< Luka 22 >
1 Bližio se Blagdan beskvasnih kruhova zvan Pasha.
Mme jaanong moletlo wa Tlolaganyo wa bo o le gaufi, moletlo wa Sejuta o go neng go dirisiwa senkgwe se se sa bedisiwang.
2 Glavari svećenički i pismoznanci tražili su kako da Isusa smaknu jer se bojahu naroda.
Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba tumelo ba ne ba tlhoafaletse polao ya ga Jesu ba leka go senka tsela e ba ka mmolayang ka yone kwa ntle ga go tsosa mokubukubu, selo se ba neng ba se tshaba segolo.
3 A Sotona uđe u Judu zvanog Iškariotski koji bijaše iz broja dvanaestorice.
Mme Satane a tsena mo go Judase Isekariota, yo e neng e le mongwe wa barutwa ba ba lesome le bobedi,
4 On ode i ugovori s glavarima svećeničkim i zapovjednicima kako da im ga preda.
a ya kwa baperesiting ba bagolo le bagolwane ba batlhokomedi ba Tempele go ya go buisanya ka tsela e e siameng ya go ba okela Jesu.
5 Oni se povesele i ugovore da će mu dati novca.
Mme ba ne ba rata, ba itumelela go itse fa a ipaakanyeditse go ba thusa mme ba mo solofetsa tuelo.
6 On pristade. Otada je tražio priliku da im ga preda mimo naroda.
Hong a simolola go ba senkela nako ya go tshwara Jesu ka tidimalo batho ba seyo.
7 Kada dođe Dan beskvasnih kruhova, u koji je trebalo žrtvovati pashu,
Mme letsatsi la moletlo wa Tlolaganyo la fitlha, le ka lone kwana ya modiro e neng ya bolawa ya ba ya jewa le senkgwe se se sa bedisiwang.
8 posla Isus Petra i Ivana i reče: “Hajdete, pripravite nam da blagujemo pashu.”
Jesu a roma Petere le Johane go ya go batla felo fa go tlaa baakanyediwang Tlolaganyo ya bone gone.
9 Rekoše mu: “Gdje hoćeš da pripravimo?”
Mme ba botsa ba re, “O batla re ya kae?”
10 On im reče: “Evo, čim uđete u grad, namjerit ćete se na čovjeka koji nosi krčag vode. Pođite za njim u kuću u koju uniđe
Mme a fetola a re, “E tlaa re fela fa lo tsena mo Jerusalema, lo tlaa bona monna a tshotse nkgwana ya metsi. Mo lateleng go ya kwa lwapeng lo a tsenang mo go lone,
11 i recite domaćinu te kuće: 'Učitelj veli: Gdje je svratište u kojem bih blagovao pashu sa svojim učenicima?'
mme lo reye monna yo o nnang foo lo re, ‘Moruti wa rona a re o re kaele ntlo ya baeti fa a ka jelang Tlolaganyo gone le barutwa ba gagwe.’
12 I on će vam pokazati na katu veliko blagovalište prostrto: ondje pripravite.”
Mme o tlaa lo tseela kwa godimo kwa tlung e tona e re setseng re e baakanyeditswe. Ke lone lefelo leo. Tsamaelang pele lo ye go baakanya dijo gone.”
13 Oni odu, nađu kako im je rekao i priprave pashu.
Mme ba tswa ba ya kwa motseng mme ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse fela jaaka Jesu a boletse, mme ba baakanya dijo tsa Tlolaganyo.
14 Kada dođe čas, sjede Isus za stol i apostoli s njim.
Mme Jesu le ba bangwe ba goroga, mme ka nako e e tshwanetseng ba nna fa fatshe botlhe fa lomating lwa bojelo;
15 I reče im: “Svom sam dušom čeznuo ovu pashu blagovati s vama prije svoje muke.
mme a ba raya a re, “Ke lebeletse lobaka lo ka tlhoafalo e kgolo, ke batla go ja Tlolaganyo e le lona pele ga pogiso ya me e simologa.
