< Galatským 4 >
1 Pravímť pak, že pokudž dědic maličký jest, nic není rozdílný od služebníka, jsa pánem všeho,
Mme gakologelwang se, gore fa rrabana a a swa a bo a tlogelela morwawe yo mmotlana khumo e ntsi, ngwana yoo ga a botoka ka gope go na le motlhanka go fitlhelela a gola le fa tota sengwe le sengwe se rraagwe a neng a na naso e le sa gagwe.
2 Ale pod ochráncemi a správcemi jest až do času uloženého od otce.
O tshwanetse go dira se batlhokomedi ba gagwe le batlamedi ba mmolelelang gore a se dire, go fitlhelela a nna dingwaga tse rraagwe a di beileng.
3 Tak i my, když jsme byli maličcí, pod živly světa byli jsme v službu podrobeni.
Mme le mo go rona go ne go ntse fela jalo pele ga Keresete a tla. Re ne re le batlhanka ba melao ya Sejuta le mekgwa ya Sejuta gonne re ne re ithaya re re di ka re boloka.
4 Ale když přišla plnost času, poslal Bůh Syna svého učiněného z ženy, učiněného pod Zákonem,
Mme erile fa nako e e tshwanetseng e sena go tla, nako e Modimo o neng o e beile, wa roma Morwaone, a tsetswe ke mosadi, a tsetswe e le Mojuta,
5 Aby ty, kteříž pod Zákonem byli, vykoupil, abychom právo synů přijali.
go re rekela kgololesego, rona ba re neng re le batlhanka ba molao gore a tle a re godise re le bana ba gagwe tota.
6 A že jste synové, protož poslal Bůh Ducha Syna svého v srdce vaše, volajícího: Abba, totiž Otče.
Mme e re ka re le bana ba one, Modimo o rometse Mowa wa Morwa-one mo dipelong tsa rona, gore re nne le tshiamelo ya go bua ka Modimo re re ke Rraa rona yo o rategang.
7 A tak již nejsi slouha, ale syn, a poněvadž syn, tedy i dědic Boží skrze Krista.
Jaanong ga re sa tlhole re le batlhanka, re bana ba Modimo tota. Mme ere ka re le bana ba one, sengwe le sengwe se o nang naso ke sa rona, gonne ke ka fa go rulagantsweng ke Modimo ka teng.
8 Ale tehdáž, neměvše známosti Boha, sloužili jste těm, kteříž z přirození nejsou bohové.
Pele ga lona Badichaba lo itse Modimo lo ne lo le batlhanka ba medimo e le gone e iseng e ke e be e nne mo tlholegong.
9 Nyní pak, znajíce Boha, nýbrž poznáni jsouce od Boha, kterakž se zpátkem zase obracíte k mdlým a bídným živlům, jimž opět znovu chcete sloužiti?
Mme jaanong ka lo bonye Modimo (kgotsa a ke re, ka Modimo o lo setse) go diragala jang gore lo batle go boela kwa morago gape go nna batlhanka mo tumelong nngwe ya lehuma, e e bokoa, e e senang molemo, ya go leka go ya legodimong ka go obamela melao ya Modimo?
10 Dnů šetříte, a měsíců, a časů, i let.
Lo leka go nna botsalano le Modimo ka se lo se dirang kgotsa se lo sa se direng mo malatsing mangwe kgotsa mo dikgweding kgotsa mo dipa-keng tsa ngwaga kgotsa mo dingwageng.
11 Bojím se za vás, abych snad nadarmo nepracoval mezi vámi.
Ke a tshoga ka lona. Ke tshaba gore tiro ya me ya bonatla e ke e lo diretseng e ne e le lefela mo go lona.
12 Buďte jako já, neb i já jsem jako vy, bratří, prosím vás. Nic jste mi neublížili.
Bakaulengwe ba ba rategang, ke a lo kopa gore lo nne fela jaaka nna kaga dilo tse, gonne ke gololesegile mo dikeetaneng tse jaaka lo kile lwa bo lo ntse. Ga lo a ka lwa nnyatsa ka lobaka loo fa ke lo rerela lwa ntlha,
13 Neb víte, že s mdlobou těla kázal jsem vám evangelium ponejprve.
ntswa ke ne ke lwala fa ke simolola go lo rerela Mafoko a a Molemo a ga Keresete.
14 A pokušení mé, přišlé na tělo mé, nebylo u vás málo váženo, aniž jste pohrdli, ale jako anděla Božího přijali jste mne, jako Krista Ježíše.
Mme le fa bolwetse jwa me bo ne bo lo tena, ga lo a ka lwa nkgana lwa nteleka. Nnyaa, lo ne lwa nkamogela lwa ba lwa ntlhokomela jaaka ekete ke moengele yo o tswang kwa Modimong, kgotsa Jesu Keresete ka sebele.
15 Jaké tehdy bylo blahoslavenství vaše? Svědectvíť vám zajisté dávám, že, kdyby to možné bylo, oči vaše vyloupíce, byli byste mi dali.
Mowa ole wa boitumelo o re neng re na nao o kae jaanong? Gonne mo malatsing ao ke itse gore lo ka bo lo ne lwa ikgonya matlho ka boitumelo lwa a nnaya mo boemong jwa a me fa mo go ne go ka nthusa.
16 Což tedy učiněn jsem vaším nepřítelem, pravdu vám pravě?
17 Milujíť vás někteří nedobře, nýbrž odstrčiti vás chtějí, abyste vy je milovali.
Baruti bao ba tsietso ba ba ratang thata go lo gapa maikutlo ga ba dire jalo gore go lo solegele molemo. Se ba lekang go se dira ke go lo kgaoganya le nna gore lo tle lo beye maikutlo thata mo go bone.
