< Římanům 2 >

1 Protož nemůžeš se vymluviti, ó člověče každý, potupuje jiného. Nebo tím, že jiného potupuješ, sám sebe odsuzuješ, poněvadž totéž činíš, což na jiném tupíš.
Go siame, o ka ne kgotsa o re, “O ntse o bua kaga batho ba ba sa siamang thata jang!” Iketle pele! Le wena o tshwana nabo. Fa lo re ba ikepile ba tshwanetse go otlhaiwa, go ithaya lona gonne lo dira tsone fela ditiro tse ba di dirang.
2 Vímeť zajisté, že soud Boží jest podle pravdy proti těm, kteříž takové věci činí.
Mme re itse gore Modimo mo tshekisong o tlaa otlhaya le fa e le mang yo o dirang dilo tse di tshwanang le tse.
3 Zdali se domníváš, ó člověče, jenž soudíš ty, kdož takové věci činí, a sám totéž čině, že ty ujdeš soudu Božího?
A o gopola gore Modimo o tlaa sekisa o bo o atlhola ba bangwe ka ntlha ya go dira dilo tseo mme o go tlodise matlho fa le wena o ntse o di dira?
4 Èili bohatstvím dobrotivosti jeho a snášelivosti i dlouhočekání pohrdáš, nevěda, že dobrotivost Boží ku pokání tebe vede?
A ga o lemoge ka fa Modimo o leng pelotelele mo go wena ka teng? Kgotsa a ga o tshwenyege ka gope? A ga o bone gore o ntse o sa go otlhae mo lobakeng lo lotlhe, e le go go naya sebaka sa go sokologa mo sebeng? Bopelonomi jwa one bo diretswe go go gogela kwa boikwatlhaong.
5 Ale podle tvrdosti své a srdce nekajícího shromažďuješ sobě hněv ke dni hněvu a zjevení spravedlivého soudu Božího,
Mme le fa go ntse jalo, ga o reetse; mme ka go dira jalo o ipolokela kwatlhao e e setlhogo ka ntlha ya botlhogo-e-thata jwa gago jwa go gana go soko-loga mo sebeng; gonne go tlaa tla letsatsi la bogale fa Modimo o tlaa bong o le moatlhodi yo o sa patikeng wa lefatshe lotlhe.
6 Kterýž odplatí jednomu každému podle skutků jeho,
O tlaa naya mongwe le mongwe tuelo ka fa ditirong tsa gagwe.
7 Těm zajisté, kteříž trvajíce v dobrém skutku, slávy a cti a nesmrtelnosti hledají, životem věčným, (aiōnios g166)
O tlaa naya botshelo jo bo sa khutleng ba ba dirang go rata ga Modimo ka bopelotelele, ba batla kgalalelo e e sa bonweng ka matlho le tlotlo le botshelo jo bo sa khutleng jo o bo abang. (aiōnios g166)
8 Těm pak, kteříž jsou svárliví a pravdě nepovolují, ale povolují nepravosti, prchlivostí a hněvem,
Mme o tlaa otlhaya setlhogo ba ba tlhabantshang boammaaruri jwa Modimo ba tsamaya mo ditseleng tse di bosula, bogale jwa Modimo bo tlaa ba wela godimo.
9 Trápením a úzkostí, a to každé duši člověka činícího zlé, i Žida předně, a též i Řeka.
Go tlaa nna khutsafalo le pogisego mo Bajuteng le mo go Badichaba ba ba tswelelang ba dira boleo.
10 Ale slávu a čest a pokoj dá každému, kdož činí dobré, i Židu předně, a též i Řeku.
Mme go tlaa nna kgalalelo le tlotlo le kagiso e tswa kwa Modimong e le tsa ba ba o reetsang, le fa e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba.
11 Neboť není přijímání osob u Boha.
Gonne Modimo o tsaya batho ka tekatekanyo.
12 Kteřížkoli zajisté bez Zákona hřešili, bez Zákona i zahynou; a kteřížkoli pod Zákonem byvše hřešili, skrze Zákon odsouzeni budou,
O tlaa otlhaya sebe gongwe le gongwe kwa se bonwang teng. O tlaa otlhaya baheitane fa ba leofa, le fa ba ise ba ke ba nne le melao ya Modimo e e kwadilweng, gonne mo botennye jwa dipelo tsa bone ba itse tshiamo le bosula.
13 (Nebo ne ti, jenž slyší Zákon, spravedlivi jsou před Bohem, ale činitelé Zákona spravedlivi budou.
Melao ya Modimo e kwadilwe mo go bone; segakolodi sa bone se ba baya molato, ka nako e nngwe se dumalana nabo.
14 Nebo když pohané Zákona nemajíce, od přirození činí to, což přikazuje Zákon, takoví Zákona nemajíce, sami sobě zákonem jsou,
Mme Modimo o tlaa otlhaela Bajuta go leofa gonne ba na le melao ya one e e kwadilweng mme ga ba e tshegetse.
15 Kteřížto ukazují dílo Zákona napsané na srdcích svých, když jim to osvědčuje svědomí jejich i myšlení, kteráž se vespolek obviňují, anebo také vymlouvají.)
Ba itse se se siameng mme ga ba se dire. Kana poloko ga e newe ba ba itseng se ba tshwanetseng go se dira, fa e se fela ba se dira.
