< Efezským 5 >

1 Jednejte podle Božího příkladu a jako milované děti napodobujte svého Otce.
Ke gone etsang Modimo mo go sengwe le sengwe se lo se dirang fela jaaka ngwana yo o ratwang thata a etsa rraagwe.
2 Mějte k lidem takovou lásku, jakou má Kristus k vám: sám sebe obětoval Bohu za vaše hříchy. Z takové lásky se Bůh těší.
Ratanang thata, lo etse Keresete yo o lo ratileng a bo a ineela Modimo go nna setlhabelo se se tlosang dibe tsa lona. Mme Modimo o ne wa itumela, gonne lorato lo Keresete o lo ratileng ka lone, lo ne lo tshwana le setlolo se se nkgang monate mo go one.
3 Chamtivost, jakékoliv výstřednosti – a pohlavní zvlášť – ať vám nepřijdou ani na mysl, jak se sluší na Boží děti.
A go se nne sebe sa boaka, boitshekologo kgotsa bohula mo go lona. A go se nne le ope yo o umakang dilo tse mo go lona.
4 Stejně tak oplzlé vtipy, vulgární řeči a sprosté historky křesťanovi nesluší; naše ústa mají chválit Boha!
Dipolelo tse di maswe, dikgang tse di leswafatsang, le dinyao tse di sa siamang, tse ga se tsa lona. Mo boemong jwa tsone, gakologelwang kaga bomolemo jwa Modimo lo bo lo leboge.
5 Pamatujte si, že do nového světa, kde vládne Bůh, nevstoupí žádný sprosťák ani nemrava, ba ani lakomec, který je ve své podstatě modlář, protože věcem dává přednost před Bohem.
Lokatlhomamisa selose: Bogosi jwa ga Keresete le Modimo ga bo kitla bo tshwanela le fa e le mang yo o itshekologileng kgotsa yo o bohula gonne motho yo o bohula ke moobamedi wa me-dimoya disetwa, o rata dilo tse dintle tsa lefatshe leno ebile o a di obamela go na le Modimo.
6 Nenechte si namluvit, že to není nic tak strašného. Boží hněv proti lidem tohoto druhu je a bude hrozný!
Se tsiediweng ke ba ba lekang go itlhokomolosa dibe tse, gonne bogale jwa Modimo jo bo tukang bo mo go botlhe ba ba di dirang.
7 Proto se od nich držte co nejdál.
Lo seka lwa ba lwa nna le bokopano le batho bao.
8 Kdysi byla i ve vašem srdci tma, ale teď tam září Boží světlo
Gonne le fa dipelo tsa lona di kile tsa ne di tletse lefifi, jaanong di tletse lesedi le le tswang kwa Moreneng, mme maitseo a lona a tshwanetse go le supa.
9 a vaše vystupování to musí dokazovat. To světlo vás přece vede k dobrotě, spravedlnosti a pravdě.
Mme ka ntlha ya lesedi le, le le mo go lona, lo tshwanetse go dira fela se se molemo, se siame ebile gape se le boammaaruri.
10 Zkoumejte, co se líbí Pánu,
Ithuteng se se itumedisang Morena fa lo ntse lo tsweletse.
11 a nepodílejte se na činech zplozených tmou, naopak – pranýřujte je.
Lo seka lwa nna le seabe mo tlhape-ding tsa boleo le tsa lefifi tse di sa thuseng ka sepe, mme mo boemongjwa go dira jalo, di kgalemeleng lo bo lo di senole.
12 Vždyť člověku je hanba o tom i mluvit, co všechno se potají páchá.
Go ka tlhabisa ditlhong go umaka fano dilo tseo tsa lefifi tse ba ba sa boifeng Modimo ba di dirang.
13 Ale když se na ty věci veřejně posvítí, jejich pravá podstata se ozřejmí.
Mme fa lo ba senola, lesedi le tlaa bonesa dibe tsa bone le bo le di baya mo pontsheng, mme fa ba bona tota ka fa ba leng molato ka teng, bangwe ba bone ba ka nna bana ba lesedi!
14 Proto se říká: „Probuď se, ospalče, vstaň z mrtvých a zazáří ti Kristus.“
Ke sone se Modimo mo Dikwalong o reng, “Kubuga, wena morobadi, mme o tsoge mo baswing; mme Keresete o tlaa go naya lesedi.”
15 Dávejte si dobrý pozor na to, jak žijete. Nebuďte lehkomyslní, ale moudří.
Jalo he, elang tlhoko ka fa lo itsayang ka teng; malatsi a, ke a a bosula. Se nneng dieleele; nnang botlhale: dirisang lobaka longwe le longwe lo lo nang nalo go dira tshiamo.
16 Doba je vážná, a proto nejednejte bezmyšlenkovitě, ale ve všem se snažte rozpoznat a vyplnit Boží vůli.
Se direng sepe lo sa akanya, mme lekang go tlhotlhomisa pele ke gone lo itse go dira le fa e le eng se Morena o batlang lo se dira.