18 Slušnéť jest pak horlivě milovati v dobrém vždycky, a ne jen toliko tehdáž, když jsem přítomen vám.
Ke selo se se molemo fa batho ba go siametse ka maikaelelo a a molemo le dipelo tse di ikanyegang, segolo bogolo fa ba sa dire fela jalo fa ke na le lona.
19 Synáčkové moji, (kteréž opět rodím, až by Kristus zformován byl v vás),
Ao, bana ba me, kana lo nkutlwisa-botlhoko thata jang! Ke sa ntse ke lo bogela gape ke le mo ditlha-bing tse di tshwanang le tsa mmangwana a letile ngwana wa gagwe go tsholwa, ke tlhologeletswe lobaka lo mo go lone e tlaa reng lwa bofelo lo bo lo tladitswe ka Keresete.
20 Chtěl bych pak přítomen vám býti nyní a proměniti hlas svůj; nebo v pochybnosti jsem o vás.
Ke eletsa thata jang ekete ke ka bo ke na le lona koo gone gompieno, ke sa akantshanye le lona jaana, gonne ka ntlha ya go katologana mo ga rona, ga ke itse gore ke ka reng.
21 Povězte mi, kteříž pod Zákonem chcete býti, nepozorujete-liž Zákona?
Ntheetsang, lona ditsala tse di gopolang gore lo tshwanetse go obamela melao ya Sejuta gore lo bolokwe: ke eng fa lo sa batlisise tota se se rerwang ke melao eo?
22 Nebo psáno jest: Že Abraham měl dva syny, jednoho z služebnice, a druhého z svobodné.
Gonne go kwadilwe gore Aberahame o ne a na le bana ba basimane ba le babedi, yo mongwe o ne a tsetswe ke mosadi wa gagwe wa lelata mme yo mongwe o ne a tshotswe ke mosadi wa gagwe yo e leng ngwana wa motse.
23 Ale ten z služebnice podle těla se narodil, tento pak z svobodné podle zaslíbení.
Go ne go sena sepe se se sa tlwaelesegang kaga go tsholwa ga losea lwa mosadi wa lelata. Mme losea lwa mosadi yo e leng ngwana wa motse lo ne lwa tsholwa fela morago ga Modimo o solofetsa tota gore lo tlaa tsholwa.
24 Kteréžto věci u figuře se staly. Nebo toť jsou ti dva Zákonové, jeden s hory Sinai, k manství zplozující, a tenť jest jako Agar.
Jaanong polelo e e boammaaruri e, ke setshwantsho kaga ditsela tse pedi tsa Modimo tsa go thusa batho. Tsela e nngwe e ne e le go ba neela melao ya one gore ba e obamele. O dirile jaana mo Thabeng ya Senai, fa o neela Moshe Melao e e Some. Thaba ya Senai, kana tota, e bidiwa “Thaba ya Hagare” ka Searabia,
25 Agar zajisté jest hora Sinai v Arabii. Dobřeť se pak k ní trefuje nynější Jeruzalém, nebo v službu podroben jest s syny svými.
mme mo setshwantshong se ke se ntshitseng mosadi wa ga Aberahame Hagare, wa lelata, o emetse Jerusalema, mma-motse wa Bajuta, modi wa tsela ele ya go leka go itumedisa Modimo ka go leka go obamela Melao; mme Bajuta, ba ba lekang go sala morago tsela eo, ke bana ba one ba batlhanka.
26 Ale ten svrchní Jeruzalém svobodný jest, kterýž jest matka všech nás.
Mme mma-motse wa rona ke Jerusalema wa selegodimo, ebile ga se motlhanka wa melao ya Sejuta.
27 Nebo psáno jest: Vesel se neplodná, kteráž nerodíš, vykřikni a zvolej, kteráž nepracuješ ku porodu; nebo ta opuštěná mnoho má synů, více nežli ta, kteráž má muže.
Ke sone se Isaia a neng a se raya fa a porofesa a re, “Jaanong o ka itumela, wena mosadi yo o senang le fa e le ngwana; o ka goeletsa ka boitumelo le fa o ise o ke o nne le ngwana pele. Gonne ke ya go go naya bana le ba bantsi, ba le bantsi go gaisa ba mosadi wa lelata.”
28 Myť jsme tedy, ó bratří, tak jako Izák, synové zaslíbení.
Nna le lona, bakaulengwe ba ba rategang, re bana ba Modimo o ba solofeditseng, fela jaaka Isake a ne a solofeditswe.
29 Ale jakož tehdáž ten podle těla zplozený protivil se tomu, kterýž byl zplozen podle Ducha, tak se děje i nyní.
Jalo he, rona ba re tsetsweng ke Mowa O O Boitshepo re a bogisiwa jaanong ke ba ba batlang re tshegetsa melao ya Sejuta, fela jaaka Isake ngwana wa tsholofetso a ne a bogisiwa ke Ishemaele ngwana wa mosadi wa lelata.
30 Než co praví Písmo? Vyvrz služebnici i syna jejího; nebo nebudeť dědicem syn služebnice s synem svobodné.
Mme Dikwalo tsa re Modimo o ne wa raya Aberahame wa re a leleke mosadi wa gagwe wa lelata le morwawe, gonne ngwana wa mosadi wa lelata o ne a ka seka a rua boswa jwa ga Aberahame ebong legae le masimo mmogo le ngwana wa mosadi wa motse.
31 A tak, bratří, nejsmeť synové služebnice, ale svobodné.
Bakaulengwe ba ba rategang, ga re bana ba batlhanka, ba ba golegeletsweng mo melaong ya Sejuta, re bana ba mosadi yo e leng ngwana wa motse, re amogelesega kwa Modimong ka ntlha ya tumelo.