16 Jer kažem vam, neću je više blagovati dok se ona ne završi u kraljevstvu Božjem.”
Gonne ke a lo bolelela gompieno gore ga nkitla ke tlhola ke e ja gape; go fitlhela se e se emetseng se diragala mo Bogosing jwa Modimo.”
17 I uze čašu, zahvali i reče: “Uzmite je i razdijelite među sobom.
Mme a tsaya senwelo sa mofine, ya re a sena go se lebogela a re, “Tsaya se lo se kgaogane.
18 Jer kažem vam, ne, neću više piti od roda trsova dok kraljevstvo Božje ne dođe.”
Gonne ga nkitla ke e nwa mofine gape go fitlhelela Bogosi jwa Modimo bo tla.”
19 I uze kruh, zahvali, razlomi i dade im govoreći: “Ovo je tijelo moje koje se za vas predaje. Ovo činite meni na spomen.”
Mme a tsaya senkgwe; mme a se lebogela, a se ngathoganya a se ba naya a re, “Se ke mmele wa me, o lo o neetsweng. O jeng e le segopotso sa me.”
20 Tako i čašu, pošto večeraše, govoreći: “Ova čaša novi je Savez u mojoj krvi koja se za vas prolijeva.”
Morago ga dijo a ba naya senwelo se sengwe sa mofine a re, “Mofine o, ke sesupo sa kgolagano e ncha ya Modimo go lo boloka, kgolagano e e kanetsweng ka madi a ke tlaa a tshololang go reka mewa ya lona.
21 “A evo, ruka mog izdajice sa mnom je na stolu.
Mme fano fa lomating lwa bojelo go ntse mongwe jaaka tsala mo gare ga rona, ke ene monna yo o tlaa nkokang.
22 Sin Čovječji, istina, ide kako je određeno, ali jao čovjeku onomu koji ga predaje.”
Ke tshwanetse go swa. Ke ntlha nngwe ya leano la Modimo. Mme bomadimabe bo letile monna yo, yo o nkokang,”
23 I oni se počeše ispitivati tko bi od njih mogao takvo što učiniti.
Mme barutwa ba ikgakgamalela gore ke ofe wa bone yo o ka dirang selo se se ntseng jalo.
24 Uto nasta među njima prepirka tko bi od njih bio najveći.
Ba simolola go ganetsanya gore ke ofe yo o tlaa nnang mo maemong a a kwa godimo [mo Bogosing jo bo tlang].
25 A on im reče: “Kraljevi gospoduju svojim narodima i vlastodršci nazivaju sebe dobrotvorima.
Mme Jesu a ba raya a re, “Mo lefatsheng leno dikgosi le banna ba batona ba laola batlhanka ba bone, mme batlhanka ga ba ke ba itlhophela fa e se go ineela fela!
26 Vi nemojte tako! Naprotiv, najveći među vama neka bude kao najmlađi; i predstojnik kao poslužitelj.
Mme mo gare ga lona, ene yo o lo direlang ke ene o tlaa nnang moeteledipele wa lona.
27 Ta tko je veći? Koji je za stolom ili koji poslužuje? Zar ne onaj koji je za stolom? A ja sam posred vas kao onaj koji poslužuje.”
Mo lefatsheng Morena o nna fa lomating lwa bojelo mme a direlwe ke batlhanka ba gagwe. Mme e seng fano! Gonne ke motlhanka wa lona.
28 “Da, vi ste sa mnom ustrajali u mojim kušnjama.
Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya gore lo ntse lo le boammaaruri mo go nna mo malatsing a a matshwenyego,
29 Ja vam stoga u baštinu predajem kraljevstvo što ga je meni predao moj Otac:
le ka ntlha ya gore Rre a nneetse Bogosi, le Nna gompieno ke lo naya tshwanelo,
30 da jedete i pijete za mojim stolom u kraljevstvu mojemu i sjedite na prijestoljima sudeći dvanaest plemena Izraelovih.”
ya go ja le go nwa fa lomating lwa bojelo mo Bogosing joo; mme lo tlaa nna mo ditilong tsa segosi lo atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.