18 Neholdujte alkoholu, číhá v něm mnohé nebezpečí,
Se nweng mofine o le montsi, gonne maleo a le mantsi a mo go yone tsela eo; mo boemong jwa moo, tlalang ka Mowa O O Boitshepo, lo bo lo laolwe ke one.
19 raději se nechte naplnit Duchem Božím. Ve vzájemných rozhovorech si připomínejte slova žalmů, chvalozpěvů a duchovních písní.
Itlwaetseng thata go buisanya ka Morena, lo buisanya ka dipesalema le difela lo bo lo opela dipina tsa semowa, lo opelela Morena mo dipelong tsa lona.
20 Zpívejte Pánu, chvalte ho z celého srdce a za všechno děkujte Bohu Otci, jak to činil Ježíš Kristus, náš Pán.
Malatsi otlhe lebogang Modimo Rraa rona mo go sengwe le sengwe ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete.
21 Podvolujte se jeden druhému, to dělá Kristu čest. Manželky, vy se svým mužům podřizujte stejně, jako by to byl Kristus;
Tlotlang Keresete ka go ikobelana.
22 muž totiž vede ženu, jako Kristus vede své tělo – církev, pro jejíž záchranu sám zemřel. Proto má žena svého muže poslouchat, jako církev poslouchá Krista.
Lona basadi ba lo nyetsweng, lo tshwanetse go ikobela go gogwa ke banna ba lona fela jaaka lo ikobela Morena.
Gonne monna ke motlhokomedi wa mosadi wa gagwe fela jaaka Keresete e le motlhokomedi wa mmele wa gagwe ebong phuthego. (O ntshitse botshelojwa gagwe setlhabelo go e tlhokomela le go nna Mmoloki wa yone).
Jalo lona basadi ba lo nyetsweng, lo tshwanetse go ikobela banna ba lona ka lorato mo go sengwe le sengwe, fela jaaka phuthego e ikobela Keresete.
25 A vy, manželé, mějte své ženy rádi tak, jako Kristus miloval svou církev,
Mme lona banna ba lo nyetseng, supang lone lorato lo mo basading ba lona jaaka Keresete a lo supile mo phuthegong fa a e swela,
26 když pro ni obětoval život,
go e dira boitshepo le bophepa, e tlhatswitswe ka kolobetso le Lefoko la Modimo;
27 aby ji učinil svatou a čistou Božím slovem a vodou při křtu. Tím si ji připravil slavnou, bez poskvrny a vrásky, svatou a bez kazu.
gore a tle a ineye phuthego ka sebele e le phuthego e e galalelang e e senang selabe kgotsa go sosobagana kgotsa bogole, e le boitshepo ebile e sena le fa e le phoso epe.
28 Tak by měl zacházet i muž se svou manželkou a milovat ji jako vlastní tělo. Protože oba jsou teď jedním tělem, prokazuje milující manžel lásku sám sobě!
Ke yone tsela e banna ba ba nyetseng ba tshwanetseng go tshola basadi ba bone ka yone, ba ba rata jaaka ditokololo tsa mebele ya bone. Gonne ka monna le mosadi wa gagwe jaanong ba le motho a le mongwe fela, monna o itirela tlotlo ebile o a ithata fa a rata mosadi wa gagwe.
29 Nikdo přece nemá své tělo v nenávisti, ale s láskou o ně pečuje, stejně jako Kristus pečuje o tělo církve, jehož jsme údy.
Ga go ope yo o ilang mmele wa gagwe mme o o tlhokomela ka lorato, fela jaaka Keresete a tlhokomela mmele wa gagwe ebong phuthego, e re leng ditokololo tsa yone.
31 Že muž a jeho manželka tvoří jedno tělo, říká jasně Písmo: „Proto muž, když se ožení, připojí se ke své ženě a stanou se jednou bytostí.“
Boammaaruri jwa gore monna yo o nyetseng le mosadi wa gagwe ba mmele o le mongwe fela bo supiwa ke Lokwalo lo lo reng, “Monna o tshwanetse go tlogela rraagwe le mmaagwe fa a nyala, gore a tle a lomagane sentle le mosadi wa gagwe, mme bobedi jo e tlaa nna bongwe fela.”
32 Je to snad těžké k pochopení ale takovým způsobem jsme i my částmi Kristova těla.
Ke itse gore se se thata go tlhaloganngwa, mme ke setshwantsho sa ka fa re leng ditokololo tsa mmele wa ga Keresete ka teng.
33 Proto znovu říkám: muž má svou ženu milovat jako sebe sama a žena má svého manžela mít v úctě.
Jalo gape ka re, monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka tokololo ya gagwe; mme mosadi o tshwanetse go bona tota gore o tlotla monna wa gagwe ka pelo yotlhe, a mo ikobela, a mo galaletsa ebile a mo tlotla.

< Efezským 5 >