16 V ten den, kdyžto souditi bude Bůh tajné věci lidské, podle evangelium mého skrze Jezukrista.
Ammaaruri letsatsi le tlaa tla fa ka taolo ya Modimo, Jesu Keresete o tlaa atlholang masaitsiweng a mongwe le mongwe, maikutlo a bone a a kwa teng le maikaelelo a bone; se ke bontlha bongwe jwa leano la Modimo le legolo le ke lo le bolelelang.
17 Aj, ty sloveš Žid, a spoléháš na Zákon, a chlubíš se Bohem,
Lona Bajuta lo gopola gore gotlhe go siame fa gare ga lona le Modimo gonne o lo neetse melao ya one; lo ipelafatsa ka gore lo ithaya lo re lo ditsala tsa one tse di tlhophegileng.
18 A znáš vůli jeho, a rozeznáváš, co sluší neb nesluší, naučen jsa z Zákona,
Ee, lo itse se o se batlang; lo itse pharologanyo ya bosula le molemo mme lo rata tshiamo gonne lo rutilwe melao ya one go tsweng bonyaneng jwa lona.
19 A za to máš, že jsi ty vůdcím slepých, světlem těch, kteříž jsou ve tmě,
Lo tlhomamisa tota tsela e e yang kwa Modimong mo e leng gore lo ka e supegetsa le sone sefofu tota. Lo ipona lo le masedi a a bontshang tsela, lo kaela batho ba ba latlhegetseng mo lefifing tsela ya go ya kwa Modimong.
20 Ředitelem nemoudrých, učitelem nemluvňat, majícím formu umění a pravdy v Zákoně.
Lo akanya gore lo ka goga dieleele lwa ba lwa ruta le bana ditiro tsa Modimo, gonne lo itse melao ya one sentle e e tletseng kitso yotlhe le boammaaruri.
21 Kterakž tedy jiného uče, sám sebe neučíš? Vyhlašuje, že nemá kradeno býti, sám kradeš?
Ee, lo ruta ba bangwe, jaanong ke eng fa lona lo sa ithute? Lo raya ba bangwe lo re ba seka ba utswa, a e bile lo a utswa?
22 Pravě: Nezcizoložíš, a cizoložství pácháš? V ohavnosti maje modly, svatokrádeže se dopouštíš?
Lwa re go phoso go dira kgokafalo a ebile lo a e dira? Lwa re, “Go seka ga rapelwa medimo ya disetwa,” mme lona lo dira madi modimo wa lona wa disetwa mo boemong jwa go rapela Modimo.
23 Zákonem se chlubě, přestupováním Zákona Bohu neúctu činíš?
Lo ipelafatsa thata ka go itse melao ya Modimo, mme lo o tlontlolola ka go e roba.
24 Nebo jméno Boží pro vás v porouhání jest mezi pohany, jakož psáno jest.
Ga go gakgamatse fa Dikwalo di re lefatshe le bua bosula ka ga Modimo ka ntlha ya lona.
25 Obřezáníť zajisté prospěje, budeš-li Zákon plniti; pakli budeš přestupitelem Zákona, obřezání tvé učiněno jest neobřezáním.
Go nna Mojuta go botlhokwa fa o tshegetsa melao ya Modimo; mme fa o sa e tshegetse, ga o botoka go na le moheitane.
26 A protož jestližeť by neobřízka ostříhala práv Zákona, zdaliž nebude počtena neobřízka jejich za obřízku?
Mme fa baheitane ba tshegetsa melao ya Modimo, a Modimo ga o kitla o ba naya ditshwanelo tsotlhe le tlotlo e o neng o ikaeletse go e naya Bajuta?
27 A odsoudí ti, kteříž jsou z přirození neobřízka, zachovávajíce Zákon, tebe, kterýž pod literou a obřízkou přestupník jsi Zákona?
Ammaaruri baheitane bao ba tlaa nna botoka thata go na le lona Bajuta ba lo itseng thata kaga Modimo ebile lo na le ditsholofetso tsa one mme lo sa tshegetse melao ya one.
28 Nebo ne ten jest pravý Žid, kterýž jest zjevně Židem; aniž to jest pravé obřezání, kteréž bývá zjevně na těle;
Gonne ga lo Bajuta tota, fela ka ntlha ya gore lo tsetswe ke batsadi ba Sejuta kgotsa ka ntlha ya gore lo rupisitswe mo mokgweng wa Sejuta, ebong modiro wa bogwera.
29 Ale ten jest pravý Žid, kterýžto vnitř jest Židem, a to jest pravé obřezání, kteréž jest srdečné v duchu, a ne podle litery; jehožto chvála ne z lidí jest, ale z Boha.
Nnyaa, Mojuta tota ke mongwe fela yo pelo ya gagwe e siameng mo Modimong. Gonne ga o batle ba ba kgaolang ditokololo dingwe tsa mebele ya bone go rupisiwa ga senama, mme o batla ba ba fetogileng dipelo le mewa. Le fa e le mang yo o nang le phetogo e e ntseng jalo mo botshelong jwa gagwe o tlaa amogela pako e e tswang kwa Modimong, le fa e sa tswe mo go lona.

< Římanům 2 >