31 “Šimune, Šimune, evo Sotona zaiska da vas prorešeta kao pšenicu.
“Simone, Simone, Satane o lopile gore lo mo neelwe, gore a lo fefere jaaka mabele,
32 Ali ja sam molio za tebe da ne malakše tvoja vjera. Pa kad k sebi dođeš, učvrsti svoju braću.”
mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e seka ya fenngwa gotlhelele. Mme e re fa o sena go sokologa o bo o boela mo go nna gape, o nonotshe tumelo ya bakaulengwe ba gago o bo o e age.”
33 Petar mu reče: “Gospodine, s tobom sam spreman i u tamnicu i u smrt.”
Simone a re, “Morena ke ipaakanyeditse go ya kgolegelong le wena, le go swa le wena.”
34 A Isus će mu: “Kažem ti, Petre, neće se danas oglasiti pijetao dok triput ne zatajiš da me poznaš.”
Mme Jesu a mo raya a re, “Petere, mma ke go bolelele sengwe. Go simolola ka nako eno go ya go tsena ka moso mo mosong fa mokoko o lela, o tlaa bo o intatotse gararo, o bolela gore ga o nkitse.”
35 I reče: “Kad sam vas poslao bez kese i bez torbe i bez sandala, je li vam što nedostajalo?” Oni odgovore: “Ništa.”
Mme Jesu a ba botsa a re, “E rile fa ke lo phatlalatsa go ya go rera Mafoko a a Molemo lo sena madi, sekgwama kgotsa diaparo tse dingwe, lo ne lwa tsamaya jang?” Mme ba fetola ba re, “Re tsamaile sentle.”
36 Nato će im: “No sada tko ima kesu, neka je uzme! Isto tako i torbu! A koji nema, neka proda svoju haljinu i neka kupi sebi mač
A re, “Jaanong a yo o nang le sekgwama a se tseye le madi. Mme le yo o senang chaka, go botoka gore a rekise diaparo tsa gagwe a ye go e reka!
37 jer kažem vam, ono što je napisano treba se ispuniti na meni: Među zlikovce bi ubrojen. Uistinu, sve što se odnosi na mene ispunja se.”
Gonne lobaka lo fitlhile lwa gore polelelo pele ka ga me e e reng: ‘O tlaa bonwa molato jaaka dinokwane,’ e diragale! Ee, sengwe le sengwe se se kwadilweng ka ga me ke baporofiti se tlaa diragala.”
38 Oni mu rekoše: “Gospodine, evo ovdje dva mača!” Reče im: “Dosta je!”
Mme ba fetola ba re, “Morena, re na le dichaka tse pedi,” mme a ba fetola a re, “Di lekane!”
39 Tada iziđe te se po običaju zaputi na Maslinsku goru. Za njim pođoše i njegovi učenici.
Mme a tswa mo tlung e e kwa godimo a ya kwa Thoteng ya Lotlhware jaaka gale.
40 Kada dođe onamo, reče im: “Molite da ne padnete u napast!”
Mme ya re teng koo a ba raya a re, “Rapelang Modimo gore lo se ka lwa fenngwa ke thaelo.”
41 I otrgnu se od njih koliko bi se kamenom dobacilo, pade na koljena pa se molio:
Mme a tsamaya gongwe e ka ne e le sebaka sa konopelo ya lentswe, a khubama a rapela thapelo e: “Rara, fa o rata tsweetswee, tlosa senwelo se sa tlhokofatso mo go nna mme ke batla go rata ga gago, e seng ga me.”
42 “Oče! Ako hoćeš, otkloni ovu čašu od mene. Ali ne moja volja, nego tvoja neka bude!”
