< Titu 3 >

1 Podsjećaj ih da se podlažu poglavarstvima, vlastima, da slušaju, da budu spremni na svako dobro djelo,
Gakolola bagaeno go ikobela mmuso le batsamaisi ba one, le gore ba nne kutlo ka malatsi otlhe le go ipaakanyetsa tiro nngwe le nngwe e e molemo.
2 nikoga da ne pogrđuju, da budu neratoborni, popustljivi, da očituju svaku blagost prema svim ljudima.
Ba se ka ba bua bosula ka ope, le fa e le go omana, mme ba nne tshiamo le boikokobetso ka boammaaruri mo go botlhe.
3 Jer i mi nekoć bijasmo nerazumni, nepokorni, lutalice, robovi raznih požuda i naslada, živjeli smo u zlu i zavisti, odvratni bili, mrzili jedni druge.
Le rona re kile ra ne re le dieleele ebile re sa reetsa ditaolo; re ne re ntshiwa mo tseleng ke ba bangwe mme ra nna batlhanka ba dilo tse di itumedisang tsa boleo di le dintsi le dithato tsa nama tsa boikepo. Matshelo a rona a ne a tletse letlhoo le bopelotshetlha. Re ne re ila ba bangwe mme le bone ba ne ba re ila.
4 Ali kad se pojavila dobrostivost i čovjekoljublje Spasitelja našega, Boga,
Mme erile fa nako e goroga ya gore bopelonomi le lorato lwa Modimo Mmoloki wa rona di bonale,
5 on nas spasi ne po djelima što ih u pravednosti mi učinismo, nego po svojem milosrđu: kupelji novoga rođenja i obnavljanja po Duhu Svetom
mme o ne a re boloka, e seng ka ntlha ya gore re ne re siametse go bolokwa, mme e leng ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe le kutlwelo-botlhoko, ka go tlhatswa dibe tsa rona le go re naya boitumelo jo bosha jwa Mowa O O Boitshepo o o nnang mo go rona,
6 koga bogato izli na nas po Isusu Kristu, Spasitelju našemu,
o o o goromeditseng mo go rona ka letlotlo le le hakgamatsang, le gotlhe ka ntlha ya se Jesu Keresete Mmoloki wa rona o se dirileng,
7 da opravdani njegovom milošću budemo, po nadi, baštinici života vječnoga. (aiōnios g166)
gore a tle a re supe re siame mo matlhong a Modimo, gotlhe e le ka ntlha ya bopelonomi jwa one jo bogolo; jaanong re ka nna le seabe mo khumong ya botshelo jo bo sa khutleng jo o re bo nayang, mme re lebeletse ka tlhwaafalo go bo amogela. (aiōnios g166)
8 Vjerodostojna je ovo riječ i hoću da to uporno tvrdiš te da oni koji su povjerovali Bogu uznastoje prednjačiti dobrim djelima. To je dobro i korisno ljudima.
Dilo tse ke di go boleletseng tse di boammaaruri tsotlhe. Tswelela mo go tsone gore Bakeresete ba tle ba tlhokomele go dira ditiro tse di siameng ka metlha yotlhe, gonne mo ga se gore go siame fela mme go tlisa maungo.
9 A ludih se raspra, i rodoslovlja, i svađa, i sukoba zakonskih kloni: beskorisni su i isprazni.
Se itsenye mo dikganetsanyong tsa dipotso tse di sa arabesegeng le mo megopolong ya dikganetsanyo tse di thata tse di amanang le sedumedi; ikgaphe mo dikganetsanyong le mo dikgogakgoganong kaga go obamela melao ya Sejuta, gonne selo se se ntseng jaana ga se na thuso; se dira kutlo botlhoko fela.
10 S krivovjercem nakon prvoga i drugog upozorenja prekini
Fa mongwe a dira dikgaogano mo go lona, o tshwanetse go tlhagisiwa lwa ntlha le lwa bobedi. Morago ga moo lo seka lwa tlhola lo dirisanya nae gape ka tsela epe,
11 znajući da je izopačen i da griješi: on sam sebe osuđuje.
gonne motho yo o ntseng jalo o itse sentle gore o a leofa.
12 Kad pošaljem k tebi Artemu ili Tihika, požuri se k meni u Nikopol jer sam odlučio ondje prezimiti.
Ke akanya go roma Aretemase kgotsa Tukiko kwa go lona. E re fela mongwe wa bone a goroga, tswee-tswee lekang go nkgatlhantsha kwa Nikopolisa ka bofefo jo lo ka bo kgonang, gonne ke ikaeletse go nna teng mariga otlhe.
13 Zenu, pravnika, i Apolona brižljivo opremi da im ništa ne ponestane.
Dira fela ka fa o ka kgonang ka teng go thusa Senase wa agente le Apolose mo loetong lwa bone; tlhomamisa gore ba newa sengwe le sengwe se ba se tlhokang.
14 A i naši neka se uče prednjačiti dobrim djelima u životnim potrebama da ne budu neplodni.
Gonne batho ba ga rona ba tshwanetse go ithuta go thusa botlhe ba ba tlhokang thuso ya bone, gore matshelo a bone a tle a nne le loungo.
15 Pozdravljaju te svi koji su sa mnom. Pozdravi one koji nas ljube u vjeri. Milost sa svima vama!
Mongwe le mongwe o a lo dumedisa. Tsweetswee ntumedisetsang ditsala tsotlhe tsa Bokeresete koo. A masego a Modimo a nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona wa boammaaruri, Paulo.

< Titu 3 >