mme fa lo gana go tlotla Morwa Modimo, yo o mo romileng kwa go lona, hong ga lo tlotle Rara gotlhelele.
24 Ujišťuji vás, že každý, kdo přijímá moje slovo jako slovo Boha, má věčný život a unikl smrti při soudu. (aiōnios )
“Ke bua ke gatelela gore mongwe yo o reetsang molaetsa wa me a bo a dumela mo Modimong o o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a na go sekisiwa ka ntlha ya dibe tsa gagwe, gonne o setse a dule mo losong a tsenye mo botshelong. (aiōnios )
25 Říkám vám podle pravdy, že začíná doba, kdy lidé uslyší hlas Božího Syna a kdo ho poslechne, bude žít,
Mme ke bua ka tlhoafalo ke re, ‘Lobaka lo e tla, tota legale lo setse lo fitlhile, fa baswi ba tlaa utlwang lentswe la me, lentswe la Morwa Modimo, mme ba ba reetsang ba tlaa tshela.’
26 protože jako Otec je dárce života, tak i Syna pověřil, aby dával život.
Rara ka esi o na le botshelo, jalo he o neetse Morwawe botshelo joo gore bo nne mo go ene ka esi,
27 A také jedině jemu dal právo konat soud.
le go atlhola dibe tsa batho botlhe gonne ke Morwa Modimo.
28 Jednou však k údivu všech budou muset všichni poslechnout jeho hlas
Se gakgamaleng! Ruri lobaka lo e tla lo baswi botlhe mo mabitleng a bone ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo,
29 a povstat ze svých hrobů: ti, kteří uvěřili Synu, vstanou k věčnému životu, ti kteří ho za vrhli, vstanou k odsouzení.
mme ba ba dirileng tshiamo ba tlaa tsoga gape go ya botshelong jo bo sa khutleng; mme ba ba neng ba tsweletse mo bosuleng, ba tlaa bo ba tsogela katlholong.
30 Já osobně nemohu udělat nic. Má vůle je totožná s vůlí Otce. Jak mi radí, tak soudím. Proto je můj soud spravedlivý.
Mme ga ke dire katlholo epe ke sa rerisa Rara. Ke atlhola jaaka ke laetswe. Mme katlholo ya me e siame ebile e tlhamaletse gonne e ka fa go rateng ga Modimo o o nthomileng, ga se ya me fela.
31 Jistě by nepůsobilo věrohodně, kdybych sám dokazoval, že jsem Boží Syn.
Fa ke bua ka bo nna, ga ke dumelwe.
32 Já mám někoho, kdo by pro mne svědčil.
“Mme mongwe, ebong Johane wa Mokolobetsi, le ene o bua ka ga me. Lo ne lwa tswa lwa ya go reetsa thero ya gagwe, mme ke lo tlhomamisetsa gore mo a go buang ka ga me ke boammaaruri!
33 Sami jste poslali k Janu Křtiteli a on vydal pravdivé svědectví.
34 Nemusím však stavět na lidském svědectví, ale připomínám to pro vaši záchranu.
Mme bosupi jwa boammaaruri jo ke nang nang najo, ga bo tswe mo mothong, lo gakolotswe ka bosupi jwa ga Johane gore lo tle lo dumele mo go nna lo bolokwe.
35 Jan Křtitel zářil jako pochodeň a vy jste se radovali z jeho světla. Ale bylo to jen na čas.
Johane o ne a phatsima sentle ka lobakanyana, mme go ne ga lo solegela molemo lwa itumela,
36 Je tu ještě závažnější svědectví, a to jsou moje skutky.
mme Nna ke na le mosupi yo mogolo go feta Johane. Ke raya dikgakgamatso tse ke di dirang; ke di neetswe ke Rara, mme di supa gore Rara o nthomile.
37 Otec mi je uložil, abych je vykonal. Vydal o mně svědectví i můj Otec, který mne poslal.
Mme Rara le ene o supile ka ga me, le fa a sa lo itshupegetsa ka sebele, kgotsa a bua le lona lo lebaganye mo matlhong.
38 Ale vy jste jeho hlas nikdy neslyšeli a nemáte o něm ani zdá ní. Jeho slovo ve vás neutkvělo a tomu, kterého poslal, nevěříte.
“Mme ga lo mo reetse, gonne lo gana go ntumela, nna yo ke romilweng kwa go lona ka molaetsa wa Modimo.
39 Zkoumáte Písmo a domníváte se, že jeho plněním získáte věčný život. Ale i ono svědčí o mně. (aiōnios )
Lo phuruphutsa dikwalo tsa tumelo, gonne lo dumela gore di lo naya botshelo jo bo sa khutleng. Mme dikwalo di raya nna! (aiōnios )
40 Vy mne odmítáte a tak zavrhujete život.
“Mme ga lo tle kwa go nna gore ke lo neye botshelo jo jo bo sa khutleng!
41 Nechci, abyste mi děkovali nebo mne chválili,
Go rata kgotsa go sa rateng ga lona ga go reye sepe mo go nna gonne jaaka ke itse sentle, ga go na lorato lwa Modimo mo go lona.
42 vždyť já vás dobře znám a poznal jsem, že nemáte pravý vztah k Bohu.
43 Přišel jsem k vám v Božím pověření a to vás dráždí. Kdybych přišel se svým vlastním programem, přijali byste mne s nadšením.
Ke a itse, gonne ke tsile kwa go lona ke emetse Rre mme lo gana go nkamogela, le fa go ntse jalo lo ipaakanyeditse go amogela ba ba sa rongwang ke ene, mme ba ikemetse ka bo bone!
44 Jak byste mi mohli uvěřit, když se chcete líbit lidem a ne Bohu.
Ga go hakgametse fa lo sa dumele! Gonne lo tlotlana ka boitumelo, mme ga lo na sepe ka ga tlotlo e e tswang Modimong o o osi!
45 Nemyslete si, já na vás nebudu Otci žalovat. Na to stačí Mojžíšův zákon, na jehož plnění tolik spoléháte.
“Mme ga se nna yo ke tlaa lo bayang molato ka ga selo se kwa go Rara; ke Moshe yo o tlaa dirang jalo! Moshe, yo mo melaong ya gagwe lo tlhomileng ditsholofelo tsa lona tsa legodimo.
46 Kdybyste opravdu věřili Mojžíšovi, věřili byste i mně, protože on o mně psal.
“Gonne lo ganne go dumela Moshe. O kwadile ka ga me, mme lo gana go mo dumela, jalo he, le nna lo gana go ntumela.
47 Když nevěříte jemu, jak byste mohli věřit mně.“
Mme ka lo sa dumele se a se kwadileng, ga go hakgamatse fa le nna lo sa ntumele.”