43 A ukaza mu se anđeo s neba koji ga ohrabri. A kad je bio u smrtnoj muci, usrdnije se molio.
Mme moengele yo o tswang legodimong a iponatsa a mo nonotsha,
44 I bijaše znoj njegov kao kaplje krvi koje su padale na zemlju.
gonne o ne a le mo tlhokofatsong ya mowa mo o neng a rotha mofufutso wa madi; ka marothodi a magolo a wela fa fatshe fa a ntse a rapela thata ka tlhoafalo.
45 Usta od molitve, dođe učenicima i nađe ih snene od žalosti
Mme ya re lwa bofelo a boela gape kwa barutweng ba gagwe, a ba fitlhela ba robetse, ba lapisitswe ke bohutsana.
46 pa im reče: “Što spavate? Ustanite! Molite da ne padnete u napast!”
A ba raya a re, “A lo robetse! Tsogang! Rapelang gore lo se ka lwa fenngwa fa lo raelwa.”
47 Dok je on još govorio, eto svjetine, a pred njom jedan od dvanaestorice, zvani Juda. On se približi Isusu da ga poljubi.
Mme ya re fa a sa ntse a bua jaana lesomo la batho la tla le eteletswe pele ke Judase, mongwe wa barutwa ba gagwe ba ba neng ba le lesome le bobedi. Judase a tsamaela kwa go Jesu a mo atla mo lerameng ka tumediso ya botsalano.
48 Isus mu reče: “Juda, poljupcem Sina Čovječjeg predaješ?”
Mme Jesu a mo raya a re, “Judase ke eng fa o dira jaana, o oka Morwa Motho ka katlo?”
49 A oni oko njega, vidjevši što se zbiva, rekoše: “Gospodine, da udarimo mačem?”
Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se se tlaa tlogang se direga ba goa ba re, “Morena a re ka lwa? Re tsile le dichaka!”
50 I jedan od njih udari slugu velikoga svećenika i odsiječe mu desno uho.
Mme mongwe wa bone a rema tsebe e e kafa letsogong le legolo la motlhanka wa Moperesiti yo Mogolo a e kgaola.
51 Isus odgovori: “Pustite! Dosta!” Onda se dotače uha i zacijeli ga.
Mme Jesu a re, “Lo seka lwa busolosa ka gope”. Mme a ama fa tsebe e neng e le teng a e busetsa.
52 Nato Isus reče onima koji se digoše na nj, glavarima svećeničkim, zapovjednicima hramskim i starješinama: “Kao na razbojnika iziđoste s mačevima i toljagama!
Mme Jesu a bua le baperesiti ba bagolo le balaodi ba batlhokomedi ba Tempele le baeteledipele ba tumelo ba ba neng ba eteletse lesomo la batho pele. A botsa a re, “A ke serukutlhi, fa lo tsile ka dichaka le melamu go ntshwara jaana?”
53 Danomice bijah s vama u Hramu i ne digoste ruke na me. No ovo je vaš čas i vlast Tmina.”
Ke eng fa lo ne lo sa ntshware mo Tempeleng. Ke ne ke le koo malatsi otlhe. Mme lo ke lobaka lwa lona, lobaka lo nonofo ya ga Satane e busang thata ka lone.
54 Uhvatiše ga dakle, odvedoše i uvedoše u dom velikoga svećenika. Petar je išao za njim izdaleka.
Jalo ba mo tshwara ba mo isa kwa bonnong jwa Moperesiti yo Mogolo, mme Petere a ba latela a katogetse kgakajana.
55 A posred dvorišta naložiše vatru i posjedaše uokolo. Među njih sjedne Petar.
Mme masole a gotsa molelo mo lwapeng ba nna fa fatshe ba ora, mme Petere a ora nabo.
56 Ugleda ga neka sluškinja gdje sjedi kraj vatre, oštro ga pogleda i reče: “I ovaj bijaše s njim!”
Mme motlhanka wa morweetsana a mo lemoga mo leseding la molelo hong a simolola go mo tlhoma matlho. Mme ya re lwa bofelo a re, “Monna yo o ne a na le Jesu!”
