< Marek 13 >
1 A když vycházel z chrámu, dí jemu jeden z učedlníků jeho: Mistře, pohleď, kteraké kamení a jaké jest toto stavení!
Mme ya re a tswa mo Tempeleng ka letsatsi leo, mongwe wa barutwa ba gagwe a re, “Moruti, dikago tse di dintle jang! Bona mekgabisa ya maje a a mo lokotswaneng jaaka e ntse.”
2 Tedy Ježíš odpovídaje, řekl jemu: Vidíš toto tak veliké stavení? Nebudeť ostaven kámen na kameni, kterýž by nebyl zbořen.
Jesu a araba a re, “Ee, bona! gonne ga go na leje lepe le le tlaa tlogelwang le tlhatlaganye le le lengwe, otlhe a tlaa fetoga matlotla.”
3 A když se posadil na hoře Olivetské proti chrámu, otázali se jeho obzvláštně Petr, Jakub a Jan a Ondřej, řkouce:
Mme ya re a ntse mo dithoteng tsa thaba ya Lotlhware go kgabaganya molatswana o o tswang Jerusalema, Petere le Jakobe le Anterea le Johane ba bo ba na nae mme ba mmotsa ba re, “Dilo tse tsotlhe di tlaa diragalela Tempele leng? A go tlaa nna le tlhagiso pele ga nako?”
4 Pověz nám, kdy to bude? A které znamení, když se toto všecko bude plniti?
5 Ježíš pak odpovídaje jim, počal praviti: Vizte, aby vás někdo nesvedl.
Hong Jesu a dirisa nako e ntsi ya go ba tlhalosetsa a re, “Lo se letle ope go lo timetsa,
6 Neboť mnozí přijdou ve jménu mém, řkouce: Já jsem Kristus, a mnohéť svedou.
gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ikaya fa e le Mesia wa lona, mme ba tlaa timetsa ba le bantsi.
7 Když pak uslyšíte boje a pověst o válkách, nestrachujte se; nebo musí to býti, ale ne ihned konec.
Mme go tlaa tsoga dintwa gongwe le gongwe mme mo ga se sesupo sa bokhutlo.
8 Povstaneť zajisté národ proti národu a království proti království, a bude zemětřesení po místech, a hladové i bouřky.
“Gonne dichaba le mebuso di tlaa tsogologelana, mme go tlaa nna dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a le mantsi le mauba. Mme dilo tse e tlaa bo e le dikai tsa ntlha tsa dipogisego tse di tlang.
9 A toť budou počátkové bolesti. Vy pak šetřte se. Nebo vydávati vás budou na sněmy a do shromáždění; budete biti, a před vladaři a králi stanete pro mne, na svědectví jim.
Mme fa dilo tse di simolola go diragala, lo tlhokomele! Gonne lo tlaa bo lo le mo diphatseng tse dikgolo. Lo tlaa gogelwa fa pele ga basekisi, mme lo tlaa itewa mo ditempeleng, lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya go nna balatedi ba me. Se e tlaa bo e le nako ya lona ya go ba bolelela Mafoko a a Molemo.
10 Ale ve všech národech nejprv musí býti kázáno evangelium.
Gonne Mafoko a a Molemo a tshwanetse go itsiwe mo merafeng yotlhe pele ga bokhutlo bo tla.
11 Když pak vás povedou vyzrazujíce, nestarejte se, co byste mluvili, aniž o to pečlivě přemyšlujte, ale což vám bude dáno v tu hodinu, to mluvte; nebo nejste vy, jenž mluvíte, ale Duch svatý.
Mme fa lo tshwarwa lo bo lo sekisiwa, lo se ka lwa tshwenyega kaga se lo tlaa se buang go iphemela. Buang se Modimo o lo bolelelang gore lo se bue. Gonne e tlaa bo e se lona lo buang mme e le Mowa o o Boitshepo.
12 Vydáť pak bratr bratra na smrt a otec syna, a povstanou děti proti rodičům, a budou je mordovati.
Mme morwa rraa motho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, borrabana ba tlaa neela bana ba bone, le bana ba tlaa neela batsadi ba bone gore ba bolawe.
13 A budete v nenávisti všechněm pro jméno mé. Ale kdož setrvá až do konce, tenť spasen bude.
Mme lo tlaa ilwa ke mongwe le mongwe ka ntlha ya gore lo ba me. Mme botlhe ba ba tlaa itshokang go ya bokhutlong ba sa intatole ba tlaa bolokwa.
14 Když pak uzříte ohavnost zpuštění, o kteréž povědíno jest skrze Daniele proroka, ana stojí, kdež by státi neměla, (kdo čte, rozuměj, ) tehdáž ti, kdož jsou v Židovstvu, ať utekou na hory.
“Mme fa lo bona selo se se makgapha se eme mo Tempeleng, mmadi, ela tlhoko! Tshaba, o tshabele kwa dithabeng tsa Judea fa go kgonega.
15 A kdož na střeše jest, nesstupuj do domu, ani vcházej, aby co vzal z domu svého.
Akofa! Fa o le mo setlhoeng fa godimo ga ntlo, o se ka wa boela mo tlung. Fa o le kwa masimo, o se ka wa boela kwa gae go ya go tsaya madi kgotsa diaparo.
16 A kdo na poli, nevracuj se zase, aby vzal roucho své.
17 Běda pak těhotným a těm, kteréž krmí v těch dnech.
“A bo go latlhega basadi ba baimana mo malatsing ao, le basadi ba ba amusang.
