< Jakubův 3 >

1 Nebuďtež mnozí mistři, bratří moji, vědouce, že bychom těžší odsouzení vzali.
Bakaulengwe ba ba rategang, se gakaleleleng go bolelela ba bangwe diphoso tsa bone, gonne rotlhe re dira diphoso; mme fa rona baruti, ba re tshwanetseng go itse botoka, re dira diphoso, go otlhaiwa ga rona go tlaa nna gogolo go na le ga ba bangwe.
2 V mnohém zajisté klesáme všickni. Kdožť neklesá v slovu, tenť jest dokonalý muž, mohoucí jako uzdou spravovati všecko tělo.
Fa motho le fa e le mang a ka kgona go laola loleme lwa gagwe, go supa gore o na le thata ya go ikgapa ka ditsela tsotlhe.
3 An my koně v uzdu pojímáme, aby nám povolni byli, a vším tělem jejich vládneme.
Re ka dira gore pitse e tona e retologele kwa re batlang e ya teng ka tomonyana e e mo molomong wa yone.
4 An i lodí tak veliké jsouce a prudkými větry hnány bývajíce, však i nejmenším veslem bývají sem i tam obracíny, kamžkoli líbí se tomu, kdož je spravuje.
Le lomatsanyana (seterebonyana) lo dira gore sekepe se se tona se retologele gongwe le gongwe kwa mokgweetsi a batlang se ya teng, le fa diphefo di tsubutla.
5 Tak i jazyk malý úd jest, avšak veliké věci provodí. Aj, maličký oheň, kterak veliký les zapálí!
Fela jalo loleme le lone ke selo se sennyennyane, mme lo ka dira tshenyo e kgolo thata. Sekgwa se se tona se ka tshujwa ke tlhasenyana.
6 A jestiť jazyk jako oheň a svět nepravosti. Takť jest, pravím, postaven jazyk mezi údy našimi, nanečišťující celé tělo, a rozpalující kolo narození našeho, jsa rozněcován od ohně pekelného. (Geenna g1067)
Mme loleme ke kgabo ya molelo. Lo tletse tshiamololo ebile lo leswafatsa tokololo nngwe le nngwe ya mmele. Mme loleme lo tlhosediwa ke molete ka sebele, jalo lo ka fetolela matshelo a rona otlhe mo kgabong e e lakaselang ya tshenyo e kgolo. (Geenna g1067)
7 Všeliké zajisté přirození i zvěři, i ptactva, i hadů, i mořských potvor bývá zkroceno, a jest okroceno od lidí;
Batho ba katisitse, kgotsa ba ka katisa, mofuta mongwe le mongwe wa phologolo kgotsa nonyane e e tshelang le mofuta mongwe le mongwe wa segagabi le ditlhapi,
8 Ale jazyka žádný z lidí zkrotiti nemůže; tak jest nezkrotitelné zlé, pln jsa jedu smrtelného.
mme ga go na ope yo o ka katisang loleme. Ka malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go tsholola botlhole jwa lone jo bo bolayang.
9 Jím dobrořečíme Bohu Otci a jím zlořečíme lidem, ku podobenství Božímu stvořeným.
Nako e nngwe lo galaletse Rara wa rona wa legodimo, mme ka nako e nngwe lo hutsa batho ba ba bopilweng mo setshwanong sa Modimo.
10 Z jedněch a týchž úst pochází dobrořečení i zlořečení. Ne takť býti má, bratří moji.
Fela jalo, tshegofatso le phutso di tuntologa mo go one molomo. Bakaulengwe ba ba rategang, tota se ga se a siama.
11 Zdaliž studnice jedním pramenem vydává sladkou i hořkou vodu?
A motswedi wa metse o tlo o pumpunyege metse a a siameng lwa ntlha mme e re morago o tswe metse a a botlhoko?
12 Zdaliž může, bratří moji, fíkový strom nésti olivky, aneb vinný kmen fíky? Takť žádná studnice slané a sladké vody spolu vydávati nemůže.
A o ka hula lotlhware mo setlhareng sa mofeige, kgotsa difeige mo setlharing sa mofine? Nnyaa, gape ga o kake wa ga metse a a monate mo sedibeng se se letswai.
13 Kdo jest moudrý a umělý mezi vámi? Ukažiž dobrým obcováním skutky své v krotké moudrosti.
Fa o le botlhale, tshela botshelo jo bo molemo jo bo tlhomameng gore ditiro tse di molemo di tle di tote, mme fa o sa ikgantshe ka tsone, o tlaa nna botlhale ka boammaaruri!
14 Pakliť máte mezi sebou hořkou závist a zdráždění v srdci svém, nechlubte se a neklamejte proti pravdě.
Mme kaga dilo tsotlhe, o seka wa ikgantsha kaga go nna botlhale le go nna molemo fa o le bogalaka le lefufa ebile o ipona botoka; seo ke maaka a a maswe thata.
15 Neníť zajisté ta moudrost shůry sstupující, ale jest zemská, hovadná a ďábelská.
Gonne lefufa le go ipona botoka ga se botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Dilo tse di ntseng jaana ke tsa lefatshe ga se tsa semowa, di tlhotlhelediwa ke Satane.
16 Nebo kdežť jest závist a rozdráždění, tu jest roztržka a všeliké dílo zlé.
Gonne kwa go nang le lefufa teng kgotsa keletso ya go ipona botoka, go tlaa nna tobekano le mofuta mongwe le mongwe wa bosula.
17 Ale moudrost, kteráž jest shůry, nejprve zajisté jest čistotná, potom pokojná, mírná, povolná, plná milosrdenství a ovoce dobrého, bez rozsuzování a bez pokrytství.
Mme botlhale jo bo tswang kwa legodimong, bo simologa bo le phepa ebile bo le bonolo. Jalo bo rata kagiso le boikobo. Bo letlelela dipuisano ebile bo rata go ineela mo go ba bangwe; bo tletse kutlwelo-botlhoko le ditiro tse di molemo. Bo itekanetse, bo tlhamaletse ebile bo a ikanyega.
18 Ovoce pak spravedlnosti v pokoji rozsívá se těm, kteříž pokoj působí.
Mme ba e leng badira kagiso ba tlaa jala dipeo tsa kagiso ba bo ba roba thobo ya bomolemo.

< Jakubův 3 >