< Zjevení Janovo 17 >
1 I přišel jeden z sedmi andělů, kteříž měli sedm koflíků, a mluvil se mnou, řka ke mně: Pojď, ukážiť odsouzení nevěstky veliké, kteráž sedí na vodách mnohých,
Mme mongwe wa baengele ba ba su pang ba ba neng ba tshololetse dipetso mo lefatsheng a tla a bua le nna. A re, “Ntshala morago, ke tlaa go supegetsa se se tlaa diragalelang seaka se se tumileng; se se ntseng mo godimo ga metse a mantsi a lefatshe.
2 S kteroužto smilnili králové země a zpili se vínem smilství jejího obyvatelé země.
Dikgosi tsa lefatshe di ne tsa akafala naso, le batho ba tagisitswe ke mofine wa boaka jwa sone.”
3 I odnesl mne na poušť v duchu, a viděl jsem ženu sedící na šelmě brunátné; a ta šelma plná byla jmen rouhání, a měla sedm hlav a deset rohů.
Jalo moengele a ntsaya ke le mo moweng a nkisa kwa sekakeng. Teng koo ka bona mosadi a palame sebatana se se hibidu se se neng se na le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome, se kwadilwe matlhapa gongwe le gongwe ka mafoko a a tlhapatsang Modimo.
4 Žena pak odína byla šarlatem a brunátným rouchem, a ozdobena zlatem a kamením drahým i perlami, mající koflík zlatý v ruce své, plný ohavností a nečistoty smilstva svého.
Mosadi yo o ne a apere diaparo tse di borokwa le bohibidu le manyena a mantle a a dirilweng ka gauta le majana a botlhokwa le ditalama, mme a bo a tshotse phafana ya gauta e tletse tse di makgapha, ebong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe.
5 A na čele jejím napsané jméno: Tajemství, Babylon veliký, Mátě smilstva a ohavností země.
Mme ga bo go kwadilwe mo phatleng ya gagwe sesupo se se gakgamatsang se re, “Babelone yo Mogolo, Mmadiaka le wa Kobamelo ya Disetwa, gongwe le gongwe mo tikologong ya Lefatshe.”
6 A viděl jsem ženu tu opilou krví svatých a krví mučedlníků Ježíšových, a viděv ji, divil jsem se divením velikým.
Ke ne ka bona gore o ne a tlhapetswe, a tlhapetswe ke madi a baswela tumelo ba ga Jesu ba a ba bolaileng. Ka mo tlhoma matlho ke tshogile thata.
7 I řekl mi anděl: Co se divíš? Já tobě povím tajemství té ženy i šelmy, kteráž ji nese, mající hlav sedm a rohů deset.
Mme moengele a botsa a re, “Ke eng fa o gakgametse jaana? Ke tlaa go bolelela gore mosadi yoo ke mang le gore sebatana se o se palamang se raya eng.
8 Šelma, kterous viděl, byla, a již není, a máť vystoupiti z propasti a na zahynutí jíti. I diviti se budou bydlitelé země, (ti, kterýchžto jména nejsou napsána v knihách života od ustanovení světa, ) vidouce šelmu, kteráž byla, a není, avšak jest. (Abyssos )
Sebatana se se ne se tshela mme jaanong ga se tlhole se tshela. Le fa go ntse jalo se tlaa tloga se tswa mo moleting o o senang bolekanngo se ya kwa tatlhegong ya bosakhutleng; mme batho ba lefatshe, ba maina a bone a sa kwalwang mo Lokwalong lwa Botshelo pele ga tshimologo ya lefatshe, ba tlaa akabadiwa ke go tla ga sone, morago ga se sena go swa. (Abyssos )
9 Tentoť pak jest smysl toho, a máť zavřenou v sobě moudrost: Sedm hlav jestiť sedm hor, na kterýchž ta žena sedí.
“Mme jaanong akanya thata: ditlhogo tsa sone tse supa di emetse motse mongwe o o agilweng mo dithabeng di supa kwa mosadi yo o nnang teng.
10 A králů sedm jest. Pět jich padlo, jeden jest, a jiný ještě nepřišel; a když přijde, na malou chvíli musí trvati.
Gape di emetse dikgosi di supa. Tse tlhano di setse di ole, jaanong go busa ya borataro, mme ya bosupa e e tla, mme puso ya yone e tlaa nna ka lobakanyana.
11 A šelma, kteráž byla a není, onať jest osmý, a z sedmiť jest, i na zahynutí jde.
Sebatana se sehibidu se se suleng, ke kgosi ya boferabobedi, e e kileng ya busa pele e le nngwe ya tse di supang; morago ga puso ya sone ya bobedi, le sone se tlaa ya tatlhegong.
12 Deset pak rohů, kteréžs viděl, jestiť deset králů, kteříž ještě království nepřijali, ale přijmouť moc jako králové, jedné hodiny spolu s šelmou.
Dinaka tsa sone tse some ke dikgosi tse some tse di iseng di amogele bogosi; di tlaa bewa mo bogosing jwa tsone ka lobaka lo lo khutshwane, go busa le sone sebatana.
13 Tiť jednu radu mají, a sílu i moc svou šelmě dadí.
Tsotlhe di tlaa kwala tumalano ya go neela sebatana nonofo ya tsone le taolo.
14 Tiť bojovati budou s Beránkem, a Beránek zvítězí nad nimi, neboť Pán pánů jest a Král králů, i ti, kteříž jsou s ním, povolaní, a vyvolení, a věrní.
Tsotlhe di tlaa tlhabantsha Kwana, mme e tlaa di fenya, gonne ke Morena wa barena botlhe, le Kgosi ya dikgosi, mme batho ba gagwe ke ba ba biditsweng, ba ba tlhophilweng, e bile ke ba ba ikanyegang.
15 I řekl mi: Vody, kteréžs viděl, kdež nevěstka sedí, jsouť lidé, a zástupové, a národové, a jazykové.
“Mawatle, macha le melapo e mosadi o ntseng mo go yone e emetse boidiidi jwa batho jwa merafe yotlhe.
16 Deset pak rohů, kteréžs viděl na šelmě, ti v nenávist vezmou nevěstku, a učiní ji opuštěnou a nahou, a tělo její jísti budou, a ji páliti budou ohněm.
“Mme sebatana se se hibidu le dinaka tsa sone tse some, tse di emetseng dikgosi tse some tse di tlaa busang naso, tsotlhe di tlaa ila mosadi, mme di tlaa mo tlhasela di mo tlogele a sa ikatega a bo a fisiwe ka molelo.
17 Neboť dal Bůh v srdce jejich, aby činili vůli jeho a aby se sjednomyslnili, a toliko dotud království své šelmě dali, dokudž by nebyla vykonána slova Boží.
Gonne Modimo o tlaa tsenya mo ditlhaloganyong tsa bone, leano le le tlaa tsweledisang maikaelelo a one: ba tlaa dumalana ka bongwe jwa pelo go naya sebatana se sehibidu taolo, gore mafoko a Modimo a tle a diragadiwe.
18 A žena, kteroužs viděl, jestiť město to veliké, kteréž má království nad králi země.
Mosadi yo o mmonyeng mo ponatshegelong ya gago o emetse motse o mogolo o o busang dikgosi tsa lefatshe.”