57 A on zanijeka: “Ne znam ga, ženo!”
Petere a itatola a re, “Mosadi, ga ke itse monna yoo gotlhelele!”
58 Malo zatim opazi ga netko drugi i reče: “I ti si od njih!” A Petar reče: “Čovječe, nisam!”
Morago ga lobakanyana mongwe a mo leba a re, “O tshwanetse wa bo o le mongwe wa bone!” Petere a fetola a re, “Nnyaa rra, ga ke ene!”
59 I nakon otprilike jedne ure drugi neki navaljivaše: “Doista, i ovaj bijaše s njim! Ta Galilejac je!”
E rile kwa moragonyana e ka nna lobaka lwa oura mongwe a tlhomamisa a re, “Ke itse motho yo, ke mongwe wa barutwa ba ga Jesu, gonne ba tswa Galalea mmogo.”
60 A Petar će: “Čovječe, ne znam što govoriš!” I umah, dok je on još govorio, oglasi se pijetao.
Mme Petere a re, “Monna ke wena, ga ke itse gore o bua kaga eng.” Mme ya re a bua mafoko a, mokoko wa lela.
61 Gospodin se obazre i upre pogled u Petra, a Petar se spomenu riječi Gospodinove, kako mu ono reče: “Prije nego se danas pijetao oglasi, zatajit ćeš me tri puta.”
Mme ya re ka lobaka loo Jesu a retologa a leba Petere mme Petere a gakologelwa gore o ne a mo reile a re, “Pele ga mokoko o lela ka moso mo mosong o tlaa bo o intatotse gararo.”
62 I iziđe te gorko zaplaka.
Hong Petere a tswa mo lwapeng, a lela mo go botlhoko.
63 A ljudi koji su Isusa čuvali udarajući ga poigravali se njime
Mme badisa ba ba neng ba disitse Jesu ba simolola go mo sotla. Ba mo fapa matlho ba mo itaya ka mabole ba mmotsa ba re, “E mang yo o neng a go itaya ka nako eo, moporofiti?”
64 i zastirući mu lice, zapitkivali ga: “Proreci tko te udario!”
65 I mnogim se drugim pogrdama nabacivali na nj.
Ba mo tlhaeletsa ka matlhapa a mefuta yotlhe.
66 A kad se razdanilo, sabra se starješinstvo narodno, glavari svećenički i pismoznanci te ga dovedoše pred svoje Vijeće
E rile letsatsi le tlhaba mo mosong o o latelang Kgotla e Tona ya Sejuta ya phuthega, go na le baperesiti ba bagolo le baruti ba molao ba bagolo ba Sechaba, Jesu a tlisiwa fa pele ga Lekgotla leo,
67 i rekoše: “Ako si ti Krist, reci nam!” A on će im: “Ako vam reknem, nećete vjerovati;
mme a tewa gatwe a tlhomamise gore a o ipitsa Mesia kgotsa nnyaa. Mme a fetola a re, “Le fa nka lo bolelela ga lo kitla lo ntumela kgotsa lo ntetla go ntsha ngongorego ya me.
68 ako vas zapitam, nećete odgovoriti.
69 No od sada će Sin Čovječji sjedjeti zdesna Sile Božje.”
“Mme nako e e tla ka bofefo fa Nna, Morwa Motho, ke tlaa nnang fa seatleng se segolo sa nonofo ya Modimo.”
70 Nato svi rekoše: “Ti si, dakle, Sin Božji!” On im reče: “Vi velite! Ja jesam!”
Hong ba goa botlhe ba re, “A jaanong o ipitsa gore o Morwa Modimo?” Mme a fetola a re, “Ee ke ene.”
71 Nato će oni: “Što nam još svjedočanstvo treba? Ta sami smo čuli iz njegovih usta!”
Mme ba goa ba re, “Re santse re tlhoka eng? Gonne rona ka bo rona re mo ikutlwetse a bua jalo.”