18 Protož modlte se, aby utíkání vaše nebylo v zimě.
Mme lo rapele gore go sia ga lona go se ka ga nna go le mariga.
19 Neboť budou ti dnové plní takového soužení, jakéhož nebylo od počátku stvoření, kteréž Bůh stvořil, až dosavad, aniž potom bude.
Gonne malatsi ao e tlaa bo e le metlha ya pitlagano e e iseng e ke e nne teng fa e sa le kwa tlholegong ya lefatshe, mme ga go kitla go nna gape jalo.
20 A byť neukrátil Pán těch dnů, nebyl by spasen žádný člověk. Ale pro vyvolené, kteréž vyvolil, ukrátil těch dnů.
Kwa ntle ga gore Morena a khutshwafatse nako eo ya kutlobotlhoko, ga go na le fa e le mowa ope mo lefatsheng o o tlaa bolokesegang, mme ka ntlha ya ba o ba ikgethetseng o tlaa khutshwafatsa malatsi ao.
21 A tehdáž řekl-li by vám kdo: Aj teď jest Kristus, aneb, aj tamto, nevěřte.
“Mme fa mongwe a lo raya a re, ‘Yo ke Mesia’, kgotsa ‘ke yole’, lo se ka lwa mo ela tlhoko.
22 Neboť povstanou falešní Kristové a falešní proroci, a budou činiti divy a zázraky k svedení, by možné bylo, také i vyvolených.
Gonne go tlaa nna bo-Mesia ba le bantsi ba tsietso le baporofiti ba tsietso ba ba tlaa dirang dikgakgamatso tse dintsi tse di tlaa timetsang ba le bantsi, le e leng bone bana ba Modimo tota.
23 Vy pak šetřte se. Aj, předpověděl jsem vám všecko.
Elang tlhoko! Ke lo tlhagisitse!
24 V těch pak dnech, po soužení tom, slunce se zatmí a měsíc nedá světla svého.
“Morago ga pitlagano eo, letsatsi le tlaa fifala mme ngwedi ga a kitla a phatsima.
25 A hvězdy nebeské budou padati, a moci, které jsou na nebi, pohnou se.
Dinaledi di tlaa wa, magodimo a tlaa reketlisiwa.
26 A tehdážť uzří Syna člověka, an se béře v oblacích s mocí velikou a s slavou.
“Hong batho botlhe ba tlaa mpona, Nna Morwa Motho ke tla ke le mo marung ka nonofo e kgolo le kgalalelo.
27 I tehdyť pošle anděly své, a shromáždí vyvolené své ode čtyř větrů, od končin země až do končin nebe.
Mme ke tlaa romela baengele ba me go tla go phutha botlhe baitshenkedwi ba me go tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe le legodimo.
28 Od fíku pak učte se podobenství: Když již ratolest jeho odmladne a vypučí se listí, znáte, že blízko jest léto.
“Jaanong, thuto ke e ka setlhare sa mofeige. Fa dikala tsa one di simolola go kukunya le makakaba a simolola go tlhoga, lo itse sentle fela gore selemo se setse se gorogile.
29 Takž i vy, když uzříte, ano se tyto věci dějí, vězte, že blízko jest a ve dveřích království Boží.
“Mme fa lo bona dilo tse di diragala tse ke setseng ke tswa go di tlhalosa, lo ka tlhomamisa gore go tla ga me go setse go le gaufi, le gore ke setse ke le mo kgorong.
30 Amen pravím vám, žeť nepomine pokolení toto, až se tyto všecky věci stanou.
“Ee, tse ke ditiragalo tse di kayang nako ya bokhutlo.
31 Nebe a země pominou, ale slova má nepominou.
Legodimo le lefatshe di tlaa nyelela, mme Lefoko la me le emetse ruri.
32 Ale o tom dni a hodině žádný neví, ani andělé, jenž jsou v nebesích, ani Syn, jediné sám Otec.
“Le fa go ntse jalo, ga go na ope, le fa e le baengele mo legodimong, le fa e le nna, ga ke itse letsatsi le fa e le nako e dilo tse di tlaa diragalang ka yone; fa e se Rara fela yo o itseng.
33 Vizte, bděte a modlte se; nebo nevíte, kdy bude ten čas.
Mme ere ka lo sa itse gore go tlaa diragala leng, nnang lo itisitse. Nnang ka kelotlhoko kaga go boa ga me.
34 Syn člověka zajisté jest jako člověk, kterýž daleko odšel, opustiv dům svůj, a poručiv služebníkům svým vladařství, a jednomu každému práci jeho, vrátnému přikázal, aby bděl.
“Go tla ga me go ka tshwantshiwa ka monna yo o neng a tsamaya a ya kwa lefatsheng le sele, yo o neng a baya tiro yotlhe ya gagwe mo batlhankeng ba gagwe go e dira fa a sa ntse a seyo a tsamaile, mme a raya motlhokomedi wa kgoro a re, a lebelele go boa ga gagwe.
35 Protož bděte; nebo nevíte, kdy Pán domu přijde, u večer-li, čili o půlnoci, čili když kohouti zpívají, čili ráno;
“Nnang lo lebeletse thata! Gonne ga lo itse gore a go tla ga me go tlaa bo go le maitseboa, bosigo, phakela kgotsa motshegare. Lo se ka lwa letla gore ke lo fitlhele lo robetse. Disang go bowa ga me! se ke molaetsa wa me mo go lona le mo go botlhe ba bangwe.”
36 Aby snad přijda v nenadále, nenalezl vás, a vy spíte.
37 A cožť vám pravím, všechněmť pravím: Bděte.